“Tsholofelo ya Lefatshe le le Botoka”
Gilles Le Sieur o ne a lebala kgetse ya gagwe mo tereneng e e tsamayang kafa tlase, fa a ne a etetse Montreal ka July 1985. Letsatsi morago ga go boela kwa gae, dikilometara tse di ka nnang 260 go tswa kwa Montreal, o ne a amogela mogala go tswa go lekgarebe lengwe leo le neng le bone kgetse ya gagwe. Gilles le mosadi wa gagwe ba ne ba boela kwa Montreal go ya go e tsaya. Fa ba fitlha koo, ba ne ba naya lekgarebe leo sekaelo sa buka O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Dibeke tse pedi moragonyana, ba ne ba amogela lekwalo leo a neng a ba leboga mo go lone, leo karolo ya lone e balegang jaana:
“Ga ke itse gore mo go rona ke mang yo o thusitseng yo mongwe mo gogolo mo bekeng e e fetileng. Lemororo ke ne ke sa lebelela gore lo nteboge ka sepe, ke ne ka itumedisiwa ke kafa lo neng lwa nteboga ka gone. Segolobogolo ke ile ka itumelela ntlha ya gore lo ne lo batla gore le nna ke bone boitumelo mo lo bonang boitumelo jwa lona gone. . . . Ke setse ke feditse go bala buka e lo e nneileng, mme ka nako e lo balang lokwalo lono ka yone, mongwe wa ditsala tsa me o tla bo a e bala. Lo ne lo nepile ka melemo e buka eno e nang le yone. Ga e a nnaya fela tsholofelo ya lefatshe le le botoka mme e arabile dipotso tse dintsi tseo bodumedi jwa me bo sa kgoneng go di araba. . . . Jaanong ke simolotse go bala Bibela ka keletso ya go tshela botshelo jo bo botoka.”
Lekgarebe leno le ne la tswelela go ithuta Bibela mme, fa nako e ntse e tsamaya, o ne a nna mmoledi wa nako e e tletseng wa dikgang tse di molemo tseo a di ithutileng. O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise e ile ya dirisiwa fela thata mo go fetoleng matshelo a batho ba bantsi gore a nne botoka. Buka eno, eo bogolo jwa yone bo lekanang le tsebe ya makasine ono, e tlotla ka thuto nngwe le nngwe e e mo Bibeleng mme e na le ditshwantsho tse di rutang tse di fetang 150. Go amogela kgatiso eno ya botlhokwa, tlatsa fela foromonyana e e fa tlase eno o bo o e romele.
Seno ke bontlhanngwe jwa tiro ya go ruta Bibela lefatshe ka bophara eo e tshegediwang ka meneelo ya boithatelo.
Ke tla rata go amogela, buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 256, O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise.