Bokeresete jwa Boammaaruri bo Tokafatsa Botshelo kwa Sweden
SWEDEN ke lengwe la mafatshe a a nayang baagi ba one botshelo jo bo manobonobo thata go feta a mangwe. Mo godimo ga dijo tse dintsi le ditsha di le dintsi tsa go aga matlo, dikoloi, mekoro ya boitlosobodutu, dithelebishene, le dikomputara tse di itirisediwang ke batho fela, baagi ba Sweden ba ipelela gape go bona tlhokomelo ya mahala ya tsa kalafi, diphenshene tsa batsofe le tsa digole, madi a a newang bana, le ditirelo tse dingwe tse di tshegediwang ke puso.
Ka gone o ka nna wa swetsa ka gore ga go ope yo a ka tokafatsang seemo sa botshelo mo nageng e e ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, lefa e na le dilo tse di ntseng jalo tse di bonalang, Sweden le yone e na le mathata a yone: tlhalo, botagwa, go sa dirisiweng sentle ga diokobatsi, bokebekwa, le go ipolaya. Bodumedi, joo go lebelelwang gore bo ka bo bo thusa thata mo go tokafatseng boitsholo, go ka bolelwa fela gore bo sule kwa Sweden. Baagi ba ba fetang 90 lekgolong mo morafeng ke ba Kereke ya Naga ya Lutere, mme ke 2,1 lekgolong ya bone fela eo e yang kwa ditirelong tsa yone ka metlha. Moperesiti mongwe o ne a e tlhasela jaana: “Kereke e tlogetse tiro ya yone. . . . E latlhegetswe ke maatla ebile e ikgaogantse le dilo tse batho ba di tlhokang.”
Lefa go ntse jalo, go palelwa ga kereke go tokafatsa botshelo kwa Sweden, ga go supe ka tsela epe fela gore Bokeresete jwa boammaaruri bo paletswe. Basupi ba ga Jehofa ba ba ka nnang 22 000 mo diphuthegong di le 331 ba atlega mo go thuseng batho go dirisa melaometheo ya Bibela go itokafatsa. Tiro eno ga e dirwe fela kwantle ga go lemogiwa.
“Re tshwanetse go akgolela Basupi ba ga Jehofa go nna tlhaga ga bone mo go boleleng molaetsa wa bone!” go ne ga bolela jalo morutisi mongwe wa bodumedi mo pampiring ya dikgang ya Pentekosete Dagen (Letsatsi). Setlhogo seo se oketsa jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba dira setlhopha seo se gapang palo e kgolo go gaisa ya maloko a masha ngwaga le ngwaga ebile ba na le bontsintsi jo bogolo go gaisa jwa basha . . . Re tshwanetse go ithuta mo Basuping ba ga Jehofa!”
Eleruri, bao ba batlang go ithuta go tswa mo Basuping ba ga Jehofa ba tla lemoga sengwe. Ke eng? Ka moo boammaaruri jwa Bibela bo ka tokafatsang boemo jwa botshelo jwa bone ka mo go gakgamatsang ka gone.
Kitso ya Bibela e a Thusa!
Sekaseka lokwalo lo ofisi ya lekala ya kwa lefelong leo ya Mokgatlho wa Watch Tower e neng ya lo amogela go tswa go mmè mongwe yo o sa nyalwang. O ne a kwala jaana: “Ke batla go lo bolelela kafa ke anaanelang ka gone botshelo jo bo monate joo ke ntseng ke bo ipelela fa e sale ke simolola go ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Legae la me ga le a tlala ka mosi wa motsoko. Ke ile ka lemoga gore go botlhokwa go ipha nako e e oketsegileng le morwadiake. Itsholelo ya me e tokafetse, lemororo ke ntse ke amogela madi a a tshwanang. Ga ke na mathata a mantsi a go tshwara boroko. Ke na le ditsala tsa boammaaruri tseo ke di itumelelang. Ee, ga nkake ka ananya botshelo jwa me jwa jaanong ka jo ke neng ke bo tshela pele.”
Sekai se sengwe se ama kgang ya tlhalo—eo e tletsetletseng kwa Sweden. Lefa go ntse jalo, Bibela e ne ya thusa banyalani ba ba bidiwang Arne le Ketie. Ba ne ba setse ba nyalane ka dingwaga tse 13 ba bile ba na le bana ba babedi fa ba nna le mathata a go sa utlwane ao a neng a ba dira gore ba tlhalane. Ba ne ba ilana tota.
Arne, yo a neng a fuduga go ya go nna a le esi, o ne a etelwa ke Basupi ba ga Jehofa mme a simolola go ithuta Bibela. O ne a kgatlhiwa ke seo a neng a se ithuta mo eleng gore letsatsi lengwe o ne a sianela kwa go Ketie mme a leka go mo pateletsa le bana gore ba ithute! Fa a ne a gana, O ne a mmetsaganya le lobota mme a re: “O tshwanetse go ithuta, go sa nneng jalo ke tla go bolaya!” Ketie o ne a bitsa Basupi ba ga Jehofa mme a ngongorega a re: “Jehofa ke Modimo wa mofuta mang yo o setlhogo jaana?”
Ketie o ne a bolelelwa ka bopelotelele gore Jehofa ke Modimo o o lorato mme ga o pateletse ope. O ne a batla go itse ebile a batla go ithuta mo go oketsegileng. Fa Arne a ntse a amogela kitso e e oketsegileng ya melaometheo ya bomodimo, o ne a ritibala mme a boela a buisana gape le Ketie. Ba ne ba tlhola ba bonana ka metlha kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Ga felela jang? Morago ga gore botlhe e nne Basupi ba ba ineetseng, ba ne ba nyalana gape! Ba setse ba na le dingwaga di le robedi ba nyalane, mme Arne o direla jaaka mogolwane wa phuthego. “Lenyalo la rona ga le ise le ko le nne botoka go gaisa jaaka le ntse jaanong,” ba bua jalo. “Re na le go gontsi go leboga Jehofa ka gone.”
Boammaaruri jwa Bibela gape bo thusa ba babotlana go tokafatsa boemo jwa botshelo jwa bone. Lekawana lengwe leo le bidiwang David le gakologelwa seno: “Batsadi ba me ba ne ba tlhalane, mme sengwe le sengwe se ne se lebega se sa tsamaye ka tshwanelo mo botshelong jwa me. Ke ne ke sa kgathalele sepe fela. Ke ne ke tlhola ke lofa kwa sekolong mme mo dingwageng tse tharo tse di fetileng ke ne ke seke ke dira tiro ya sekolo e e dirwang kwa gae. Ka dinako dingwe ke ne ke fitlhela go se molemo go tshela. Ke ne ke apara bomatalanyane ba ba gagogileng le ditlhako tse di onetseng. Moriri wa me o ne o boa fa bogareng jwa mokwatla wa me. Ke ne ka leka mekgwa e e farologaneng ya botshelo, jaaka morati wa mmino o o thibang ditsebe wa rock. Ke ne ke goga ebile ke nwa mme ka kopanela gape le mo bokebekweng.
“Ke ne ka etelwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ka 1986. ‘Nngwe ya ditumelo tse di belaetsang tseno,’ ke ne ka akanya jalo. ‘Mma ke mmotse dipotso dingwe tse di tla mo palelang go di araba.’ Se se neng sa nkgakgamatsa ke gore o ne a di araba. O ne a ntshwarela nngwe ya dithuto tsa gagwe tsa Bibela mme ka fitlhela a na le karabo e e utlwalang ya sengwe le sengwe—ka bona gore boammaaruri ga bo ikganetse. Ke ne ka ya kwa kopanong mme ka gakgamadiwa ke go bona batho ba ba phepa bao le ba ba botsalano. Ke ne ka simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa mme ka gakgamadiwa ke bontsi joo bo neng bo tla go ntumedisa ka letsogo. Abo batho bano ba utlwana jang ne!”
Ngwaga le sephatlo moragonyana, David o ne a kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Balosika lwa gagwe, ditsala tsa gagwe tsa pele, barutabana, le ba bangwe ba ne ba sa kgone go dumela gore lekawana le le phepa le le apereng sentle leno e ne e le David yo ba neng ba mo itse.
Tlhotlheletso E E Sa Solofelwang
Go rera ka ntlo le ntlo mo Sweden ka nako nngwe go ka kgoba marapo. Ba-Swede ba rata thata go se tshwenngwe. Fa mongwe a kokota kwa mojakong, ba okomela motho yo o kokotang ka letshobana la lebati, mme batho ba le bantsi ga ba ke ba bulela Basupi ba ga Jehofa. Lefa go le jalo ga ba kgobege marapo. Basupi ba itse gore baengele ba kgona go bona batho ba ba batlang tshiamo. (Tshenolō 14:6; bapisa Mathaio 13:41.) Fela fa boammaaruri bo ama botshelo jwa motho yo o ntseng jalo, gantsi seno se tla itsege thata—jaaka makhubunyana a metsi—se anama go balosika le ditsala.
Mosadi mongwe wa kwa Stockholm o gakologelwa a ntse fa tafoleng ya kamore ya gagwe ya boapeelo a lela ka ntlha ya mathata a gagwe a botshelo. “Ke ne ke tlaletswe,” o ne a bua jalo. “Ka bonako fela ke ne ka simolola go rapela ke re: ‘Modimo, ke batla go bua le wena ka botshelo.’ Mongwe o ne a kokota. Fa ke okomela ka letshobana, ke ne ka bona monna mongwe yo o apereng sentle, ka jalo ka bula lebati. O ne a re o batla go abalana le nna dikgang dingwe tse di kgothatsang go tswa mo Lefokong la Modimo. E ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka mmotsa gore a o setse a etetse batho ba bangwe mo karolong e ke nnang mo go yone. ‘Nnyaa,’ o ne a araba a re, ‘ke ne ke boela gae ke tswa go tshwara thuto ya Bibela fa ke ne ke swetsa go etela bangwe gape. Ke simolotse fano.’ Ke ne ke gakgametse ka ke ne ke nna mo matlhatlaganyaneng a le mmalwa go ya kwa godimo. Ke ne ka rata seo a neng a se mpontsha.”
Mosadi yono o ne a simolola go ithuta Bibela ka bonako. O ne a simolola go abalana le balosika lwa gagwe le ditsala ka botlhaga dilo tseo a neng a di ithuta. O ne a tsamaisa dibuka di le 28 le Dibibela di le 96. Go ne ga felela jang? Monna wa gagwe, bomorwadiarraagwe ba babedi, ngwana wa ga kgaitsadie wa mosetsana le wa mosimane, morwarraagwe monna wa gagwe, rraagwe le mmaagwe, morwa wa monna wa gagwe wa mosadi yo a neng a mo nyetse pele, mongwe yo a dirang le ene, le mongwe yo a neng a dira le monna wa gagwe le mosadi wa gagwe ba ne ba ithuta Bibela ka bonako ba bo ba ipaakanyetsa go kolobediwa. Go fitlha jaanong, batho ba le 13 ba ile ba bona tshono ya go tokafatsa boemo jwa botshelo jwa bone ka loeto lo le longwe fela ka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mosadi yono o bua jaana: “Go fetogela mo go direng go rata ga Modimo go re diretse molemo o mogolo tota mo matshelong a rona mo e leng gore re tshwanetse go mo leboga re khubame ka mangole letsatsi le letsatsi!”
Go Neela Bosupi kwa Sekolong
Go na le mathata a a masisi kaga go kgalema bana mo dikolong tse dintsi kwa Sweden. Mme Basupi ba babotlana ba itshupa ba na le tlhotlheletso e e molemo ka go abalana boammaaruri jwa Bibela le barutabana le baithuti ba bangwe. Ka sekai, Jorgen yo mmotlana o ne a bolelela barutabana ba gagwe le ba a tsenang sekolo nabo a sa fitlhe gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a tlotliwa ka ntlha ya go sa iphitlheng ga gagwe le ka boitsholo jo bontle jwa gagwe. Jorgen ka metlha o ne a araba tota le eleng dipotso tse di kgoberang maikutlo mo tlelaseng a di araba ka bonolo mme ebile a ba supetsa mo Bibeleng. Seno se ne sa kgatlha ba a tsenang nabo mo tlelaseng thata. Jorgen o bega jaana:
“Ke ne ka kopana le Peter, yoo ke neng ke tsena sekolo nae pele, ngwaga morago ga gore ke wetse sekolo. Morago ga go nna re tlotla, ke ne ka simolola go ithuta Bibela le ene. Ereka mmaagwe a ne a ganetsa, re ne re ithutela kwa lotshitshing. Peter o ne a kolobediwa ka March 1988. Mmaagwe o ne a lemoga gore morwawe o fetogile ebile o botoka, ka jalo le ene a simolola go ithuta. Morago ga lobakanyana o ne a kolobediwa.
“Mongwe yoo le ene ke neng ke tsena sekolo nae, Torbjorn, o ne a simolola go ithuta Bibela. Le mmaagwe a dira jalo. Jaanong le bone ba kolobeditswe.” Botlhe fa ba kopane, ba banè ba ba neng ba le mo tlelaseng e le nngwe le Jorgen ba ne ba simolola go ithuta Bibela, mme yo mongwe gape wa botlhano o bontshitse kgatlhego. “Ke solofela gore boitemogelo jono bo tla kgothatsa Basupi ba babotlana ba ba tsenang sekolo gore ba seka ba ikgogona,” go konela jalo Jorgen. “Boitsholo jwa bone jwa Bokeresete le go emela ga bone boammaaruri ba tlhomame bo ka jala dipeo tse di ka nnang tsa ungwa moragonyana.”
Go Lwela Kgololesego ya Bodumedi
Basupi ba ga Jehofa ba ile gape ba nna le seabe se segolo mo go boneng kgololesego ya bodumedi kwa Sweden. Seno se ne sa solegela botlhe molemo.
Ka sekai, jaaka mo mafatsheng otlhe a mangwe, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Sweden ba ile ba swetsa go boloka boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete ka bongwe. (Yohane 17:16) Go ne ga felela ka gore ba le bantsi ba latlhelwe mo kgolegelong ka lobaka lo loleele. Mme ka 1966 kgololesego ya bodumedi e ne ya goroga fa baokamedi ba puso ba ne ba swetsa gore e tla re ditlhotlhomiso di ntse di dirwa Basupi ba bo ba sa tsenngwe mo bosoleng. (Isaia 2:2-4) Go golola ga Sweden bodumedi go ile ga beela dipuso tse dingwe sekao.
Kgang e nngwe e ne e ama ditshwanelo tsa balwetsi. Basupi ba ga Jehofa ba tsaya taolo ya Bibela ya gore ba “ithibè . . . mo madiñ” masisi mme ka gone ba gana go tshelwa madi. (Ditihō 15:28, 29) Lemororo e se dingaka tsotlhe le badiredi ba tsa kalafi bao ba ileng ba tlotla boemo jono jwa rona jwa Dikwalo, lokwalopaka longwe lo logolo lwa Sweden bosheng jaana le ne le na le setlhogo se se reng: “Go Gana Go Tshelwa Madi Go Tshwanetse Go Reediwa fa Molwetsi A Itse Diphelelo tsa Gone.”
Mafoko ano e ne e le setlhogo sa pego ya pokano ya National Board of Health and Welfare le Delegation for Medical Ethics of the Swedish Society of Medicine. Morago ga go tlotla ka boemo jwa Basupi ba ga Jehofa, baokamedi bano ba ne ba swetsa go kopa dingaka tsotlhe go se gane fa molwetsi yo o letlelelwang ke molao go ikemela—go tloga ka ba ba dingwaga di 15 go ya kwa godimo—a gana go tshelwa madi. Ba ne ba lemoga gore madi ga a sa tlhole a tshelwa batho ka tshosologo ka ntlha ya go tshaba go fetisa malwetsi. Lefa go ntse jalo, se se botlhokwa thata ke tshwetso ya bone ya go tshegetsa tshwanelo ya motheo ya molwetsi mongwe le mongwe go gana kalafi nngwe fa a sa e batle.
Eleruri, bontsi jwa baagi ba Sweden ba ipelela botshelo jo bo monate fa e le mo dilong tse di bonalang. Mme bontsi bo tlhoka go agelelwa mo boitsholong le mo semoyeng. Ga go kake ga ganelwa gore Bakeresete ba boammaaruri ba kwa nageng eo ba thusa go tokafatsa matshelo a botlhe ba ba batlang go ithuta le go dirisa Lefoko la Modimo. Batho ba ba ntseng jalo ba ba arabelang ba ipelela gape le tebelelo ya botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo le le tlang.—Yohane 17:3; 2 Petere 3:13; Tshenolō 21:3, 4.
[Mmapa mo go tsebe 22]
(For fully formatted text, see publication)
NORWAY
SWEDEN
FINLAND
U.S.S.R
DENMARK
WEST GERMANY
EAST GERMANY
POLAND