Hara–Magedona—E Tla Tla Leng?
“RE SETSE re le mo Hara–Magedona mme re lwela Morena.” Poresitente wa pele wa U.S. Theodore Roosevelt o ne a dirisetsa lereo “Hara–Magedona” ntwa ya bopolotiki eo a neng a le mo go yone. Ka jalo, a re tshwanetse go batla bokao jwa Hara–Magedona mo dipolotiking?
Dingwaga di sekae tse di fetileng, makasine wa kwa Canada Business Life o ne o na le setlhogo se se reng “Hara–Magedona ya Itsholelo.” Setlhogwana sengwe se ne sa botsa jaana: “A go palelwa ga Mafatshe a a Tlhabologang go duela melato ya one go ka dira gore itsholelo ya rona e we?” Mme a re tshwanetse go akanya ka Hara–Magedona jaaka bothata bongwe jo bogolo jwa itsholelo?
Go ya ka lokwalopaka Newsweek, bokhutlo jwa lefatshe e ne ya nna kgang kgolo fa go ne go lwelwa maemo a boporesitente ka 1984. Ka nako eo, poresitente wa nako eo wa U.S. Ronald Reagan “o ne a bodiwa fa eleruri o dumela gore lefatshe leno le lebagane le ‘Hara–Magedona ya nuklea.’ Reagan o ne a dumela gore go ne ga nna le ‘dipolelo tsa boramatlhale’ malebana le go dumalana go go leng gone fa gare ga ditiragalo tse di diragalang jaanong le ditshupo tsa Bibela tseo di supang gore ke metlha ya bofelo, mme mookamedi yoo o ne a ganela gore ga a ise a ko a re ‘re tshwanetse go rulaganya dilo re ikaegile ka Hara–Magedona.’” Lefa go le jalo, a re tshwanetse go batla go itse gore Hara–Magedona e raya eng ka go akanya ka dibetsa tsa ntwa tseo di ka bakang masetlapelo a nuklea?
Batho ba bantsi ba bodumedi ba bolela gore Hara–Magedona ke ntwa. Mme kwa tshimologong ya lekgolo la bo 19 la dingwaga, mokanoki mongwe wa Bibela Adam Clarke o ne a kwala jaana: “Abo diphopholetso tsa batho malebana le ntlha eno di ne di le phoso jang ne! Go ya ka batho ba rona ba ba senang temogo le bao ba ipeileng baperofeti ba ntwa eno, ba re e ile ya lowa mo dingwageng tse di masome a mabedi tse di fetileng mo mafelong a a farologaneng! Ka nako nngwe e ne ya lowa kwa Austerlitz, mme ka nako nngwe gape kwa Moscow, mme ka nako nngwe gape kwa Leipsic, mme jaanong ke kwa Waterloo! Mme ka jalo ba ile ba tswelela, mme ba santse ba tla tswelela, ba tsietsa le bone ba ntse ba tsiediwa.”
Go batla bokao jwa Hara–Magedona ka phepafalo fela go tsosa dipotso dingwe tsa botlhokwa. Hara–Magedona ke eng? Fa e le gore ke ntwa, e tla lowa ke bomang? Ke ka ntlhayang fa e tlile go lowa? E tla lwelwa kae? Mme Hara–Magedona e tla nna leng?
Hara–Magedona Ke Eng?
Lereo “Hara–Magedona” le tswa mo lefokong le le fitlhelwang mo bukeng ya Bibela ya Tshenolō, eo e itsiweng ka puo ya yone ya tshwantshetso. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana mo go yone: “Me ka bōna ha go cwa mo ganoñ ya kgōgèla, le mo ganoñ ya sebatana, le mo ganoñ ya moperofeti eo e señ èna, meōea e e mashwè e le meraro, ekete digwagwa: Gonne ke meōea ea badimo, e e dihañ dichupō; e e cwèlañ kwa dikgosiñ tsa lehatshe yeotlhe, e ea go di phuthèla kwa ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe. . . . Me ea di phuthèla mo heloñ ha go bidiwañ Hara–Magedona, mo puoñ ea Sehebera.”—Tshenolō 16:13-16.
Hara–Magedona ke lefoko la Sehebera le le tserweng mo go la Segerika le le tshwanang le lone eleng Har Meghid·dohnʹ leo le kayang “Thaba ya Megido,” kana “Thaba e Mephato e Kokwanelang kwa go Yone.” E amana le ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe.’ Ka jalo Hara–Magedona ga se kgogakgogano fela ya bopolotiki, kana kotsi nngwe fela mo itsholelong, kana tshenyo e kgolo ya nuklea, kana ntwa e e fa gare ga batho. Go na le moo, Hara–Magedona ke ntwa ya Modimo.
E Tla Lowa ke Bomang?
Meya e meraro e e leswe ya sekadigwagwa e tswa mo molomong wa kgogela (Satane Diabolo), sebatana (tsamaiso ya gagwe ya bopolotiki mo lefatsheng), le moperofeti wa maaka wa Maesemane le Maamerika. Meya eno eo e tlhotlhelediwang ke badimona, kana baengele ba ba boikepo, e phutha dikgosi tsa lefatshe kana babusi, go ya Hara–Magedona.—Bona kgaolo 32 ya buka Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
Kafa letlhakoreng la ga Jehofa mo ntweng ya Hara–Magedona go na le masole a le mantsi a a sa bonaleng a semoya ao a eteletsweng pele ke Kgosi Jesu Keresete. Moaposetoloi Johane o ne a bega jaana: “Me ka bōna legodimo le atlhamologile; me bōnañ, ga bo go le pitse e le chweu, le eo o e pagameñ, ga twe, Boikañō le Boamarure; me [Jesu] oa atlhola, o bile o diha ntwa mo tshiamoñ. . . . Me dintwa tse di mo legodimoñ tsa mo sala moragō. . . . Me mo ganoñ ya gagwè go cwa chaka e e bogale, gore a kgèmèthè merahe ka eōna: me o tla di busa ka tsamma ea tshipi: me o gata segatisecō sa boyalwa sa bogale yoa chakgalō ea Modimo Mothataeotlhe. Me mo seaparoñ sa gagwè, le kaha seropiñ sa gagwè, go kwadilwe leina, ga twe, KGOSI EA DIKGOSI, LE MORÈNA OA BARÈNA.” (Tshenolō 19:11-16) Tšhaka e telele e e bogale e emela taolo ya ga Keresete ya go laela gore botlhe bao ba ganang go tshegetsa Bogosi jwa Modimo ba bolawe. (Tshenolō 1:16; 2:16) Masole a a sa bonaleng a mantsi ao a emetse ntwa ya Hara–Magedona.
Kafa letlhakoreng le lengwe go na le Satane, masomosomo a gagwe a badimona, le dikgosi tsa lefatshe lotlhe. Mme ga re a tshwanela go akanya fela ka babusi ba ba bonalang, ka go bo batho bao ba busiwang le bone baa amega. Go ne ga bolelelwa pele jaana: “Yehofa o gakaletse merahe eotlhe, o shakgaletse ntwa eotlhe ea eōna.”—Isaia 34:2.
Ke Ka Ntlhayang Fa E Tlile go Lowa?
Hara–Magedona e tla lowa ka gonne Modimo o tshiamo ebile ga o kitla o itshokela boikepo goyagoile. (Pesalema 11:7) Phuthego ya ga Satane Diabolo, eo e dirwang ke badimona mmogo le batho ba ba tsuololang, bao ba ileng ba tlhotlheletsa ka boikepo le bosula jotlhe jo bo neng jwa dirwa ka diketekete tsa dingwaga, ba tshwanetse go senngwa. (Bapisa Genesise 3:15.) Bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo jaanong bo tla golediwa ka Hara–Magedona, mme ntwa eo e tla tlosa kgobo e e sa bolong go koegiwa mo leineng leo ka makgolokgolo a dingwaga. Ke fela jaaka Modimo o ne wa bua jaana ka moperofeti Esekiele: “Me ga nketla ke tlhōla ke leseletsa leina ya me ye le boitshèpō go tlhapadiwa: me merahe e tla itse ha ke le Yehofa.”—Esekiele 39:7.
Ntwa ya Modimo ya Hara–Magedona tota e tla thibela go senngwa ga batho botlhe. Jehofa o ne a bopetse lefatshe gore le agiwe, eseng gore le senngwe ka ntwa ya nuklea e e dirwang ke batho kana ba le dire gore le se ka la siamela go nniwa. (Isaia 45:18) O tla “senya ba ba senyañ lehatshe.” (Tshenolō 11:18) Mme mopesalema ene o ne a bua jaana: “Yehofa oa busa; lobopō [ka Sehebera, te·velʹ; lefatshe, jaaka le nonne le bile le na le baagi, kana kgolokwe e batho ba kgonang go tshela mo go yone] le lōna lo nitame, ga lo kake loa tshikiñwa.”—Pesalema 96:10.
Seo Modimo o tla se dirang ka Hara–Magedona se tla bo se dumalana ka botlalo le dinonofo tsa gagwe tse dikgolo tsa tshiamiso, botlhale, maatla le lorato. (Duteronome 32:4; Yobe 12:13; Isaia 40:26; 1 Yohane 4:8) O tla tsaya kgato kgatlhanong le “baleohi ba ba ikèpañ,” eseng kgatlhanong le basiami. (Yude 14, 15) Ke fela ‘baikepi bao ba tla neelwang tšhaka.’ (Yeremia 25:31) Seno se tla bulela go tsosolosiwa ga paradaise tsela, go diragatsa boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe le batho.—Luke 23:43.
E Tla Lwelwa Kae?
Ereka lereo “Hara–Magedona” le tswa mo polelwaneng ya Sehebera e e rayang “Thaba ya Megido,” bangwe ba ka swetsa ka go re ntwa eo e tla lwelwa mo thabeng e e kwa godimo ya leina leo. Lefa go ntse jalo, ga go ise go ke go nne le thaba e e bidiwang Megido. Go ne go na le motsana mongwe kana toropo mo thabeng e e neng e le dikilometara di le 100 kafa bokonebophirima jwa Jerusalema, e e neng e bidiwa Megido, mme gompieno go na le thabana fela e e bogodimo jwa dimetara di le 20 mo lefelong leno.—Yoshue 17:11.
Motse oo wa bogologolo o ne o okame ‘molapo wa Megido.’ (2 Ditihalō 35:22) Go amanya Hara–Magedona le lefelo leo go a tshwanela ka gonne e ne e le lefelo leo go neng go lwelwa dintwa tsa makgaolakgang gone. Ka sekai, ke gone koo Modimo o neng wa kgonisa Moatlhodi Barake go fenya kgosi ya Bakanana Jabine gone le masole a gagwe ao a neng a eteletswe pele ke Sisera. (Baatlhodi 4:12-24; 5:19, 20) Ke mo go lone lefelo leo Gidione le batlhabani ba gagwe ba ba seng bantsi ba neng ba fenya Bamidiane setlhogo gone. (Baatlhodi 7:1–8:35) Ke gone koo gape Kgosi Ahasia le Josia ba neng ba bolaelwa gone.—2 Dikgosi 9:27; 23:29, 30.
Lefa go ntse jalo, go bonala gore lefelo leno la mokgatšha le le mo lebaleng, leo gape le bidiwang Molapo wa Esederaelone, le dikilometara di le 32 fela ka boleele le dikilometara tse 29 fela ka bophara go ya kwa le felelang gone kafa botlhaba. Dikgosi tsa lefatshe lotlhe le masole a tsone ga di kake tsa lekana mo lefelong le lennye leo. Kwantle ga moo, thotana (thabana ya Megido) kana molapo ga se thaba. Ka phepafalo he, Hara–Magedona ga e kitla e nnela mo lefelong lengwe la dithaba kwa Botlhaba Gare. Go na le moo, Hara–Magedona ke boemo jwa tshwantshetso jwa lefatshe ka bophara, lemororo e bona bokao jwa yone go tswa go Megido le seo se neng sa diragala kwa lefelong leo.
Hara–Magedona E Tla Nna Leng?
Ereka Megido e ne e le mo lefatsheng la batho ba Modimo ba bogologolo, seo se diragalang ka Hara–Magedona se amana le Basupi ba ga Jehofa ba mo “motlheñ oa bokhutlō.” (Daniele 12:4) Hara–Magedona e raya ‘lefelo’ leo babusi ba bopolotiki ba phuthegelang gone kgatlhanong le Jehofa le Bogosi jwa gagwe ka Jesu Keresete. (Tshenolō 16:14, 16) Mme ‘lefelo’ leo (ka Segerika, toʹpos) le raya boemo jwa lefatshe. Hara–Magedona e tla nna gone fa boemo jo bo rileng bo nna gone joo bo amang Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe.
Go tswelela pele mo semoyeng ga Basupi ba ga Jehofa go shakgatsa Satane Diabolo, yoo go ise go e kae a tla tlhaselang Bakeresete bao go lebegang ekete ba ka se kgone go iphemela. Tlhaselo eno ya lefatshe ka bophara ya ga Satane, kana Goga, e tlhalosiwa mo go Esekiele dikgaolo 38 le 39. Kafa tlase ga tlhotlheletso ya ga Diabolo, merafe e tla tlhasela batho ba ba ratang kagiso ba ga Jehofa bao ba kgobokantsweng go tswa mo merafeng yotlhe. Ee, tlhaselo ya bosatane e tla bontshiwa ka go tlhaselwa mo kgolokweng yotlhe ga batlhanka ba selefatshe ba ga Jehofa, baemedi ba ba bonalang le baboledi ba Bogosi jwa Modimo.
Gantsi ntwa e itsiwe ka lefelo leo e lwelwang kwa go lone. Ka gone, go lwela ga ga Jehofa batho ba gagwe go ka bidiwa tlhabano, kana ntwa, ya Hara–Magedona. Fa Jehofa a tla bo a ema go lwela batlhanka ba gagwe kgatlhanong le tlhaselo ya ga Goga, Hara–Magedona e tla bo e simolotse! Dipuso tsa batho di tla wa. Go duma ga maru, sefako se se senyang, molelo o o tukang le sulefura, le dikgogodi tseo di senyang—ditiro tsa Modimo eleruri—di tla dira gore lefatshe lotlhe kwantle ga Basupi ba ga Jehofa le boife. Baba ba bone ba tla lwa le ba eleng ba ga bone. Mme bao ba se kitlang ba bolawa ke ntwa eno ya boipolao, Jehofa o tla ba senya.—Esekiele 38:18-23; Daniele 2:44.
Ka ba tla bo ba tshogile, motho mongwe le mongwe o tla tsholeletsa wa ga bone seatla mo ntweng eo e e sa laolesegeng eo mo go yone ba tla bong ba lwela go tshela mme ba se kitla ba atlega. (Sekaria 14:12, 13) “Babolaiwa ba ga Yehofa ba tla hitlhèlwa mo motlheñ ouō mo sekhutloñ se señwe sa lehatshe go ea sekhutloñ se señwe sa lehatshe: ga ba ketla ba lelèlwa, leha e le go phuthwa, leha e le go hitlhwa: ba tla nna lechotèlō hèla mo godimo ga mbu.” (Yeremia 25:33) Maiteko ape fela a go leka go boloka boitlhaodi mo ntweng ya Modimo a tla dira gore o latlhegelwe ke botshelo jwa gago ka Hara–Magedona! Mme fela jaaka go ile ga nna ga supiwa ka Dikwalo mo lokwalopakeng lono, kokomana ya gone jaanong ga e kitla e feta pele Hara–Magedona e nna gone!—Mathaio 24:21, 34.
Seo Hara–Magedona E Tla Se Fitlhelelang
Hara–Magedona e tla tlosa phuthego yotlhe ya selefatshe e e setseng ya ga Satane. Mo godimo ga moo, Diabolo le badimona ba gagwe ba tla latlhelwa mo moleting. (Tshenolō 20:1-3) Abo batho ba ga Jehofa ba tla tshelegelwa ke masego jang ne, bafalodi ba ba itumetseng ba ntwa e kgolo ya Hara–Magedona! Ba tla tswelela ba aga gape ba itumetse ba fetola lefatshe lotlhe go nna paradaise, e e tla bong e sena kgotlhelo, botlhoko, selelo, dikeledi, le loso. (Tshenolō 11:15, 18; 21:3, 4) Mme o ka nna gone koo fa o tseela mafoko ano a ga mopesalema mo pelong: “Lebèlèla mo go Yehofa, u bo u chwarè tsela ea gagwè, me o tla gu goletsa go tla u rua lehatshe: e tla re mogañ baikepi ba kgaolwañ, u tla go bōna.” (Pesalema 37:34) Eleruri, o ka tshela go fitlha o bona ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe mme wa nna mofalodi yo o itumetseng fa Hara–Magedona e tla!
“Ereka yana dilō tse cotlhe di nnetse go nyèrèga, ana lona lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō le ka poihōmodimo, Lo nntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologelecwe go tla ga letsatsi ya Modimo.”—2 Petere 3:11, 12
[Mafoko a a mo go tsebe 4]
Hara–Magedona ga se kgogakgogano fela ya bopolotiki, mathata a tsa itsholelo, tshenyo ya nuklea, kana ntwa fela ya batho. Hara–Magedona ke ntwa ya Modimo
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
Ntwa ya Modimo ya Hara–Magedona e tla thibela go senngwa ga batho botlhe
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Maiteko ape fela a go nna o itlhaotse mo ntweng ya Modimo a tla dira gore o latlhegelwe ke botshelo jwa gago ka Hara–Magedona!