A O A Gakologelwa?
A o ile wa fitlhela ditokololo tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo di le botlhokwa mo go wena? He ke ka ntlhayang fa o sa leke go bona gore a o ka gakologelwa dilo tse di latelang?
◻ Re tshwanetse go dira eng gore re tle re bone kutlwano le kagiso ya batho ba merafe yotlhe ba ba mo ponatshegelong e e mo go Isaia 2:4?
Sa ntlha, re tshwanetse go dumela gore Mmopi wa rona, Jehofa o na le tshwanelo ya go re kaela “mo ditselaneñ tsa gagwè.” Sa bobedi, re tshwanetse go nna le keletso e e tlhoafetseng ya go fetogela mo melaong ya Modimo ka go bua re re: “Re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.” (Isaia 2:2, 3)—12/15, ditsebe 5, 6.
◻ Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa kgobiwe marapo le go lapisiwa pelo ke letlhoo le pogiso e e mo lefatsheng ka bophara?
Jesu o ne a bolelela pele gore kganetso e e ntseng jalo e tla nna lone lotshwao lo lo supang baobamedi ba mmatota. (Yohane 15:20, 21; 2 Timotheo 3:12) Ka jalo bareri ba mafoko a a molemo ba tlhomamisediwa gore ba amogelwa ke Modimo. Mo godimo ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba itse gore ba tshegediwa ke Modimo Mogodimodimo, Jehofa.—1/1, tsebe 12.
◻ Ke ditlhokafalo dife tsa motheo tseo re tshwanetseng go di fitlhelela gore dithapelo tsa rona di arabiwe?
Re tshwanetse go dumela ka tlhoafalo gore Modimo o gone. Re tshwanetse go “mmatla ka tlhoafalo” re tlhomamisegile gore o tla duela bao ba dirang jalo. (Bahebera 11:6, NW) Gape, re tshwanetse go atamela Jehofa ka Jesu Keresete ebile e le ka ene fela. (Yohane 14:6, 14)—1/15, ditsebe 4, 6.
◻ “Poihō Modimo” ke eng? (1 Timotheo 3:16)
Poifo modimo ke tlotlo, ke kobamelo, le go direla Modimo ka go ikanyega mo bolaoding jwa gagwe jwa lobopo.—1/15, tsebe 11.
◻ “Monna oa boleō” yo Paulo a buang ka ene mo go 2 Bathesalonia 2:3 ke mang?
Paulo ga a bue ka motho a le mongwe, ka go bo o bolela gore “monna” yono o ne a le teng mo motlheng wa ga Paulo mme o ne a tla tswelela a ntse a le teng go fitlha fa Jehofa a mo senya kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. Ka gone, “monna oa boleo” ke polelwana ya tshwantshetso. Bosupi bo bontsha gore ke setlhopha sa baruti ba ba ikgogomosang, ba ba gwalalelang dilo tse di kwa pele ba Labodumedi, bao go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga ba ileng ba itirela kafa ba ratang ka gone.—2/1, tsebe 11.
◻ Bogagapa bo ka tlosiwa jang?
Bogagapa jo bo mo bathong bo ka tlosiwa ka thuto e e siameng le katiso, go latelwa dikaelo tse di gagametseng kana melao ya boitsholo. Thuto e e ntseng jalo e tshwanetse go tswa mo motsweding oo one ka boone o senang bogagapa. Ke Modimo wa legodimo fela yo o ka re nayang mofuta oo wa thuto, mme e fitlhelwa mo bukeng ya gagwe e e kwadilweng, Bibela e e Boitshepo.—2/15, tsebe 5.
◻ E le gore go ithuta Bibela go thuse motho go godisa poifomodimo, thuto eo e tshwanetse go akaretsa eng?
Boikaelelo jwa go ithuta ga e kake ya nna fela go bala ditsebe tse di rileng tsa buka nngwe mme ka gone o tlatsa tlhaloganyo ya gago ka tshedimosetso. Go na le moo, fa o bala karolo nngwe ya Lefoko la Modimo, o tshwanetse go tsaya nako o akanya ka seo o se balang go bona gore e ruta eng ka dinonofo tsa ga Jehofa le ditiro tsa gagwe gore moithuti a tle a tshwane le Jehofa mo dikarolong tseno.—3/1, tsebe 13.
◻ Ke ka ntlhayang fa thuto ya botho e tshwanetse go akaretsa go bala ka metlha dipego tsa boefangele tsa ga Jesu?
Sekao sa ga Jesu se re thusa go tlhagolela poifomodimo. Jesu o ne a itse Rraagwe botoka go na le ope fela, ka jalo o ne a ka kgona go etsa ditsela le dinonofo tsa ga Jehofa ka tlhoafalo. Ka gone, o ne a re beela sekao se se itekanetseng sa poifomodimo. (Yohane 1:18; 14:9; Baroma 13:14)—3/1, tsebe 19.
◻ Mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalenta, go ne go kaiwa eng ka go dirisa ditalenta? (Mathaio 25:19-23)
Go dirisa ditalenta go ne go raya go dira jaaka baemedi ba Modimo ka boikanyegi, go dira barutwa, go abela ntlo ya Modimo boammaaruri jwa semoya. (Mathaio 24:45; 28:19, 20; 2 Bakorintha 5:20)—3/15, tsebe 13.
◻ Bibela e tlhomologile mo dikarolong dife tse tharo fa e bapisiwa le metswedi e mengwe ya kgakololo?
Sa ntlha, kgakololo ya yone e solegela molemo ka metlha. (Pesalema 93:5) Sa bobedi, Bibela e ne ya nna e ntse e ikanyega. (Isaia 40:8; 1 Petere 1:25) Sa boraro, dikgakololo tse dintsi tsa Bibela ga di kake tsa lekanngwa le dipe. Lefa re lebane le bothata kana re tshwanetse go dira tshwetso efe, go na le botlhale jo bo ka re thusang mo Bibeleng.—4/1, tsebe 13.
◻ Ke mela efe e mebedi ya bosupi eo e bontshang gore Bibela ke Lefoko la Modimo, eseng la motho?
Botlhale jwa Bibela jo bo ka sekeng jwa bapisiwa le bope le maatla a yone a go fetola batho. (Diane 2:1, 5, 6; Bahebera 4:12)—4/1, tsebe 21.