LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 4/15 ts. 22-25
  • ‘Go Tshwara Batho’ kwa Belize

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Go Tshwara Batho’ kwa Belize
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • ‘Go Tshwara Batho’ go a Simologa
  • ‘Go Digela Letloa’ kwa Moseja
  • Go Latlhela Letloa
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 4/15 ts. 22-25

‘Go Tshwara Batho’ kwa Belize

BELIZE ke naga e potlana ya boboatsatsana e e leng fa gare ga Mexico le Guatemala. Go tswa kwa lotshitshing lwa lone, lewatle le letala la Caribbean le ditlhaketlhake tse dipotlana tseo di bopilweng ka maje a metsing gammogo le maje a metsing a a farologaneng tseo di bopang legora le letelele go gaisa kwa Karolong ya Lefatshe ya kwa Bophirima. Bogolo jwa lefatshe le le bapileng le lotshitshi le omeletse ebile ga le na dithaba. Mme go tswa kwa lewatleng go ya ntlheng ya borwa, Dithaba tsa kwa Maya di bogodimo jwa dimetara tse 1 120. Kgaolo eno e e kileng ya bo e na le ditlhare tse di kitlaneng le dithaba e na le melatswana, megogoro ya dinoka, le maphororo a mantle.

Go ne go nna Ba-Maya pele mo nageng eo, jaaka fa matlotla le dilwana tsa bogologolo tseo ba neng ba di dirisa tseo di bonweng koo di supa. Ka bo-1 600, go ile ga nna batho bao pele e neng e le magodu a lewatle bao ba neng ba simolola go rema mofuta wa setlhare sengwe sa Amerika Bogare le sa mahokani. Moragonyana e ne ya nna kolone ya Boritane e e bidiwang Honduras. Boipuso le bomorafe bo ile jwa simolola ka 1981.

Gompieno, Belize e na le baagi ba ba ka nnang 175 000. Eleruri ke setlhopha se se tlhakatlhakaneng, seo se bopilweng ka Ba-Creole, Ba-Mestizo, Ba-Maya, Ba-Garinagu, Ba-Asia, Ba-Yuropa, le ba bangwe. Ka go bo Belize e kile ya amana le Boritane, Seesemane ke puo ya semolao, Sepanishe sone e le puo ya bobedi. Se-Creole le sone se buiwa thata, fela jaaka Se-Maya, le Se-Garifuna, le dipuo tse dingwe.

Legora le le boleele jwa dikilometara tse 280, ka maje a metsing a a mebala e e phatsimang, ka dikago tse dikgolo tsa sekadikagophemelo, le dikgaga, di sireletsa mefuta e mentsi ya ditshedi tsa lewatle tseo di kgatlhisang ebile di le monate go jewa. Mafelo ano a go tshwara ditlhapi ao a leng kgakala le losi lwa lewatle ke mengwe ya metswedi e megolo ya tlholego ya naga. Ka mo go tshwanang, ka mefuta e mentsi ya batho le ditsela tsa botshelo, Belize e itshupile e le lefelo le le nang le matswela la go ‘tshwara ditlhapi’ mo go bao ba arabelang mo taletsong ya ga Jesu e e reng: “Ntshalañ moragō, me ke tla lo diha bachwara batho.”—Mathaio 4:19.

‘Go Tshwara Batho’ go a Simologa

E ne e le ka 1923 fa James Gordon, Mosupi yo o neng a kolobeditswe ka 1918 kwa Jamaica, a ne a fudugela kwa Belize. O ne a simolola go digela letlowa la gagwe, jaaka fa go ka tualo, mo gare ga baagelani ba gagwe mo teng le go dikologa motsana wa Bomba mo Kgaolong ya Belize. ‘Didirisiwa tsa gagwe tsa go tshwara batho’ e ne e le letlole le legolo leo le dirilweng ka logong la mahokani leo le tsentseng dibuka, a le tshwara ka letsogo le le lengwe, mme a tshwara setshameka-direkoto sa gagwe ka le lengwe.

Mo e ka nnang ka 1931 Freida Johnson, yo e neng e le mmoledi wa nako e e tletseng yo o neng a tswa kwa Texas, o ne a tla Belize a le mo loetong lwa go anamisa mafoko a a molemo mo dinageng tsa Bogare jwa Amerika. Ka nako ya gagwe ya loeto lwa dikgwedi tse thataro, o ne a ikgolaganya le moapei wa borotho mongwe yo o bidiwang Thaddius Hodgeson, yo mo letlhakoreng le lengwe a ileng a itsise boammaaruri jono moapaya-borotho-ka-ene, eleng Arthur Randall. Mokaulengwe Hodgeson o ne a tsweletsa tiro pele go fitlhela go goroga barongwa ba ntlha ba ba thapiseditsweng kwa Gileade ka 1945, eleng Charles Heyen le Elmer Ihrig.

Ka ngwaga o o latelang, ka nako ya loeto lwa ga N. H. Knorr le F. W. Franz, bao ka nako eo e neng e le mookamedi le motlatsa-mookamedi ba Mokgatlo wa Watch Tower ka go latelelana ga bone, go ne ga tlhongwa ofisi ya lekala koo. Go tloga ka nako eo “letloa” le ile la digelwa mo dikarolong tsotlhe tsa Belize, mme tiro e ile ya nna e ntse e oketsega ka bonya ka bonya. Palo ya bao ba nnang le seabe mo ‘go tshwareng batho’ e fitlheletse tlhora ya 844 ka 1989.

‘Go Digela Letloa’ kwa Moseja

Gompieno, Motse wa Belize le ditoropo tse dingwe di berekiwa ka metlha ke bao ba rerang mafoko a a molemo a Bogosi, mme metsana e mentsi e e bapileng nao le ditlhaketlhake ga di barekiwe ka metlha. Go ne go ntse jalo ka San Pedro, eo e leng mo Setlhaketlhakeng sa Ambergris, go fitlhela mo dingwageng tse di seng kae tse di fetileng.

Ka dingwaga di le dintsi, tsela e le nngwe fela eo baagi ba San Pedro ba neng ba amana le boammaaruri ka yone e ne e le fa Basupi bao ba neng ba tswa kwa nagengkgolo ba ne ba ya go ba etela ka maeto a makhutshwane. Basupi ba ne ba tlogelela batho ba ba kgatlhegang dibuka tsa Bibela, mme ba ne ba sa kgone go ya go ikgolaganya gape le bao ba kgatlhegang ka gonne ba ne ba tshwanetse gore ba boele kwa nagengkgolo. Moragonyana, lelapa lengwe la batho ba le banè le ile la ya kwa Belize go ya go direla kwa tlhokafalo e leng kgolwane gone. Ba ile ba ithaopela go fudugela kwa setlhaketlhakeng seo lemororo ba ne ba ile ba tshwanelwa ke go nna mo teng ga sepalangwa sa boitapoloso go fitlhela ba ka kgona go aga ntlo. Mme “go tshwara batho” go ne go le molemo. Ba ne ba simolola dithuto tsa Bibela tse dintsi, mme gompieno go na le “bachwara batho” ba ba fetang 20 mo setlhaketlhakeng seo. Ka September 1986, ka thuso e e tswang mo Basuping go ralala naga yotlhe, ba ile ba aga Holo ya bone ya Bogosi ka bofelo jwa beke bo le bongwe fela.

Tshimo ya lekala leo e akaretsa metsana e e seng kae e e gasameng ya kwa Maya e e leng kwa ntlheng ya borwa ya Kgaolo ya Toledo, koo go buiwang dipuo tsa Se-Ketchi le Se-Maya Mopan teng. Gangwe ka ngwaga, ka nako ya setlha se se omileng fa dinoka le dithaba di kgonwa go ka kgabaganngwa, setlhopha sengwe sa Basupi se ne se tle se etele metsana eno. Ba rwele sengwe le sengwe seo ba neng ba se tlhoka mo mekotleng ya bone, ba ne ba tsamaya ka dinao go ya kwa metsaneng eo, ba neele baagi bosupi, mme ba boele gape mo go bao ba neng ba bontshitse kgatlhego.

Mo go longwe lwa ‘maeto ao a go tsamaya ka dinao mo sekgweng’ a ngwaga le ngwaga ka 1968, bakaulengwe ba ne ba etela motsana wa Crique Sarco. Mosetsana mongwe yo mosha o ne a bona buka ya Boammaaruri jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng, eo mokaulengwe mongwe a neng a ile a e diga ka phoso. O anela ka seo se ileng sa latela.

“Buka eo e ne e le tlhwatlhwakgolo mo go nna, mme ke ne ka kgona go lebelela fela ditshwantsho di se kae, mme le ka motlha ga ke ise ke ko ke e bale. Maeto a ngwaga le ngwaga ao bakaulengwe ba neng ba etela rre ka one a ne a gatisa leina Jehofa mo mogopolong wa me, ke bile ka ba ka itse le gore O na le phuthego. Fa ke ne ke simolola sekolo se segolwane kwa toropong ya Punta Gorda, go ne ga tlhaga potso eno ka letsatsi le lengwe mo tlelaseng: Leina la Modimo ke mang? Erile fa ke arabela ka gore ‘Jehofa,’ ke ile ka neelwa ‘kotlhao e e tlwaelesegileng’ (e eleng ka go fokolediwa maduo ka dintlha tse tlhano ka ba ka neelwa tiro ya kotlhao, eo e ntseng jaaka go phepafatsa ntlwana ya boithomelo). Morago ga moo moruti o ile a laela gore ke tle kwa go ena mme a mpolelela gore ke seka ka tlhola ke dirisa leina leo go seng jalo ke tla lelekwa mo sekolong. Fa a sena go rialo ke ile ka tlogela sekolo ka bonna mme le ka motlha ga ke ise ke nke ke boele gape.

“Ke ne ka amana le boammaaruri gape dingwaga tse dintsi moragonyana fa ke ne ke sena go nyalwa mme ke nna kwa Motseng wa Corozal kwa bokone. Ke ile ka bona thathana ya pampiri e ntse e foka mo pheswaneng, ke ile ka e sela, mme ka fitlhela gore e ne e le khabara ya bukana ya Jehovah’s Witnesses and the Question of Blood. Ke ile ka bolelela tsala nngwe gore eno e ne e le nngwe ya ditumelo tsa Basupi eo ke neng ke se kitla ke dumalana le yona. O ne a mpolelela gore gongwe ka letsatsi le lengwe ke tla dumalana le bone. Ka letsatsi le le latelang, mokaulengwe mongwe o ne a nketela a bolela gore o ne a ile a utlwa gore ke ne ke kgatlhegela go ka ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Lemororo ke ne ka mmolelela gore tota go ne go sa nna jalo, o ne a tlhalosa gore go ne go se kitla go tsaya nako e ntsi, ka jalo ka dumela. La bofelo, buka ele ya Boammaaruri eo ke neng ke ntse ke e tlhokometse ka dingwaga tse robedi e ne ya dirisiwa!

“Ka bonakonyana, ba bogwe ba ne ba tlhotlheletsa monna wa me go khutlisa thuto ya me. Morago ga moo ra fudugela kwa motsaneng o o kwa thoko, mme ka latlhegelwa ke kamano le Basupi. La bofelo, kgaitsadi mongwe o ne a nketela ka tirelo ya ntlo le ntlo, mme ka tsosolosa thuto ya me. Monna wa me o ne a dira gotlhe moo a ka go kgonang go kgoreletsa thuto. O ne a tle a tagwe, a dire modumo o mogolo, a nkobe mo teng ga ntlo, kana a ntshosetse ka gore o tla tsaya mosadi yo mongwe. Mme ke ile ka ema ke tiile mme ke ikaegile ka mo gogolo mo go Jehofa ka thapelo. Dingwaga tse pedi tse di latelang Jehofa o ne a arabela dithapelo tsa me go feta kgakala ka moo ke neng ke lebeletse ka gone.

“Ka letsatsi lengwe monna wa me o ne a tla gae sefatlhego sa gagwe sotlhe se ngapakakilwe, mme a fetela ka tlhamalalo kwa bolaong. Moragonyana ka lona letsatsi leo o ne a bolela gore, ‘Le nna ke batla go ithuta Bibela!’ Phetogo eo e ne ya ntlisetsa boitumelo jo bogolo mme ga tlisa gape le bogale jo bo tukang go tswa mo go balosika lwa gagwe. Ba ile ba mmolelela gore ‘go fetola bodumedi ke go fetola batsadi, ka jalo ga o sa tlhole o le morwa wa rona!’ Jaanong ereka nna le monna wa me re ne re kopane, re ile ra dira botswelelopele ka bonako. Ka December 5, 1987 re ile ra kolobediwa kwa Kopanong E E Kgethegileng ya Letsatsi Le Le Lengwe eo e neng e le ya ntlha mo go rona.”

Ke ka tsela eo “ditlhapi” di tshwarwang ka teng le eleng kwa dikarolong tse di kgakala tsa Belize. Boroutšhara ya Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! e ile ya ranolelwa mo puong ya Ketchi ka tsholofelo ya gore ba le bantsi ba ba oketsegileng mo metsaneng eno ba ka thusiwa gore ba tle ba amogele mafoko a a molemo. Bao ba ileng ba bolokiwa mo metsing a a kgotletsweng a tsamaiso ya ga Satane ba ipelela metsi a a phepaphepa a boammaaruri mo paradaiseng ya semoya ya ga Jehofa.

Ka sekai, lekau lengwe la kwa Motseng wa Belize le ne la ithuta kaga ditekanyetso tse di phepa tsa ga Jehofa go tswa mo Bibeleng. O ne a tlogela tlwaelo ya gagwe ya go fetoga lekgoba la marijuana le diokobatsi tse dingwe mme a kolobediwa. Ka bonakonyana morago ga moo, o ne a nna “motshwara batho” wa nako e e tletseng. Mme gape o na le tshiamelo ya go nna motlhanka wa bodihedi mo phuthegong eo a leng mo go yona. Makgolokgolo a ba bangwe ba ile ba thusiwa gore ba phepafatse matshelo a bone ka go dira gore manyalo a bone a nne kafa molaong le go a kwadisa mo babusing. Ba bangwe ba le bantsi ba ile ba rutiwa go bala le go kwala gore ba tle ba kgone go ka ithuta Lefoko la Modimo ka bobone. Ka jalo tiro ya go ruta ya Basupi ba ga Jehofa kwa Belize ga e kgotsofatse fela ditlhokafalo tsa batho tsa semoya mme ebile e tlisa matswela a mangwe ao a solegelang morafe molemo.

Go Latlhela Letloa

Ka nako nngwe barutwa ba ga Jesu ba ile ba latela ditaelo tsa gagwe mme ba digela letloa la bone mo ntlheng e nngwe ya mokoro wa bone. Ka ntlha ya seo, “ba retelèlwa ke go lo gōga ka ntlha ea bontsi yoa ditlhapi.” (Yohane 21:6) Ka mo go tshwanang, karabelo mo mafokong a a molemo e kgolo mo e leng gore Basupi kwa Belize ba bona e le kgwetlho go ka tlhokomela bontsi jo bo tsenang mo phuthegong.

Go na le tlhokafalo e kgolo ya bakaulengwe ba ba godileng semoyeng gore ba tle ba etelele pele mo diphuthegong tseo. Go ya ka selekanyo sa palogare, go na le mogolwane a le mongwe kana ba le babedi fela mo phuthegong nngwe le nngwe. Mo godimo ga moo, go na le kgwetlho ya go fitlhelela dikarolo tsotlhe tsa naga ka mafoko a a molemo ka metlha. Dikarolo tse dintsi di ka fitlhelelwa ka go tsamaya ka tsela, mme ka ntlha ya go tlhoka dipalangwa tsa batho botlhe, go boima gore Basupi ba tlhagolele kgatlhego eo e bonweng kana gore batho ba ba kgatlhegang ba nne teng ka metlha mo dipokanong. Go tsamaya ka dinao kana go dirisa mokoro o o dirilweng ka logong lo lo epilweng e santse e le tsone fela ditsela tseo di dirisiwang go ka fitlhelela dikarolo dingwe tse di kwa thoko.

Basupi ba kwa Belize ba bile ba na le bothata mo go boneng mafelo a a nang le didirisiwa tse di siametseng dipokano tsa bone tsa beke le beke le dikopano tsa bone tse dikgolo le tse dipotlana tsa ngwaga le ngwaga. Palogotlhe ya bao ba nnileng teng mo Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Ikanye Jehofa” ka 1987 e ne e feta 2 200, eo eleng palo ya baboledi ba naga eo e menagane gararo. Bakaulengwe ba ile ba tlhoma kago e e leng ya nakwana mo setsheng sengwe gaufi le Ladyville, ba e tlhomela dikopano tseo. Jaanong, ba lebeletse mo goreng go kgonagale gore ba age Holo ya Kopano ya popota mo setsheng seo.

Lefa kgwetlho e le kgolo, Basupi ba arabela ka tlhagafalo mo go yone. Ba ile ba bontsha seno ka go oketsa seabe sa bone mo tirelong ya tshimo. Ka 1979, baboledi ba ile ba senya mo e ka nnang palogare ya dioura tse 8,3 kgwedi nngwe le nngwe mo tirong ya go rera. Gone jaanong ba senya palogare ya dioura tse 11,3 kgwedi nngwe le nngwe. Go bile ga nna le koketsego e ntle mo mephatong ya babulatsela. Ka 1979 go ne go na le palogare ya babulatsela ba ba thusang ba le 10 le babulatsela ba ka metlha ba le 12 ka kgwedi. Gone jaanong go na le babulatsela ba ba thusang ba le 51 le babulatsela ba ka metlha ba le 42 kgwedi nngwe le nngwe, ba tloga go dingwaga tse 14 go ya go tse 74.

Go ya ka tekanyetso e e tlhomologileng ya bao ba nnileng teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete seo se neng se tshwerwe ka March 22, 1989, ditebelelo tsa koketsego di dikgolo. Bakaulengwe ba ne ba dira ka natla go ka laletsa batho ba ba kgatlhegang. Matswela e nnile afe? Go nnile le palogotlhe ya bao ba nnileng teng ya 3 834—go feta tlhora ya palo ya baboledi ganè! E ne e le boitumelo thata go bona ditlhopha tse dintsi tseo tsa merafe—Ba-Creole, Ba-Mestizo, Ba-Maya, Ba-Yuropa, Ba-China, Ba-Lebanon, le ba bangwe—ba tlhakatlhakane mmogo ka tsela eno.

Mo godimo ga moo, baboledi ba ba 844 mo nageng eo ba tshwara dithuto tsa Bibela tsa magae tse di fetang sekete. Ka go tswelela pele ba leba go Tlhogo ya phuthego, eleng Jesu Keresete, go bona kaelo, kwantle ga pelaelo ba le bantsi kwa Belize ba tla arabela mo taletsong ya go nna “bachwara batho.”

[Dimmapa mo go tsebe 22]

(For fully formatted text, see publication)

GULF OF MEXICO

MEXICO

BELIZE

Belize City

Punta Gorda

GUATEMALA

GULF OF HONDURAS

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Go agiwa ga Holo ya Bogosi kwa San Pedro, mo Setlhaketlhakeng sa Ambergris

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela