Sierra Leone—Go Epolola “Diteemane” tsa Yone tse di Tlhotlhwakgolo go Gaisa
KA NGWAGA wa 1462, setlhopha sengwe sa baralalamawatle ba ba pelokgale ba Mapotokisi se ne sa ralala lotshitshi lwa Afrika Bophirima go fitlha dikilometara di le 890 kwa bokone jwa mogarafatshe. Ba ne ba seka ba tshosiwa ke ditlhamane tse di neng di bua ka lewatle le le lefifi le le tletseng dilalome tse go neng go twe di kafa borwa jwa Morocco. Mo godimo ga moo, jaaka go ne go dumelwa, bone ba ne ba sa dumele gore gaufi le mogarafatshe letsatsi le ne le le mogote mo lewatle le neng le bela.
Fela jaaka baralalamawatle ba ne ba solofetse, dikepe tsa bone tsa logong ga di a ka tsa sha, lefa e le gone go bona dilalome tse di senang ditlhogo tsa ditlhamane tseo. Go na le moo, ba ne ba fitlhela matshitshi a mantle a moshawa o mosweu a kwa motsheo ga one go neng go le dithaba tse di botala jo bo tseneletseng, tse di nang le dikgwa. Mme fa dipula tsa boboatsatsi di ne di gosomana mo lefatsheng le dikgadima di ne di phatlola loapi, modumo o o neng o thubagana o bo o gwasa le dithaba tseo o ne o tshwana le wa namane e tona ya sebatana se se boitshegang. Ka mo go kgatlhisang, banna bao ba mawatle ba ne ba raya lefelo leo leina ba re Sierra Leone—“Dithaba tsa Ditau”!
Fa dingwaga di ntse di feta, batho ba ne ba lemoga gore khumo ya Sierra Leone e ne e se mo bontleng jwa yone fela. Go ne go na le ditswammung dingwe, tshipi, bokosaete, rutile, chromite, polatinamo, le gouta. Mme go ne ga seka ga bonwa sepe go fitlha ka 1930 fa ka nako eo go ne go bonwa sengwe seo se neng sa dira gore bagwebi ba itse kaga naganyana eo. Go ne go bonwe diteemane! Maje ano a a tlhotlhwakgolo a ne a le mantsi, a oka diketekete tsa batho ba ba a batlang.
Ba bangwe ba ne ba a sela fela mo godimo ga mmu. Mosadi mongwe o ne a bona teemane e kgolo fa a ne a tlhatswa diaparo tsa gagwe mo molatswaneng. Monna mongwe o ne a epolola leje la dikharate di le 153 fa a ne a jala dipotata mo tshimong. Lefa go ntse jalo, go bona maje ano a a tlhokegang go ne go ile ga tlhoka boiteko jo bogolo. Ka sekai, diteemane tse dingwe di kwa tlase mo lefatsheng, di khurumeditswe ke kimberlite, mofuta mongwe wa leje. Go di ntsha go batla gore go epololwe, go thuntshiwe, go thubiwe, di bo di tlhophiwe. Gape go tlhokega botswerere, kitso, le bopelotelele.
Fa go epiwa gono ga diteemane go ntse go tsweletse le go fitlha gompieno, go batliwa ga maje mangwe a botlhokwa a a farologaneng—diteemane tsa semoya tse di tlhwatlhwakgolo go gaisa—go ile ga nna ga tswelela mo Sierra Leone fa esale ka 1915. Mo go one ngwaga oo, monna mongwe yo o bidiwang Alfred Joseph o ne a fuduga kwa Barbados mme a tla kwa lefatsheng leno ka sekepe sa molelo. O ne a simolola tiro ya “go batla,” eseng diteemane, mme batho ba ba neng ba batla go direla Modimo wa boammaaruri “ka mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:24) Go batla gono go ne ga dirwa fela ka tsela e e tshwanang le ka moo Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba dira ka gone—‘phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.’ (Ditihō 20:20) Dingwaga di le supa moragonyana, Alfred Joseph o ne a thusiwa tiro eno ke William R. Brown, yoo le ene a neng a tswa kwa West Indies.
Kwa bokhutlong jwa 1923, go ne go setse go tlhomilwe phuthego e nnye kwa moshateng, eleng kwa Freetown. Phuthego eo e ne e na le batho ba basha ba ba kolobeditsweng ba le 14. Gompieno, batho ba ba 632 ba kopanela mo tirong ya go rera phatlalatsa ya Basupi ba ga Jehofa mo diphuthegong di le 30. Maiteko a bone a go batla le go epa seo se ka bidiwang diteemane tse di tlhotlhwakgolo go gaisa tsa semoya tsa Sierra Leone a ntse a tswelela ebile a atlega tota.
Bao ba Batlang Boammaaruri ka Tlhagafalo
Barutwa bangwe ba basha ba ga Jesu Keresete ba ile ba itshupa go nna diteemane tseo di setsweng ka bonako fela mo godimo ga mmu. Ba ile ba batla Basupi ba ga Jehofa ba tlhagafetse. Mongwe wa bone e ne e le Joan yo a neng a baakanya meriri. O ne a leletsa kwa ntlokgolong ya mo lefelong la bone ya Basupi kwa Freetown mme a kopa thuto ya Bibela.
Ke eng seo se neng sa dira gore Joan a letse mogala? “Ga ke gakologelwe nako epe mo botshelong jwa me eo ke se kileng ka batla Modimo ka yone,” o a bua. “Go tloga fa ke santse ke le ngwana, ke ne ka tsena dikereke di le dintsi le ditlhopha tse dintsi tsa bodumedi mme ga ke a ka ka bona kgotsofalo epe ya semoya.
“Ke ne ka utlwalela Basupi, mo e ka nnang dingwaga di le lesome tse di fetileng, mme ke ne ke akanya gore batho bano ba tshwanetse go tilwa gotlhelele mme seo ke se dira kwantle ga lebaka lepe. Fa tsala nngwe ya lelapa e ne e nna Mosupi, ke ne ka dira peeletso ya dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Ke ne ke dira seo fela go mo itumedisa; ga ke ise ke ko ke itshwenye ke re ke a di bala. Ebile tota, ke ne ke phepafatsa difensetere ka tsone! Morago go ne ga tla Tsogang! e e neng ya goga tlhokomelo ya me. Setlhogo se se kafa ntle se ne se bua ka gore re tlhoka go bontshiwa lorato. [September 22, 1986] Ke ne ka e bala mme e ne ya nkgatlha tota. Ke one makasine oo o neng wa ntlhotlheletsa go kopa thuto ya Bibela.” Joan o ne a tswelela pele ka bonako mme a nna Mosupi yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa go ise go e kae.
Motho yo mongwe gape yo a neng a batla boammaaruri e ne e le monna mongwe yo mmotlana a bidiwa Manso. O ne a batla go nna moperesiti mme o ne a ya kwa sekolong sa boruti. Fa a lemoga boitimokanyi jwa baruti ba gagwe, o ne a kgobega marapo mme a tlogela. Morago ga foo, Manso o ne a simolola go ya kwa dipokanong tsa ditumelo tse dingwe. Letsatsi lengwe fa a ne a le mo tseleng go etela malomaagwe, o ne a bona buka e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower—Is the Bible Really the Word of God? E ne e le fa fatshe mo metsing a a nang le seretse. Ereka setlhogo sa yone se ne se kgatlhile Manso, o ne a ntsha buka eo a e omisa, mme a e bala. Seno e ne e le boammaaruri jo a sa bolong go bo batla! Buka e ne e kgothaletsa babadi ba yone go ya kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la bone. Ka jalo Manso o ne a ya, a simolola go ithuta Bibela le Basupi, mme a kolobediwa ka bonako. Jaanong o direla jaaka moefangele wa mmulatsela wa nako e e tletseng!
Go Arabela go Thusiwa ka Bopelotelele
Lefa go ntse jalo, barutwa ba bangwe ba basha ba ile ba itshupa e le diteemane tse di iphitlhileng mo majeng. Go ne ga tlhokega boiteko jo bogolo go di “epolola.” Donald, mogolwane wa Mokeresete, o gakologelwa bopelotelele joo bo neng jwa tlhokega go thusa mosadi mongwe yo o bidiwang Martha. O bua jaana: “Lefa a ne a dumela go ithuta, o ne a tlhola a re emisa lobaka lo loleele pele re ka ithuta. Ka dinako dingwe o ne a beela ditiro dingwe kwa thoko fela ka boomo tseo a ka bong a ne a di dirile. O ne a re kopa gore re mo emele go fitlha a di dira. Ka nako nngwe re ne re ema lobaka lo lo fetang lwa oura. O ne a solofetse gore re ne re tla kgobega marapo mme re tsamae, mme mo bekeng nngwe le nngwe re ne re leka go akaretsa sengwenyana fela se se mosola. Ga felela jang? Fa nako e ntse e tsamaya kanaanelo ya gagwe e ne ya gola.
“Bothata jo bongwe gape e ne le jwa gore Martha a tle dipokanong. Ke ne ke ya le Basupi ba bangwe kwa thutong ya gagwe ya Bibela gore a tle a gololesege fa a tla kwa Holong ya Bogosi. Mme o ne a diega mo e leng gore fa kgabagare a tla, o ne a setse a itse mo e ka nnang phuthego yotlhe!” Bopelotelele bo ne jwa duelwa. Martha jaanong o kolobeditswe mme o na le boemo jo bontle le phuthego.
Kwa tshimologong Pius o ne a ganetsa boammaaruri. Ka nako ya fa banyalani bangwe ba barongwa ba simolola go ithuta Bibela nae, Pius o ne a le mo dingwageng tsa bo-70, e le leloko le le kwa pele la phathi nngwe ya bopolotiki e bile e le motshwaramatlotlo kwa kerekeng. “O ne a tatalalela ntlha nngwe le nngwe eo re neng re tlotla ka yone,” go ne ga bolela jalo barongwa. “Beke nngwe le nngwe o ne a simolola a ritibetse, mme fa go ntse go ya o ne a gotela. E ne e le ntwa ya beke nngwe le nngwe, mme gantsi re ne re ikutlwa ekete re ka ineela mme re mo tlogele. Selo se segolo seo se neng se re dira gore re nne re boele kwa go ene, ke gore o ne a ipaakanyetsa sentle nako le nako.
“Mo e ka nnang morago ga ngwaga go ntse jaana, Pius o ne a re bolelela gore jaanong o sweditse gore a itirele patlisiso ka boene. Ereka e kile ya bo e ne e le morutabana, o ne a itse go dira patlisiso. Letsatsi lengwe le lengwe ka dibeke di le pedi, o ne a palama thaba go ya kwa laeboraring ya unibesithi, koo a neng a tlhoafalela go bala dikgatiso dingwe tse di tlhalosang Bibela le dibuka tse dingwe tsa patlisiso. Morago o ne a re: ‘Jaanong ke tlhatswegile pelo gore sengwe le sengwe seo lo neng lo ntse lo se mpolelela ke boammaaruri. Modimo ga se Tharonngwe, ga go na molelo wa dihele, moya wa swa. Le batho bangwe mo kerekeng ya me ba dumela gore go jalo.’ Morago ga moo Pius o ne a tswelela pele ka bonako, a tswa mo dipolotiking le mo kerekeng. Morago ga go kolobediwa, o ne a dira jaaka mmulatsela yo o thusang a senya dioura di le 60 ka kgwedi mo tirong ya go rera, mme o ne a nna a dira seno kgapetsa go fitlha fa a ne a tlhokafala ka 1987.
“Sengwe seo re neng re sa se itse ka lobaka lo loleele,” go gakologelwa jalo barongwa ba ba neng ba ruta Pius, “ke gore mmaagwe o ne a kile a kopanela le Basupi ba ga Jehofa. O ne a gakologelwa a kile a ya kwa dipokanong le ene fa a sale mmotlana. Mme morago ga gore a tlhokafale, o ne a itseela tsela ya gagwe. Fa a sena go kolobediwa, Pius o ne a re: ‘Selo se se seng monate ke gore mmè jaanong ga a kgone go mpona.’ Mme sefatlhego sa gagwe se ne sa phatsima, mme a oketsa ka gore: ‘Mme o tla mpona mo lefatsheng je lesha!’”
Go batliwa ga diteemane le go batliwa ga barutwa go ntse go tsweletse le go fitlha gompieno. Barekisi ba kgwebo ba bua ka boipelafatso ba re “diteemane ke tsa goyagoile.” Lefa go ntse jalo, mongwe yo o tshotseng leje le le ntseng jalo le le tlhomologileng ga a ke a le ipelela goyagoile, gonne lemororo Modimo o baakanyeditse ka poloko, batho botlhe ba ba leofang ba swa. (Yohane 3:16, 17) Tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Sierra Leone, ka gone, e tlisa khumo e e gaisang teemane e e tlwaelegileng kgakala: batlhanka ba Modimo le barutwa ba ga Jesu Keresete! Mme Lefoko la ga Jehofa le solofetsa jaana: “Eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:17.
[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 22, 23]
(For fully formatted text, see publication)
[Ditshwantsho]
Mo gare ga mafelo a a jaaka ano, baboledi ba Bogosi ba bona diteemane tsa semoya kwa Sierra Leone