Go Lemoga Dikgang
“Go Tsietsa ka Masaledi A Dilo Tsa Bogologolo”
Kafa tlase ga setlhogo seo, lekwalo-dikgang la kwa Fora eleng Le Monde le ile la bega kgang e e amanang le rasaense mongwe yo o ithutang masaledi a dilo tsa bogologolo wa kwa India yo “ka dingwaga tse 20 . . . go bonalang fa a ile a tsietsa badirimmogo ka ena malebana le gore masaledi a dilo tsa bogologolo ao a ileng a ba a naya gore ba a sekaseke a ne a tswa kae.” Go bolelwa gore “go tsietsa” gono go ne go kopanyeletsa masaledi a dilo tsa bogologolo ao a neng a ba a romelela ao a bonweng kwa United States, Afrika, Czechoslovakia, le kwa Ditlhaketlhakeng tsa Borithani, a iphaka fa a a bone kwa Dithabeng tsa Himalaya. Rrasaense yono o ne a gatisa dilo tseno tseo a neng a di bone mo dikgatisong tse di fetang 300. Go tsietsa gono go ile ga senolwa ke rrasaense mongwe wa Mo-Australia a dira jalo ka go dirisa lekwalo-paka la kwa Borithane eleng Nature. O ne a gakgamala gore ‘go tla jang gore selekanyo se segolo jaana sa dilo tse di bonweng tseo di belaelwang di tsere sebaka se seleele jaana sa nako di sa gwetlhiwe.’
Go ya ka Le Monde, lebaka lengwe leo le ka nnang la bo le bakile seno, e ne e le molao wa go didimala o o maloko a le mantsi a mokgatlho wa saense a neng a o ikobela. Kgatiso eo e bontsha gore “go tsietsa” gono ka masaledi a dilo tsa bogologolo “go dirile gore mo e ka nnang mabaka otlhe ao a ntseng a kgobokanngwa [mo dingwageng tse 20 tse di fetileng] ao a leng malebana le jeoloji ya dithaba tsa Himalaya e nne a a senang mosola.”
Ka mo go bonalang ka gone, kgang eno e e sa tlwaelegang ya go tsietsa mo saenseng ga e tsose pelaelo mo dilong tsotlhe tsa saense. Lefa go le jalo, e neela bosupi jo bo oketsegileng jwa gore fa mabaka a thuto e e kaga masaledi a dilo tsa bogologolo e bapisiwa le pego ya Bibela e e agang e le boammaaruri ka metlha gantsi e fitlhelwa e se sepe fela fa e se seo moaposetoloi Paulo a neng a se bitsa “dikganetsano tsa e e bidiwang ‘kitso’ mme e se kitso gotlhelele.”—1 Timotheo 6:20, The New Jerusalem Bible.
“Di Tladikilwe Madi Thata”
Kwa Colombia, Amerika Borwa, bomankge ba ba setlhogo ba diokobatsi ba dira kgolagano le makawana mangwe gore ba tlose baganetsi kana ba tsose poifo mo gare ga borradipolotiki le mo baaging ka kakaretso. Sicario mongwe yo o ntseng jalo, kana motho yo o duelelwang go bolaya batho, o ne a bolelela babega-dikgang ba makasine wa dikgang wa kwa Spain, eleng Tiempo, gore ‘go bolaya ka boomo go boima.’ O dira jang go kokobatsa segakolodi sa gagwe? O ne a tlhalosa jaana: “Ke itse gore mongwe wa melao ya Modimo ke gore ga o a tshwanela go bolaya, mme nna ke tshwanela go bolaya gore ke tle ke kgone go tshela. Ke bolaya ka boomo ka gonne ke tlhoka madi. A tota ga o bone gore ke a bereka ka gonne ke tshwanetse go tshela ka tsela nngwe? . . . Pele ga ke ya go bolaya mongwe, ke rapela Modimo le Kgarejana gore ba tle ba ntshireletse.”
Lemororo baruti ba Katoliki kwantle ga pelaelo ba tla gana gotlhelele go amogela mofuta ono wa seipato, baeteledipele ba kereke ba ile ba dumelela ntwa eo go tlhomeletsweng ka dibetsa mo go yone go ya kafa molaong “jaaka selo sa bofelo seo ba ka retologelang mo go sone go bona thuso ya go ka fedisa puso e go bonalang e le ya bobusa-esi mme e ntse e tswelela pele.” Fa baruti ba rotloetsa bothubaki jo bo dirwang ka ntlha ya tshiamololo mo dipolotiking, a go tshwanetse ga re gakgamatsa fa Makatoloki mangwe, jaaka sicario jaana, ba dira go tlhoka tshiamo ga ekonomi lebaka le le utlwalang la go bolaya? Abo go le kotsi jang ne go tsaya Lefoko la Modimo ga motlhofo fela!
Mo bosigong jwa fa tshiamololo e e di fetang tsotlhe tse di kileng tsa nna teng e ne e le gaufi le go diragadiwa—e kopanyeletsa go tshwarwa, go sekisiwa, le go bolawa ga ga Jesu Keresete—Jesu ka boena o ne a gana go akanyetsa mofuta lefa e le ofe wa bothubaki. O ne a bolelela Petere jaana: “Botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.” (Mathaio 26:52) Ka mo go utlwalang, bao ba retologelang kwa bothubaking jaaka selo seo ba ka bonang thuso ka sone ba ka lebelela jang gore Modimo Mothatayotlhe a ba utlwe lefa e ka nna tlase ga maemo afe, ereka polelelopele ya ga Isaia e bontsha jaana ka phepafalo: “E tla re lefa lo dira merapelo e le mentsi, ga nketla ke e reetsa; diatla tsa lona di tladikilwe madi.”?—Isaia 1:15, RS, Catholic edition.
“Ntshetsañ Kaesare Dilō Tse E Leñ Tsa Ga Kaesare”
Go tila go duela lekgetho ke bothata jo bo ntseng bo oketsega mo dinageng di le dintsi. Ka sekai, kwa Spain, lokwalo-dikgang lwa El Diario Vasco lo bega gore batho ba ba rekang gammogo le barekisi ba tlwaetse go fitlha ka boomo tlhotlhwa e e nepagetseng ya thoto e e rekwang. Lefa go le jalo, lefa motho yo o rekang le morekisi ba ka dumalana ka tlhotlhwa e le nngwe ya thoto eo tota e rekwang, go begiwa selekanyo se se kwa tlase thata mo setlankaneng-tshupo. Mme fa fela go feditswe ka tumalano e e dirilweng ya theko, lekgetho le duelelwa go ya ka tlhotlhwa e e begilweng ya thoto. El Diario Vasco e bega seo se bolelwang ke motlhankedi wa puso yo o neelang ditlankana-tshupo eleng José María Segura Zurbano gore lemororo batlhankedi ba puso bao ba neelang ditlankana-tshupo ba sa nne le seabe tota mo tsietsong eno, ba a itse gore tlhotlhwa ya thoto eo ba e begang ga se ya boammaaruri. Fa a umaka pharologanyo e le nngwe malebana le tlwaelo eno ya go sa ikanyege, Zurbano o ne a akgela jaana: “Mo nageng eno mongwe le mongwe le moagelani wa gagwe ba bua maaka, kwantle ga Basupi ba ga Jehofa fela. Fa ba reka kana ba rekisa, tlhotlhwa ya [thoto] eo ba e begang ke ya boammaaruri jo bo feletseng.”
Basupi ba ga Jehofa ba itsege thata ka go bua boammaaruri le go ikanyega ga bone. Ba itse gore Jehofa Modimo o lebeletse gore batlhanka ba gagwe ba bontshe dinonofo tse di ntseng jalo mo dilong tsotlhe tseo ba di dirang. Modimo o tlhoile “loleme lo lo akañ” le “moshupi oa kakō eo o bilolañ maaka.” Mo kgannyeng eno ya go duela makgetho, Jesu Keresete o ne a tlhomela balatedi ba gagwe ba boammaaruri tekanyetso fa a ne a bolela jaana: “Ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leñ tsa Modimo.”—Diane 6:6-19; Mareko 12:17.