‘Go Itemoga Seo re Leng Sone’—Ka Nako ya Segopotso
“Me ha re ne re ka itemoga, re ne re se ketla re [atlholwa, “NW”] . . . gore re se ka ra sekisiwa.”—1 BAKORINTHA 11:31, 32.
1. Ke eng seo tota Bakeresete ba boammaaruri ba batlang go se tila, mme ka ntlhayang?
MOKERESETE ga a batle go atlholwa ke Jehofa jaaka yo a sa mo amogeleng. Go sa itumedise “Moatlhodi oa lehatshe yeotlhe” go ka felela ka gore re “sekisiwe le lehatshe” le gore re se bolokiwe. Seo se ntse jalo fa re solofetse go tshela kwa legodimong le Jesu kana go tshela mo lefatsheng la paradaise ka bosakhutleng.—Genesise 18:25; 1 Bakorintha 11:32.
2, 3. Re ka atlholwa setlhogo mo kgannyeng efe, mme Paulo o ne a bua eng kaga seno?
2 Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka seo se ka nnang sa dira gore re atlholwe mo go 1 Bakorintha kgaolo 11. Lefa a ne a lebisitse dikakgelo tsa gagwe go Bakeresete ba ba tloditsweng, kgakololo ya gagwe e botlhokwa mo go botlhe, segolo bogolo mo pakeng eno. Go itemoga seo re leng sone go ka re thusa gore re amogelwe ke Modimo le gore re seka ra atlholwa. Fa a tlotla ka moletlo ono wa ngwaga le ngwaga wa Sejo sa Morena sa Maitseboa, Paulo o ne a kwala jaana:
3 “E rile mo sigoñ yo o okilweñ ka yōna, Morèna Yesu a tsaea senkgwè; Me ea re a sena go leboga, a se ñathoganya, a re, Se ke mmele oa me, o o robèlwañ lona; dihañ mo lo nkgopolè ka gōna. Senwèlō le shōna a se tsaea ka mokgwa o o nntseñ yalō, moragō ga selalèlō, me a re, Senwèlō se ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me: dihañ mo ka galè ha lo se nwa, go nkgopola ka gōna. Gonne ka galè ea re lo ya senkgwè se, le go nwa senwèlō, lo bo lo bolèla losho loa Morèna a ba a tla a tsamaea a tle.”—1 Bakorintha 11:23-26.a
4. Go tla diragala eng mo maitseboeng a April 10, 1990?
4 Basupi ba ga Jehofa ba tla keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete fa letsatsi le sena go phirima ka April 10, 1990. Gantsi, setlhopha se se kokoaneng e a bo e le phuthego e le nngwe; ka gone go tla nna le sebaka sa batho bao e iseng e nne Basupi. Pokano eo e tla nna jang? Go tla nna le puo ya Bibela. Go tsamaisiwa senkgwe morago ga thapelo. Senwelo se tla tsamaisiwa morago ga thapelo e nngwe gape. Go na le gore seno se dirwe ka go latela ngwao kana thulaganyo e e rileng e e gagametseng, palo ya dinkgwe kana dinwelo le tsela eo di tsamaisiwang ka yone e tla rulaganngwa go ya ka boemo jwa mo lefelong leo. Selo se segolo ke gore dilo tseo di be di le gone go lekana botlhe bao ba leng gone, le eleng lefa ba le bantsi ba tla di fetisa fela ba sa je kana go nwa. Lefa go ntse jalo, ke dilo dife tseo di fetisiwang mme di kaya eng? Mo godimo ga moo, ke eng seo re tshwanetseng go se tlhokomela pele gore re tle re itemoge seo re leng sone?
“Se ke Mmele oa Me”
5, 6. (a) Jesu o ne a dira eng malebana le senkgwe? (b) O ne a dirisa senkgwe sa mofuta ofe?
5 Re badile ka seo Paulo a neng a se “amogetse mo Moreneñ” kaga Segopotso. Go na le dipego tse dingwe gape ka bakwadi ba bararo ba Diefangele, bao mongwe wa bone a neng a le gone fa Jesu a ne a tlhoma moletlo ono. (1 Bakorintha 11:23; Mathaio 26:26-29; Mareko 14:22-25; Luke 22:19, 20) Dipego tseno di bolela gore Jesu o ne a tsaya pele senkgwe, a rapela, a se kgaoganya mme a se ba naya. Senkgwe seo e ne e le eng? Ka mo go tshwanelang, go dirisiwa eng gompieno? Se kaya eng kana se emela eng?
6 Ba ne ba na le dingwe tseo di neng di dirisediwa Tlolaganyo ya Sejuda, tseo nngwe ya tsone e neng e le senkgwe se se sa bedisiwang, seo Moshe a neng a se bitsa “senkgwè se se sa bedisiwañ . . . senkgwè sa pogishō.” (Duteronome 16:3; Ekesodo 12:8) Senkgwe seno se ne se dirilwe ka boupe jwa korong joo bo neng bo sa bedisiwa, bo sa lokiwa, kana bo sa tsenngwa diloki. Ka go bo se ne se sa bedisiwa (ka Sehebera, mats·tsahʹ), se ne se le sephaphathi se bile se robega bonolo; se ne se tshwanetse go robiwa go lekana mo go ka jewang.—Mareko 6:41; 8:6; Ditihō 27:35.
7. Basupi ba ga Jehofa ba dirisa eng mo boemong jwa senkgwe ka Segopotso?
7 Jesu o ne a dirisa senkgwe se se sa bedisiwang mo Sejong sa Morena sa Maitseboa, ka jalo Basupi ba ga Jehofa gompieno ba dira se se tshwanang. Matzoth ya Bajuda e e tlwaelegileng e a tshwanela fa e sa tsenngwa dilo tse dingwe, jaaka momela, dieie, kana mae. (Matzoth e e tsentsweng dilo tseo ga e kake ya tshwanela tlhaloso eno e e reng “senkgwè sa pogishō.”) Kana bagolwane ba phuthego ba ka kopa mongwe gore a dire senkgwe se se sa bedisiwang ka boupe jo bo dubilweng jwa korong le metsi. Fa boupe jwa korong bo seyo, senkgwe se se sa bedisiwang se ka diriwa ka boupe jwa barele, reise, mmidi, kana ditlhaka dipe fela. Boupe jono jo bo dubilweng bo phaphathiwa gore bo nne bosesane mme bo besiwa mo paneng e e tshasitsweng mafura go le gonnye fela.
8. Ke ka ntlhayang fa senkgwe se se sa bedisiwang e le sesupo se se tshwanelang, mme go se ja go raya eng? (Bahebera 10:5-7; 1 Petere 4:1)
8 Senkgwe se se jalo se a tshwanela ka gonne ga sena sebediso [tlhabego], seo Bibela e se dirisang go tshwantsha go bola kana boleo. Paulo o ne a gakolola jaana malebana le monna mongwe wa boitsholo jo bo sa siamang mo phuthegong nngwe: “Sebedishō se le sennye se tle se bedise boupe yotlhe. Tlosetsañ rure sebedishō se segologolo, gore lo nnè boupe yo bosha, hèla yaka lo sa bedisèga. Gonne le eōna Tlolaganyō ea rona e isicwe setlhabèlō, eboñ Keresete. Me ke gōna, a re diheñ modihō, e señ ka sebedishō se segologolo, leha e le ka sebedishō sa kilō le sa boikepō, me e leñ ka senkgwè se se sa bedisiwañ sa bopelo e phèpa le boamarure.” (1 Bakorintha 5:6-8; bapisa Mathaio 13:33; 16:6, 12.) Senkgwe se se sa bedisiwang se tshwanela go tshwantshetsa mmele wa ga Jesu wa nama, ka go bo o ne a le “boitshèpō, a sena boleo, a sena leshwè, a lomologanye le baleohi.” (Bahebera 7:26) Jesu o ne a le mo mmeleng wa gagwe o o itekanetseng fa a ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Tsaeañ, lo yè [senkgwe]; se ke mmele oa me.” (Mathaio 26:26) Go ja senkgwe go raya gore motho o dumela gore setlhabelo sa ga Jesu se ka mo solegela molemo ebile o a se amogela. Mo godimo ga moo, go na le mo gontsi mo go kopanyelediwang.
Beine e e Kayang Sengwe
9. Ke tshwantshetso efe eo Jesu a neng a bolela gore e tshwanetse go dirisiwa?
9 Jesu o ne a dirisa setshwantsho se sengwe gape: “Me a tsaea senwèlō, a leboga, a se ba naea, a re, Nwañ lotlhe ga shōna; Gonne se ke madi a me a kgōlaganō e ncha, a a chololèlwañ ba le bantsi go tla ba ichwarèlwa dibe.” (Mathaio 26:27, 28) Go ne go na le eng mo senwelong se se kopanetsweng seo a neng a se fetisa, mme seo se kaya eng mo go rona fa re ntse re leka go itemoga seo re leng sone?
10. Go ne ga tla jang gore go dirisiwe beine mo Tlolaganyong ya Bajuda?
10 Fa Moshe a ne a bua lantlha ka moletlo wa Tlolaganyo, o ne a seka a bua sepe ka bojalwa bope. Bakanoki ba le bantsi ba bolela gore beine e ne ya dirisiwa mo Tlolaganyong moragonyana, gongwe mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E.b Lefa go le jalo, go dirisiwa ga bojalwa jwa mofine mo sejong seno go ne go tlwaelegile mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme Jesu ga a ka a go ganetsa. O ne a dirisa beine ya Tlolaganyo fa a ne a tlhoma Segopotso.
11. Ke beine ya mofuta ofe e e tshwanetseng go dirisiwa mo Sejong sa Morena sa Maitseboa?
11 Ereka Tlolaganyo ya Sejuda e ne e nna gone lobaka morago ga thobo ya diterebe, Jesu ga a kake a bo a ile a dirisa, matute a a sa bedisiwang, mme o ne a dirisa beine e khibidu eo e neng e ka emela madi a gagwe. (Bapisa Tshenolō 14:20.) Madi a ga Jesu a ne a sa tlhoke go tiisiwa ka sepe, ka jalo bojalwa jwa mofine jo bo sa tlhakanngwang le sepe bo ne bo tshwanela, go na le bojalwa jwa mofine jo bo tshetsweng boranti (jaaka port, sherry, kana muscatel) kana bo tshetswe diloki kana go tsentswe diloki tse di jaaka (vermouth, Dubonnet, kana di-aperitif tse dintsi). Lefa go le jalo, ga re a tshwanela go tshwenyega thata ka tsela eo bojalwa jwa mofine bo neng bo titielwa ka yone, gore a go ne go tshelwa sukiri fa bo bedisiwa gore bo tle bo seka jwa nna bogale thata kana bo tshelwa tagi kana bo tshelwa sulefura eo e neng e dira gore bo seka jwa senyega.c Diphuthego tse dintsi di dirisa beine e e tlwaelegileng e khibidu (jaaka Chianti, Burgundy, Beaujolais, kana claret) kana beine e khibidu e e itiretsweng mo gae. Beine jaaka senkgwe ke ditshwantshetso fela, kana ditshupo; ka gone, tseo di sa dirisiwang di ka nna tsa tseelwa kwa gae kana moragonyana tsa jewa kana tsa nowa.
12. Jesu o ne a tlhalosa gore beine e emela eng?
12 Go bua ga ga Jesu ka madi a gagwe mo bosigong jwa Tlolaganyo go ka nna ga bo go ile ga ba gopotsa madi a konyana ao a neng a dirisiwa kwa Egepeto. Mme tlhokomela kafa Jesu tota a neng a bontsha ka moo seo se neng se farologane ka gone, fa a ne a re: “Senwèlō se, ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me, eboñ a a chololèlwañ lona.” (Luke 22:20) Modimo o ne a dirile kgolagano le morafe wa Iseraele wa tlhago pelenyana ga foo, mme e ne e tlhomilwe ka ditlhabelo tsa madi a diphologolo. Go ne go na le go tshwana gongwe fa gare ga madi a ditlhabelo tseo le madi a ga Jesu. Tsotlhe di ne tsa kopanyelediwa fa Modimo o ne o dira kgolagano le morafe wa batho ba gagwe. (Ekesodo 24:3-8; Bahebera 9:17-20) Karolo nngwe ya kgolagano ya Molao e ne e le gore Baiseraele ba nama ba ne ba na le tebelelo ya go nna morafe wa baperisiti ba dikgosi. (Ekesodo 19:5, 6) Lefa go ntse jalo, morago ga gore Baiseraele ba palelwe ke go tshegetsa kgolagano ya bone le Jehofa, o ne a ba raya a re o ne a tla emisetsa “kgōlaganō ea pele” ka “kgōlaganō e ncha.” (Bahebera 9:1, 15; Yeremia 31:31-34) Senwelo sa beine seo Jesu a neng a se fetisa gareng ga baaposetoloi ba gagwe bao ba ikanyegang se ne se emela kgolagano eno e ntšha.
13, 14. (a) Go nna mo kgolaganong e ntšha go raya eng? (b) Go ja le go nwa ga motho ditshwantshetso go bontsha eng?
13 Bakeresete bao ba tsenang mo kgolaganong e ntšha eno ba dira morafe wa semoya wa baperesiti ba dikgosi. (Bagalatia 6:16) Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Lona, lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele, gore lo tlè lo bōnatsè go tlotlomala ga eo o lo biditseñ, a lo bitsa lo le mo lehihiñ a lo isa mo lesediñ ya gagwè ye le gakgamatsañ.” (1 Petere 2:9) Go phepafetse gore poloko eo ba tla e amogelang ke efe—botshelo kwa legodimong ba busa mmogo le Jesu. Tshenolō 20:6 e tlhomamisa seno jaana: “Go segō, go bile go boitshèpō èna eo o nañ le kabèlō mo cogoñ ea ntlha: . . . me ba tla nna baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.”
14 Mme tota, morago ga gore Jesu a laele baaposetoloi ba gagwe gore ba je senkgwe le go nwa beine ya tshwantshetso, o ne a ba bolelela gore ba ne ba tla ‘ja le go nwa mo tafoleng ya gagwe mo bogosing jwa gagwe, mme ba tla nna mo ditulong tsa bogosi ba atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.’ (Luke 22:28-30) Kwa bofelong, go ja le go nwa ditshwantshetso tsa Segopotso go raya mo go fetang go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go amogela setlhabelo mme a bontshe tumelo fa e le gore o tla bona botshelo jo bo sa khutleng kae fela. (Mathaio 20:28; Yohane 6:51) Go ja le go nwa ditshwantshetso go bontsha gore motho o mo kgolaganong e ntšha, o tlhophilwe go ya go nna le Jesu mo Bogosing jwa gagwe.
Re Tlhoka go Itemoga ka Nako ya Segopotso
15. Jesu o ne a itsise ka tsholofelo e ntšha ya batlhanka ba Modimo jang?
15 Jaaka setlhogo se se fetileng se ne sa tlhalosa, pele ga nako ya ga Jesu batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ne ba sena tsholofelo ya go ya kwa legodimong. Ba ne ba lebeletse pele go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng, legae la ntlha la motho. Jesu Keresete e ne e le motho wa ntlha wa go tsosiwa jaaka moya, mme o ne a nna ene wa ntlha mo bathong botlhe go tseelwa kwa legodimong. (Baefesia 1:20-22; 1 Petere 3:18, 22) Paulo o ne a tlhomamisa seno, ka go kwala jaana: “Ereka re na le choshologō ea go tsèna mo heloñ ga boitshèpō ka madi a ga Yesu, Ka tsela e o e re dihetseñ, tsela e ncha le e e tshedileñ.” (Bahebera 10:19, 20) Ke bomang ba ba neng ba tla latela, morago ga gore Jesu a bule tsela eo?
16. Bao ba jang senkgwe le go nwa senwelo ba lebeletse eng mo isagweng?
16 Mo bosigong joo Jesu a neng a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa ka bone, o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang gore o ne a ba baakanyetsa lefelo kwa legodimong. (Yohane 14:2, 3) Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore Jesu o ne a bolela gore bao ba neng ba ja senkgwe le go nwa senwelo ba ne ba tla nna gone mo Bogosing jwa gagwe ba bo ba nna mo ditulong tsa segosi ba atlhola. A e ne e tla nna baaposetoloi fela? Nnyaa, ka go bo moragonyana moaposetoloi Johane o ne a bolelelwa ka Bakeresete ba bangwe gape bao ba neng ba tla fenya mme ba ‘nne le Jesu mo setulong sa gagwe sa bogosi,’ mme bone mmogo ba ne ba tla nna ‘bogosi le baperisiti bao ba tla busang lefatshe lotlhe.’ (Tshenolō 3:21; 5:10) Johane gape o ne a itse palo ya Bakeresete bao “ba ba cwañ go rèkwa mo lehatshiñ”—eleng 144 000. (Tshenolō 14:1-3) Ka gonne bano e le setlhopha se sennye thata, “lecomanyane” fa ba bapisiwa le botlhe bao ba ileng ba obamela Modimo go ralala dingwaga, re tlhoka go itemoga ka mo go kgethegileng ka nako ya Segopotso.—Luke 12:32.
17, 18. (a) Bakeresete bangwe kwa Korintha ba ne ba nna le mokgwa ofe? (b) Ke ka ntlhayang fa go ja le go nwa bobe go ne go le masisi jalo? (Bahebera 10:28-31)
17 Paulo o ne a tlhokomedisa seno mo lokwalong lwa gagwe lo lo kwaletsweng Bakorintha ka nako ya fa baaposetoloi ba bangwe ba ne ba santse ba tshela le fa Modimo o ne o tlhopha Bakeresete “go nna baitshepi.” Paulo o ne a bolela gore go ne go na le mokgwa mongwe o o sa siamang o o neng o le gone mo gare ga bao ba neng ba tshwanetse go ja le go nwa ditshwantshetso tseo. Bangwe ba ne ba ja thata le go nwa thata go sa le gale, mme seo se ba dira gore ba otsele kana ba fifale tlhaloganyo. Seo se ne se felela ka gore ba se “lemoge mmele,” mmele wa ga Jesu wa nama o o neng o emelwa ke senkgwe. A seo se ne se le masisi jalo? Ee! Ka go bo ba ne ba ja ba sa tshwanela, ba ne ba “leohèla mmele le madi a Morèna.” Mme fa ba ne ba tsogile mo tlhaloganyong le mo semoyeng, ‘ba ne ba ka kgona go itemoga seo ba leng sone gore ba seka ba sekisiwa.’—1 Bakoritha 1:2; 11:20-22, 27-31.
18 Bakeresete bao ba ne ba tlhoka go lemoga eng le gone jang? Sa ntlha, ba ne ba tshwanetse go lemoga mo dipelong tsa bone le mo mogopolong gore ba tlhophilwe go nna gareng ga baruaboswa ba botshelo jwa selegodimo ba ba 144 000. Ba ne ba lemoga seno jang, mme a bontsi gompieno bo tshwanetse go dumela gore ke karolo ya setlhopha seno se sennye seo Modimo o ileng wa simolola go se tlhopha go tloga ka motlha wa baaposetoloi?
19. Ke boemo bofe jo bo tshwaegang joo bo neng bo le gone ka Segopotso sa 1989?
19 Ebile tota, ke setlhopha se sennye fela sa Bakeresete ba boammaaruri gompieno seo se itemogang fa se ntse jalo. Kwa moletlong wa Sejo sa Morena sa Maitseboa ka 1989, go ne go kgobokane ba ba fetang 9 479 000 mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe. Mo e ka nnang ba ba 8 700 bao ba neng ba iphaka gore ba na le tsholofelo ya go bo ba ‘boloketswe bogosi jwa selegodimo.’ (2 Timotheo 4:18) Bontsintsi jo bongwe—ee, dimilione tsa Bakeresete ba ba ikanyegang, ba ba segofaditsweng bao le bone ba neng ba phuthegile le bone—ba ne ba lemoga fa ba na le tsholofelo e e tlhomameng ya go tshelela ruri mo lefatsheng.
20. Ba ba 144 000 ba lemoga jang gore ba tlhophilwe? (1 Yohane 2:27)
20 Modimo o ne wa simolola go tlhophela ba ba 144 000 botshelo jwa selegodimo ka Pentekosete 33 C.E. Ereka tsholofelo eno e ne e le ntšha, ebile batlhanka ba Modimo ba pele ga motlha wa ga Jesu ba ne ba sena nayo, bao ba neng ba tlhophiwa ba ne ba tla itse jang kana ba ne ba tla tlhomamisega jang ka tsholofelo eno? Ba lemoga seo ka go bona bosupi joo Modimo o bo ba nayang ka moya o o boitshepo. Seo ga se reye gore ba bona moya ka mmatota (ka go bo ga se motho) kana mo mogopolong wa bone ba bona ekete moya o bua le bone, lefa e le go utlwa mantswe mangwe go tswa kwa lefelong la semoya. Paulo o tlhalosa jaana: “Mōea ka osi o shupa le mōea oa rona ha re le bana ba Modimo: . . . Hoñ re baruaboshwa; re baruaboshwa ba Modimo, re baruaboshwa mmōgō le Keresete; ke raea ha re bogisiwa naè, gore le gōna re tlè re galalediwè naè.”—Baroma 8:16, 17.
21. (a) Ba ba tloditsweng ba itse jang gore ba na le tsholofelo ya selegodimo? (1 Bakorintha 10:15-17) (b) Batlodiwa ke batho ba mofuta ofe mme ba supa tsholofelo ya bone ka boikobo jang?
21 Bosupi jono, kana go itemoga gono, go fetola go akanya ga bone le tsholofelo ya bone. E santse e le batho, ba ba ipelelang dilo tse di molemo tse Jehofa a di bopileng mo lefatsheng, lefa go le jalo matshelo a bone a sekametse mme ebile ba amegile ka go nna ga bone baruaboswa mmogo le Keresete. Ga ba a nna le pono eo ka ntlha ya go tshikhinngwa maikutlo ka tsela nngwe. Ke batho fela ba ba tlwaelegileng, ba dipono tse di lekalekaneng le boitsholo. Lefa ba tloditswe ka moya wa Modimo, ba tlhomamisegile gore ba biditswe, ba sa belaele sepe. Ba lemoga gore poloko ya bone e tla nna kwa legodimong fa fela ba ka itshupa ba ikanyega. (2 Bathesalonia 2:13; 2 Timotheo 2:10-12) Ka go bo ba tlhaloganya seo setlhabelo sa ga Jesu se se kayang mo go bone ba bile ba lemoga gore ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, ba ja ditshwantshetso tsa Segopotso ka boikobo.
22. Ke eng seo bontsi jwa bao ba tla bong ba tlile Sejong sa Morena sa Maitseboa ba tla se lemogang?
22 Bontsi jwa bao ka boikobo ba tla phuthegang ka April 10 ga ba na tsholofelo eo, ka go bo Modimo ga o a ba tlotsa ka moya, a ba tlhophela botshelo jwa selegodimo. Jaaka re lemogile, Modimo o ne a simolola go tlhopha ba ba 144 000 bogologolo ka motlha wa baaposetoloi. Mme morago ga go ba tlhopha jalo, go lebeletswe gore ba bangwe bao ba tlang go mo obamela ba tla nna le tsholofelo e Moshe, Dafide, Johane Mokolobetsi, le ba bangwe ba ba ikanyegang bao ba neng ba swa pele Jesu a bula tsela ya botshelo jwa selegodimo ba neng ba na nayo. Ka gone, dimilione tsa Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tlhaga le go fitlha gompieno ga di je le go nwa ditshwantshetso tsa Segopotso. Bakeresete ba ba ntseng jalo ba lemoga seo ba leng sone fa pele ga Modimo ka tlhaloganyo ya gore ba itse tsholofelo ya bone. Ba solegelwa molemo ke madi a ga Jesu le mmele wa gagwe ka go itshwarelwa maleo a bone mme go ba kgonisa go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.—1 Petere 1:19; 2:24; Tshenolō 7:9, 15.
23. Ke ka ntlhayang fa Segopotso e tla nna moletlo o o itumedisang? (Bapisa 2 Ditihalō 30:21.)
23 Jalo he a re lebeleleng pele kwa moletlong o o itumedisang ka April 10. E tla nna nako ya go itemoga le nako ya boipelo. Setlhopha se sennye sa bao ba nang le tsholofelo ya selegodimo bao ka tshwanelo le ka boikobo ba tla jang senkgwe le go nwa senwelo se tla ipela. (Tshenolō 19:7) Go tla ipela gape le dimilione tsa Bakeresete ba ba itumetseng bao mo bosigong joo ba tla bong ba lebile ba bile ba ithuta le bao ba solofelang gore ba tla nna ba gakologelwa bokao jwa moletlo oo mo lefatsheng ka bosakhutleng.—Yohane 3:29.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go tswa kwa metlheng ya bogologolo letswai, bosweu jwa lee, le dilo tse dingwe di ne di dirisiwa go phepafatsa kana go tlhatswa mmala kana go natetsha beine, mme Baroma ba ne ba dirisa le eleng sulefura fa ba ne ba dira beine ya bone.
b “Mo bosigong joo A neng a okwa ka jone Morena Yesu o ne a tsaya senkgwe; a leboga, A se ngathoganya mme a re: ‘Seno ke mmele wa me o o neelwang lona; dirang seno go nkgopola.’ Ka mo go tshwanang o ne a tsaya senwelo fa ba fetsa go ja, mme a re: ‘Senwelo seno ke kgolagano e ntšha, e e konetsweng ka madi a me; nako le nako fa lo se nwa, dirang jalo go nkgopola.’”—An Expanded Paraphrase of the Epistles of Paul, ya ga F. F. Bruce.
c Mongwe wa bokanoki o ntsha kgopolo eno ya gore ke ka ntlhayang go ne ga tsenngwa beine. “[Tlolaganyo] e ne e sa tlhole e tla nna moletlo wa ngwaga le ngwaga wa banna fela; mme e ne e tla nna nako ya moletlo wa lelapa, oo go neng go tla nowa beine mo go one.”—The Hebrew Passover—From the Earliest Times to A.D. 70, ya ga J. B. Segal.
Karabo ya Gago ke Efe?
◻ Ke ka ntlhayang fa go tsamaisiwa senkgwe se se sa bedisiwang ka Segopotso, mme se tshwantshetsa eng?
◻ Senwelo seo se tsamaisiwang mo Sejong sa Morena sa Maitseboa ke eng, mme se emela eng?
◻ Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go itemoga malebana le moletlo wa Segopotso?
◻ Ke ka ntlhayang fa o lebile pele Segopotsong se se tlang?