O Leba Jang Melao e e Lesome?
BATHO ba leba Melao e e Lesome ya Bibela ka ditsela tse di farologaneng. Masabata a bolela gore batho botlhe ba tshwanetse go obamela Melao e e Lesome. Balutere ba e leba jaaka “setlhopha sa melao e e gaisang e e kileng ya bewa eo motho a ka agang botshelo jwa gagwe ka yone.” “Fa e tlhaloganngwa sentle,” go tlhalosa mongwe yo a neng a bua mo boemong jwa Bakatoliki, “Melao e e Lesome e santse e re naya motheo wa botshelo jwa Bokeresete.”
Ka gone, lefa ditlhopha dingwe tsa bodumedi di dumela gore re tshwanetse go obamela Melao e e Lesome fela jaaka e ntse, bangwe ba e leba fela jaaka kaelo ya boitsholo jo bo siameng. Eleruri, go ya ka Encyclopœdia of Religion and Ethics, “ga go na sepe se se kwadilweng ke motho seo se ileng sa tlhotlheletsa botshelo jwa bodumedi le boitsholo jaaka Dikaloko [Melao e e Lesome].” Ke ka ntlhayang fa go ntse jalo? A o ko o tlhokomele pele gore ya reng. E mekhutshwane, e kgona go gakologelwa motlhofo, ebile e maatla. Mme o tshwanetse go leba Melao e e Lesome jang? E raya eng mo go wena?
[Lebokoso mo go tsebe 3]
MELAO E E LESOME
1. U se ka ua nna le medimo epè e sele ha e se nna.
2. U se ka ua itihèla sechwanchō sepè se se setilweñ, leha e le sechwanō sa sebopègō sepè se se kwa legodimoñ kwa godimo, leha e le sa se se mo lehatshiñ kwa tlhatse, leha e le sa se se mo metsiñ kwa tlhatse ga lehatshe: U se ka ua di ikōbèla, leha e le go di dihèla . . .
3. U se ka ua umakèla leina ya ga Yehofa Modimo oa gago lehèla . . .
4. Gakologèlwa letsatsi ya sabata go le itshepisa. U dihè, u bo u shwetsè tihō eotlhe ea gago ka malatsi a le marataro; . . . U se ka ua diha tihō epè ka yeōna, wèna, leha e le morwao, leha e le morwadio, leha e le motlhanka oa gago, leha e le lelata ya gago, leha e le dikgomo tsa gago: leha e le moeñ oa gago eo o mo teñ ga dikgōrō tsa gago . . .
5. Tlotla rrago le mmago . . .
6. U se ka ua bolaea motho.
7. U se ka ua diha boaka.
8. U se ka ua ucwa.
9. U se ka ua shupa maaka kaga moñwe ka wèna.
10. U se ka ua eletsa ntlo ea moñwe ka wèna, u se ka ua eletsa mosadi oa moñwe ka wèna, leha e le motlhanka oa gagwè, leha e le lelata ya gagwè, leha e le kgomo ea gagwè, leha e le esela ea gagwè, leha e le sepè se e leñ sa moñwe ka wèna.—Ekesodo 20:3-17.