Ba ne ba Gakgamadiwa ke go Mpona ke di Bala
Mosha mongwe kwa Philippines o ne a kwala jaana: “Ke mo ngwageng wa ntlha mo sekolong se segolwane mme ebile ke Mokatoliki yo o tlhoafetseng. E ne ya re fa tsala ya me e mpontsha Awake! le Tora ya Tebelo, ke ne ka di amogela. Ke di bona di kgatlha thata lemororo di gatisiwa ke Basupi ba ga Jehofa. Fa ke ntse ke di bala mo tlelaseng, balekane ba me mo tlelaseng ba ne ba gakgamala, eraka ke le Mokatoliki. Ke ne ka fa balekane ba me ba tlelase e nngwe, mme le bone ba e rata. Makasine o ne wa fitlha gape le kwa go morutabana wa me wa bodumedi, mme morutabana yono o ne a kgatlhega, ka go bo e ne e bua ka mathata a boitsholo jwa gompieno. Ke solofela gore lo tla tswelela lo ntse lo di gatisa.”
Mme le wena o ka bona kafa dimakasine tseno di thusang thata ka gone mo go ithuteng melao-metheo ya Bibela. O ka dira gore di tle mo legaeng la gago ka go tlasa le go romela foromonyana e e fa tlase. Ke R24 fela.
Tswee-tswee romelang peeletso ya ngwaga otlhe ya Tora ya Tebelo le Awake! Ke romelela R24.