LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 11/1 ts. 23-27
  • Go Phutha go Tlisetsa Japane Boipelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Phutha go Tlisetsa Japane Boipelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Go Thaya Motheo
  • Koketsego go sa Kgathalesege Bobaba
  • Go Agiwa ga Dikago tse Disha
  • Go Nna le Tshegetso mo Phuthong ya Meraferafe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 11/1 ts. 23-27

Go Phutha go Tlisetsa Japane Boipelo

“GO NE go bonala ka phepafalo fela gore Barongwa ba ne ba ikutlwa ba kgobegile marapo tota.” Go ne ga tlhokomela jalo Charles T. Russell, mookamedi wa ntlha wa Watch Tower Bible and Tract Society, morago ga go tlhatlhoba ka boene boemo jwa bodumedi kwa Japane ka 1912. O ne a bua ka go palelwa ga barongwa ba La-Bodumedi mme a bua jaana: “Seo Bajapane ba se tlhokang ke ‘Efangele ya bogosi.’”

A tlhokafalo eno e ne e tla ke e kgotsofadiwe? Lesedi la boammaaruri le ne la phatsimela Bajapane ka Basupi ba sekae ba ga Jehofa ka bo-1920 le bo-1930. Le eleng fa gare ga Ntwa ya Lefatshe II, ba le mmalwa ba ne ba ganelela mo go itsiseng mafoko a a molemo go sa kgathalesege kgatelelo ya puso. Lefa go ntse jalo, tiro e kgolo ya go phutha mo metseletseleng eno ya ditlhaketlhake tse di kwa Botlhaba jo bo Kgakala e ne e santse e le kwa pele.

Jehofa o ne a shafatsa tiro ya go rera ka Bogosi mo Japane ka go goroga ga barongwa ba le 15 ba Watchtower ka 1949. Barongwa ba ba neng ba sa tswa go goroga bosha ba ne ba bona diphelelo tsa Ntwa ya Lefatshe II gongwe le gongwe: Metsemegolo e e neng e le dithothobolo fela, le batho ba ba neng ba tsietsegile, ereka dilo tse bogologolo ba neng ba di bona di le botlhokwa di ne di sentswe. Barongwa ba La-Bodumedi le bone ba ne ba shafatsa tiro ya bone mo Japane ka yone nako eo, mme ba ne ba palelwa go dira Bajapane Bakeresete ba mmatota. “Ma-49” ao le barongwa ba Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 150 bao ba neng ba ba latela ba ne ba lebagana le kgwetlho e kgolo thata ya go jala mo megopolong le mo dipelong tsa Bajapane go dumela mo Mmoping, Jehofa Modimo. Ba ne ba fenya kgwetlho eno jang?

Go Thaya Motheo

Tiro ya bone ya borongwa e ne ya simolola mo ntlong e nnye ya matlhatlaganyane a le mabedi kwa Tokyo. Ka bo-1950 go phutha go ne go tsamaya ka bonya. ‘Ke ba sekae fela mo Japane ba ba tla tlang mo boammaaruring pele ga Hara–Magedona,’ go ne ga akanya jalo mongwe wa Bajapane ba ntlha ba ba neng ba arabela mafoko a a molemo ka nako eo. Mongwe wa balebedi ba ba etang ba bogologolo o gakologelwa a lebile kwantle ka fensetere ya terena mme a ipotsa gore a matlo a metsana e mennye eo a neng a e feta a tla ke a fitlhelelwe ka mafoko a a molemo.

Go ne ga tsaya tiro ya borongwa ya dingwaga tse di ka nnang lesome gore Japane e fitlhelele palo ya baboledi ba Bogosi ba le sekete. Mme ka 1963, ka ntlha ya koketsego e e golang, lekala le lennye la Tokyo le ne la thubiwa mme mo boemong jwa lone go ne ga tlhomiwa kago ya matlhatlaganyane a le marataro e e dirilweng ka tshipi le konkoreite.

Barongwa ba ne ba setse ba thaile motheo o o molemo wa isagwe ka go tsenya moya wa bobulatsela mo dipelong tsa baithuti ba bone ba Bibela. Jehofa o ne a segofatsa maiteko a a dirwang ka kutlwano a barongwa le babulatsela ba Japane, mme palo ya Basupi e ne ya gola go fitlhelela dikete di le lesome ka 1970. Go lepalepana le koketsego eo go ne ga agiwa kago ya matlhatlaganyane a le mararo ya go gatisetsa le kago ya matlhatlaganyane a le matlhano ya bonno, mo e ka nnang dikilometara di le 120 kwa borwa-botlhaba jwa Tokyo kwa Numazu, ka 1972. Jaanong, go na le gore ba bo ba gatisediwa dimakasine tsa bone ke khampani nngwe kwantle, Tora ya Tebelo le Awake! jaanong di ne di gatisiwa mo metšhineng ya lekala la Japane malebana le tiro ya lefelo la bone ya go rera ka Bogosi.

Ke mang yo a neng a ka lebelela gore tiro ya go phutha e ne e tla feta dikago tseo tsa Numazu mo dingwageng di le lesome tse di latelang? Mme seo ke se se neng sa diragala, mme Jehofa o ne a santse a tla oketsa dikago tseo go lepalepana le thobo e e golang.

Koketsego go sa Kgathalesege Bobaba

Kago e ntšha ya lekala e e fetang ya kwa Numazu go menagane gararo e ne ya wediwa ka 1982 kwa Ebina, sekgala se sennye go ya kwa borwa jwa Tokyo. Ka nako ya fa e neelwa ka May wa ngwaga oo, Jehofa o ne a segofaditse Basupi ba Japane ka ditlhora tsa kgwedi le kgwedi ka dingwaga tse di fetang tharo. Koketsego eno e ne ya tswelela, mme ka May 1985 palo ya baboledi ba Japane e ne ya fitlha go dikete di le lekgolo. Ee, Jehofa o ne a akofisa tiro ka nako ya yone, jalo go atolosiwa ga dikago tsa lekala go ne go supa jalo. (Isaia 60:22) Dingwaga di sekae fela morago ga go neelwa ga dikago tsa ntlha tsa kwa Ebina, Setlhopha se se Laolang se ne sa dumela gore go agiwe feketiri ya matlhatlaganyane a le marataro e ntšha e e neng e na le boalo jwa kafa tlase le kago ya bonno ya matlhatlaganyane a le robedi.

Go lebega gore Satane o ne a sa itumelele koketsego eno ya batlhanka ba ga Jehofa ka gonne kgwedi morago ga go fitlhelela palo ya baboledi ba le dikete di le lekgolo, go ne ga tsoga kgang e e masisi ka tshelo ya madi mo Japane. Mosimane wa dingwaga di le lesome o ne a tlhokafala morago ga—mme eseng ka ntlha ya—go gana ga batsadi ba gagwe gore a tshelwe madi. (Ditihō 15:29) Ga felela ka gore metswedi ya dikgang e tlhasele Basupi. Lefa rraagwe mosimane yoo e ne e se Mosupi yo o ineetseng ka nako eo, o ne a emelelana le babega-dikgang bao ba ba setlhogo ba ba neng ba mo setsesetse morago. Morago o ne a kolobediwa mme jaanong o dira le mosadi wa gagwe jaaka babulatsela ba ka metlha.

Tlhaselo eno e ne ya ama tiro ya go phutha jang? Go le gonnye fela. Baithuti bangwe ba Bibela ba ne ba emisa dithuto tsa bone, mme ditlhora tsa kgwedi le kgwedi tsa baboledi di ne tsa tswelela pele di sa eme, mme December 1988 e ne ya tshwaya ngwaga wa bolesome wa ditlhora tse di latelelanang. Mo lobakeng lwa dingwaga di le supa morago ga go neelwa ga dikago tsa ntlha tsa Ebina le go neelwa ga tse disha, palo ya baboledi e ne ya menagana go tswa go 67 000 go ya go feta 135 000, fa palo ya babulatsela ba ka metlha e ne e imenne gararo go tswa go 12 000 go ya go 36 000, mme palo ya dithuto tsa magae tsa Bibela e ne e imenne mo e ka nnang gabedi go tswa go 97 000 go ya go 172 000. Abo seno e le bosupi jo bo gakgamatsang jang ne jwa go fenya ga ga Jehofa ditlhaselo tse Satane a di dirang mo bathong ba gagwe!—Diane 27:11.

Go Agiwa ga Dikago tse Disha

Basupi ba ga Jehofa ga ba age dikago tse dikgolo go kgatlha batho. Mme jaaka ba lepalepana le go oketsega ga baboledi ba Bogosi, gantsi dikago tsa bone di tshwanela go nna dikgolo fela thata. Feketiri e ntšha ya Japane ke sekai se se molemo. E na le boalo jo bo fetang disekwere-metara di le 22 500, e leng boalo jo bo fetang jwa feketiri ya pele go menagane gabedi. Tshwaraganyo ya Dibuka, Ntlwana ya Metšhine, le Lephata la tsa Thomelo di ne tsa fudugela kwa feketiring e ntšha, mme go dirisiwa mo e ka nnang matlhatlaganyane a le mabedi jaaka bobolokelo. Le eleng le ka tsotlhe tseno, feketiri e ntšha e santse e na le sebaka se segolo go ka tshola tse dingwe. Go ne ga thaiwa motheo ka kwa tlase ga dikago o o ka tsenyang metšhine e mebedi ya lebelo le le kwa godimo ya rotary offset, mme matlhatlaganyane a mabedi a santse a sena sepe, a emetse koketsego ya isagwe.

Kago e ntšha ya matlhatlaganyane a le robedi ya bonno e na le phasiki e ntle le e e kgabisitsweng. Go na le dikamore di le 128 tsa badiri ba Bethele le boalo jwa disekwere-metara di le 8 980—tseo di ka lekanang le boalo jwa araka ya ga Noa. Moagelani mongwe o ne a botsa ba ba dirang mo kagong gore a ka dira jang kopo ya go reka bonno mo “dikagong” tse disha tseo!

Botlhe ba ba neng ba tsaya karolo mo tirong eno ya go aga ba ne ba bolela gore Jehofa ke ene a neng a kaela tiro ya go aga. (Pesalema 127:1, 2) Bontsi jwa badiri e ne e le badiri ba babotlana ba ba simololang dingwaga tsa bo-20, ba ba tlhagafetseng mme ba sena boitemogelo jwa go aga. “Kwa tshimologong,” go anela jalo mothadi mongwe wa dipolane tsa dikago yo a neng a dira mo kagong eno, “go ne go le bokete gore nka thala polane ka tsela eo ka yone bakaulengwe ba ba senang boitemogelo ba neng ba ka kgona go e tlhaloganya.” Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go dirisana mmogo ga botlhe, mathata a ne a rarabololwa.

Go batla go dirisana mmogo gono go ne ga dira gore moya wa ga Jehofa o dire mo gare ga badiri. “Fa re ne re dira tiro ya go epa,” mongwe o gakologelwa jaana, “nako le nako fa pula e ne e na—lefa e le phakela mo mosong kana bosigo—ke ne ke ya kwa lefelong la kago go bona fa e le gore a mabota a santse a eme. Nako le nako, ke ne ke fitlhela go na le difatlhego tse dingwe tse di batlang go itse koo mme rotlhe re ne ra dira mmogo re ntse re kolobediwa ke pula go emelelana le sengwe le sengwe se se sa lebelelwang se se neng se tlhaga. Boitemogelo jo bo ntseng jalo bo ne jwa nonotsha boikutlo jwa rona jwa bokaulengwe.”

Go Nna le Tshegetso mo Phuthong ya Meraferafe

Ereka dikago tse disha di ne di agelwa go tshegetsa tiro ya ga Jehofa ya go roba, o ne a tshwanetse gore a di neelwe fa di weditswe. Thulaganyo ya go di neela e ne ya tshwarwa ka May 13, 1989, mme Carey Barber, John Barr, le Lloyd Barry ba Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa gammogo le basadi ba bone, ba ne ba le gone. Go ne go laleditswe mo e ka nnang Basupi ba ntlha ba ba neng ba kolobediwa mo Japane ba ba fetang sekete go tla thulaganyong eo ya go neela, mme ba ne ba ipelela go bona ditsala tsa bone tsa bogologolo di santse di direla Jehofa ka boikanyegi. Baemedi go tswa kwa dinageng tse 13 ba ne ba amogetse taletso ya go tla go kopanela mo boipelong jono. “E ne ekete ke kopano e nnye ya meraferafe,” go ne ga bua jalo moemedi mongwe.

Seo se neng se dira thulaganyo eo go nna ya meraferafe eleruri ke dipego go tswa go di le robong tsa dinaga tseo. Kgolagano e e nonofileng ya bokaulengwe e ne ya utlwala fa baemedi go tswa kwa dinageng tse di farologaneng tsa Asia ba ne ba naya dikai tsa tirisano ya meraferafe mme ba lebisa kwa ntlheng ya gore feketiri e ntšha eno e direla ditlhokafalo tsa dinaga tsa bone le tsa tshimo ya Japane. Lekala la Japane jaanong le gatisa dikgatiso ka dipuo tse 13 mme le romela dikgatiso tseno kwa dinageng tse dintsi.

Mo thapameng, Mokaulengwe Barber o ne a bua le bareetsi mme a gatelela botlhokwa jwa go diragadiwa ga boperofeti jwa ga Esekiele. Morago ga foo Mokaulengwe Barr o ne a naya puo ya setlhogo se se reng “Go Tlatsa Lefatshe ka Kgalalelo ya ga Jehofa,” eo e neng ya thusa bareetsi go lemoga maatla a a tsenelelang a boammaaruri.

Puo ya go neela e ne ya neelwa ke Mokaulengwe Barry, yo a kileng a direla jaaka morongwa mo Japane ka dingwaga tse di fetang 25. Mo puong ya gagwe ya setlhogo se se reng “O Tshwanetse go Ipela fa Pele ga Modimo wa Gago, Jehofa,” o ne a kgothaletsa bareetsi go ipelela go tshela mo nakong e e tshwantshediwang ke Moletlo wa Metlaagana kana wa Thobo wa kwa Iseraeleng wa bogologolo. O ne a bontsha mabaka a go ipela fa a ne a bolela hisitori e khutshwane ya tiro kwa Japane. Fa Mokaulengwe Barry a ne a akantsha gore dikago tse disha di neelwe Jehofa, botlhe ba ba neng ba le gone ba ne ba arabela ka go opa diatla go tswa pelong.

Mo letsatsing le le latelang, baemedi bano ba Setlhopha se se Laolang ba ne ba bua le bareetsi ba le 233 780 ba ba neng ba phuthegile mo mafelong a le 46 a a neng a golagantswe ka mogala wa thelefono go ralala ditlhaketlhake tsa Japane. Eleruri, fela jaaka Pastor Russell a ne a akgela ka 1912, Bajapane ba tlhoka mafoko a a molemo a Bogosi. Jehofa o ne a kgotsofatsa tlhokafalo eno ka go thaya motheo ka tiro ya barongwa le ka go tsenya moya wa bobulatsela mo Basuping ba Japane. Dikago tse disha tse di neetsweng tseno di eme foo jaaka bosupi jwa go “akohisa” ga ga Jehofa tiro ya go phutha mo Moletlong wa tshwantshetso wa Metlaagana.—Isaia 60:22.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Kafa molemeng: kago e ntšha ya feketiri kwa Ebina fa (kwa tlase kafa molemeng) thulaganyo ya go e neela e tsweletse le (kafa tlase kafa mojeng) phasiki ya kago e ntšha ya bonno

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Kago e ntšha ya bonno le (se se fa gare) laeborari mo kagong ya diofisi mo boalong jwa bobedi

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Barongwa ba ba 19 bano go tswa kwa setlhopheng sa bo-11 sa Gileade ba ne ba le gone kwa go neeleng goo. Tirelo ya bone ya nako e e tletseng—fa e tlhakanngwa le ya ba bangwe ba batlhano go tswa kwa setlhopheng sa bo-11 ba ba neng ba tlhokafala ba ntse ba ikanyegile mo kabelong ya bone kwa Japane—e dira palogotlhe ya dingwaga di le 1 023

Maloko a mararo a Setlhopha se se Laolang—Carey Barber, John Barr, le Lloyd Barry—ba ne ba tsaya karolo mo thulaganyong ya go neela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela