Go Busiwa ke Modimo—Tsela e e Molemo go Gaisa Tsotlhe
HISITORI ya dipuso e supa sentle gore batho ba ba sa itekanelang ga ba kake ba busa batho ba bangwe sentle. Jaaka Lord Acton wa Ennyelane a ne a bua jaana: “Go nna le maatla go a bodisa mme go nna le maatla a a feteletseng go bodisa ka mo go feteletseng.” Ka gone, jaaka Bibela e bolela: “Motho o na le thata mo go yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.”—Moreri 8:9, NW.
Kwa tshimologong, Jehofa Modimo o ne a naya motho thata ya go laola diphologolo mme eseng batho ba bangwe. Modimo o ne a raya Morwa wa gagwe yo a mmopileng pele kwa legodimong a re: “A re diheñ motho mo chwanoñ ea rona, kaha sechwanoñ sa rona; me a ba laolè ditlhapi tsa lewatlè le dinōnyane tsa loapi, le dikgomo, le lehatshe yeotlhe, le señwe le señwe se se gagabañ ha hatshe.” (Genesise 1:26) Mmopi wa motho e ne e le ene Mmusi wa gagwe. Jaanong, go tlile jang gore go fetoge?
Fa motho a ne a tsuologa kwa tshimong ya Edena, o ne a gana Modimo e nna Mmusi wa gagwe mme o ne a nna a tswelela a dira jalo fa esale ka nako eo. (Genesise, kgaolo 3) Seno se ne sa bonala kwa Iseraeleng wa bogologolo, morafe oo Modimo a neng a o itlhophetse jaaka wa gagwe. Fa Baiseraele ba ne ba batla kgosi ya motho, Jehofa o ne a raya moperofeti wa gagwe Samuele a re: “Ga baa gana wèna, ba gannè nna, gore ke se ka ka nna kgosi ea bōnè.”—1 Samuele 8:7.
Modimo o ne o busa Baiseraele sentle. Jehofa o ne a ba naya melao e e neng e bontsha go akanyetsa boitekanelo jwa bone ka lorato, ka moemedi wa gagwe Moshe. E ne e ba sireletsa mo malwetsing a mantsi mme e ne e dira gore ba tlhokomele batsofe, batlholagadi, le masiela. Molao o ne o ba laola go tlotla dithoto tsa ba bangwe le go ikanyega mo ditirisanong tsa bone tsa kgwebo. O ne o kgala go tlhaolana, go ntsha bosupi jwa maaka, le pipamolomo. Eleruri puso ya Modimo e ne e tlhomame ebile e siame.
Jehofa o ne a solofetsa go busa eseng Iseraele fela mme le batho botlhe. O ne a tla amoga batho ba ba boleo maatla a go busa batho ba bangwe mme a a neele Morwawe yo o tsetsweng a le esi. Fa o bolelela seo pele, Modimo o ne wa bua jaana mo boperofeting jwa ga Esekiele: “Ga go ketla go tlhōla go nna, go tsamaea go tla èna eo tshiamèlō ea gōna e leñ ea gagwè: me ke tla go mo naea.”—Esekiele 21:27.
E ne e le Jesu Keresete yo Modimo a neng a mo naya tshwanelo ya go busa batho jaaka moemedi wa bolaodi jwa ga Jehofa. Ka gonne Bogosi jwa Modimo ka Keresete e le yone tsela e e di gaisang tsotlhe ya go busa batho botlhe, Jesu o ne a ruta bareetsi ba gagwe go bo rapelela. “Lo rapèlè, lo re yana: lo re,” ga bua jalo Keresete: “Rra echo eo o kwa legodimoñ. Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:9, 10.
Jesu o ne a bontsha gore o ne a tla nna mmusi wa mofuta ofe, ka tsela eo a neng a tshwara batho ka yone. Eleruri Keresete o ne a na le tlhomogelo-pelo ka go bo “ea re a bōna machutichuti a batho, a ba tlhomogèla pelo, ka ba patikegile ba gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa.” (Mathaio 9:36) Jesu o ne a bontsha boteng jwa lorato lwa gagwe mo balateding ba gagwe fa a ne a re: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè.” (Yohane 13:34) O ne a rata batho fela thata mo e leng gore o ne a ntsha botshelo jwa gagwe go ba rekolola. Setlhabelo seo se kgonisa bao ba se amogelang go gololwa mo boleong, bolwetsing, le eleng loso.—1 Yohane 2:1, 2; Tshenolō 21:1-4.
Fa a ne a bolelela pele ka moo puso ya Modimo ka Jesu Keresete e tla nnang e e tlhomameng, ya tshiamo, le ya kagiso ka gone, moperofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Ñwana re mo tsalecwe, ñwana wa mosimane re mo neilwe; me pushō e tla nna mo lerudiñ ya gagwè: me leina ya gagwè le tla bidiwa Kgakgamaco, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara oa Bosakhutleñ, Kgōsana ea Kagishō. Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō, a le mo setuloñ sa bogosi sa ga Dafide, le mo bogosiñ yoa gagwè go bo tlhōmamisa, le go bo tshegetsa ka katlholō le ka tshiamō, go tloga gompiyeno go ea bosakhutleñ. Tlhōahalō ea ga Yehofa oa mashomōshomō e tla dihatsa selō se.”—Isaia 9:6, 7.
Baemedi ba selefatshe ba puso ya Modimo ba tla nna jaaka banna bao jaanong ba bontshang dinonofo tsa ga Jesu tsa lorato jaaka balebedi mo phuthegong ya boammaaruri ya Bokeresete. Go farologana le baruti ba ba gatelelang, banna bano ba bontsha kamego e e lorato mo letsomaneng, fela jaaka Jesu Keresete a ne a dira. Moperofeti Isaia o ne a kwala jaana malebana le banna bao ba bomodimo: “Bonañ, kgosi e tla busa ka tshiamō, le dikgōsana di tla laola ka tshiamishō.” (Isaia 32:1) Baemedi ba ba ntseng jalo ba puso ya Modimo ba tla dira gape ditiro tsa bomodimo mo lefatsheng je lesha.—Pesalema 45:16.
Phetogo e Kgolo e Atametse!
Pele ga Bogosi jwa Modimo bo tla go busa batho bo sa ganediwe ke bope, go tshwanetse ga nna le phetogo e kgolo. Phetogo eno e tla khutlisa go kgaogana ga merafe. Mo boemong jwa dipuso tse dintsi tse di lwang tsa batho, go tla nna le puso e le nngwe ya selegodimo ya tshiamo eo e tla kopanyang batho botlhe jaaka batho ba le bangwe fela ba ba tshelang ka kagiso. Fa a bolelela seno pele, moperofeti Daniele o ne a kwala jaana: “E tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi [“bogoromente ba batho”] auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.
Puso ya Modimo ke yone tharabololo e le yosi ya mathata a dipuso ao batho ba lebaneng le one gompieno. Boemo joo batho ba iphitlhelang mo go jone jaanong bo tshosetsa go nna gone ga bone! Mme ga go tharabololo epe e e dirilweng ke motho e e ka kgonang go thusa. Ka gone, go tla bo go le botlhale, go reetsa tharabololo ya Bibela mme re lebelele pele ka tsholofelo mo nakong e e seng kgakala fa batho ba ba pelo di siameng ba tla bong ba ipelela puso e e sa ganediweng ke epe le e e segofaditsweng ya Modimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
“Kgosi e tla busa ka tshiamō”