Go Tlhagolela Maitseo a Bokeresete mo Lefatsheng Leo Le Senang Maitseo
“Bōnañ, go molemō yañ, go monate yañ, ha bana ba monna ba aga mmogō ka pelo ñwe hèla.”—PESALEMA 133:1.
1. Ke eng seo se diragaletseng maitseo a a siameng?
“MO DINGWAGENG tse 25 tse di sa tswang go feta, batho ba ile ba tlhoka maitseo,” ga bua jalo mokwala-dikgang Ann Landers. “Ga se fela gore banna ga ba bulele basadi ditswalo tsa dikoloi kana go ba sutela mo ditulong mo ditereneng kana mo dibeseng. Mme ke se se fetang seo.” Eleruri, gongwe le gongwe koo re lebang gone, re bona bosupi jwa gore re tshela mo lefatsheng leo go tlhoka maitseo ga lone go ntseng go oketsega. Batho ba tsenelela ba bangwe fa go tlhomaganwe, ba gogela motsoko mo dilifiting tse di tletseng batho, ba leletsa mmino kwa godimo mo mafelong a maitiso, jalo le jalo. Boitemogelo jwa letsatsi le letsatsi bo re lemotsha gore lefa maemo a thuto le maemo a botshelo a tlhabolotswe, motlha wa rona ka kakaretso ke oo mo go one Ke a Leboga le Tswee-tswee eleng mafoko a a sa itsiweng, mme bopelonomi jo bo tlwaelegileng le maitseo di lebetswe gotlhelele.
2. Ke ka ntlhayang fa go sa gakgamatse go bo go sena maitseo a a siameng gompieno?
2 A sotlhe seno se a gakgamatsa? Eseng thata. Go re gakolola fela seo moaposetoloi Paulo a neng a tlhotlhelediwa go se bua kaga boitsholo jwa batho mo “metlheñ ea bohèlō” fa ‘dipaka e tla bo e le tse di tlhokofatsang.’ Gareng ga tse dingwe, Paulo o ne a bolelela pele gore batho ba ne ba tla nna “baithati, . . . babelahadi, le baipegi, . . . ba ba sa lebogeñ, . . . Ba sena loratō loa tlhōlègō, . . . ba sena boithibō.” (2 Timotheo 3:1-3) Le eleng fa o sa ele dilo tlhoko mo go kalo o tla lemoga gore boitshwaro jo bo ntseng jalo bo bonala gompieno mo bathong ba dingwaga tsotlhe, maemo, le merafe. Ke ka ntlhayang fa go ntse jalo? Ke eng seo se bakang go tlhokega ga maitseo a a siameng ka kakaretso?
Dilo Tseo di Bakang Maitseo a a sa Siamang
3. “Mōea” wa tsamaiso eno o tlhotlheletsa maitseo a a sa siamang jang?
3 Polelwana “baithati” e tlhalosa sentle “losika lwa nna pele,” seo se lebisitseng mo bathong bao ba ileng ba godisiwa go gatelelwa boikgagapeledi, go ikakanyetsa ba le bosi, le go iteba bobone fela. Moya ono, o o tletsetletseng mo ‘moyeng’ o o re dikologileng, ka tlhamalalo fela o kgatlhanong le kgakololo eno ya Bibela ya gore Bakeresete ba ‘se tlhokomele dilo tse e leng tsa bone fela, fa e se gore, mongwe le mongwe a tlhokomele le tse e leng tsa ba bangwe.’ (Baefesia 2:2, 3; Bafilipi 2:4) Go felela ka eng? Kokomana eo e godisitsweng ka kgopolo ya gore ‘itirele seo o se ratang’ eleruri ga e kitla e tshwenyega ka gope ka gore boitsholo jwa yone bo tla ama ba bangwe jang.
4. Bao ba tlhokomologang ditekanyetso tse di amogelwang ba lebiwa jang gompieno, mme pono ya Mokeresete e tshwanetse go nna efe mo kgannyeng eno?
4 Sengwe seo pele se neng se tsaya karolo e kgolo mo go bolokeng maitseo ka selekanyo se se rileng mo gare ga batho e ne e le kgatelelo ya balekane. Go tshwenyega ka gore ba bangwe ba tla akanya jang ke selo se segolo seo se ntseng se dira batho gore ba itshware. Lefa go ntse jalo, gompieno, fa mokgwa mongwe e le o o tshosang kana o o feteletseng, ke one o batho ba le bantsi ba tla o ratang. Bao ba tlhokomologang ditekanyetso tseo di amogelwang ga ba sa tlhole ba lejwa jaaka ba ba senang maitseo kana ba ba makgakga mme ba lebiwa jaaka ba ba botlhale kana ba ba tlhabologileng, bao ba elediwang fela thata. Lefa go le jalo, gakologelwa, gore “go tlhabologa” go raya “boemo jo e seng jwa tlholego, jo bo sa itshekang, kana jwa ntlhantlha.” Le tswa mo thitong ya lereo la Segerika leo le dirisitsweng jaaka ‘go rulaganya ka botlhale’ mo go 2 Petere 1:16. Eleruri, Bakeresete ba boammaaruri ba tla bo ba dira sentle fa ba bifela boikutlo jo bo ntseng jalo.
5. Ke lebaka lefe gape leo le tlatseletsang mo go tlhokegeng ga maitseo a a siameng?
5 Moreri 8:11 e bua jaana: “Ereka katlholō kaga tihō e e boshula e sa dihahadiwe ka bonakō, ke gōna ka mouō pelo ea bana ba batho e tlhōmameñ mo go bōnè ka mokgwa o o tletseñ, go tla ba diha boshula.” Seno ke lebaka le lengwe leo le tlatseletsang mo go sa nneng le maitseo ga batho. Ke ka go bo batho ba fitlhela go le bonolo fela go tsietsa, mme ga ba amege ka gope ka go tlola ditekanyetso tse di tlhomilweng tsa boitshwaro. “Baagi bao ba neng ba ka tlhabiwa ke ditlhong fa ba ne ba ka itsisiwe phatlalatsa jaaka bangwe ba disenyi ba ntse ka motlhofo fela ba roba melao e e farologaneng mo ponong ya batho—melao ya ditsela, melao ya diokobatsi, melao ya go kgotlela naga,” go bua jalo setlhogo sengwe mo The New York Times. Ka baka leo, “go tsosa modumo, go senya dithoto tsa ba bangwe le go kwala mabotana” tsotlhe jaanong ke karolo e e ka sekang ya itlhokomolosiwa ya se se re diragalelang letsatsi le letsatsi. Ka jalo, maitseo, gammogo le go tlotla ditshwanelo tsa batho ba bangwe, dithoto tsa bone, le bosephiri di ntse di tswelela go kgorelediwa.
6. Maitseo a batho a amiwa jang ke go nna ba tshwaregile, mme Jesu o ne a farologana jang le bone mo go seno?
6 Ereka maitseo a a siameng ka kakaretso a lebiwa jaaka selo se se seng kalo mo botshelong, gantsi batho ba le bantsi baa a lebala fa ba itlhaganetse—mme batho ba le bantsi gompieno ba lebega ba itlhaganetse ka dinako tsotlhe. Ka baka leo, ba fetana kwantle ga go bua sepe, kana ba gagamaditse difatlhego fela. Ba itshusumetsa le go kgarametsana fela fa go tlhomaganwe, kana ba tsenelela ka go fela pelo mo ditseleng tsa dikoloi fela gore ba tle ba boloke metsotso kana metsotswana e se kae. Gantsi, batho ke bao ba tshwaregang thata ka dilo tsa bone tsa botho, kana dithulaganyo tsa bone di tlala ka dilo tse dintsi tse ba tshwanetseng go di dira, mo eleng gore sengwe fela seo se ka tlang ba sa se lebelela kana moeng e nna selo seo se ba tshwenyang kana seo se ba kgoreletsang. A ko o akanye gore seno se farologana jang le tsela e ka yone Jesu a neng a amogela batho bao ba neng ba tla kwa go ene le eleng ka dinako tse di neng di sa mo siamela.—Mareko 7:24-30; Luke 9:10, 11; 18:15, 16; Yohane 4:5-26.
7. Ke eng seo Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetseng go itisa kgatlhanong le sone mabapi le maitseo?
7 Lemororo re tshela mo lefatsheng leo dilo di tsamaelang ka bonako mo go lone, ebile dilo tseo di batlang nako ya rona le maatla di ntseng di oketsegela pele, go letla dikgatelelo tseo go re dira gore re tlhoke maitseo eleruri ga go kitla go tokafatsa dilo. Phapaanong le seo, tsela e e ntseng jalo e gogela kwa bothubaking jo bo senang tlhaloganyo jo re utlwalelang ka jone—ditatalalano, dintwa, dikgogakgogano, le eleng dipolaano—tseo di bakwang ke go busolosiwa ga go tlhoka maitseo ka go tlhoka maitseo. Sotlhe seno ke karolo ya moya wa lefatshe leno leo Bakeresete ba boammaaruri ba sa tshwanelang go nna karolo ya lone.—Yohane 17:14; Yakobe 3:14-16.
Dikao Tse Dikgolo tsa Maitseo a a Siameng
8. Lefa re dikologilwe ke batho bao ba senang maitseo, ke eng seo Bakeresete ba kgothalediwang go se dira?
8 Ereka re dikologilwe ke batho bao ba sa tshwenyegeng thata ka ba bangwe, go motlhofo gore re ka ineela mo kgatelelong eo mme re latlhegelwe ke maitseo a mantle. Lefa go ntse jalo, fa re gakologelwa kgakololo ya Bibela ya gore re se ka ra “bopèga yaka lehatshe yeno,” re ka lebelela dikao tse di tlhomologileng tsa Bibela mme ra leka go tshegetsa ditekanyetso tse di kwa godimo tsa maitseo a Bokeresete mo lefatsheng la gompieno leo le senang maitseo. (Baroma 12:2, 21; Mathaio 5:16) Ditiro tsa rona di tshwanetse go bontsha gore re dumalana ka pelo yotlhe le mopesalema yo a neng a bua jaana: “Bōnañ, go molemō yañ, go monate yañ, ha bana ba monna ba aga mmōgō ka pelo ñwe hèla.”—Pesalema 133:1.
9. Ke eng seo Dikwalo di se senolang kaga tsela e Jehofa a dirisanang le batho ka yone?
9 Sekao se segolo mo go bontsheng maitseo a a siameng ke Mmopi le Rre wa botlhe, Jehofa Modimo ka boene. Go tlwaelegile gore bao ba leng mo maemong a a kwa godimo kana bao ba nang le maatla mo godimo ga ba bangwe ba ‘dirise maemo a bone’ mme ba batle gore dikeletso tsa bone di diragadiwe. Lefa go le jalo, Motho yo Mogolo thata mo lobopong, Jehofa Modimo, o na le maitseo ka dinako tsotlhe fa a dirisana le bao ba leng kwa tlase ga gagwe. Fa a ne a segofatsa tsala ya gagwe Aberahame, o ne a bua jaana: “Tswee-tswee, tsholetsa matlho a gago, mme o lebelele go tswa fa go wena.” Gape: “Tswee-tswee leba, kwa legodimong mme o bale dinaledi.” (Genesise 13:14, NW; 15:5, NW) Fa a ne a naya Moshe sesupo sa maatla a Gagwe, Modimo o ne wa re: “Tswee-tswee, tsenya letsogo la gago, mo seaparong sa gago kwa godimo.” (Ekesodo 4:6, NW) Dingwaga tse dintsi morago ga foo, Jehofa, o ne a bua le eleng le batho ba gagwe ba diganana ka moperofeti wa gagwe Mika jaana: “Tswee-tswee, reetsang, lona ditlhogo tsa ga Jakobe le lona balaodi ba ntlo ya Iseraele. . . . Tswee-tswee, reetsang, seno, lona balaodi.” (Mika 3:1, 9, NW) Mo ntlheng eno, a re “baetsi ba Modimo” ka go bua re re “Tswee-tswee” fa re dirisana le ba bangwe?—Baefesia 5:1.
10, 11. (a) Go ka bolelwa eng ka ditsela tsa ga Jesu le maitseo a gagwe? (b) Re ka dira jaaka Jesu jang mo go nneng ba ba nang le maitseo a a siameng mo bathong botlhe?
10 Jesu Keresete, ene “eo o mo sehubeñ sa ga Rara,” ke sekao se sengwe gape se se tlhomologileng seo se tshwanetseng go ediwa. (Yohane 1:18) Fa a ne a dirisana le batho, o ne a le bonolo ebile a le lorato kafa letlhakoreng le lengwe, mme a nitame ebile a nonofile mo go je lengwe; lefa go le jalo ga a ise a ko a nne bogale kana a seke a tlhomogele ope pelo. Fa e akgela ka “neo ya gagwe e e tlhomologileng ya go dirisana le batho ba mefuta yotlhe,” buka ya The Man From Nazareth e bua jaana: “O ne a kopana le banna le basadi phatlalatsa le mo sephiring ka go tshwana. O ne a utlwana le bana mo go tlhokeng kitso ga bone mme seo se gakgamatsang thata o ne a utlwana gape le banna ba digakolodi tse di hutsafetseng ba ba tshwanang le Sakaio. Basadi ba malapa ba ba tlotlegang, jaaka Maria le Maratha, ba ne ba kgona go bua le ene ka phuthologo, mme diaka le tsone di ne di mo senka jaaka ekete di ne di tlhomamiseditswe gore o ne a tla di tlhaloganya le go tsalana natso . . . Go sa tlhokomeleng melelwane eo e neng e khinne batho ba ba tlwaelegileng ke nngwe ya dinonofo tsa gagwe tse di tlhomologileng.”
11 Go tshwara mongwe le mongwe ka tlotlo le ka kakanyetso ke sesupo sa gore motho ka boammaaruri o na le maitseo a a siameng, mme re tla bo re dira sentle go dira jaaka Jesu Keresete mo go seno. Ee, batho ba le bantsi ba kgona go tlotla batho ba ba rileng fela, segolo bogolo ba maemo a bone a fetang a bone. Mme bao ba ba lebang jaaka ba ba kwa tlase ga bone kana le eleng bao ba lekanang le bone ka maemo, gantsi ba itlhaola mo go bone, ga ba re sepe ka bone, ba bile ba nna makgakga mo go bone. Ka ditsela dingwe seno se lebega se ba naya boikutlo jwa gore ba kwa godimo ebile ba na le maatla. Mme go ile ga bolelwa sentle fela gore: “Motho yo o bokoa o itira modipa ka bogale.” Ka gone, Bibela e re kgothatsa jaana: “Mo tlotloñ, a moñwe a beè eo moñwe kwa pele.” (Baroma 12:10) Fa re dira bojotlhe jwa rona go latela kgakololo eno, re tla bo re le gaufi le go nna batho ba ba nang le maitseo mo bathong botlhe, jaaka Jesu a ne a ntse.
12. Moko wa thuto ya ga Jesu ka dikamano tsa batho ke eng?
12 Sekao seno sa nonofo e e siameng, le e e tlhomologileng thata se bonala gape mo dithutong tsa ga Jesu, segolo bogolo mo go eno e e bidiwang Molao wa Konokono: “Cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.” (Mathaio 7:12) Ka mo go kgatlhisang, mo go Analects, nngwe ya Four Books tsa ga Confucius—eo e sa bolong go lejwa jaaka sekao se se tlhomologileng thata sa boitsholo kwa Botlhaba—molaodi o ne a bodiwa ke mongwe wa barutwa ba gagwe fa go na le lefoko le le lengwe fela leo le neng le ka dira jaaka molao-motheo wa boitsholo mo botshelong. “Gongwe lefoko ‘go direlelana’ (shu) le ka tshwanela,” moruti a araba jalo, mme o ne a oketsa jaana: “O seka wa direla ba bangwe se o sa batleng ba se go direla.” Phapaanong le seo, re kgona go bona botlhokwa jwa thuto ya ga Jesu. Dikamano tse di gaufi, tse di itumedisang, le tse di botsalano di ka nna gone fela fa motho e le ene a tsayang kgato ya ntlha go ‘direla ba bangwe’ se se molemo.
Maitseo a Bokeresete a Thailwe mo Loratong lwa Bokeresete
13, 14. (a) Ke eng seo se ileng sa lemogiwa bosheng jaana ka maitseo a batho ka kakaretso? (b) Ke eng seo se tlhotlheletsang go kgatlhegela maitseo gompieno?
13 Ka gonne maitseo a a maswe a tletsetletse, gompieno go buiwa thata ka go boela kwa boitsholong jo bo tshwanetseng. “Re ne ra ganana le maitseo ka bo-1960,” go bua jalo Marjabelle Stewart, mokwadi le moruti yo o itsegeng wa kgang eo, “mme phetogo e ntšha e a a busetsa. Batho ba bolela gore a botlhokwa mme ba batla go itse gore ditekanyetso tsa loago ke dife.” Kgatlhego e ntšha eno mo maitseong e bontshiwa ka go tlalatlala ga seno mo dibukeng, mo dibukaneng tsa kaelo, ditlhogo tsa dikgakololo, le ditshupo tsa TV di bontsha sengwe le sengwe go tloga go gore motho o ka dirisa foroko efe kwa dijong tsa maitseboa le gore o ka bua jang le motho mo dikamanong tsa gompieno tse di raraaneng le tse di ntseng di fetoga ka bonako tsa loago le tsa lelapa.
14 Lefa go le jalo, ke ka ntlhayang fa batho ba bangwe ba simolola go amega thata jaana ka maitseo? “Mo bathong ba gompieno ba ba gaisanang thata,” Stewart o a tlhalosa, “gore motho a atlege o tshwanetse go nna le maitseo.” Ka mafoko a mangwe, maitseo a a siameng a lebiwa fela jaaka selo seo se thusang motho gore a dirisane le ba bangwe le go tswelela pele. Jalo batho ba bala dibuka le go tsenelela dithuto tse di rutang ka maitseo go ithuta gore ba ka apara jang gore ba atlege, ba ka nna ba ba kgatlhisang jang, le gore ba ka amogelwa jang mo ntlwaneng ya bolaodi ya dipuisano, jalo le jalo.a Bothata ka seno sotlhe ke gore maitseo a fetogile selo seo se dirisiwang go fitlhelela sengwe, jaaka sebopego se motho a fitlhang botho jwa gagwe jwa boammaaruri ka sone fa a dira sengwe a bo a fetoga fa a feditse. Ka gone, ga go gakgamatse, gore nako le nako re bo re utlwa ka bokebekwa jo bo tshosang fela thata jwa baamogedi ba madi a mantsi jo bo diriwang ke batho ba ‘lotso’ le ba ‘maemo’ a a kwa godimo.
15, 16. (a) Ke eng seo mokwadi mongwe a se buang mabapi le “melao e e molemo go gaisa ya boitsholo”? (b) 1 Bakorintha 13:4-7 e amana jang le maitseo a boammaaruri a Bokeresete?
15 Seno se kgakala fela thata le seo maitseo a a molemo a tshwanetseng go nna sone. Amy Vanderbilt, mokwadi yo o tlotlegang thata mo kgannyeng eno, o kwala jaana mo bukeng ya gagwe New Complete Book of Etiquette: “Melao e e molemo go gaisa ya boitsholo e ka fitlhelwa mo Kgaolong ya bo-13 ya Bakorintha wa Ntlha, kgang e e kwadilweng ka matsetseleko thata ya lorato ke Moitshepi Paulo. Melao eno ga e dirisane ka gope le go apara sentle kana le eleng go itira jaaka yo o nang le maitseo. E bua kaga maikutlo le maitseo, bopelonomi, le go akanyetsa ba bangwe.”
16 Legale, seo Amy Vanderbilt a neng a bua ka sone, e ne e le ditemana tsa 1 Bakorintha 13:4-7 koo moaposetoloi Paulo a neng a tlhalosa dikarolo tse di farologaneng tsa lorato lwa Bokeresete ka botlalo. Tlhokomela seo dintlha di se kae fela tseo a di buileng di ka felelang ka sone. Ka sekai, motho yo o ‘itshokang ka bopelotelele ebile a le pelonomi’ eleruri o tla nna pelotelele mme a tlotle ba bangwe fa a dirisana le bone. ‘Yo o sekang a dira se se tshwanelang’ ke tsela nngwe ya go re ‘o dira kafa go tshwanetseng,’ mme “go dira ka mo go tshwanetseng” go tlhalosiwa jaaka “go dira tumalanong le ditekanyetso tsa seo se itumedisang, se se tshwanetseng, kana boleng.” Ka gone, fela jaaka New Testament in Modern English ya ga J. B. Phillips e baya polelwana eno: “Lorato lo na le maitseo a a molemo.” Ga go bonolo go akanya gore motho yo o bontshang lorato le le ntseng jalo o ka lebiwa jaaka yo o senang maitseo.
17. Maitseo a rona a supa eng?
17 Ka phepafalo, he, maitseo a Bokeresete a amana ka tlhamalalo le lorato lwa Bokeresete. Ga se fela tsela ya go fitlhelela dilo kana selo seo a ka se aparang fa a batla go dira jalo. Go na le moo, maitseo a rona—tsela eo re dirisanang le ba bangwe ka yone, boikutlo jo re bo bontshang, boitsholo, boitshwaro jwa rona jwa ka gale—ke sesupo sa ka moo re amegang ka batho ba bangwe ka gone le boteng jwa lorato lwa rona mo go bone. Rotlhe bannye le bagolo, re tshwanetse go leka go reetsa kgakololo eno ya Bibela: “A moñwe le moñwe a batlèlè oa ga gabō molemō.” (1 Bakorintha 10:24) Ka gone, jaaka karolo ya lorato lwa Bokeresete, maitseo a Bokeresete ke letshwao leo le re tshwayang jaaka barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete.—Yohane 13:35.
Go Nna le Maitseo a a Siameng ka Dinako Tsotlhe
18. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng go sa kgathalesege seo re se bonang mo tikologong ya rona?
18 Mabapi le kokomana ya rona, Jesu o ne a bolelela pele gore “e tla re ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse, loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala.” (Mathaio 24:12) Go tsidifala gono ga lorato go bontshiwa ka phepafalo ke boikutlo jwa go sa reng sepe ka batho le jwa go ipona bobone fela ga batho ba bantsi gompieno. Lefa go le jalo, go na le gore re tlhotlheletsege go itshwara ka mokgwa o o tshwanang wa go sa re sepe ka ba bangwe, re tshwanetse go nna re gakologelwa kgakololo eno ya ga Paulo: “Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula. Akanyañ dilō tse di tlotlègañ mo matlhoñ a batho botlhe. Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona.” (Baroma 12:17, 18) E tshwanetse go nna boikaelelo jwa rona go nna ba ba nang le maitseo a a siameng ka dinako tsotlhe, le eleng lefa maiteko a rona a anaanelwa kana a sa anaanelwe.—Mathaio 5:43-47.
19. Maitseo a rona a ka ama dikarolo tse dingwe tsa botshelo jwa rona jang?
19 Ee, maitseo a Bokeresete ke sesupo sa tlholego sa lorato le go amega ka ba bangwe tseo di leng mo dipelong tsa rona. Fela jaaka seo re se buang se supa seo re leng sone, jalo maitseo a rona a bontsha gore re amega go le kae kana kafa re sa amegeng ka gone ka ba bangwe. (Mathaio 12:34, 35) Ka gone, maitseo a tshwanetse go tsaya karolo e kgolo mo botshelong jwa rona. A tshwanetse go nna tsela ya botshelo. Mme a tshwanetse go bontshiwa jang ka botlalo? Maitseo a Bokeresete a ka tlhagolelwa jang ka botlalo? Re tla tlhatlhoba seno mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lefoko “maitseo” [etiquette, Seesemane] le tswa mo thitong ya Sefora e e rayang thekete kana letshwao. Buka Word Origins and Their Romantic Stories, ya ga Wilfred Funk, e tlhalosa jaana: “Melao ya pele ya maitseo [etiquette, Seesemane] e ne e manegiwa mo mafelong a a bonalang mo mafelong a masole. Lenane leo le ne le na le melao ya letsatsi leo . . . Ka gongwe re ne re ka re maitseo [etiquette, Seesemane] ke ‘thekete’ ya go nna wa mokgatlho wa batho ba ba siameng.”
A O ka Tlhalosa?
◻ Ke ka ntlhayang fa go sa gakgamatse go bo maitseo a a molemo a fokotsega?
◻ Dilo dingwe gape tseo di bakang maitseo a a maswe ke dife?
◻ Maitseo a Bokeresete a farologana jang le maitseo a lefatshe?
◻ Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go leka go nna le maitseo a a siameng ka dinako tsotlhe?