Ke Eng Selo sa Konokono—Se Se Ka Dirang Gore O Ipelele Mmino?
BOITSHWARO jo bo sa siamang le kobamelo ya medimo ya disetwa tsa go tlhoka tlhaloganyo di ne di dirwa mo metlheng ya bogologolo. Ka gone, moaposetoloi Paulo o ne a bona go tlhokafala gore a neele kgakololo e e maatla thata ka boitsholo jwa Bokeresete. O ne a kwalela phuthego ya kwa Efeso jaana: “Me ke gōna ke bua lehoko ye, ke bile ke shupa mo Moreneñ, ka re, lo se ka loa tlhōla lo sepela yaka Badichaba ba sepela, mo boithamakoñ yoa dipelo tsa bōnè, Ka ba hihadicwe mo tlhaloganyoñ ea bōnè, ba le baeñ ba sa itse botshelo yoa Modimo ka ntlha ea botlhōkakicō yo bo mo go bōnè, ka go kgwaralala ga dipelo tsa bōnè.”—Baefesia 4:17, 18.
A seo ga se tsela e e molemo ya go tlhalosa ka moo dilo di ntseng ka teng gompieno? Seno se kopanyeletsa le letlhakore la tsa mmino. Mmino o montsi wa segompieno o bontsha mokgwa o eleng wa boeng mo botshelong jwa bomodimo. Gantsi mafoko a one a bontsha ‘pelo e e kgwaraletseng,’ e e senang bopelonomi kana boutlwelobotlhoko.
Mme Paulo o ne a oketsa kgakololo ya gagwe go sekae ka go bolela jaana: “Ba e reñ ka ba helecwe ke maikutlō, boo ba ineela mo bopepeñ, go diha mashwè aotlhe ka bopelotshetlha.”—Baefesia 4:19.
‘Go dira maswe a otlhe ka bopelotshetlha’ gono go bonala mo mminong o montsi wa gompieno. Mafoko a mmino le maikaelelo a one di kgotsofatsa losika lono lo lo nwetseng kwa teng mo tlhakanelong-dikobo, mo thubakanyong, mo diokobatsing, le mo monateng. Bakeresete ba tshwanetse go leba jang masula a a ntseng jalo? Ela mafoko ano a ga Paulo tlhoko: “Me lona ga loa ka loa ithuta Keresete yalo; ke raea ha lo utlwile èna, me loa rutwa mo go èna, hèla yaka boamarure bo le mo go Yesu.”—Baefesia 4:20, 21.
Go “Fetoga Gotlhelele ka Tsela ya Semoya” go A Tlhokafala
Re ka dirisa kgakololo eno jang mo ntlheng ya mmino o o bontshang moya wa lefatshe leno? Gonne fa re na le “mogopolō oa ga Keresete,” ke gore, fa re akanya ka tsela eo a akanyang ka yone, re ka seka ra batla go reetsa mmino o e leng wa “selehatshe, [wa] senama, [wa] sebadimo.”—1 Bakorintha 2:16; Yakobe 3:15.
Mme o ka nna wa botsa jaana, ‘Nka fetola jang mofuta wa mmino o ke o ratang?’ Paulo gape o re tlhaga thuso, gonne o bolela jaana: “Lo latlhe mokgwa wa botshelo jwa lona jwa kgale; lo apole motho wa bogologolo, yo o bolang kafa dithatong tsa tsietso. Le gore lo shafadiwe mo megopolong ya lona ka go fetoga gotlhelele ka tsela ya semoya.”—Baefesia 4:22, 23, The Jerusalem Bible.
Karabo ke eo, go ntšhafadiwa mo mogopolong ka go fetoga gotlhelele ka tsela ya semoya. Seno se kopanyeletsa se se fetang mofuta wa mmino o re o ratang. Se tlhoka gore re boele re ithute gape, re tokafatse ditekanyetso le mekgwa ya boitshwaro. Se raya go fetola tsela eo re akanyang ka yone, go fetola mokgwa o re dirang ditshwetso ka one. Mme gape se kopanyeletsa go bona dilo ka mokgwa oo Modimo le Keresete ba di bonang ka one. Jaaka fa Paulo a ne a bolela seo jaana ka tsela e e utlwalang: “Leha lo ya, leha lo nwa, leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, cotlhe hèla lo di dihèlè kgalaleco ea Modimo.”—1 Bakorintha 10:31.
Mmino o montsi wa segompieno ga o tlise kgalalelo go Modimo. Phapaanong le seo, o nyatsa mekgwa ya boitshwaro eo Bakeresete ba e emelang le eo ba le bantsi ba ileng ba iketleetsa go swela kwa dikgolegelong kana kwa dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya yone. Ka jalo, ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go akanya gore re a latlhegelwa fa re tshwanetse go fetola mofuta wa mmino oo re o ratang mme ka jalo re nne ba ba sa ‘rateng lefatshe, lefa e le dilo tse di mo lefatsheng’?—1 Yohane 2:15-17.
Mmino O O Molemo—Tharabololo Ke Eng?
Fa e le gore re latlha mmino o o tlontlololang ka ntlha ya go bo re ela melao-metheo ya Dikwalo tlhoko, re ka tsenya eng mo boemong jwa one? Tota, ke eng fa o sa tlhatlhobe mefuta e mesha ya mmino? E ka nna e e ipedisang le e e agang go feta eo re neng re e rata pele. Ka sekai, mongwe yo e neng e le moopedi wa mmino wa rock pele o ne a bolela jaana ka diphetogo tseo a neng a di dira:
“Ke ne ka tshwanelwa ke go dira maiteko a go tlogela modumo o o bonolo wa mmino wa rock go ya kwa mofuteng wa mmino o o amogelegang le o o tumileng le mmino wa tlelasiki o o boteng. Mme fa ke ne ke lemoga gore go na le boleng jo bo oketsegileng mo go one le gore ke ne ke sa tlhole ke kgona go amana le moya wa mmino o montsi wa segompieno, go ne ga nna bonolo mme ga itumedisa le go feta. Ka bonako fela o ne wa nna molemo. Ke ne ka lemoga seo se neng se mphetile ka ntlha ya go bo mo nakong e e fetileng ke ne ke le kgatlhanong le mefuta e mengwe e e farologaneng ya mmino.”
Go na le mefuta e le mentsi ya mmino wa tlelasiki, gammogo le mmino wa bogologolo le mmino mongwe wa segompieno, o o nang le molodi o o monate wa go latelelana ga dinoto, mafoko a a phepa, mme ga o opele ka thuto nngwe e e ganetsanang le melao-metheo ya Bibela. Selo sa konokono ke go bona mmino o o ka se kang wa tlhotlheletsa kakanyo ya rona ka tsela e e sa siamang le go o ipelela, mmino o o ‘siameng, o o itshekileng, o o bolelwang ka molemo, o o molemo, le o o nang le pako.’—Bafilipi 4:8.
Seabe sa Mmino mo Botshelong jwa Mokeresete
Mo go ba bangwe, tsela e nngwe ya go ipelela mmino o o molemo ke ka go opela kana ka go ithuta go tshameka seletswa sengwe sa mmino. Boitumelo jo bogolo bo ka bonwa fa motho a opela a le nosi kgotsa e le setlhopha le balosika le ditsala. Lefa go ntse jalo, tekatekano e a tlhokega, jaaka go ntse jalo mo dilong tsotlhe. Boitapoloso kana boitiso le ka motlha ga bo a tshwanela go nna selo seo Mokeresete a tshwaregang ka sone go feta selekanyo mo botshelong jwa gagwe. Fa e le gore seo se ka diragala, le eleng mmino o o molemo, fa o fetelediwa, o ka nna le ditlamorago tse di seng molemo. Jalo he Mokeresete o tla bo a le mo kotsing ya go nna ‘morati wa dikgatlhego, bogolo go go nna morati wa Modimo.’—2 Timotheo 3:4.
Mmino gape ke karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya rona go Jehofa. Kwa Iseraeleng wa bogologolo, Asafe le barwarraagwe ba ne ba opela jaana: “A lo ko lo ntshetseñ Yehofa malebogō, bitsañ leina ya gagwè; madihō a gagwè lo a itsehatsè mo dichabeñ. Mo ōpeleleñ, mo ōpeleleñ dipakō: buañ kaga ditihō cotlhe tsa gagwè tse di gakgamatsañ.” Ee, mmino o ka baka Modimo le go mo itumedisa.—1 Ditihalō 16:8, 9.
Dipina tsa Bogosi tse di dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa kwa Diholong tsa bone tsa Bogosi di theilwe mo ditemaneng tsa Bibela, mo dipesalemeng, mo dithapelong, le mo dithutong. A re ka se ipelele mmino ono thata o o itshekileng? Mme a ga re a tshwanela go bontsha boitumelo jwa rona ka go opela dipina tseno ka maikutlo le ka matlhagatlhaga? Le eleng mo ditiragalong dingwe kwa ntle ga kwa dipokanong tsa Bokeresete, a re ka se dire gore matshelo a rona a nne le boipelo ka ditlhamo tse di monate tseno tsa dipina tseno tse di bidiwang Kingdom Melodies?
Mo dipineng tseno tsa setlhopha sa baopedi ba diletswa, baopedi ba sone botlhe ke Basupi ba ga Jehofa. Ba bangwe ke ba ba ithutetseng mmino ba ba tsayang karolo mo ditlhopheng tsa baopedi ba diletswa di feletse (symphony orchestras). Ba bangwe, go kopanyeletsa le mongwe yo e neng e le moopedi wa mmino wa rock pele yo o nopotsweng fa godimo, ke basha ba ba nang le bokgoni ba ba ipelelang mefuta e mentsi ya mmino o o itshekileng. Ga ba akanye gore ba fetwa ke sengwe fa ba latlha mmino o o bontshang mekgwa ya selefatshe, ya bodimona. Sekao sa bone se se molemo se bontsha gore le rona fa re dumelela melao-metheo ya Bibela gore e laole seo re se tlhophang, re ka nna le boitumelo jo bogolo jo bo molemo mo mminong, wa lefatshe le o o itshekileng.—Baefesia 5:18-20.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
“Mmino wa rock o na le boikuelo bo le bongwe fela, boikuelo jwa sephologolo jwa keletso ya tlhakanelo-dikobo—eseng lorato, eseng eros, mme keletso ya bongwana le ya boeleele ya tlhakanelo-dikobo. . . . Batho ba basha ba a itse gore mmino wa rock o na le moribo wa tlhakanelo-dikobo.”—The Closing of the American Mind, ka Allan Bloom.