Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Tsholofelo ya Tsogo
LABOFELO Jesu o goroga ka kwantle ga Bethania, motsana o o ka nnang dikilometara di le tharo go tloga mo Jerusalema. E setse e le malatsi a sekae fela esale ka loso le phitlho tsa ga Lasaro. Bokgaitsadie ebong Maria le Maratha ba santse ba hutsafatse, mme ba bantsi ba tlile fa legaeng la bone go ba gomotsa.
Fa ba ntse ba hutsafetse jalo, mongwe o bolelela Maratha gore Jesu o a tla. Ka jalo o a tloga a ba a itlhaganelela go mo kgatlhantsha, go bonala a sa bolelela Maria. Fa a fitlha kwa go Jesu, Maratha o boeletsa seo ene le Maria ba tshwanetseng ba bo ba ile ba se bua gantsi mo malatsing a le mane a a fetileng: “Ha u ka bo u nu u le ha, kgantsadiake o ko a seka a shwa.”
Lefa go le jalo, Maratha o bontsha tsholofelo, a akantsha gore Jesu o ne a santse a ka direla kgaitsadie sengwe. O bolela jaana, “Me le yana kea itse, go re, leha e le eñ se u se lōpañ Modimo, Modimo o tla se gu naea.”
“Kgantsadio o tla ba a coga,” Jesu o solofetsa jalo.
Maratha o tlhaloganya Jesu a bua ka tsogo ya mo lefatsheng ya mo isagweng, eo Aborahame le batlhanka ba bangwe ba Modimo le bone ba neng ba e lebeletse. Ka jalo o araba jaana: “Kea itse ha a tla ba a coga mo go cogeñ ka letsatsi ya bohèlō.”
Lefa go le jalo, Jesu o naya tsholofelo ya thuso ya ka bonako, ka go araba jaana: “Ke nna cogō le botshelō.” O gakolola Maratha gore Modimo o mo neile thata mo godimo ga loso, o bolela jaana: “Eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela; Me leha e le mañ eo o tshelañ, a baa dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè.”
Jesu ga a akantshe Maratha gore baikanyegi bao ba neng ba tshela ka nako eo ba ka se bone loso. Nnyaa, mme ntlha eo a e tlhagisang ke gore go bontsha tumelo mo go ene go ka gogela kwa botshelong jo bo sa khutleng. Botshelo jo bo ntseng jalo bo tla itumelelwa ke batho ba le bantsi jaaka phelelo ya go tsosiwa ga bone ka letsatsi la bofelo. Mme ba bangwe ba ba ikanyegang ba tla falola bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo mo lefatsheng, mme mo go bano mafoko a ga Jesu a tla nna boammaaruri ka mogopolo wa mmatota. Ga ba kitla ba bona loso gotlhelele! Morago ga polelo e e gakgamatsang eno, Jesu o botsa Maratha jaana, “A mo ua go dumèla?”
“E, Morèna,” o araba jalo. “Ke dumetse ha u le Keresete, Morwa Modimo, eboñ èna eo o tlañ mo lehatshiñ.”
Hong Maratha a itlhaganelela go ya go bitsa Maria, a mmolelela jaana kwa thoko: “Moruti o ha, me oa gu bitsa.” Maria a tswa mo tlung ka bonako. Fa ba bangwe ba mmona a tsamaya, ba a mo latela, ba gopola gore o ya kwa lebitleng la kgakologelo.
Fa Maria a tla kwa go Jesu, o wela mo dinaong tsa gagwe a lela. “Morèna, ha u ka bo u nu u le ha, kgantsadiake o ko a se ka a shwa,” o bolela jalo. Jesu o huduega thata fa a bona gore Maria le boidiidi jwa batho jo bo mo setseng morago ba a lela. “Lo mmeile kae?” o botsa jalo.
Ba fetola jaana, “Morèna, tla u bōnè.”
Jesu le ene o a lela, a baka gore Bajuda ba re: “Bōnañ yaka a na a mo rata!”
Bangwe ba gakologelwa fa Jesu, ka Moletlo wa Metlaagana, dikgwedi di le mmalwa tse di fetileng, a ne a ile a fodisa lekawana lengwe le le tsetsweng le foufetse, mme ba botsa jaana: “A monna eo, eo o houholotseñ matlhō a eo o na a houhetse, a o na a sa kake a diha le gōna, go re, monna eo a se ka a shwa?” Yohane 5:21; 6:40; 9:1-7; 11:17-37.
◆ Jesu o goroga leng labofelo kwa Bethania, mme boemo bo ntse jang koo?
◆ Ke motheo ofe oo Maratha a nang le one wa go dumela mo tsogong?
◆ Jesu o amiwa jang ke loso lwa ga Lasaro?