LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 5/1 ts. 6
  • Bodumedi le Bo-Nazi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bodumedi le Bo-Nazi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seaka Se Se Tlhabisan Ditlhong—Go Senngwa ga Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Katlholo ya Seaka se se Tlhabisang Ditlhong
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Lebaka La go Bo Dikereke Di ne Di Didimetse
    Tsogang!—1995
  • Kgosi e e Nang le Khumo le Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 5/1 ts. 6

Bodumedi le Bo-Nazi

“Hitler . . . o ne a na le Motlatsa-Mokanselara wa Mokatoliki mme go tloga fela ka letsatsi la ntlha la puso Franz von Papen o ne a nna mmapatsi yo o neng a gogela makoko a Bakatoliki gore a tshegetse Reich e ntsha. Mo karolong nngwe le nngwe ya Reich von Papen o ne a tlhola a utlwiwa a kgothaletsa ba ba ikanyegang go ikobela Adolf Hitler ka boeleele.”

“Kitsiso e e latelang ya semolao e ne ya dirwa ke setlhopha se se tlhomilweng kafa molaong sa ditiro le dikakanyo tsa Bokatoliki mo Jeremane kwa tshimologong ya 1933, seo ka nako eo se neng se eteletswe pele ke [Franz] von Papen: ‘Rona Majeremane a Bakatoliki re tla ema, ka moya otlhe wa rona le ka go tlhatswega pelo go go feletseng, re tshegeditse Adolf Hitler le Puso ya gagwe. Re kgatlhiwa ke go rata ga gagwe naga ya borraarona, nonofo ya gagwe, le botlhale jwa gagwe jaaka moeteledipele wa naga. . . . Bokatoliki jwa Jeremane . . . bo tshwanetse go tsaya karolo e kgolo mo go ageng Third Reich.’”

Franz von Papen ke ene yo o neng a di goga kwa pele mo go fitlheleleng tumalano fa gare ga puso e a neng a e direla ya Bo-Nazi mo Jeremane le Vatican ya Roma. Tumalano eo e ne ya saenwa ka July 20, 1933. Kgaso e e kgethegileng ya dikgang e ne ya bolela jaana: “Mokadinale le Mokwaledi wa Naga Pacelli [yo moragonyana o neng a nna Mopapa Pius XII] gompieno o ne a neela Motlatsa-Mokanselara von Papen Grand Cross kafa Mokgweng wa ga Pius . . . Motlatsa-Mokanselara von Papen o ne a naya Mokadinale le Mokwaledi wa Naga mpho ya Madonna of White Meissen Porcelain jaaka mpho ya Puso ya ga Reich. . . . Dimpho tsotlhe di ne di na le mafoko ano: ‘Segopotso sa Tumalano ya Reich ya 1933.’”—Ditsopolo tsotlhe di tserwe go tswa go Franz von Papen—His Life and Times, ya ga H. W. Blood-Ryan.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela