Seaka Se Se Tlhabisan Ditlhong—Go Wa ga Sone
“Babelona o mogolo o ole, o ole, o o dihilen gore merahe eotlhe a nosiwe boyalwa yoa bogale yo bo cosicwen ke kgokahalo ea gagwe.”—TSHENOLO 14:8.
Setlhogo servo le seo se se latelang a ne a le dipuo tseo di neng di konela metseletsele ya dipuo tsa setlhogo se se reng “Lobaka to Atametse,” tseo di neng tsa neelwa kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa Tshiamo ya Bomodimo tsa Basupi ba ga Jehofa ka 1988
1. “Seaka” se se tlhabisang ditlhong ke mang, mme ke ka ntlhayang fa re tlhoka go itse ka sone?
“SEAKA” se se tlhabisang ditlhong—ke mang? Ke ka ntlhayang fa re tlhoka go bua ka sone? A dibuka, dibaesekopo, TV, le divideo ga di bue ka mo go lekaneng ka boitsholo jo bo sa siamang jo bo ferosang sebete? Ke boammaaruri! Mme yono ga se lekgarebe fela la lefifi. Tota-tota, ke, seaka se se tlhotlheletsang go gaisa tsotlhe, se se itsegeng go gaisa botlhe, se se bolayang go gaisa tsotlhe mo hisitoring yotlhe. Mme se ile sa nna sa ithekisa ka dingwaga tse di fetang 4 000! Re tshwanetse go se itse gore re tle re itshireletse. Mo go Tshenolō 14:8, moengele mongwe wa legodimo o bitsa mosadi yo o itsegeng ka boitshwaro jo bo sa siamang yono “Babelona o Mogolo” mme o mo tlhalosa jaaka yo o timetsang merafe. Ereka a le kotsi go le kalo, re tshwanetse go itumelela go itse gore “lobaka to atametse” lwa gore Jehofa a tle go diragatsa katlholo ya gagwe mo go ene.—Tshenolō 1:3.
2. Seaka servo se tsere leina la Bone kae, mme mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka o simologile fang?
2 Seaka servo se tsere leina la Bone kwa Babelona wa bogologolo, motse o montle oo o neng wa tlhomiwa ke Nimerode dingwaga tse di ka nnang 4 000 tse di fetileng kwa Mesopotamia, yoo a neng a le “mocumi eo o nonohilen ha pele ga Yehofa.” Fa Bababelona ba ne ba simolola go aga tora ya bodumedi jwa boheitane, Jehofa o ne a tlhakatlhakanya puo ya bone mme a ba gasanya go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe. Ba ne ba tsamaya ka bodumedi jwa bone, mme ke ka tsela eo mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa Sebabelona o neng wa simologa ka gone. Ka boammaaruri, ke Babelona o MOGOLO. (Genesise 10:8-10; 11:1-9) Go fitlha mo motlheng ono wa rona, masaitseweng a Babelona wa bogologolo a ntse a bonala mo ditumelong le mo ditirong tsa bodumedi jwa lefatshe. (Tshenolō 17:7) Leina la moue oo la Sehebera, eleng Babela, le raya “Tlhakatlhakano,” eleng leina le le tshwanelang tlhakantsuke ya bodumedi jwa segompieno jwa maaka!
3. (a) Babelona o He a tshola batho ba Modimo jaaka ditshwarwa ka nako e e kana kang, mme servo se ne sa ba atamalanya le eng? (b) Babelona o ne a wa leng, mme ke ka ntlhayang fa a se kile a senngwa ka nako eo?
3 Babelona wa bogologolo o ne a fenya sekgoreletsi seo santlha mme, fa Asiria a ne a thankgolwa mo pusong ka 632 B.C.E., a ne ya nna yone puso ya boraro ya lefatshe mo hisitoring ya Bibela. Go tlotlomala ga gagwe a le mo maemong ao go ne ga nna go go khutshwane—e ne ya nna dingwaga tse di kafa tlase ga tse di lekgolomme o ne a tshwara batho ba Modimo ba Iseraele jaaka ditshwarwa, mo a ka nnang ka dingwaga tse 70 tsa dingwaga tseo. Seo se ne sa ba atamalanya le dikete-kete tsa ditempele le ditempelana tsa Babelona, medimo ya gagwe ya seraro le bodiabolo ba seraro, go obamela ga gagwe mme le morwa, le tepo-dinaledi tseo di neng di emela medimo ya gagwe a go neng go tsewa gore ke e e sa sweng. Ka jalo, Baiseraele bao ba ditshwarwa ba ne ba le kwa boremelelong jwa bodumedi jwa maaka fa, motse wa Babelona o ne o wa ka 539 B.C.E. Mme a ne a ise a nne bokhutlo jwa one! Bathopi ba one ba ne ba tswelela go o dirisa jaaka lefelo le le tlotlegang la bodumedi.
Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Bodumedi
4. (a) Baperofeti ba ga Jehofa ba ne ba bolela eng mabapi le Babelona, mme go ne ga diragala eng ka Babelona? (b) Babelona o mongwe o o santseng o le gone, oo o sotlang batho ba Modimo mo lefatsheng ke ofe?
4 Baperofeti ba ga Jehofa ba ne ba boletse katlholo ya gagwe ya gore o ne a tla feela Babelona ka “loheeld loa tshenyo”—“yaka ha Modimo o to oa ribegetsa Sodoma le Gomora.” A dipolelelopele tseo di ne tsa diragadiwa moragonyana? Ee, di diragaditswe fela jaaka di ntse! Fa nako a ntse a tsamaya, Babelona wa bogologolo o ne a fetoga thothobolo ya matlakala—a sena baagi fa a se fela digagabi le dibatana tsa naga—fela jaaka go ne go boleletswe pele! (Isaia 13:9, 19-22; 14:23; Yeremia 50:35, 38-40) Lefa go ntse jalo, Babelona o mongwe, eleng Babelona o Mogolo wa motlha wa segompieno, o santse o le gone. Fela jaaka mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o tsweledisa dithuto tsa ntlhantlha tsa Babelona le moya wa gagwe wa boikgodiso. Ke sedirisiwa se segolo sa ga Satane mo go foufatseng batho go bona boikaelelo jwa Bogosi jwa ga Jehofa.—2 Bakorintha 4:3, 4.
5. (a) Ke ditumelo dife tse di neng tsa nna gone fa Babelona a ne a le kwa setlhoeng sa kgalalelo ya gagwe, mme ke ka ntlhayang fa Satane a ile a seka a atlega mo go nwetseng lefatshe lotlhe mo bodumeding jwa maaka? (b) Satane o ne a dirisa bodumedi jwa maaka jang morago ga go simologa ga Bokeresete?
5 Mo a ka nnang ka lekgolo la borataro la dingwaga pele ga Keresete a t1a, fa mmuso wa lefatshe wa Babelona o ne o le kwa setlhoeng sa kgalalelo ya one, ditumelo tsa Bo-Hindu, Bo-Buddha, Bo-Confucius, le Bo-Shinto le tsone di ne tsa tlhagelela. Mme a Satane o ne a atlega mo go nwetseng lefatshe lotlhe mo bodumeding jwa maaka? Nnyaa, ka go bo masalela a basupi ba bogologolo ba ga Jehofa a ne a boela kwa Jerusalema go tswa kwa Babelona go tla go tsosolosa kobamelo ya ga Jehofa. Ka jalo, go ne ga nna le Bajuda ba ba neng ba ikanyega koo, makgolo a dingwaga a le marataro moragonyana, go tla go kgatlhantsha Mesia le go nna maloko a ntlha a phuthego ya Bokeresete. Bodumedi jwa maaka bo ne jwa baka loso lwa boswela-tumelo la Morwa yo eleng wa Modimo mme bo ne jwa nna sedirisiwa sa ga Satane mo go ganetseng Bokeresete jwa boammaaruri, fela jaaka Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba He ba tlhagisa.—Mathaio 7:15; Ditihō 20:29, 30; 2 Petere 2:1.
6. (a) Satane o He a senya dithuto tsa Bokeresete jang, mme ke dithuto dife tse di sa tlotleng Modimo tse di neng tsa nna gone? (b) Go ne ga diragala eng ka diketekete tse di neng di itlhophela boammaaruri jwa Bibela go na le dithuto tsa Sebabelona?
6 Satane o ne a dirisa baaposetoloi ba maaka go senya dithuto tsa Bokeresete a di tswakanya le dithuto tse di senang motheo tsa Babelona le matlhale a selefatshe a Bagerika, segolo-bogolo morago ga go senngwa labobedi ga Jerusalema ka 70 C.E. Ka jalo, ‘boraro jwa bomodimo’ eleng Tharo-Nngwe, bo ne bo emela “Jehofa eo moñwe hela” wa Bibela. (Duteronome 6:4; Mareko 12:29; 1 Bakorintha 8:5, 6) Mme thuto ya go sa sweng ga moya wa motho, jaaka a ne a rutiwa ke ramatlhale wa moheitane Plato, a ne ya simololwa go latofatsa thuto e e tlhwatlhwakgolo ya Bibela ya setlhabelo sa ga Keresete le tsogo ya baswi. Seno se ne sa bulela go dumela mo diheleng tsa molelo le pakatori e e seng molelo thata. (Pesalema 89:48; Esekiele 18:4, 20) Dithuto tse di ntseng jalo tse di sa tlotleng Modimo le tse di boi-fisang batho di ne tsa thusa go tlatsa matlole a dikereke. Mo godimo ga moo, mo malatsing a Potsiso le a Tlhabololo ya Kereke, baruti ba ne ba sa emele molelo wa dihele go tla go bogisa batho. Diketekete tsa bao ba neng ba tlhopha boammaaruri jwa Bibela go na le dithuto tsa Sebabelona ba ne ba fisiwa ka molelo ba ntse ba tshela ba bapotswe ke Bakatoliki le Baporotesetanta. Mme jaaka re tla bona, boaka jwa Babelona o Mogolo bo bogolo go feta go tsweledisa ga gagwe maaka fela.
Letsatsi la ga Jehofa la Katlholo
7. (a) Ke leng le gone ke jang Jehofa a ileng a simolola go tsosolosa dithuto tsa motheo tsa Bibela le go senola dithuto tsa Sebabelona? (b) Ke boammaaruri bofe jwa Bibela jwa motheo joo Baithuti ba Bibela ba ileng ba bo tsosolosa?
7 Letsatsi la ga Jehofa la go atlhola seaka seno le ne la tshwanela go tla! (Bahebera 10:30) Go ne ga nna le nako ya go baakanyetsa seno, go tloga ka bo-1870, eo mo go yone Jehofa a neng a tla roma “morofiwa” wa gagwe—eleng setlhopha se se tlhagafetseng sa baithuti ba Bibela—go tla go busetsa boammaaruri jwa motheo jwa Bibela le go senola dithuto tsa maaka tsa Sebabelona. (Malaki 3:1a) Setlhopha i seno sa “morofiwa” se ne se tshegetsa mafoko ano a polelelopele a a mo go Tshenolō 4:11: “Go gu chwanetse, Morena oa rona, le Modimo oa rona, oa bo a bona kgalalelo, le tlotlo, le thata: gonne a tlhodile dilo cotlhe, me di ne di leeo, me tsa bopiwa ka ntlha ea go rata k ga gago.” “Morofiwa” o ne gape a buelela ka tlhamalalo setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, eleng paakanyetso ya Modimo ya go golola batho. Batho ba ba golotsweng ba ne ba tla kopanyeletsa, lantlha, “lecomanyane” la bao ba tla busang le Jesu mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo mme, moragonyana ba kopanyeletse le makgolokgolo a dimilione a a neng a tla tshela mo lefatsheng la Paradaise-bao bontsi jwa bone bo tla tsosiwang mo baswing. (Luke 12:32; 1 Yohane 2:2; Ditihō 24:15) Ee, Baithuti bao ba Bibela ba ne ba tsosolosa boammaaruri jono jwa motheo, mme ka tsela ya tshwantshetso, ba bile ba ba ‘ba tshela molelo wa dihele ka metsi mme ba tima’ molelo wa thuto ya Sebabelona ya pogiso ya bosakhutleng!a
8. (a) Baruti ba La-Bodumedi ba ile ba dirisa Ntwa ya Lefatshe I fang go leka go senya Baithuti ba Bibela? (b) Go ne ga diragala eng ka moatlhodi yo a neng a tswaletse baeteledipele ba ba robedi ba Mokgatlho wa Watch Tower mo kgolegelong a gana gore ba duelele go letela tsheko kwa ntle?
8 Baithuti ba Bibela ba ile ba bolela ka tlha gafalo gore ngwaga wa 1914 o ne o tla tshwaya bokhutlo jwa Metlha ya Baditshaba ka dingwaga tse di ka nnang 40. Jaaka go ne go lebeletswe, ngwaga oo o ne wa tla ka ditiragalo tse di neng tsa tshikhinya lefatshe, le eleng ntwa ya ntlha ya lefatshe. Abo baruti ba La-Bodumedi—baeteledipele ba bagolo ba Babelona o Mogoloba ile ba leka go dirisa ntwa eo ya lefatshe go senya Baithuti ba ba buang puo phaa bao ba Bibela! Kwa bofelong, ka 1918, ba ne ba tshwara baeteledipele ba Mokgatlho wa Watch Tower ba le robedi mme ba ba isa kwa kgolegelong ka ditatofatso tsa boepapuso tseo ba neng ba di tlhama. Mme baeteledipele bano ba ne ba gololwa morago ga dikgwedi di le robong mme moragonyana ba seka ba bonwa molato. Moatlhodi wa sesole wa U.S. Martin T. Manton, yoo a neng a tswaletse Baithuti bano ba Bibela mo kgolegelong ka go gana gore ba duelele go letela tsheko kwa ntle, o ne moragonyana a tlotlomadiwa ke Mopapa Pius XI, ka go mo dira “mogale kafa mokgweng wa ga St. Gregory the Great.” Lefa go ntse jalo, kgalaletso eo ya gagwe ga e a ka ya tsaya lobaka, ka go bo o ne a atlholelwa dingwaga di le pedi mo kgolegelong ka 1939 le go duela madi a mantsi. Ka ntlhayang? Ka go bo o ne a bonwa molato wa go tsaya pipa molomo ya madi a a kana ka R446 400 go dira dikatlholo dingwe mo kgotla tshekelong!
9. Boperofeti jwa ga Malaki bo ne jwa tlhalosa fang seo se neng se diragalela batho ba ga Jehofa, mme katlholo a ne ya simolola ka bomang?
9 Jaaka re sa tswa go bona, batho ba ga Jehofa ba ile ba tsena mo nakong ya diteko tse di masisi ka 1918. Mafoko a moperofeti a a mo go Malaki 3:1-3 a tlhalosa se se neng sa diragala: “Yehofa eo to mmatlafi o tla tla mo tempelefi ea gagwe ka choganeco: [le] morofiwa oa kgolagano [ya ga Aberahame]“—Jesu. Ee, Jehofa o ne a tla le Keresete wa gagwe go tla go atlhola. Go tswa foo Jehofa o botsa jaana: “Me e man eo o ka ichokelafi motlha oa go tla ga gagwe? me a man eo o tla eman mogan o bonalafi? gonne o nntse yaka mole1o oa moitshekisi, le yaka molora oa moupeledi.” Go ya ka 1 Petere 4:17, katlholo a ne a tla simolola ka bao ba iphakang gore ba mo “tlufi ea Modimo.” Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba ntlafalediwa le go phepafalediwa tirelo ya ga Jehofa.
“BATHO BA ME, CWAN MO GARE GA GAGWE”!
10. Ke katlholo efe ya bomodimo e e neng ya tlela La-Bodumedi le bodumedi jotlhe jwa maaka ka 1919, mme seo se ne sa felela ka eng mo go Babelona o Mogolo?
10 Baruti ba La-Bodumedi jaaka karolo e e sa ikwatlhaeng ya Babelona o Mogolo, ga ba a ka ba kgona go emelelana le katlholo ya ga Jehofa. Ba ile ba leswefatsa diaparo tsa bone fela thata ka go tsaya karolo mo dipolaanong tse dikgolo tsa ntwa ya lefatshe le jaaka babogisi ba Bakeresete ba boammaaruri. (Yeremia 2:34) Go na le go galaletsa Bogosi jo bo tlang jwa selegodimo jwa ga Keresete, ba ile ba tshegetsa lekgotla le le dirilweng ke batho la Kgolagano ya Merafe, leo ba ileng ba le tlhalosa jaaka “kemedi ya sepolotiki ya Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” Go ne go setse go bonala sentle ka 1919 gore Jehofa o ne a atlhotse La-Bodumedi—mme le eleng bodumedi jotlhe jwa maaka. Babelona o Mogolo o ne a ole ebile a atlholetswe loso! E ne a le nako ya gore botlhe ba ba ratang boammaaruri le tshiamo ba dire tumalanong le taolo eno ya seperofeti e e mo go Yeremia 51:45: “Batho ba me, cwafi mo gare ga gagwe, me a moñwe le moñwe a iphedise botshelo yoa gagwe mo bogalefi yo bo tukafi yoa ga Yehofa.”
11, 12. (a) Ke eng seo moengele a se bolelang mo go Tshenolō 17:1,2 mabapi le katlholo ya Babelona o Mogolo? (b) ‘Metsi a mantsi’ ao seaka se ntseng mo go one ke eng, mme o ‘tagisitse merafe ka bojalwa jwa kgokafalo ya gagwe’ fang?
11 Babelona o Mogolo o ole! Mme ga a ise a senngwe. Jaaka mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o santse a tla nna gone ka nakonyana jaaka sedirisiwa se segolo seo Satane a tsietsang batho ka sone. Modimo o tla mo atlhola jang labofelo? Ga re a tlogelwa fela mo lefifing! A re buleng Dibibela tsa rona mo go Tshenolō 17:1, 2. Fano moengele o bua le moaposetoloi Johane, mme ka ene, le baithuti ba polelelopele eno ba gompieno, a re: “Tla kwano, ke tla gu shupetsa tshekisho ea seaka se segolo se se dutsen mo metsifi a mantsi; Se dikgosi tsa lehatshe di gokahetsen nasho, le ba ba agilefi mo lehatshiñ ba ne ba tagisiwa ke boyalwa yoa kgokahalo ea shona.” Lereo ‘metsi a mantsi’ le raya bontsintsi jwa batho ba ba tlhakaneng tlhogo, ba ba sa bolong go gatelelwa ke seaka seno se segolo. Mme polelelopele eo a bolela gore “ba ba agilen mo lehatshiñ” ba tagilwe ke bojalwa jwa gagwe. Ba amogela dithuto tsa maaka le ditsela tsa boitsholo jo bo sa siamang tsa lefatshe tsa Babelona o Mogolo mme ba a thetheekela, jaaka ekete ba tagilwe ke bojalwa jo bo sa tureng jo bo seng jwa kafa molaong.
12 Re bala jaana mo go Yakobe 4:4: “Basadi ba ba diaka ke Iona, a ga to itse ha botsalano yoa lehatshe a le bobaba mo Modimon?” Bodumedi jwa lekgolo leno la bosomeamabedi la dingwaga bo iketleeleditse go ratwa ke lefatshe, mme seo se boammaaruri ka La-Bodumedi. Ga se fela gore baruti ba gagwe ba palelwa ke go rera mafoko a a molemo a Bogosi jo bo Clang jwa ga Jehofa mme ke ka gore ga ba rere dithuto tsa boitsholo jwa Bibela, ba mpampetsa boitsholo jo bo repileng jwa maloko a bone. Le eleng le bone baruti ba na le molato wa boitsholo jo bo sa siamang, joo moaposetoloi Paulo a neng a bo kgala a sa kgwe mathe fa a ne a re: “Lo se ka loa tsietsega: go le baakahadi, go le baobamedi ba medimo ea disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9-11.
‘Go Pitika mo Seretseng’
13, 14. (a) Ke dikai dife tse di bontshang gore baruti ba motlha wa segompieno ga ba a ‘tlhatswiwa’? (b) Ke boikutlo bofe joo lekgotla la Church of England le neng la nna le jone ka ditiro tsa bosodoma tsa dirwe tsa bonna, mme mokwadi mongwe wa dikgang o ne a akantsha gore leina la kereke le fetolelwe mo go lefe? (c) Ke mafoko afe a ga moaposetoloi Petere a a tshwanelang baruti ba batenegi?
13 A baruti ba motlha wa segompieno ga ba a ‘tlhapisiwa’? Ebu, ka sekai, a o ko o tlhokomele boemo kwa Boritane, eo a kileng ya bo a le yone boremelelo jwa Boporotesetanta. Ka November 1987, fa tautona ya Boritane a ne a kopa baruti go nna bone ba ba etelelang pele mo boitsholong, motsamaisi mongwe wa kereke ya Anglican o ne a bua jaana: “Basodoma ba na le tshwanelo ya go supa maikutlo a bone a tlhakanelo dikobo fela jaaka mongwe le mongwe; re tshwanetse go lebelela seo se leng molemo ka bone mme re kgothaletse boikanyegi [mo gare ga basodoma].” Pampiri nngwe ya dikgang ya Lontone a ne ya bega jaana: “Ditiro tsa bosodoma di ne tsa anama fela thata kwa kholetsheng nngwe ya boruti ya Anglican mo e leng gore baithuti ba ba tswang kwa kholet’sheng a nngwe ba ne ba tshwanelwa ke go thibelwa ke badiri ba yone go a etela.” Patlisiso nngwe a ne ya bega gore “mo kgaolong nngwe ya Lontone, palo ya baruti ba ba nang le ditshekamelo tsa bosodoma a ka nna ya bo e feta halofo ya palogotlhe ya bone.” Mme kwa pokanong nngwe ya kereke, 95 lekgolong ya baruti ba Church of England ba ne ba tshegetsa puo eo a neng a bolela gore kgokafalo le boaka ke boleo, mme eseng ditiro tsa bosodoma tsa dirwe tsa bonna; go ne ga bolelwa gore ditiro tsa bosodoma di tlhaela boleng go le gonnye fela. Fa a akgela ka seno sotlhe, mokwadi mongwe wa dikgang o ne a akgela ka gore go ka nna ga tshwanela gore Church of England a fetolwe leina mme a bidiwe Sodoma le Gomora. Pampiri nngwe gape ya dikgang ya Lontone a ne ya bua jaana: “Batho ba Boritane ba tshosiwa ke seo se tla diragalelang kokomana eno ya boitsholo jo bo repileng.”
14 Abo baruti ba batenegi go kgabaganya dingwaga ba tshwanelwa ke tlhaloso eno ya ga moaposetoloi Petere jang ne: “Nca a boetse matlhatsefi a edna, le kolobe e e tlhapisicwefi e boetse mo go bidikamefi mo seretsen.”!—2 Petere 2:22.
15. (a) Ke go wa gofe mo boitsholong goo go ileng ga nna gone mo go La-Bodumedi yotlhe? (b) Ke mang yo o tshwanetseng go ikarabelela mo thobong eno ya tatlhego?
15 Go ralala La-Bodumedi, mme eleruri le lefatshe lotlhe, go na le go wa mo boitsholong go go tshosang. Mo mafelong a mangwe, lenyalo le lejwa a le leo le sa tlhokegeng, mme ba ba nyalaneng ba akanya gore go ikanyega mo lenyalong go siilwe ke nako. Ke ba sekae fela ba ba nyalang kafa molaong, mme bao ba dirang jalo ba tlhalana ka bontsi. Mo United States, palo ya ditlhalo a ne ya menagana gararo mo dingwageng tse 25 tse di fetileng go ya go fitlha go tse di fetang milione o le mongwe ngwaga le ngwaga. Mo lobakeng lwa dingwaga tse 20 go tloga ka 1965, palo ya ditlhalo mo Boritane a ne ya menagana gane eleng go tswa go tse 41 000 go ya go tse 175 000. Ba ba sa nyalang ba itlhophela go nna le ba bangwe ba ba sa nyalang ba bong jo bo tshwanang kana jo bo farologaneng, mme ba bantsi ba tlogela molekane yo mongwe mme ba tseye yo mongwe. Ba hutsafadiwa ke malwetse a a sisimosang mmele thata a a tshelanwang ka tlhakanelo-dikobo, joo bo tlhomologileng thata a le AIDS, eo e ntsifetseng ka ntlha ya tsela ya botshelo ya boitsholo jo bo sa siamang mme ba tswelela go nna ba dira ditiro tse di sokameng tsa tlhakanelo-dikobo. Baruti ba La-Bodumedi ga ba kgaleme maloko a bone a dikereke a a dirang diphoso. Fela jaaka ba itlhokomolosa boitsholo jo bo sa siamang, ba tshwanetse go ikarabelela mo thobong eno ya tatlhego.—Yeremia 5:29-31.
16. (a) Ke eng seo se otlelelang ntlha ya gore Babelona o Mogolo o ole, mme ke kgoeletso efe e e mo go Tshenolō 18:2 ya moengele e e tshwanelang? (b) Botlhe ba ba batlang go falola bokhutlo jwa lefatshe leno ba tshwanetse go dira eng?
16 Seemo se se tlhomolang pelo sa boitsholo mo mmusong wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka se otlelela ntlha ya gore Babelona o Mogolo o ole. Modimo o mo atlhotse mme o mo tshwaetse go senngwa. Abo mafoko a a nonofileng ano a moengele a a mo go Tshenolō 18:2 a tshwanela jang ne: “Babelona o Mogolo o ole, o ole, me o hetogile boago yoa badimo, le boicwalelo yoa moea moñwe le monwe o o mashwe, le boicwalelo yoa nonyane nwe le nwe e e mashwe le e e ilwafi.” Mme abo go le botlhokwa jang gore botlhe ba ba batlang go falola bokhutlo jwa lefatshe leno ba arabele pitso eno e e mo temaneng ya 4 e e reng: “Cwafi mo go ona, lona batho ba me, gore to se tlhakanele nae dibe tsa gagwe, le gore to se bone dipecd tsa gagwe”! Go tswa mo bodumeding jwa maaka ke kgato ya botlhokwa mo go faloleng ‘pitlagano a kgolo’ e e fela fa pele ga rona. (Tshenolō 7:14) Mme go santse go tlhokega go le gontsi, jaaka re tla bona!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka November 1, 1903, morago ga motseletsele wa dipuisano tsa bofelo kwa Carnegie Hall, kwa Pittsburgh, mo Pennsylvania, kwa U.S.A., fa gare ga Charles T. Russell le Dr. E. L. Eaton, mongwe wa baruti ba ba neng ba le teng koo o ne a dumela gore Mokaulengwe Russell o fentse, ka go bus. jaana: “Ke itumelela go bona o tshela molelo wa dihele metsi mme o o tima.”
[Lebokoso mo go tsebe 8]
BOITSHOLO JWA BARUTI
“Batsadi, baithuta-tlhaloganyo ya motho, mapodisi, le boramolao bao ba neng ba kopanyelediwa mo dikgannyeng tsa makgolokgolo a bana bao ba neng ba betelelwa ke baruti ba Katoliki mo United States mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, ba bolela gore ba ile ba nna le mathata a maikutlo.”—Akron Beacon Journal, January 3, 1988.
“Kereke ya Roma Katoliki mo United States a ne ya tshwanelwa ke go duela malapa a a neng a ngongoregela gore bana ba bone ba ile ba betelelwa ke baperesiti ditshenyegelo tsa dimilione tsa didolara. Lefa go ntse jalo, bothata bo ntse bo nnela maswe kwa pele mo eleng gore boramolao ba bantsi ba bolela gore kereke a itlhokomolosa le go fitlha mengwe ya melato eno.”—The Miami Herald, January 3, 1988.
[Ditshwantsho mo go tsebe 6]
Ditshwantsho tsa medimo ya ditlhopha tsa boraro—tsa Egepeto wa hogologolo is tsa La-Bodumedi
[Metswedi ya Ditshwantsho]
SaintRemi Museum collection, Reims, photo by J. Terrisse
Louvre Museum, Paris
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Bibela a tshwantsha baeteledipele ba bodumedi ba ba senang boitsholo jaaka kolobe e e tlhapisifsweng a bo a boela a pitika mo seretseng