Dithuto go Tswa mo Dikwalong: Amose 1:1–9:15
Go Bolawa ga Morafe
“U IPAAKANYETSE go kgatlhana le Modimo oa gago,” go bua jalo “Yehofa, Modimo oa mashomoshomo” a bua le morafe wa Iseraele. (Amose 4:12, 13) Ka ntlhayang? Ba foufaditswe ke go nna ga bone le dikhumo, Baiseraele ba ne ba lebetse Molao wa gagwe mme ba ne ba na le molato wa go itshekolola naga ka go obamela medimo ya disetwa, go dira boitsholo jo bo sa siamang, go tsholola madi, le thubakanyo.
Jaaka moperofeti wa ga Jehofa, Amose o tlhomelwa go bolela molaetsa wa tlhagiso eseng fela mo morafeng wa Juda mme segolo bogolo go morafe o o kwa bokone wa Iseraele. O kgala tsela ya Iseraele ya botshelo mme o bolelela pele go bolawa ga bone ke merafe ya baba ba bone. Buka ya ga Amose e e kwadilweng fa gare ga 829 B.C.E. le 804 B.C.E., a re lemotsha gore Modimo o nonofile go bonela dikudumedi tse di tlang kwa pele, mme are naya ditlhagiso tse di mo nakong.
Go Senngwa mo go Botlhoko ga Baba ba Modimo
Ga go ope yo o ka falolang dikatlholo tsa Modimo. Abo seno se He sa itshupa se le boammaaruri jang ne mo merafeng ya Damaseko (Syria), Gasa (Filisitia), Tura, Edome, Amone, Moaba, le Juda! Jehofa ga a kitla a ‘busetsa seatla sa gagwe kwa morago’ kgatlhanong le bone ka baka la go dira phoso ga bone. Lefa go ntse jalo, masetlapelo a a neng a bolelelwa pele a ne a tlhomamisa katlholo eo Iseraele a neng a lebane le yone fela ka go bo a paletswe ke go tshegetsa kamano ya kgolagano ya gagwe le Modimo le go goletsa melao ya gagwe.—Amose 1:1–2:16.
Reetsa tihagiso ya Modimo. Jehofa o raya Iseraela a re “Ke itsile lona hela to le losi mo ditshiken cotlhe tsa lehatshe.” (Amose 3:2) Lefa go ntse jalo, tsela ya bone ya boleo a ne e bontsha go nyatsa ga bone leina la Modimo le bolaodi jwa gagwe. Ba bantsi ba ne ba batla go huma, go tshelela mo letlepung, ba na le “ntlo ea mariga le ntlo ea selemo mmogo,” ba di bona ka go patika bakaulengwe ba bone. (Amose 3:15) Ba ne ba tsietsa bahumanegi ka bogagapa, ka dilekanyo tse di tsietsang. Go tlogela ga bone kobamelo ya boammaaruri go ne go kaya gore ba ne ba tla atlholwa ke Jehofa. Lefa go le jalo, ‘Jehofa o ne a se kitla a dira sepe a ise a se senolele batlhanka ba gagwe.’ Ka gone, Amose o bolelela pele dikatlholo tsa ga Jehofa mme o ba tlhagisa jaana: “U ipaakanyetse go kgatlhana le Modimo oa gago.”—Amose 3:1–4:13.
Jehofa ke Poloko
Modimo o tia bontsha ba ba ikwatihayang boutlwelobotlhoko. “Mpatlan me to tla tshela,” Jehofa o ikuela jalo mo go Iseraele. (Amose 5:4) “flan se se boshula, to rate se se molemo.” (Amose 5:15) Lefa go ntse jalo, ba itlhokomolosa mafoko a a ntseng jalo. Batenegi bao ba ne ba itihophela go ya kwa Bethele le Gilegala, eleng mafelo a kobamelo ya ditshwantsho, mme ba ne ba isetsa medimo ya maaka ditlhabelo koo. (Amose 5:26; 1 Dikgosi 12:28-30) Ba ntse mo ditulong tse di magasigasi tse di dirilweng ka dinaka tsa tlou, badirabosula bao ba ne ba nwa bojalwa jo bo monate jwa mofine mme ba ijesa monate ka dijo le lookwane. (Amose 5:11; 6:4-6) “Letsatsi ya ga Jehofa” le etla, mme Modimo o He a ikana ka ‘moya wa gagwe’ gore o ne a tla senya Iseraele. (Amose 5:18; 6:8) Jehofa o ne a tla tsosa morafe o o neng o tla gatelela Iseraele mme o mo ise botshwarwa.—Amose 5:1–6:14.
Boifa Jehofa, eseng babogis. Go senngwa ga Iseraele go ne go ka nna ga tlisiwa ke lesogodi la tsie kana molelo o o lailang. Amose o ne a ikuela mo Modimong mo boemong jwa Baiseraele, mme “Yehofa a ikwatlhaela” katlholo ya gagwe, ka jalo ya seka ya diragadiwa ka tsela eno. Lefa go ntse jalo, jaaka moagi yo o lekanyang go lekalekana ga lobota ka selekanyo, Jehofa ga a’kitla a lesa Iseraele a sa mo otlhae.’ (Amose 7:1-8) Morafe o tshwanetse go senngwa. A galefisitswe ke mafoko a moperofeti, Amasia, moperesiti wa kobamelo ya namane, o baya Amose molato ka maaka a gore o a tsuolola mme o mo laela gore a ‘tshabele kwa lefatsheng la Juda mme a seka a tlhola a perofesa’ mo Bethele. (Amose 7:12, 13) A Amose o bontsha bogatlapa? Nnyaa! O bolelela pele loso Iwa ga Amasia le masetlapelo a a tla tlelang lelapa la gagwe a sa boife sepe. Jaaka maungo a a kgobokanngwang ka nako ya thobo jalo, ke nako ya gore Jehofa a sekise Iseraele. Ga go ope yo o ka falolang.—Amose 7:1–8:14.
Bao ba ikanyang Jehofa ba na le tsholofelo. “Ga nketla ke senyetsa rure ba ntlo ea ga Yakoba,” go bua jalo Jehofa. Go santse go na le tsholofelo go ba bangwe ba bana ba ga Jakobe mme eseng ba baleofi. Tshenyego ya bone e tlhomamisitswe. Lefa go ntse jalo, Jehofa o tla ‘busetsa batshwarwa’ ba bangwe ba Iseraele.—Amose 9:1-15.
Se re ka se ithutang gompieno: Bao ba itirang baba ba Modimo ba atlholwa a le ba ba tshwanetsweng ke loso. Lefa go ntse jalo, ope fela yo o reetsang molaetsa wa tlhagiso ya bomodimo wa go sokologa o tla ikamogelela boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa mme a tswelela a ntse a tshela. Fa re boifa Modimo, ga re kitla re letla baganetsi go re thibela go dira go rata ga gagwe.
[Lebokoso mo go tsebe 22]
GO TLHATLHOBIWA GA DITEMANA TSA BIBELA
○ 1:5—Metsemegolo ya bogologolo a ne a na le mabota a a kwa godimo le dikgoro tse dikgolo. Go lotlela dikgoro tseno, go ne go bewa ditshipi tse di telele tsa tshipi kana boronse kafa teng.‘Go roba maphakalego a Damaseko’ go ne go raya gore motsemogolo ono wa Siria o ne o tla thopiwa ke Baasiria. Go ne go tla nna jaaka ekete dikgoro tsa motse di ne di ka seka tsa lotlelwa ka go bo mephakalego ya tsone a ne a robilwe.—2 Dikgosi 16:8, 9.
○ 4:1—Basadi ba ba neng ba rata go tshela mo letlepung ba ba neng ba nna mo Samaria ba ne ba bolelwa gore ke “dikgomo tse di namagadi tsa Bashana.” Mafulo a a nonneng a Bashana ke one a a neng a dira gore diruiwa tsa bone di ntsifale. (Duteronome 32:14; Esekiele 39:18) Go phepafetse gore “dikgomo tse di namagadi tsa Bashana” tse di bogagapa tseno di ne di pateletsa “barena” kana banna ba bone, go tsaya madi ka tsietso mo bathong ba ba humanegileng gore ba tlatse’matlo a bone a dinaka tsa tlou.’ (Amose 3:15) Lefa go le jalo, tiro e e ntseng jalo, a ne ya felela ka gore ba atlholwe ke Modimo.
○ 4:6—Polelwana “bophepa yoa meno” a tlhalosiwa ke polelwana e e reng “go tlhoka diyo.” Ka jalo a bonala e supela kwa nakong ya leuba, fa meno a tla bo ale phepa ka go bo go se sepe se se jewang. Go phepafetse sentle he, gore Jehofa o ne a bontshitse bogosi jwa ditso tse di lesome tse di obamelang medimo ya disetwa gore ga a ba amogele ka go ba romelela leuba, fela jaaka a kile a ba tlhagisa. (Duteronome 28:48) Lefa go ntse jalo, ga go epe ya tseno kana tse dingwe tsa katlholo ya bomodimo tse di neng tsa tsena mo dipelong tsa batho bano ba ba robang kgolagano.—Amose 4:6, 8-11.
○ 5:2—Fa Amose a ne a bua polelelopele ya gagwe, batho gammogo le naga ya Iseraele ba ne ba ise ba busiwe kana go senngwa ke puso a sele. Ka jalo, ba ne ba ntse jaaka lekgarebane. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng di sekae fela, lekgarebane la Iseraele le ne le tla wela mo diatleng tsa Baasiria mme le ne le tla ya kwa “bochwaron go pota Damaseko ka kwa pele.” (Amose 5:27) Amose o tlhomamisegile fela thata ka go senngwa ga Iseraele ka ntlha ya go sa ikanyege ga gagwe mo e leng gore o go tlhalosa jaaka ekete go setse go diragetse.
○ 7:1—“Boyan yo bo tlhogilen morago kgosi a sena go sega” go lebega go rewa lekgetho kana sehuba se se tshwanetseng go ntshiwa ke kgosi go bonela diphologolo le bapagami ba gagwe ba dipitse dijo. Lekgetho la kgosi le ne le tshwanetse go duelwa pele mme batho ba ne ba tla kgona go bona “boyan” kana phulo. Mme pele ba ka dira jalo, go ne ga tla tsie mme ya ja dijalo tsotlhe.
○ 8:2—Maungo a selemo a ne a kgetliwa fa paka ya thobo a ne a ya kwa bokhutlong. Ka jalo go khutla ga ngwaga wa temo go ne go tshwantshetsa bokhutlo jwa Iseraele. “Ga nketla ke tlhola ke ba heta hela gope,” go bua jalo Jehofa. Katlholo ya gagwe ya go bolaya morafe e ne a setse a tla diragadiwa.
○ 9:7—Jehofa o ne a tlhopha Baiseraele, ka ntlha ya boikanyegi jwa borraabonemogolo, mme o ne a golotse borraabonemogolo kwa botshwarong jwa Egepeto, mme a ba tlisa mo Kanana. Ba ne ba sena lebaka la go ikgogomosa ka seno, ka go bo ba ne ba tshwana fela le BaKushe ka ntlha ya boikepo jwa bone. (Bapisa Baroma 2:25.) Ka mo go tshwanang, go bo ba golotswe kwa Egepeto go ne go ka seka ga tlhomamisa gore ba ne ba tla tswelela ba amogelwa ke Modimo fela jaaka Bafilisitia le Baasiria ba ne ba nna mo mafelong a e neng a se a bone pele. Go bo borraabonemogolo ba ne ba ikanyega go ne go ka seka ga boloka Baiseraele. Gore ba nne ba ntse ba amogelwa ke Modimo go ne go ikaegile ka go dira ga bone tumalanong le go rata ga gagwe.—Amose 9:8-10; Ditihō 10:34, 35.