LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 3/15 ts. 17-22
  • Temogo eo Jehofa a Ilena a e Naya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Temogo eo Jehofa a Ilena a e Naya
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Modimo ke Tharonngwe
  • Lefelo le, le Tshwanetseng la Leina la Modimo
  • A Moya wa Motho ga o Swe?
  • Boitsholo jwa Bokeresete mo Lefatsheng la Thubakanyo
  • Go Diragadiwa ga Dipolelelopele tsa Bibela
  • Lebelela kwa go Jehofa go Bona Temogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Gola mo Kitsong e e Tlhomameng ya Boammaaruri
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Jehofa o Tlotlomatsa Leina la Gagwe
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Tsela ya go Boela Modimong wa Boammaaruri
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 3/15 ts. 17-22

Temogo eo Jehofa a Ilena a e Naya

“Me ba ba nang le temogo mo bathong ba tla rata batho ba le bantsi tlhaloganyo.”—DANIELE 11:33, “NW.”

1, 2. (a) Lefa Baiseraele ba ne ba itemogela bopelonomi jwa lorato jwa Modimo, ke ka ntlhayang fa ba ne ba tsuologa? (b) Ke eng seo go ka re solegelang molemo go se dira? (Yeremia 51:10)

BATHO ba Iseraele wa bogologolo ba ne ba itse gore Jehofa a ne a le ene fela Modimo wa boammaaruri. Ba ne ba He ba bolelelwa ka ditirisano tsa gagwe le borraabone mogolo, mme ba ne ba itemogetse bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato. Mme ba ne ba itshwara ka tsela ya go tlhoka temogo fela thata ka makgetlo a mantsi. Ba ne ba ‘tlhoka kutlo’ mo go Jehofa le baemedi ba gagwe. Ka ntlhayang? Ka go bo “ga baa ka ba gakologelwa” seo a neng a se ba diretse. (Pesalema 106:7, 13) E ne a se ka ntlha ya go bo ba ne ba sa itse dilo tseno; ba ne ba palelwa ke go tlhatlhanya ka tsone ka kanaanelo. Ga felela ka gore ba itshupe jaaka ‘batho ba ba eletsang dilo tse di bosula.’—1 Bakorintha 10:6.

2 Mo motlheng wa rona, tsela a kgolo eo Jehofa a tlhaolang basupi ba gagwe jaaka batho ba ba sa tshwaneng le bape ka yone ke ka temogo eo a e ba nayang ka phuthego ya gagwe e e bonalang. Go anaanela ga rona tsela eo Jehofa a kaelang batho ba gagwe ka yone go nonotshiwa ke fa re boeletsa dikai dingwe tsa temogo e e ntseng jalo. Nngwe ya tsone a kopanyeletsa mooko wa tumelo ya ronago re Modimo ke mang.

A Modimo ke Tharonngwe

3. Ke eng se se neng sa kgonisa batlhanka ba ga Jehofa, mo dingwageng tse di lekgolo tse di fetileng, go lemoga boammaaruri jwa gore Modimo ke mang? (1 Bakorintha 8:5, 6)

3 La-Bodumedi a Re ya bolela a sa kgwe mathe gore ba ba sa dumalaneng le thuto ya Tharo-nngwe ke diingaodi. Mme go na le gore ba tshosiwe ke batho, batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba lemoga gore, ga se dingwao kana ditumelo tsa batho ba ba sa tlhotlhelediwang mme j ke Dikwalo tse di Boitshepo tseo di neelanang ka ditekanyetso tsa go lemoga se a leng boammaaruri. Ba dira tumalanong le motheo ono, bogologolo ka 1882 baithuti bano ba ba ineetseng ba Bibela ba ne ba tlhalosa sentle mo go Watch Tower jaana: “Babadi ba rona ba lemogile gore lefa re dumela mo go Jehofa le Jesu Keresete, le Moya o o boitshepo, re gana gotlhelele thuto e e seng ya Dikwalo, ya gore bano ke Medimo e meraro mo mothong ale mongwe, kana jaaka ba bangwe ba re, ke Modimo o le mongwe mo bathong ba bararo.”—Yohane 5:19; 14:28; 20:17.

4. (a) Fa ba ne ba batlisisa ka tlhoafalo, batho ba ga Jehofa ba ile ba lemoga gore motheo wa thuto ya Tharonngwe le matswela a thuto eo ke eng? (b) Ke ka ntlhayang fa Jehofa a ile a naya batlhanka ba gagwe temogo e e ntseng jalo?

4 Barati bano ba boammaaruri jwa Bibela ba He ba batlisisa ka tlhoafalo mme ba fitlhela gore tumelo ya Tharo-nngwe a tswa mo ditumelong tse eseng tsa Bokeresete. Mme ka go ithuta Dikwalo ka kelotlhoko, ba ile ba tlhaloganya gape gore fa ditemana dingwe tsa Bibela go lebega ekete di tshegetsa Tharonngwe, e a bo a ne e le ka ntlha ya dipono tsa baranodi tse di sekametseng ntlha a le nngwe, eseng gore ke seo se neng se le mo mekwalong ya dipuo tsa ntlhantlha. Ba ne ba lemoga gore thuto eo, e e neng a lebega a tlotla Jesu, a ne tota a le kgatlhanong le dithuto tsa gagwe ebile e tlontlolola Jehofa. Ka jalo, tokololo ya Watch Tower a go builweng ka yone fa godimo a ne ya bua jaana: “Go a re tshwanela rona jaaka babatli ba boammaaruri, go dirisana mmogo ka boikanyego gammogo le Lefoko la ga Rraarona, leo eleruri le ka re tlhalefisang. Ka jalo, re ntse re tlhokomologa dingwao le ditumelo tsa banna ba ba sa tlhotlhelediwang le ditsamaiso tse di boikepo, a re tshwareleleng mo mafokong a a utlwalang a a tswang mo Moreneng wa rona le mo Baaposetoloing.” Ka go bo ba ne ba rata boammaaruri thata ebile ba ne ba sa tlhokomele fela ditemana di sekae tse ba di ratang tsa Bibela mme ba rata Lefoko lotlhe la Modimo, Jehofa o ne a ba naya temogo e e neng ya ba farologanya le La-Bodumedi thata thata.—2 Timotheo 3:16, 17; bona New World Translation Reference Bible, tsebe 1580, karolo 6B.

Lefelo le, le Tshwanetseng la Leina la Modimo

5. Ke eng se se neng se tlhotlheletsa batho gore ba ganelele mo go tlogeleng leina la Modimo la botho mo dithanolong tsa Bibela? (Tshenolō 22:18, 19)

5 Elatlhoko sekai seno sa bobedi: Fa dipalo tse dikgolo tsa dithanolelo tsa Bibela di ne di ntse di timetsa kana di tlogela leina la Modimo gotlhelele, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa gatelela thata botlhokwa jwa leina leo. La-Bodumedi a ne ya gatelela gore go tlosiwa ga leina Jehofa go ne go tla dira gore diefangele di ikuele thata mo bathong mo lobopong lotlhe, mme batlhanka ba ba tloditsweng ba ga Jehofa ba ne ba lemoga yoo a neng a ikarabelela mo leanong leo la go tlosa leina le le botlhokwa go gaisa otlhe mo Dikwalong tse di Boitshepo. (Bapisa Yeremia 23:27.) Batho ba Modimo ba ne ba lemoga gore seno se ne sa tlhotlhelediwa ke Diabolo a dira jalo gore a tle a phimole leina la Modimo wa boammaaruri mo megopolong ya batho.

6. Go farologana le tsela ya La-Bodumedi, ke eng seo batlhanka ba Modimo ba neng ba se dira go goletsa leina la gagwe? (Ditihō 15:14)

6 Go farologana le tsela e e ileng ya tsewa ke La-Bodumedi go tswa fela mo ngwageng wa ntlha wa go gatisiwa ga yone (1879), Watch Tower a ne ya goletsa leina la Modimo, JEHOFA. Ka 1926 makasine ono o ne o na le setlhogo se se reng “Ke Mang yo o tla Tlotlang Jehofa?” (Pesalema 135:21) Ka 1931 baithuti bano ba Bibela ba ba neng ba kopanela le Mokgatlho wa Watch Tower ba ne ba tsaya leina Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10-12) Gape ba ne ba lemoga ka botlalo botlhokwa jo bogolo jwa go itshepisa leina la ga Jehofa. (Isaia 12:4, 5) Ba ne ba simolola go gatisa Bibela ya American Standard Version ka 1944, eo a neng a na le leina Jehofa ka makgetlo a a fetang 6 800. Lefa go ntse jalo, fa a le kaga go gatisa Bibela, seo se neng se tlhomologile thata a ne a le go gatisiwa ga New World Translation, fa esale ka 1950. E ne ya busetsa leina la bomodimo mo lefelong la lone le le siameng mo Dikwalong tsa Sehebera le tsa Segerika tsa Bokeresete.

7. Go gatelelwa ga leina la Modimo le seo le se kopanyeletsang go ne ga ama batho ba bantsi ka mo go molemo fang?

7 Go gatelelwa ga leina la botho la Modimo go ile ga kgatlha dimilione tsa batho ba ba ratang tshiamo go dikologa kgolokwe. Go ne ga ba thusa go anaanela Modimo wa boammaaruri jaaka Motho. Mme ereka ba itse ditsela tsa gagwe, ba ile ba kgona go itshwara ka matsetseleko, kana ka temogo.—Mika 4:2, 5.

A Moya wa Motho ga o Swe?

8. Kwa tshimologong ya hisitori ya bone ya motlha wa segompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ithuta eng ka moya le boemo jwa baswi?

8 Jaanong sekai sa boraro ke seno: Mo tshimologong ya hisitori ya batlhanka ba ga Jehofa ya motlha wa segompieno, go rata Lefoko la Modimo go ne ga ba bula matlho go bona boammaaruri jwa botlhokwa. Mo a ka nnang dingwaga tse di lekgoio tse di fetileng, “motlhanka eo o boikano le eo o botlhale” o ne a tlhaloganya ka phepafalo gore moya ga se sengwe se se botlhale se se kgonang go tswa se se nnang mo bathong mme ke motho ka boene. (Mathaio 24:45-47) Ka 1880 Watch Tower a ne ya tlhatlhoba mafoko a puo ya ntlhantlha a a ranotsweng jaaka Sheol le Hades mo Bibeleng mme ya supa gore mafoko ano a ne a emela lebitla. E ne ya bontsha gape gore batho ba ba neng ba atlholetswe Gehena ba ne ba senngwa, eseng go bogisiwa.—Bona gape New World Translation Reference Bible, ditsebe 1573-5.

9. Ka 1894, Watch Tower a ne ya reng mabapi le koo thuto ya gore meya ya batho ga a swe e tswang gone?

9 Ka 1894 Watch Tower a ne ya botsa potso eno, “Jalo tumelo ya gore batho botlhe ba na le bosasweng, jo re tsholwang ka jone, jo re bo ruileng boswa, a tswa kae?” E ne ya araba jaana, ka temogo: “Fa re tlhatlhoba hisitori, re fitlhela gore, lefa thuto ya gore motho o na le bosasweng a sa rutiwe ke basupi ba ba tlhotlheleditsweng ba Modimo, ke thutokgolo ya bodumedi jwa boheitane. . . . Ka jalo, ga go boammaaruri gore Socrates le Plato ke bone batho ba ntlha go ruta thuto eno: a ne e na le moruti wa yone pele ga bone, mme o ne a nonofile go ba feta. Lefa go ntse jalo, ba ne ba phepafatsa thuto eo fela . . . mme ba ne ba e dira tumelo, mme ka jalo ba a dira gore e gogele le go dumelwa ke batho ba ba tlhabologileng fa esale ka motlha wa bone. Tumelo eno ya maaka a kwadilwe mo hisitoring ya bogologolo a motho a e itseng—Bibela. Moruti wa yone wa maaka a ne a le Satane.”a

10. Ke matswela afe a a bosula ao a neng a tswa mo maakeng a bodumedi mabapi le moya le boemo jwa baswi, mme go ne ga dirwa eng go thusa batho ba ba akanyang sentle?

10 Ka go anamisa maaka a gore batho botlhe ba na le moya o o sa sweng le gore baikepi ba tla bogisiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele, Satane o ne a senya le go tlhapatsa leina la Modimo. Morulaganyi wa ntlha wa Watch Tower, ebong C. T. Russell, o ne a lemoga seo. O ne a bona batho ba ba botlhale ba gana kgopolo ya go bogisiwa ka bosakhutleng, mme, ka mo go utlwisang botlhoko, ba gana gape le Bibela ka go bo ba ne ba akanya gore ke yone e e rutang thuto eo e e sa utlwaleng. E le gore a sinose se se neng se sirile ditlhaloganyo tsa batho ba ba akanyang sentle ba Metlha ya Diphifi, jaaka a ne a bolela, Mokaulengwe Russell o ne a neela puo eno e e tlhomologileng ya phatlalatsa “Go ya Diheleng le go Boa! Go na le Bomang koo.”

11. (a) Fa tirisabadimo a ne a simologa ke tlhagiso efe e e neng ya bolelwa ke setlhopha sa “motlhanka eo o boikano”? (b) Ke bomang ba ba ileng ba solegelwa molemo ke tlhagiso eno, mme fang?

11 Oo a ne a le motlha oo tirisabadimo e neng ya simologa ka one. Mme ka temogo eo Jehofa a neng a e naya ka Lefoko la gagwe, setlhopha sa “motlhanka eo o boikano” se ne sa lemoga gore meya a go neng go twe ke ya baswi eo batho ba neng ba kgona go buisana le yone a ne a le badimona. Mabaka a a nonofileng a Dikwalo a ne a neelwa mo dipolelong tseno tsa phatlalatsa lefa di sena go kwalwa go hula matlho a batho ba ba pelo di ikanyegang bao go bona bodiphatsa jwa go tsenelela mo ditlwaelong tsa tirisabadimo. (Duteronome 18:10-12; Isaia 8:19) Ka ntlha ya temogo eno a Jehofa a e neetseng batlhanka ba gagwe, diketekete tsa batho go dikologa kgolokwe di ile tsa gololwa mo go tshabeng baswi, mo ditirong tsa tirisabadimo, le mo dingwaong tse di amanang le meya e e bosula.

Boitsholo jwa Bokeresete mo Lefatsheng la Thubakanyo

12, 13. (a) Tlhalosa Daniele 11:32, 33. (b) Bongwe jwa boammaaruri jwa motheo jwa Bibela joo bo re nayang motheo wa tlhaloganyo eo e neelwang ke “ba ba nang le temogo” ke bofe?

12 Moperofeti Daniele o ne a bontsha gore batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba tla bontsha temogo mo ntlheng a nngwe gape ya bone, eleng kgang eno ya botlhokwa—boitlhaodi. Morago ga go tlhalosa kgogakgogano e e fa Bare ga mebuso a megolo ya lefatshe ya bopolotiki ka botlalo, Daniele 11:32, 33 a bua jaana: “Ba ba ikepan kaga kgolagano, o tla ba timetsa ka mahoko a a borethe.” Ke gore, kgosi ya bokone ya mmusaesi o dira gore ba ba iphakang gore ke Bakeresete mme ba rata lefatshe, ba batla go amoeelwa ke lone. mme ka jalo ba tshwara ka lonyatso kgolagano ya ga Jehofa ya Bogosi joo Jesu Keresete o tla busang lefatshe lotlhe ka jone, ba nne batenegi. “Me,” Daniele o a tswelela, “batho ba ba itsen Modimo oa bone ba tla nna thata, ba tla diha ditiho tse dikgolo. Me [ba ba nang le temogo] mo bathun ba tla ruta batho bantsi.”

13 Temogo eo a tlhokegang gore motho a ka dirisana ka botlhale le maemo a a re dikaganyeditseng a a thubakanyo a bonwa fela mo go anaaneleng dithuto tsa motheo tsa Bibela. Ka kaelo ya ga Jehofa, setlhopha sa “motlhanka eo o boikano” se ne sa lemoga dithuto tseno. Nngwe ya tsone ke ntlha ya gore jaaka Jesu a ne a bontsha, mmusi wa lefatshe leno ke Satane Diabolo. (Luke 4:5-8; Yohane 12:31) Go dumalana le boammaaruri jono, 1 Yohane 5:19 a oketsa ka gore eseng fela karolonyana a le nngwe kana a nngwe mme go re “lehatshe yeotlhe [batho botlhe ba ba leng ka kwantle ga phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete] le namaletse ha tlhatse ga eo O boshula.” (Tshenolō 12:9) Ereka Jesu a boletse gore barutwa ba gagwe ba ne ba se kitla ba nna “ba lehatshe,” seno se tlhoka gore ba bontshe boitlhaodi jwa Bokeresete.—Yohane 17:16.

14. (a) Go ilwe ga gogelwa tlhokomelo ya batlhanka ba ga Jehofa mo dikgannyeng dife tse di neng di le mo nakong ka 1939 le 1941? (b) Temogo e e ntseng jalo a ne ya thusa Basupi ba ga Jehofa fang go dira ka botlhale?

14 Ka jalo, go ne go le mo nakong, gore jaaka Ntwa ya Lefatshe II a ne a simolola go kukela mo Yuropa, kgang ya boitlhaodi jwa Bokeresete a tlotlornadiwe mo go The Watchtower ya November 1, 1939. Boammaaruri bongwe jwa motheo jo bo amanang le seno kebotlhokwa jwa kganetsano ya bolaodi jwa lobopo le seabe sa Bogosi jwa Bomesia mo go rarabololeng kganetsano eno. Go a tshwanela he go bo kgang eno a He ya buiwa kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa mo St. Louis, Missouri, kwa U.S.A., ka 1941, mme le mo ngwageng o o latelang mo bukeng The New World. Abo temogo eno ya bomodimo a sireleditse batlhanka ba ga Jehofa jang ne mo lefatsheng leno le le kgaoganeng ebile le lwa! Lefa ditsamaiso tsa bodumedi jwa La-Bodumedi di He tsa kgaogana ka go bo di He tsa itetla go tsena mo ntweng ya merafe yotlhe le mo mekgatlhong ya dirukhutli go diga dipuso, Basupi ba ga Jehofa mo mafatsheng otlhe ba He ba tswelela go ineela mo go anamiseng Bogosi jwa Modimo jaaka tsholofelo e le yosi fela ya batho ba le seoposengwe. Ba ne ba nna ba tshwaregile mo tirong eno ya go boloka matshelo eo Jesu Keresete a neng a e bolelela pele fa a ne a re: “Mahoko a a Molemo a, a bogosi, a tla rerwa mo lehatshin yeotlhe, go nna chupo mo merahin eotlhe; hon ke gona bokhutlo bo tla tlan.”—Mathaio 24:14.

Go Diragadiwa ga Dipolelelopele tsa Bibela

15. Ke ka ntlhayang fa batlhanka ba ga Jehofa ba He ba nna le temogo?

15 Ke ka ntlhayang fa batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba nna le temogo e e ntseng jalo? Ka go bo ba na le tsholofelo mo Lefokong le le kwadilweng la Modimo, ba le obamela, mme moya wa ga Jehofa o le mo go bone. Seno se ne sa ba kgonisa gape go tlhaloganya dipolelelopele tsa botlhokwa tsa Bibela mme eno ke ntlha ya botlhano a re tlileng go e tlhatlhoba.

16, 17. (a) Ke ka ntlhayang fa matlha ao a dirisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa fa gongwe a farologana le ao a filweng ke baithuti ba hisitori? (b) Basupi ba ga Jehofa ba He ba solegelwa molemo fang ke go tshepa ga bone Bibela mabapi le letlha la ngwaga wa bo-20 wa ga Artaxerxes le fa Jerusalema a ne a senngwa ke Bababelona?

16 Baithuti ba ditiragalo, ba ba ikaegang ka ditlhaloso tsa bone tseo mo mabakeng a mantsi eleng dikapetla fela tse di ribolotsweng ke baithutamarope, ba He ba swetsa ka gore 464 B.C.E. a ne a le ngwaga wa ntlha wa puso ya ga Artaxerxes Longimanus le gore 604 B.C.E. a ne a le ngwaga wa ntlha wa bogosi jwa ga Nebukadenesare II. Fa a le gore seo se ne se le boammaaruri, ngwaga wa bo-20 wa ga Artaxerxes o tla simolola ka 445 B.C.E., mme letlha la go senngwa ga Jerusalema ke Bababelona (ka ngwaga wa bo-18 wa puso ya ga Nebukadenesare) a tla nna ka 587 B.C.E. Mme fa moithuti wa Bibela a dirisa dingwaga tseno mo go boneng nako ya tiragatso ya boperofeti, o ne a tla tlhakana tlhogo.

17 Basupi ba ga Jehofa ba nnile ba kgatlhegela dithibololo tseno tsa baithutamarope ka jaana di amana le Bibela. Lefa go ntse jalo, koo phuthololo ya dithibololo tseno e ganetsanang le dipolelo tse di phepafetseng tsa Bibela, re amogela ka tlhomamisego seo Dikwalo tse di Boitshepo di se bolelang, ekane a le ka dikgang tse di amanang le tlhatlhamano ya metlha k.ana kgang epe fela. Ka baka leo batlhanka ba ga Jehofa ba He ba lemoga bogologolo gore nako ya boperofeti e e neng ya simolola mo ngwageng wa bo-20 wa ga Artaxerxes a ne a tshwanetse go balwa go tloga ka 455 B.C.E. le gore ka jalo Daniele 9:24-27 a ne a supa go ngwaga wa 29 C.E. ka letlhabula jaaka nako ya go tlodiwa ga ga Jesu jaaka Mesia.b Ka lebaka le le tshwanang, ba ne ba lemoga gore boperofeti jo bo mo go Daniele kgaolo 4 kaga “metlha a shupa” bo ne jwa simololwa go balwa ka 607-606 B.C.E. le gore bo ne bo supa gore 1914 C.E. ka letlhabula a ne a tla nna ngwaga oo Keresete a neng a tlhomiwa jaaka Kgosi e e busang kwa legodimong ka lone le gore lefatshe leno le ne le tsena mo motlheng wa bokhutlo ka nako eo.c Mme ba ka bo ba seka ba lemoga ditiragatso tse di kgatlhisang tseno tsa boperofeti fa a le gore ba ne ba He ba belaela gore Dikwalo tse di Boitshepo di ne di tlhotlheleditswe. Ka jalo, temogo eo ba ileng ba a bontsha a He ya nna ya amana ka tlhamalalo le go ikaega ga bone ka Lefoko la Modimo.

18. Ke eng seo Isaia 65:13, 14 a se solofetsang mabapi le boemo jwa semoya jwa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa?

18 Fa a bapisa boemo jwa semoya jwa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang le jwa batho ka bongwe le ditlhopha tseo ka motlhofo fela di kgaphelang Dikwalo kwa thoko mme mo boemong jwa seo ba amogela sepe fela seo mo nakong eo se rategang, Jehofa o bua jaana: “Bonan, batlhanka ba me ba tla ya, me lona to tla bolawa ke tlala: bonan, batlhanka ba me ba tla nwa, me lona to tla nyorwa: bonan, batlhanka ba me ba tla itumela, me lona to tla tlhaywa ke ditlhon: Bonan, batlhanka ba me ba tla opela ka go thama ga pelo, me lona to tla lela ka go yewa ke moetlo mo moen, le ka bohutsana yoa pelo to tla bokolela.”—Isaia 65:13, 14.

19. (a) “Motlhanka eo o boikano le eo o botlhale” o dirisa eng segolo bogolo mo go neeleng ditlhaloso tsa Dikwalo? (b) Ke mofuta ofe wa thulaganyo ya go ithuta o o ka re dirang gore re solegelwe molemo ke dijo tsa semoya ka botlalo?

19 Jaaka poeletso a khutshwane eno ya hisitori a He ya bontsha, Jehofa o He a re naya ditlhaloso tsa botlhokwa tsa boammaaruri jwa Dikwalo ka “motlhanka eo O boikano le eo o botlhale” a dirisa Tora ya Tebelo. Setlhopha sa “motlhanka” se dirisa Tora ya Tebelo jaaka sedirisiwa sa konokono mo go ntsheng dijo tsa semoya. A o solegelwa molemo ka botlalo go tswa mo go seno? A o bala tokololo nngwe le nngwe, mme a thulaganyo ya gago ya go ithuta e kopanyeletsa go bala Dikwalo tseo di umakilweng mme di sa tsopolwa? A gape o itlwaeditse go tlhatlhanya ka se o se ithutileng, o aga kanaanelo mo go cone, go tlhatlhoba gore di tshwanetse go ama fang boikutlo jwa gago, dikeletso tsa gago, ditiro tsa gago tsa letsatsi le letsatsi, mekgele ya gago ya botshelo? Go dira jalo go ka ama go dira ga gago ditshwetso tse di thailweng mo temogong ya mmatota eo eleng Jehofa fela a ileng a e naya.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Satane o ne a dira Efa go dumela gore fa a santse a tshela mo nameng ga a kitla a swa gotlhelele. (Genesise 3:1-5) Jalo o ne a simolola thuto ya maaka ya gore moya wa motho ga o swe mme o tswelela o tshela morago ga go swa ga mmele moragonyana fela jaana.—Bona The Watchtower, ya September 15, 1957, tsebe 575.

b Insight on the Scriptures, Bolumo 2, ditsebe 614-16, 899-901.

c “Let Your Kingdom Come,” ditsebe 186-9.

O Gakologelwa eng?

◻ A Modimo ke Tharonngwe, mme ke ka ntlhayang fa o araba jalo?

◻ Leina la Modimo le tshwanetse go nna kae?

◻ A moya wa motho ga o swe?

◻ Ke temogo efe eo Jehofa a e neetseng Bakeresete mabapi le boitsholo mo lefatsheng leno la thubakanyo?

◻ Basupi ba ga Jehofa ba ne ba amogela temogo efe mabapi le tiragatso ya boperofeti jwa Bibela?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

“Motlhanka eo O boikano le eo O botlhaie” o nays temogo le bokao jwa Dikwalo le tiragatso ya tsone mo motlheng wa rona a dirisa Tora ya Tebelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela