Mo Ditseleng Tsotlhe tsa Modimo go na le Tshiamo
“Lehikwe, tiho ea gagwe a itekanetse: gonne ditsela tsa gagwe cotlhe ke tshiamisho; Modimo o o boikano, o o senan tshiamololo, ona o tekatekanyo, o tshiama—DUTERONOME 32:4.
1. Ke dinonofo dife tsa ga Jehofa tseo Moshe a neng a di tlotlomatsa mo pineng ya gagwe go Baiseraele pele ga a swa, mme ke ka ntlhayang fa a ne a tshwanelegela go bua jaaka a ne a dira?
JEHOFA, moatlhodi yo mogolo, Monei-Molao, le Kgosi, “o rata tshiamo le tshiamisho.” (Pesalema 33:5; Isaia 33:22) Moshe, motsereganyi wa kgolagano ya Molao le moperofeti “eo Yehofa o na a mo itse go lebanywe dihatlhogo,” o ne a tlwaelana fela thata le ditsela tsa ga Jehofa tsa tshiamo. (Duteronome 34:10; Yohane 1:12) Ka bokhutshwane pele ga Moshe a swa, o ne a tlotlomatsa nonofo a kgolo ya ga Jehofa ya tshiamo. Fa a ne a reeditswe ke phuthego yotlhe ya Baiseraele, o ne a bua mafoko a pina eno: “Lona, magodimo, sekegafi tsebe, me ke tla bua; a lehatshe le utlwe mahoko a molomo oa me . . . Ke tla opela leina ya ga Yehofa mokgosi: kaeafi Modimo oa rona bogolo. Lehikwe, tiho ea gagwe a itekanetse: gonne ditsela tsa gagwe cotlhe ke tshiamisho; Modimo o o boikafio, o o senafi tshiamololo, ona o tekatekanyo, o tshiamo.”—Duteronome 32:1, 3, 4.
2. Go nnile le tshiamo mo ditirong tsotlhe tsa Modimo jang, mme ke ka ntlhayang fa seno se le botlhokwa?
2 Mo ditirong tsotlhe tsa ga Jehofa go na le tshiamo, mme gantsi a dirwa ka botlalo tumalanong le botlhale jwa gagwe, lorato, le maatla. Mo go Yobe 37:23, motlhanka wa Modimo Elihu o ne a gakolola Jobe jaana: “Kaga Mothataeotlhe, ga re kake ra mo tlhantlhabetsa: o tlotlometse mo thatefi: mo katlholofi le mo tshiamishofi e e tletsefi, ga a ketla a patika.” Gape Kgosi Dafide o ne a kwala jaana: “Yehofa o rata katlholo; ga a latlhe baitshepi ba gagwe.” (Pesalema 37:28) Abo a le tlhomamisetso e e gomotsang jang ne! Mo ditseleng tsotlhe sa Modimo, ga a kitla a latlha ba ba ikanyegang mo go ene lefa a le ka motsotswana o le mongwe fela. Tshiamo ya Modimo a tlhomamisetsa seno!
Lebaka la go bo go Sena Tshiamo
3. Ke eng seo se tlhaelang mo bathong gompieno, mme seno se amile kamano ya motho le Modimo jang?
3 Ereka Jehofa a le Modimo wa Tshiamo, Ene yo o ratang tshia mo, le “Motlhodi oa dikhutlo tsa lehatshe,” ke ka ntlhayang fa go sena tshiamo jaana gareng ga batho gompieno? (Isaia 40:28) Moshe o araba jaana mo go Duteronome 32:5: “Ba o ipodiseditse, ga se bana ba gagwe, me ke sechubaba mo go bone; ke losika to to logwadi, to to kgopo.” Tiro ya motho ya tshenyo a mo kgaogantse fela thata le Mmopi wa gagwe mo eleng gore dikgopolo le ditsela tsa Modimo di tlhalosiwa jaaka tse di kwa godimo go na le tsa motho “yaka magodimo a le kwa godimo bogolo go lehatshe.”—Isaia 55:8, 9.
4. Motho o ikgethetse go tsaya tsela efe, mme seno se mo gogetse kae?
4 O seka wa lebala le ka motlha gore motho O ne a sa bopiwa ke Mmopi wa gagwe go dira dilo a sa laolwe ke Ene. Jeremia o re lemotsha botlhokwa jwa seemo se sentle, ka go re: “Yehofa, kea itse ha tsela ea motho a se mo go ena ka esi: ga goeo mo mothufi eo o tsamaeafi ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Yeremia 10:23) Go gana ga motho ditsela tsa tshiamo tsa Modimo le puso ya gagwe go mo lerile tlaseng ga matsholo a a farologaneng gotlhelele le a a maatla fela thata, ebong Satane Diabolo le diganana-ka-ene tsa badimona. Moaposetoloi Johane o tlhalosa seo jaana ka go gatelela: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” Matsholo ano a badimona ga a na kgatlhego gotlhelele mo go godiseng tshiamo gareng ga setho.—1 Yohane 5:19.
5. Naya dikai tsa go tlhoka tshiamo mo lefatsheng gompieno.
5 Sekai sa go tlhoka tshiamo mo malatsing ano a bofelo a tsamaiso eno ya dilo se ne sa tlotlomadiwa ka 1984 ke ramolaomogolo wa U.S., ebong William French Smith. Fa a ne a akgela ka patlisiso ya batho bao ba neng ba latlhelwa mo kgolegelong mo dinageng tse 12 tsa Amerika gareng ga 1977 le 1983, Smith o ne a re: “Batho ba ntse ba tsaya gore batlolamolao ba ba bosula thatababolai, babeteledi, barekisa-diokobatsi—ba atlholwa mo go lekaneng. Patlisiso ya lephata leo . . . e bontsha kafa go leng motlhofo ka gone gore dikebekwa tseo di thatafetseng pelo di boele gape mo mebileng ba ya go dira bokebekwa jo bosha.” Ga go gakgamatse go bo Paul Kamenar wa Washington Legal Foundation a ne a re: “Gantsi tsamaiso ya boatlhodi a repile.”
6. (a) Seemo sa boitsholo sa Juda a ne a le sefe pele a ya botshwarwa? (b) Ke dipotso dife tseo Habakuke a neng a di botsa, mme a di a dira gompieno?
6 Katlholo a ne a repile mo morafeng otlhe wa Juda pele ga go fenngwa ga one ke masole a Babelona ka 607 B.C.E. Ka gone, moperofeti wa Modimo Habakuke o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo gore a re: “Molao o [repisitswe], le katlholo ga a tlhole a cwelela gope: gonne baikepi ba dikanyeditse basiami: ke gona kaha katlholo a cwelelan pele a shokamisicwe ka gona.” (Habakuke 1:4) Seemo seno se se sa siamang se ne sa dira gore moperofeti yoo a botse Jehofa ka go re: “Ana a lebelan hela bone ba ba bononwane? a didimalelan mogan moikepi o kometsan motho eo o siamen bogolo go ena.” (Habakuke 1:13) Gompieno, batho bao ba amiwang ke ditiro tsa go tlhoka tshiamo mo dikarolong tsotlhe tsa ditiro tsa motho ba ka nna ba botsa ka go re: Ke ka ntlhayang fa Modimo wa tshiamo o tswelela go lebelela fela go tlhoka tshiamo mo go dirwang mo lefatsheng? Ke ka ntlhayang fa o letlelela gore ‘tshiamo a sokamisiwe’? Ke ka ntlhayang fa o ‘didimala’? Dipotso tseno ke tsa botlhokwa, mme ke Lefoko la Modimo fela le le rategang, eleng Bibela, leo le nayang dikarabo tsa boammaaruri le tse di kgotsofatsang.
Lebaka la go bo Modimo o Letleletse Tshiamololo
7. (a) Ke ka ntlhayang fa motho a ne a latlhegelwa ke Paradaise eo Modimo o neng o e mo neile? (b) Ke dikganetsano dife tseo di neng tsa tsosiwa kwa Edena, mme tshiamo ya Modimo e ne ya arabela jang go tseno?
7 Ditiro tsa Modimo di itekanetse, jaaka Moshe a ne a tlhomamisa jalo. Seno se ne se le boammaaruri ka banyalani ba ba itekanetseng ba batho ba Modimo a neng a ba beile mo Paradaiseng ya Edena. (Genesise 1:26, 27; 2:7) Thulaganyo eo yotlhe a ne a siametse go tshela sentle ga setho le boitumelo ka botlalo. Pego ya bomodimo a re bolelela jaana: “Modimo oa bona senwe le senwe se o se dihilen, me, bonan, ga bo go le molemo thata.” (Genesise 1:31) Mme thethebalo ya kwa Edena a ne ya seka ya tsaya lobaka to loleele. Ba tlhotlhelediwa ke setshedi sa semoya se se neng se tsuologile, Efa le monna wa gagwe, ebong Adame, ba ne ba dirwa gore ba ganetsane le Jehofa ka tsela ya Gagwe ya go busa. Jaanong go ne ga belaelwa gore a ditaolo tsa Modimo di ne di ba siametse. (Genesise 3:1-6) Kgwetlho eno ya tshiamo ya puso ya Modimo a ne ya tsosa dikganetsano tsa botlhokwatlhokwa. Pego ya ditiragalo ya monna yo o ikanyegang Jobe a supa gore jaanong bothokgami jwa dibopiwa tsotlhe tsa Modimo le jone bo ne bo belaelwa. Tshiamo a ne a tlhoka gore go letlelelwe nako go rarabolola dikganetsano tseno tse di botlhokwa mo lobopong lotlhe.—Yobe 1:6-11; 2:1-5; bona le Luke 22:31.
8. (a) Ke seemo sefe sa matlhotlhapelo seo motho jaanong a neng a iphitlhela a le mo go sone? (b) Ke eng se se solofetsang mo pineng ya ga Moshe?
8 Seemo sa matlhotlhapelo seo setho se leng mo go sone, seo se bakilweng ke go kgaphelwa kwa thoko ga ditsela tse di siameng tsa Modimo, se sobokanngwa ke Paulo mo go Baroma 8:22. Mo go yone moaposetoloi yoo o kwadile jaana: “Lobopo lotlhe to nntse loa hegelwa, me to nntse to le mo botlhokun mmogo ekete yoa pelego, le gompiyeno.” Bogolo jwa go “hegelwa” moo le “botlhokun” a nnile ka baka la go sa nneng gone ga tshiamo gareng ga batho ka ‘motho a na le thata mo go yo mongwe go ikutlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Me abo re leboga Modimo Mothatayotlhe jang ne go bo a se kitla a letla tshiamo e e sokamisitsweng eo go tswelela pele goyagoile! Mabapi le seno, elatlhoko seo Moshe a se tlhalosang gape mo pineng ya gagwe, mo go Duteronome 32:40, 41: “Yaka ke tshela ka bosakhutlen, Ha ke [Jehofa] lootsa chaka ea me e e shadian, me ha lecogo ya me le chwara katlholo; ke tla ipusholosa mo baben ba me, ke itehetsa mo go bane ba ba nkilan.”
9. Tlhalosa kafa seatla sa ga Jehofa se neng sa “chwara katlholo” ka gone fa motho a ne a tsuolola.
9 Letsogo la ga Jehofa le ne la “chwara katlholo” bogologolo koo mo Edena. Kwantle ga tiego, ka tshiamo Modimo o ne wa atlholela motho loso ka gonne a ne a se kile a utlwa ditaelo tsa Gagwe ka boomo. O ne a raya Adame a re: “O lorole, me a tla boela mo lorolen.” (Genesise 3:19) Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a sobokanya diphelelo tse di maswe tseo tse di wetseng lelapa lotlhe la motho ka baka la go leofa ga ga Adame. O ne a kwala jaana: “Yaka boleo bo tsenye mo lehatshin ka motho a le monwe hela, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetela mo bathun botlhe, ka botlhe ba leohile.”—Baroma 5:12.
10. Ke masika afe a mabedi ao a nnileng gone fa esale ka go tsuologa ga ga Adame, mme Jehofa o He a itshwara jang?
10 Morago ga tshimologo ya botsuolodi jwa motho, Modimo o ne wa tlhalosa gape jaana: “Ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwe: lona to tla tapeta tlhogd ea gago, me wena a tla kgoba serethe sa gagwe.” (Genesise 3:15, 17-19) Masika a mabedi ano a nnile a bonala mo dingwageng tse 6 000, mme go ile ga nna le “bobaba” ka metlha fa gare ga one. Mme mo diphetogong tsotlhe tsa lefatshe, ditsela tsa ga Jehofa tsa tshiamo tsone ga di ise di ko di fetoge. O bua jaana, ka moperofeti wa gagwe Malaki: “Nna Yehofa ga ke hetoge.” (Malaki 3:6) Seno se tlhomamisitse gore ditsela tsa Modimo tsa go dirisana le batho ba ba sa itekanelang bao ba tsuologileng ka metlha di nnile le tshiamo. Jehofa ga a ise a ko a fapoge melaometheo ya gagwe e e kwa godimo, e e siameng lefa a le gangwe fela, fa a ntse a dumalanya melaometheo eno le dinonofo tsa gagwe tse di gakgamatsang tsa botlhale, lorato, le maatla.
Modimo o Golola Motho
11, 12. Pesalema 49 a tlhalosa seemo se se utlwisang botlhoko sa motho sentle jang?
11 Jaaka maoto a maleele a magolo a okotopase, tlhotlheletso e e bosula ya ga Satane e kgonne go akareletsa lelapa lotlhe la motho. Ao tlhe, abo batho ba tlhoka go gololwa jang ne eseng fela mo katlholong ya loso eo ba a sikereng mme gape le mo tsamaisong e e sa siamang ya puso e e sa itekanelang ya motho!
12 Seemo se se maswe se se rerisang seo motho a iphitlhetseng mo go sone fa esale a atlholelwa loso se tlhalosiwa sentle mo Pesalemeng e e latelang ya barwa ba ga Kora: “Lona dichaba cotlhe, utlwan mo; sekegan tsobb, lona banni botlhe ba lehatshe. Uo le babdtlana le bagolwane, bahumi le bahumanegi mmogo. Ga go na ope eo o ka rekololan nwana oa ga rragwe ka gope, leha a le go mo ntshetsa serekololo go se naea Modimo. (tonne thekololo ea moea oa bone a topo e e thata, me a na le go tlhobogwa ka bosakhutlen:) Gore a tla a nne a tshele ka metlha eotlhe, gore a se ka a bona go bola.” (Pesalema 49:1, 2, 7-9) Sotlhe seno se diragetse ka baka la go diragatsa tshiamo ga Modimo!
13, 14. (a) Ke mang fela yo o ka gololang motho, mme ke ka ntlhayang fa yo o neng a kgethiwa ke Modimo a tshwanela jaana? (b) Jesu o ne a nna “E” mo ditsholofetsong tsotlhe tsa Modimo fang?
13 Ke kae he, koo thuso a ka bonwang gone? Ke mang yo o ka gololang batho mo maatleng a loso? Pesalema a araba jaana: “Moea oa me Modimo o tla o rekolola mo thaten ea Bobipo.” (Pesalema 49:15) Ke lorato to logolo lwa Modimo fela, le kopane le tshiamo ya Gagwe, leo le ka gololang batho mo “thaten ea Bobipo.” Dipotso tsa rona di ne tsa arabiwa gape mo puisanong e e neng a tshwerwe bosigo ke Jesu le Mofarasai yo a neng a iketsetlhoko Nikodemo. Jesu o ne a mo raya a re: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ona eo o tsecwen a le esi, gore leha a le man eo o dumelan mo go ona a se ka a nyelela, me a bone botshelo yo bo sa khutlen.” (Yohane 3:16) Pele Morwa Modimo a tla mo lefatsheng, o ne a ntse a tshela le Rraagwe kwa legodimong. Mo go nneng gone ga gagwe mono pele a nna motho, go ne go buiwa ka ene jaaka ‘natehelelo ya barwa ba batho.’ (Diane 8:31) Abo go tshwanela, fang he, gore Jehofa a kgethe sebopiwa seno sa semoyaebong Morwa wa Gagwe yo o tsetsweng a le esigo tla go rekolola setho!
14 Mabapi le Jesu, Paulo o ne a re: “tonne leha dipolelo tsa choloheco tsa Modimo di ka bo di le dintsi yan, mo go ona go na le E, hela.” (2 Bakorintha 1:20) Nngwe ya ditsholofetso tseno tse di kwadilweng ke moperofeti Isaia go lebisiwa go yone mo go Mathaio 12:18, 21, koo re balang jaana malebana le Jesu: “Bonan motlhanka oa me eo ke mo itshenketsen; moratwi oa me, eo moea oa me o kgatlhegan thata mo go ena; ke tla baea Moea oa me mo go ena, me o tla bolelela Badichaba katlholo. Me Badichaba ba tla sholohela mo leinen ya gagwe.”—Bona Isaia 42:1-4.
15, 16. Go ne ga kgonagala jang gore Jesu a nne “Rara oa Bosakhutlen” go bana ba ga Adame?
15 Ka nako ya bodihedi jwa ga Jesu jwa selefatshe, o ne a phepafatsa sentle gore batho ba merafe yotlhe ba ne kgabagare ba ka solofela mo leineng la gagwe mme ka gone ba ipelela melemo ya tshiamo ya Modimo. Jesu o ne a re: “Morwa Motho [o] na a sa tla go dihelwa, me e le go dihela, le go ntsha botshelo yoa gagwe go nna thekololo ea batho ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Molao wa Modimo o o itekanetseng o o neng wa newa morafe wa Iseraele o ne o tlhalosa jaana: “Botshelo a bo cwelwe ke botshelo.” (Duteronome 19:21) Ka gone, morago ga fa Jesu a sena go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng mo losong a ba a tsosiwa ka maatla a Modimo go tlhatlogela kwa legodimong gape, o ne a le mo boemong jwa go naya Jehofa molemo wa botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa motho a duelela ditshwanelo tsa botshelo jwa ga Adame. Ka tsela eno, Jesu o ne a nna “Adame oa morago [kana wa bobedi]” mme jaanong o neetswe maatla a go nna “Rara oa Bosakhutlen” wa bana botlhe ba ga Adame ba ba dumelang.—1 Bakorintha 15:45; Isaia 9:6.
16 Tsela ya Modimo ya poloko ya paakanyetso e e lorato ya setlhabelo sa thekololo sa ga Morwawe, ebong Jesu Keresete, ka gone e ‘phepafaleditswe merafe.’ Mme eleruri a nnile le tshiamo ya bomodimo. Abo re tshwanetse go leboga jang go bo Modimo o baakanyeditse ka tsela ya gore ‘mewa ya rona a gololwe mo thateng ya Bobipo’!
Go Tshegetsa Thekololo
17, 18. C. T. Russell o ne a tshwaraganela tiro le mang ka bo-1870, mme Barbour o ne a mo gakgamatsa jang ka 1878?
17 Jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, Basupi ba ga Jehofa mo metlheng ya segompieno ba nnile ba tshegetsa thuto ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete ka metlha. Go a kgatlhisa go gakologelwa gore mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower, ebong Charles Taze Russell, ka nako nngwe a ne a le morulaganyimmogo le mothusa ka madi wa makasine wa bodumedi o o neng o bidiwa The Herald of the Morning. Makasine o lantlha o ne o gatisiwa ke Mosabata mongwe, ebong N. H. Barbour wa Rochester, kwa New York, U.S.A. Russell o ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo-20, mme Barbour o ne a le mogolo mo go ene thata.
18 Tshwaraganelotiro eo a ne a bonala e tsamaya sentle go fitlha ka 1878, fa Barbour ka mo go gakgamatsang a ne a gatisa setlhogo seo se neng se latola thuto ya motheo ya thekololo. Fa Russell a ne a tlhalosa se se neng sa diragala o ne a re: “Rre Barbour . . . o ne a kwala setlhogo mo go The Herald a latola thuto ya motheo ya Tetlanyoa latola gore loso lwa ga Keresete a ne a le tlhwatlhwa ya Thekololo ya ga Adame le lotso lwa gagwe, a bolela gore loso lwa Morena wa rona to ne to sa kake lwa kgona go duelela katlholo ya dibe tsa batho fela jaaka go tlhaba ntsi mo mpeng ka nnale le go a bogisa le go a bolaya go sa kake ga tsewa a le go atlholwa ka tshiamo ga molato wa ngwana ke motsadi wa selefatshe.”
19. (a) Russell o ne a itshwara jang ka pono ya ga Barbour ya thekololo? (b) A keletso ya ga Russell mabapi le Tora ya Tebelo a diragaditswe?
19 Russell o ka bo a ntse a fapositswe ke molekane wa gagwe yo o neng a le mogolo mo go ene, mme o ne a seka a faposiwa. Mo dikgweding di le mmalwa, go ne ga tswelela kganetsano nngwe mo ditsebeng tsa lokwalopaka loo, Barbour a latola thekololo mme Russell a kwala tumalanong le yone. Kwa bokhutlong, Russell o ne a ikgoga mo go kopaneng ka gope le Barbour mme a simolola go gatisa makasine ono, oo ka nako eo o neng o bidiwa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence. C. T. Russell o ne a kwala maikutlo ano kaga makasine ono o mosha: “Kwa tshimologong, o ne o ntse o le mmueledi o o kgethegileng wa Thekololo; mme, ka tshegofatso ya Modimo, re solofela gore o tla dira jalo go ya kwa bokhutlong.” A tsholofelo ya mokwadi Russell a diragaditswe? Eleruri a diragaditswe! Fa tsebe 2 ya tokololo yone eno a tlhalosa, e bolela gore makasine ono “o rotloetsa tumelo mo Kgosing e e setseng a busa eleng Jesu Keresete, yo madi a gagwe a a tsholotsweng a bulelang setho tsela ya go tshelela ruri.”
20. Ke dipotso dife tse di santseng di sa arabiwa?
20 Go tla go fitlha jaanong mo puisanong ya rona, re ile ra latela tsela ya Modimo ya tshiamo ya go bona tsela ya go golola setho mo katlholong ya sebe le loso eo a sikerweng ke lelapa la motho. Lorato to ne lwa baakanyetsa tsela eo. Lefa go ntse jalo, dipotso tse di tshwanang le tseno di santse di sa arabiwa: Melemo ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete e neelwa jang? O ka solegelwa molemo jang ke yone, mme ka bonako go le kana kang? Setlhogo se se latelang se neela dikarabo tseo go tlhomamisegang gore di tla oketsa tshepo ya gago ya gore mo ditseleng tsotlhe tsa Modimo go na le tshiamo.
O ne O ka Araba Jang?
◻ Modimo o tsaya tshiamo a le botlhokwa go le kana kang?
◻ Ke ka ritlhayang fa go na le tshiamololo a ntsi jaana gareng ga batho?
◻ Modimo o ne wa baakanyetsa batho kgololo mo losong jang?
◻ Tora ya Tebelo a tshegeditse thekololo go ya bokgakaleng jo bo kana kang?
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Moshe o bua mafoko a pine ya gagwe mo dipoeng tsa Moaba
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Modimo o ratile lefatshe mo go kalo kalo mo a neng a ntsha Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi