Pego ya Baboledi ba Bogosi
Mafoko a a Molemo a a Atlega mo Cyprus go sa Kgathalesege Kganetso
MOAPOSETOLOI Paulo o ne a rera matoko a a molemo a Bogosi mo Cyprus. (Ditihō 13:4-12) E ne e le ka 47-48 C.E. Gompieno, matoko a a molemo a rerwa mo setlhaketlhakeng sena se sentle ke Basupi ba ga Jehota ba le 1 154, mme ka April monongwaga, ba le 2 570 ba ne ba nna teng kwa tirelong ya Segopotso, se se bontshang gore go na le batho ba le bantsi ba dipelo tse di ikanyegang le bao ba boitang Modimo mo setlhaketlhakeng seno. Mme lemorora batho ba le bantsi ba amogela molaetsa wa kagiso wa Bibela oo ba o newang ke Basupi ba ga Jehota, baruti ba kereke ya Greek Orthodox, tel a jaaka baruti ba Bajuda ba motlha wa ga Jesu, ba kgatlhanong le tiro. (Yohane 15:20) Otisi ya lekala la Cyprus e kwala jaana: “Kereke ya Greek Orthodox e bontsha boikemisetso jwa yone jwa go kgoreletsa tiro ya rona ya go rera go teta leta e le leng pele.” Go tswa too pego eo e bo e tlhalosa kata baruti ba garaswanyang bakaulengwe mo bodiheding jwa bone jwa ntlo le ntlo ka gone le go leka go ba kgopisa gore ba ke ba omane nabo. Go tswa too ba bo ba ba pega molato wa gore ba tsosa pheretlhego, mme bakaulengwe ba gana go kgopisiwa ka go ikgaoganya le bone.
Eleruri, kganetso ya baruti gantsi e ba tlhabisa ditlhong, jaaka boitemogelo jo bo latelang bo bontsha: “Dikgwedi di sekae tse di tetileng, mosadi mongwe o ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehota, mme bosheng jaana monna wa gagwe o ne a kopanela. Go tswa too moruti mongwe o ne a etela banyalani bano, a solotetse go ba gapa maikutlo gore ba tlogele go ithuta Bibela. Moruti yoo o ne a leka go ba tlhalosetsa Tharo-nngwe. Morago ga loba ka lo lo rileng monna yoo o ne a tsenelela mo motlotlong a bo a re: ‘Ga ke tlhaloganye kata Jesu, yo jaanong a leng kwa legodimong a le mo mmeleng wa senama, jaaka o bolela, ka nako e e tshwanang a ka nnang mongwe tela le Modimo yo o leng mo sebopegong sa moya ka gone.’ Phetolo ya moruti yoo e ne e le: ‘Ebu, ga o tlhoke go tlhaloganya sengwe le sengwe.’ Motho yo o kgatlhegang yoo o ne a re: ‘Mme ke tlhaloganya gore Jesu ke Morwa Modimo mme eseng Modimo ka sebele. Ga ke sa tlhola ke batla go utlwa sepe kaga Tharonngwe.’ Fa a rialo moruti yoo o ne a ema ka dinao mme ka go galeta are: ‘O setse o gatetse pele mo thutong ya gago ya Bibela. Ga ke kake ka kgona go go tetola.’”
Jaanong mosadi yoo o nna teng kwa dipokanong tsotlhe mme o ne a kolobediwa kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Ikanye Jehofa.” Monna yoo o ntse o tsweledisa thuto ya gagwe mme o nna teng kwa dipokanong dingwe.
“Ka gone, go sa kgathalesege maiteko a bone, baruti bao ga ba kgone go titlhelela mokgele wa bone,” go tlhalosa jalo pego e e tswang kwa otising ya le ka la la Cyprus. “Go na le moo, seo re se lemogang ke gore batho ba ba kgatlhegang ba ba oketsegileng jaanong ba nna teng kwa dipokanong go teta pele. Ka nako e e tshwanang, bakaulengwe ba ikemiseditse go teta le eleng pele go isetsa bat ho ba dipelo tse di ikanyegang matoko a a molemo.” Jehota o tshegetsa baikanyegi ba gagwe tel a jaaka a ne a solotetsa gore o ne a tla dira jalo mo go Yeremia 1:19: “Ba tla tlhabana nau; mme ga ba ketla ba gu henya: gonne ke na nau, go bua Yehota, go gu golola.”