Go Itse Sengwe ka Gerika
Baagi ba ntlhantlha ba ba itsiweng ba Gerika ba ne ba bidiwa Ba-Ionia. Go dumelwa ta lelna leno le tswa go rraabo-mogologolwane ebong Javañ (Sehebera Ya·wanʹ), eleng morwa Jafethe mme ka gone e le setlogolwana sa ga Noa. (Genesise 10:1, 2) Mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete tsa Bibela, Gerika e bidiwa Hel·lasʹ. Ke lefatshe le le dithaba leo le tletseng matlapa, leo dingwe tsa dithaba tsa lone di tletseng dikgong. Bogologolo Bagerika ba ne ba nna baakanyi ba dikepe ba ba ditswerere.
Bagerika ba bogologolo ba ne ba na le medimo e le mentsi, eo e tlhalosiwang e ne e na le sebopego sa mot ho ebile e le mentie fela thata. Go bolelwa fa medimo eno e ne e ja, e nwa, ebile e robala; mme lemororo e ne e tsewa e le boitshepo e bile e le e e sa sweng, gape e ne e hepisa batho ebile e ba betelela gape e ne e kgona go tsietsa batho le go dira bokebekwa. Ditlhamane tseno tota e ka nna ya bo e le megopolo e e sokamisitsweng ya nako ya pele ga Morwalela fa barwa ba Modimo ba baengele ka go tsuolola ba ne ba tla mo lefatsheng, ba lala le basadi, ba tshola bana ba ba maatla ba ba neng ba bidiwa Banefilimo, ba bo ba tlatsa lefatshe leno ka thubakano.—Genesise 6:1-8, 13.
Ka lekgolo la bone la dingwaga B.C.E., Philip wa Makedonia, rraagwe Alexander the Great, o ne a simolola go bopaganya metse seka-naga eo pele e neng e ipusa ya Gerika, a dira gore e busiwe ke Makedonia. Mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E., Gerika e ne ya nna kgaolo ya Roma, mme ngwao ya Segerika e ne ya anama mo Roma.
Go dirisiwa ka bophara ga koi·neʹ ya Gerika go ne ga thusa mo go anameng ka bonako ga mafoko a a molemo a Bokeresete go kgabagnya kgaolo yotlhe ya Mediterraneañ.
Moaposetoloi Paulo o ne a etela kwa Makedonia le kwa Gerika mo loetong lwa gagwe lwa bobedi le lwa boraro lwa borongwa. O ne a tlhoma diphuthego tsa Bokeresete mo Filipi, Thesalonia, Korintha, le Berea. Silase, Timotheo, Tito, le Bakeresete ba bangwe ba ntlha le bone ba ne ba ruta fa. Gompieno, Gerika e na le diphuthego tse di fetang 320 tsa Basupi ba ga Jehofa le baboledi ba Bogosi jwa Modimo ba ba potang 23 000 ka kwa.