Bopelonomi jo bo sa Tshwanelang Jwa Modimo—O Seka wa Latlhegelwa ke Boikaelelo Jwa Jone!
“GO BUA kaga bodumedi . . . tota ke tiro ya moruti,” ga tlhalosa jalo leloko lengwe la kereke. (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Bangwe ba dumetse ka go re, “Ke Bakeresete ba sekae fela bao ba dirang boiteko jwa go abalana tumelo ya bone le ba bangwe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Mafoko a a ntseng jaana a gatelela ka phepafalo gore mo bontsing jwa batsenakereke ba gompieno, Bokeresete ke fela go dumela mo Modimong le mo go Keresete Mesia jaaka seomodiro.
Pono ya gago ke efe? Barutwa ba ga Jesu ba ne ba abalana tumelo ya bone le ba bangwe. (Luke 8:1) A Bakeresete gompieno ba tshwanetse go dira se se tshwanang? Kana fa e le gore Modimo ga o sa tlhola o tlhoka gore batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba nne baefangele, o batla gore ba dire eng? A Modimo o na le boikaelelo bongwe ka Bakeresete gompieno? Ee! Mme ka baka leno, tlhagiso ya ga moaposetoloi Paulo go Bakeresete ba Korintha ya go sa ‘amogele bopelonomi jwa Modimo jo bo sa tshwanelang mme ba latlhegelwa ke boikaelelo jwa jone’ e na le bokao mo go rona. (2 Bakorintha 6:1) A re bone gore ka ntlhayang.
Go Lemogiwa ga Boikaelelo Jwa Modimo
Jaaka Paulo, Bakeresete ba Korintha ba ne ba amogetse setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Ka baka la tumelo ya bone mo paakanyetsong eno, Jehofa o ne a ba kaya ba le tshiamo. Go amogela boammaaruri jwa Bomesia ka bodihedi jwa ga Paulo go ne go ba golola mo bokgobeng jwa ditiro tsa maaka, tsa boheitane, le tsa boitsholo jo bo sa siamang tseo Bakorintha ba bogologolo ba neng ba itsege ka tsone. Mo go bone, bopelonomi jwa Modimo jo bo sa tshwanelang bo ne bo raya go gololwa ga bone. Lefa go ntse jalo, a bopelonomi jo bo sa tshwanelang joo bo ne bo sena boikaelelo?
Nnyaa. Go na le moo, Jehofa o ne a ba golotse ka baka la boikaelelo jo bo tshwanang le boikaelelo joo a neng a golola Paulo mo ditlwaelong tse eseng tsa Dikwalo tsa borraagwe Paulo. Paulo ka boene o phepafatsa boikaelelo joo: “A ke dihilweñ modihedi oa aōna, kaha neoñ ea tshegōhaco euō ea Modimo, e ke e neilweñ . . . gore ke rèrèlè Badichaba mahumō a a sa kakeñ a hukudiwa a ga Keresete.” (Baefesia 3:7, 8; bapisa Bagalatia 1:15, 16.) Ee, boikaelelo jwa bopelonomi jwa Modimo jo bo sa tshwanelang e ne e le gore batlhanka ba gagwe ba obamele mo kobamelong ya boammaaruri—ba tlotlomatse leina la gagwe, ebong Jehofa, le go le itsise mo bodiheding jwa Bokeresete, fela jaaka Paulo a ne a dira.—Baroma 10:10.
Lefa go ntse jalo, fa Paulo a ne a kwalela lekwalo la gagwe lantlha go Bakorintha go ne go bonala sentle gore bontsi jwa bone ba ne ba latlhegetswe ke boikaelelo jwa bopelonomi jwa Modimo jo bo sa tshwanelang. Jang jalo? Go na le go boloka mofuta wa kobamelo eo e neng e le phepa ebile e amogelesega mo matlhong a Modimo, ba ne ba letleletse tlhotlheletso ya boitsholo jo bo sa siamang ya baagi ba Korintha go fifatsa ditlhaloganyo tsa bone. Go ne go begilwe dikgang gammogo le kgokahalo gareng ga bone. (1 Bakorintha 1:11; 5:1, 2) Bontsi jwa bao ba neng ba kopanela le phuthego eo ba ne ba baakanngwa ke kgakololo ya ga Paulo. Lefa go le jalo, Paulo o ne a sa batle gore ba tlhole ba nna le dipe gape tse di ba itayang tsebe mo bodiheding jwa Bokeresete. Ka gone, moragonyana o ne a ba gakolola gore ba seka ‘ba amogela bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo mme ba latlhegelwa ke boikaelelo jwa jone.’—2 Bakorintha 6:1.
Sekai sa Bogologolo
Seemo se se tshwanang le seno se ne se nnile gone makgolo a dingwaga pele ga moo. Ka dikgakologo tsa 537 B.C.E., Jehofa o ne a golotse morafe wa gagwe o o tlhophilweng wa Iseraele kwa botshwarong jwa Babelona ka kgosi ya Peresia ebong Kuruse. Boikaelelo jwa go gololwa ga bone bo ne jwa tlhalosiwa ke Kuruse ka boene mo molaong o o latelang: “Leha e ka bo e le mañ eo o gōna mo go lona oa batho botlhe ba gagwè, a Modimo oa gagwè o nnè naè, me a a tlhatlogèlè kwa Yerusalema, o o kwa Y uda, me a a agè ntlo e e mo Yerusalema ea ga Yehofa, Modimo oa Iseraela.”—Esere 1:1-3.
Ee, e ne e le nako e Modimo o neng a e tlhomile gore kobamelo ya boammaaruri e tsosolosiwe mo lefatsheng la Juda. Ka baka la bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa tshwanelang, Bajuda bao ba ba busitsweng ba ne ba nna le tshiamelo ya go aga tempele ya gagwe sesha mo Jerusalema. Ereka ba ne ba amogela kgwetlho eo, bafaladi ba ba boileng bao ba ne ba boela mo nagagaeng ya bone mme ba simolola tiro ya go tsosolosa tempele.—Esere 1:5-11.
Lefa go ntse jalo, mo nakong e khutshwane, morafe ono o o boileng wa Bajuda o ne wa letlelela kganetso ya batho ba sele go kgoreletsa tiro ya bone. Go na le gore ka phepafalo ba nne ba ntse ba akantse ka tsepamo kaga boikaelelo jwa go gololwa ga bone, ba ne ba simolola go re: “Ga se lobaka loa rona go tla, ga se lobaka loa ntlo ea ga Yehofa go agiwa.” (Hagai 1:2) Ka baka leo, tiro ya go aga sesha e ne ya tlogelwa gotlhelele mo e ka nnang ka dingwaga tse 16.
Fa go sa ntse go ntse jalo, ba ne ba tshwarega mo ditelekisong tsa bogagapa, ba gatelela thata mo go nneng le dilo tse di bonalang, menate ya senama, go na le go aga ntlo e e boitshepo ya ga Jehofa sesha. (Hagai 1:3-9) Mo go Hagai 1:4 re bala jaana: “A ke lobaka mo go lona ka losi loa go aga mo matluñ a a khurumedicweñ kwa godimo ka dimati, me ntlo e eōna, e kgakgabetse hela?” Ntlo ya ga Jehofa ya kobamelo e ne e “kgakgabetse” e na le motheo fela, fa Bajuda bone ba ne ba nna mo matlong a a ruletsweng sentle a dipota tsa one di neng di tlhomesitswe sentle ka logong lo lontle.
Ka baperofeti ba gagwe Hagai le Sekaria, Jehofa o ne a gakolola Bajuda kaga boikaelelo jwa go gololwa ga bone, mme kwa bokhutlong tiro ya go aga sesha e ne ya wediwa. Lefa go ntse jalo, ope fela yo o neng a tswelela ka go tseela kwa godimo go nna le dilo tse di bonalang go na le tshiamelo ya go bona kobamelo ya boammaaruri e tsosolosiwa mo Jerusalema ka phepafalo o ne a latlhegelwa ke boikaelelo jwa bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo.
Boikaelelo Jwa go Gololwa ga Rona
Re ka ithuta eng gompieno kaga sekao sa Bajuda ba ba neng ba busiwa ka 537 B.C.E. le go tswa go Bakeresete ba Korintha ba motlha wa ga Paulo? Jaaka batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa Modimo, le rona re itemogetse kgololo. Ka bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang, ga re sa tlhola re le mo bokgobeng jwa dithuto tsa maaka le ditlwaelo tsa Babelona o Mogolo kana jwa boikepo jwa tsamaiso eno e kgologolo ya dilo. (Yohane 8:32; 2 Bakorintha 4:4-6) Kgololo e e ntseng jalo, gammogo le kgololesego e e e lereng, e re naya sebaka sa go bontsha Modimo go anaanela ga rona lorato lwa gagwe. (1 Yohane 4:9) Jang?
Ka go sa latlhegelwe ga rona ke boikaelelo jwa bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo. ‘Seno se tshwana le jaaka go ne go ntse mo batlhankeng bao ba pele ba ga Jehofa, gore re tshwanetse go obamela ka kobamelo ya boammaaruri. Gompieno, fela jaaka mo motlheng wa ga Paulo, sena se raya gore re tshwanetse go ‘rerela Baditšhaba mafoko a a molemo kaga Keresete.’ (Baefesia 3:8) Ka jalo he, botlhe bao ba amogelang bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo ba tshwanetse go tsaya karolo mo bodiheding jwa Bokeresete. Seno se raya gore jaaka batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa Modimo, re na le boikarabelo jwa go itsise ba bangwe kaga boammaaruri, go tlotlomatsa le go baka leina la Modimo, le go mo direla mo kobamelong e e phepa le e e boitshepo.—Mathaio 28:19, 20; Bahebera 13:15; Yakobe 1:27.
‘O se Latlhegelwe ke Boikaelelo Jwa Jone’
A go ka kgonega gore ope fela wa rona, fela jaaka Bakeresete ba le ba ntlha, a bo a le mo kotsing ya go ‘latlhegelwa ke boikaelelo’ jwa bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo? Ee. Fela jaaka bone, bontsi jwa rona, kwa tirong kana kwa sekolong, re tlamega go dirisana le batho bao ba dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, ba ba utswang, ba ba akang, le ba ba tsietsang, gammogo le dilo tse dingwe tse di leng makgapha mo go Jehofa Modimo. (1 Bakorintha 6:9, 10; Bagalatia 5:19-21) Jalo go botlhokwa gore re tile go kopana le batho ba go nna jalo, e se re gongwe ra simolola go batla go ikutlwela se se bosula. (1 Bakorintha 15:33) Bokopano jwa go nna jalo se bo ka se dirang fela ke go koafatsa tumelo ya rona. Ka tshwanelo, Paulo o ne a kwalela Tito jaana: “Gonne tshegōhaco [bopelonomi jo bo sa tshwanelang, NW] ea Modimo e bonetse, e tlèla batho botlhe polokō, E re ruta, go re, e tle e re re nntse re ikgaogantse le boikèpō le dithatō tsa lehatshe, re bo re tshela ka go ikgapa, le ka tshiamō, le ka poihōmodimo, mo motlheñ oa gompiyeno.”—Tito 2:11, 12.
Bangwe ba ka fetsa ka go re ba dira bodihedi jwa bone fa ba nna teng kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi, ba tsaya karolo mo go boleleng mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, gape ba sa tsenelele mo boitshwarong jwa boitsholo jo bo sa siamang jwa mofuta ope fela. Lefa go ntse jalo, go na le ntlha e nngwe e e tshwanetseng go akanyediwa. Jesu o ne are: “Ga go na motho opè eo o ka dihèlañ barèna ba le babedi.” (Mathaio 6:24) O ne a raya go reng? Gore lemororo re ka tswa re dirisa selekanyo se se rileng sa nako ya rona go tsweledisa mafoko a a molemo, go ka kgonega gore kgatlhego ya rona e kgolo mo botshelong e bo e le go lelekisa dilo tse di bonalang ka mo go oketsegileng. Ke boammaaruri gore re ka bona tebelelo ya tsamaiso e ntsha ya dilo tlase ga Keresete Jesu e le selo se se ikuelang ka mmannete, lefa go le jalo ka nako e e tshwanang re ka batla go nna le mo gontsi mo tsamaisong eno fa e santse e le teng. Boikutlo jwa go nna jalo se bo ka se dirang fela ke go re faposa mo go seo tota e leng boikaelelo jwa kgololo ya rona. A e ne e se boikutlo jo bo tshwanang mabapi le telekiso ya dilo tse di bonalang joo bo neng jwa faposa Bajuda bao ba neng ba busitswe mo go diragatseng boikaelelo jwa kgololo ya bone?
A ditiro tsa rona di bontsha gore re latlhegetswe ke boikaelelo jwa go gololwa ga rona mo tsamaisong eno e e boikepo le mo bodumeding jwa yone jwa maaka? Paulo o ne a raya Bakorintha a re “yanoñ ke motlha o o lebosègañ” wa go thusa ba bangwe go bona poloko. (2 Bakorintha 6:2) Gompieno go potlakile fela thata go utlwa mafoko a ga Paulo ka jaana go senngwa ga tsamaiso eno e e boikepo mo go ntseng go atamela go le gaufi thata. Lemororo go bonala sentle gore batsena-dikereke ba gompieno ba kgetha go sa abalane le ba bangwe tumelo ya bone, Bakeresete ba ba bontshang go rata Jehofa Modimo go tswa pelong ba tla go bona e le tshiamelo go arola ka botlalo mo bodiheding joo a bo ba abetseng jwa Bokeresete. Botlhe bao ka boikanyegi ba bolelang mafoko a a molemo mo motlheng ono o o lebosegang ba bile ba direla mo kobamelong ya ga Jehofa e e phepa le e e boitshepo ba ka dira jalo ka tlhomamisego ya gore ba ‘amogetse bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo mme ba sa latlhegelwa ke boikaelelo jwa jone.’—2 Bakorintha 6:1.