LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 6/15 ts. 3-6
  • Puso ya Lefatshe e Tloga e Fetoga

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Puso ya Lefatshe e Tloga e Fetoga
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Amega ga Modimo ka Puso
  • Mongwe yo o Tshwanang le Morwa Motho
  • Mmuso wa Bofelo wa Lefatshe wa Motho
  • Puso ya Bogosi
  • Babusi-Mmogo
  • Phetogo ya Bolaodi—E Gaufi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Bogosi Jwa Modimo—Ke Jwa Maemo a a Kwa Godimo ka Ditsela Tsotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Mebuso e Megolo ya Lefatshe go ya ka Ditiragalo Tsa Bibela e Gwantela Bokhutlong Jwa Yone!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 6/15 ts. 3-6

Puso ya Lefatshe e Tloga e Fetoga

FA GO ne go kgonega gore o tlhophe, o ne o ka batla go busiwa ke puso ya mofuta ofe? Bontsi jwa rona re ne re ka tlhopha puso e e tlhomameng eo e fang batho kgololesego ka selekanyo se se kgotsofatsang. Re ne re tla rata puso eo e ka thibelang bokebekwa, e rotloetsa kagiso, e kgothaletsa tshiamiso mo bathong, e atlegisa thuo ya dilo tse di bonalang. Tota, re ne re tla rata puso e e sa gateleleng le e e senang boikepo.

Ka maswabi, dipuso tse dintsi ga di ise di ko di nne jalo. Fa re elatlhoko kafa lefatshe le ntseng ka teng mo karolwaneng eno ya bofelo ya lekgolo la bo-20 la dingwaga, ke eng seo re se bonang? Tlala, boikepo, go palelwa, kgatelelo, tshiamololelo ya batho, bokebekwa, le go sa utlwaneng ga erafeyotlhe. Seno ke diphelelo tsa go ipusa ga motho mo diketeng tsa dingwaga.

Legale, go boammaaruri gore bangwe ba babusi ba ne ba siame ebile ba kgona. Ditsamaiso dingwe tsa puso di ile tsa tlhomama tsa ba tsa nna le matswela ka, nako e e rileng. Mme go palelwa ga puso ya motho ka kakaretso go dira seo ka tlholego re ikutlwang gore e tshwanetse go se direla setho go netefatsa polelo eno ya Bibela: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” (Yeremia 10:23) Ka mafoko a mangwe, motho o ne a sa direlwa go ipusa kwantle ga thuso e e tswang go sele.

Ke gone ka moo go leng molemo go itse gore puso ya lefatshe e tloga e fetoga. Ke eng seo re se rayang ka polelwana eno? Re raya gore matshelo a batho a letsatsi le letsatsi mo bogautshwaneng a tla laolwa ke puso ya mofuta o mosha gotlhelele e e tla atlegang ka botlalo. Phetogo e e tlhokegang eno ya puso e ne ya bolele-’“lwa pele ke Modimo. Eleruri, ke yone setlhogo sa Bibela.

Go Amega ga Modimo ka Puso

Modimo o nnile wa amega mabapi le go busiwa ga batho. O tlhokometse thata gore babusi ba batho ba diragatsa boikarabelo jwa bone go ya bokgakaleng jo bo kana kang, mme ka dinako tse dingwe o a ba sekisa. Eleruri, Bibela e ne ya bolelela pele hisitori ya dingwe tsa ditsamaiso tsa puso tse di tlhomologileng tseo di ileng tsa busa mo dingwageng tse 2 500 tse di fetileng. Mo bukeng ya Daniele, e e kwadilweng dingwaga tse di fetang 500 pele ga go tsalwa ga ga Keresete, go kwadilwe boperofeti jo bo neng bo bolelela pele go tlhongwa le go wa ga Babelona wa bogologolo, gammogo le go busa le go wa ga Medo-Persia, Gerika, le Roma. Boperofeti joo bo ne jwa bolelela pele le eleng go thaega ga Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika wa motlha wa rona. Go sekaseka ka boripana dingwe tsa dipolelelo pele tseno go tla re thusa go tlhaloganya gore polelwana ya gore puso ya lefatshe e tloga e fetoga e raya eng.

Ya ntlha ya dipolelelo pele tseno tse di gakgamatsang e ne e le e e tlhotlheleditsweng eo mo go yone mebuso ya lefatshe ya sepolotiki go tloga mo motlheng wa ga Daniele go tla go fitlha fela mo nakong ya rona e neng e e tshwantshediwa ke setshwantsho se segolo. Morago, letlapa leo le ne la kabolwa mme eseng ka diatla, la itaya setshwantsho sena le go se thubaganya. Letlapa leo le ne la sila mebuso eno ya lefatshe go nna lerole, “me tsa nna yaka mmoko oa dibopi tsa pholèlō tsa selemō; me phehō ea di kgophola, me di se ka tsa bōnelwa bonnō.”—Daniele 2:31-43.

Kgaolo yone eo ya Daniele e tlhalosa gore sena se ne se raya eng. E bontsha gore dipuso tsa batho tseo di palelwang di tla tseelwa sebaka ke sengwe se se maatla a magolo. E re bolelela jaana: “Mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo senwa gopè, me le mmushō oa yona ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe [a batho], me bo tla èma ka bosakhutleñ . . . me tōrō e tlhōmame, le phuthololō ea eōna ke ea manete.”—Daniele 2:44, 45.

Mme kgang e ne e sa felele foo. Mo ponatshegelong ya bobedi, mebuso ya lefatshe e e neng ya latelelana e ne e emelwa ke dibatañ a tse dikgolo tseo di nang le dinonofo tsa mmuso oo di o emelang. Daniele o ne a letlelelwa go bona fela kwa godimo kwa setilong sa bogosi se se tshwarisang kgakge sa “eo o leñ mogologolo,” mme o ne a bontshiwa sengwe seo se neng se tla diragala, eseng mo motlheng wa gagwe mme mo pusong ya Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika wa motlha wa rona. O ne a boñ a Kgotla-Tshekelo e kgolo ya selegodimo ya ga Jehofa e atlhola mebuso eo ya lefatshe. (Daniele 7:2-12) Jaaka dite mana tse di latelang di bontsha, go ne ga tswa taolo ya bomodimo ya gore go fetolwe puso. Puso eno e ne e tla newa mang?

Mongwe yo o Tshwanang le Morwa Motho

Daniele o re naya karabo e e itumedisang eno:

“Ka leba ma dipōnatshegelañ tsa bosigo, me, bōnañ, ga tla mo maruñ a legadimo moñwe eo a chwanañ le moñwe morwa motho, me a tla hèla kwa go eo mogologolo, me ba mo atametsa ha pele ga gagwè. Me a nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè: pushō ea gagwè ke pushō e e sa khutleñ, e e se ketlañ e heta, le bogosi yoa gagwè ke yo bo se ketlañ bo señwa.”—Daniele 7:13, 14.

Ka gone Daniele o ne a dirisiwa go bolelelapele gore “eo mogologolo,” Jehofa Modimo ka sebele, o tla fedisa go sa buseng sentle ga dipuso tsa batho tse di gatelelang. o tla go emisetsa ka puso ya mmuso o o siameng go gaisa epe fela e batho ba ka e akanyang—Bogosi jo bo sa bonaleng joo bo tla busang bo bile bo laola go tswa kwa legodimong. Mme “moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho” yono yo o tla amogelang Bogosi ke mang?

Ga re a tlogelwa fela mo lefifing. Jesu o ne a supa fa a le “Morwa Motho.” o ne a tlhalosa go nna go ne ga gagwe jaaka nako ya fa “Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe.” (Mathaio 25:31) Fa moperesiti yo mogolo wa Mojuda a ne a patelela Jesu gore a bolelele kgotlatshekelo gore a ke “Keresete Morwa Modimo” kana nnyaa, Jesu o ne a araba ka go re: “U boletse: leha go nntse yalo kea lo raea, kwa pele lo tla bōna Morwa Motho a dutse kaha lecogoñ ye legolo ya nonohō, me a tla ka maru a legodimo.”a—Mathaio 26:63, 64.

Mmuso wa Bofelo wa Lefatshe wa Motho

Mo e ka nnang dingwaga di le 600 morago ga motlha wa ga Daniele, moaposetoloi Johane o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go kwala buka ya Bibela ya Tshenolō. Buka eo e bua ka mebuso eno ya lefatshe jaaka “di’: kgosi” tse di nonofileng, fa e bua jaana: “E bile ke dikgosi di shupa; tse tlhano di setse di ole, e nwe e sa le gōna, e ñwe ga e se e tle; me mogañ e tlañ, e na le go nna ka lobakanyana.”—Tshenolō 17:10.

Tse tlhano tseo di neng di setse di ole fa Johane a kwala sena e ne e le Egepeto, Asiria, Babelona, Medo-Persia, le Gerika. Mmuso wa Ronia o ne o ‘sa le gone.’ Ka phepafalo, mmuso wa bosupa, e leng Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika wa motlha wa rona, o ne o ise o tle. Go ya ka Tshenolō, ga go mmuso ope wa lefatshe o o tla latelang wa bosupa—eleng o o busang gompieno. Ke one wa bofelo. Ga go kitla go nna le o mongwe.

Lefa go ntse jalo, kgopolo eno ga e a tshwanela go re tshosa—ke e e itumedisang! E raya gore dipuso tsa batho tse di sa siamang, tse di sa utlwaneng di tloga di fela. Dipolelelopele di dumalana fa di bolela ka phetogo e kgolo ya tsela eo lefatshe le busiwang ka yone—phetogo go tswa go puso ya batho ya bogagapa go ya go e e siameng ya selegodimo, ebong Bogosi jwa Modimo.

Puso ya Bogosi

Mme Bogosi joo ke eng? Ke sengwe seo se fetang fela go tlhotlheletsa dipelo tsa batho le matshelo go nna a a siameng. Ke sengwe se se fetang se go ka tweng ke botshelo jwa kereke ya Bokeresete. Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota. Bo na le kgosi, babusimmogo le yone, lefelo, le babusiwa. Mme bo tla ntsha masego a magolo a a umakilweng pelenyana.

Jesu o tlhalosiwa jaaka Kgosi ya Bogosi joo. O ne a itshwantsha le motho wa madi a segosi yo o neng a “ètèla kwa lehatshiñ ye le kgakala, a ea go ikamogèlèla bogosi, le go ba a boea.” Fa a ne a bua ka nako e e tlang eo, o ne are: “E tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlo ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlo.”—Luke 19:12; Mathaio 25:31.

“Morwa Motho” o tla tla leng? Ga re tlhoke go fopholetsa karabo. Mafoko ana a ga Jesu ke karolo ya karabo ya potso e e reng: “Seshupo e tla nna eñ sa go tla [go nna gone, NW] ga gago, le sa bokhutlo yoa lehatshe?” (Mathaio 24:3, 30) Jaaka go tlhola go bontshiwa mo teng ga makasine ono, “go nna gone” moo go ne ga simolola ka mo go sa bonaleng kwa magodimong kwa bowelong jwa “metlha ya Badichaba” ka 1914.b—Luke 21:24.

Fela jaaka Tshenolō kgaolo 12 e boletse gore go tla diragala, Jesu o ne a tsaya puso mme a digela Satane mo lefatsheng go tswa kwa legodimong. Lentswe lengwe la kwa legodimong le ne la goa la re: “Gompiyeno go tsile poloka, le thata, le bogosi yoa Modimo oa rona, le taolo ea ga Keresete oa ona: gonne mopateletsi oa bakauleiiwe ba rona, . . . o piriganyedicwe kwa tlhatse.” Se no se tlhalosa lebaka la go senyegela pele ga maemo a lefatshe fa esale ka nako eo. Ka gone, lentswe la kwa legodimong le ne la tswelela jaana: “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”—Tshenolō 12:9-12.

Nako eo e khutshwane eo e gaufi le go fela. Mo dikgaolong di le mmalwa moragonyana, Jesu Keresete yo o galaleditsweng o bonwa a palame pitse e tshweu. O bidiwa “Lehoko a Modimo,” mme o tla ‘kgemetha merafe’ gape “o tla di busa ka tsamma ya tshipi”—fela jaaka Daniele a ne a bontsha gore merafe e tla thubaganngwa ke Bogosi jwa Modimo jwa seka-tshilo jo bo tla golang bo tlala mo lefatsheng lotlhe.—Tshenolō 19:11-16; Daniele 2:34, 35, 44, 45.

Mebuso ya batho ya sepolotiki ya seka-dibatana ga e kitla e tlhola e gatelela batho gape!

Babusi-Mmogo

Mme go na le mo go oketsegileng. Daniele o ne a tlhotlhelediwa go bolela gore Bogosi bo ne bo se kitla bo newa “moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho” fela mme gape bo ne bo tla newa “ba ga bōnè baitshepi ba Mogodimodimo.”—Daniele 7:27.

Bano ke bomang? Tshenolō e bua jaana ka Kwana, ebong Jesu Keresete: “ua rèkèla Modimo batho ba dico cotlhe, le ba dipuo cotlhe, le ba batho botlhe, le ba merahe eotlhe, ka madi a gago, Me ua ba diha gore ba nnè bogosi yoa Modimo oa rona, le baperisiti ba ōna; me ba busa mo lehatshiñ.” E tswelela ka go bolela gore ba tla nna “baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.” Palo ya bone e bolelwa e le 144 000.—Tshenolō 5:9, 10; 14:1; 20:6.

Bano ke bao Modimo Mogodimodimo a ba tlhophang go tlhakanela le Morwawe, Jesu Keresete mo go buseng lefatshe. A isagwe ya rona e ne e ka nna mo diatleng tse di bolokesegileng go na le tsa bano bao Modimo o ba tlhophang? Nnyaa, Bogosi jono e tla nna jo bo gaisang dipuso tsotlhe—jo bo kwa godimo go gais a bofe joo motho a kileng a nna najo. Fa bo busa lefatshe le tla fetolelwa go nna Paradai se eo e neng e le boikaelelo jwa Modimo kwa tshimologong.

Bala setlhogo se se latelang mme o bone gore a puso eno ke ya mofuta oo o ka itlhophelang go busiwa ke yone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mabapi le ponatshegelo ya Daniele, New Catholic Encyclopedia e bua jaana: “Ga go kake ga belaesega gore Daniele o ne a bua ka tiragalo eo e tla nnang le bokao jo bo sa feleng kwa bokhutlong jwa metlha.” E oketsa ka go re: “Polelo ya ga Jesu fa pele ga Lekgotla la Bajuda e re naya bosupi jo bo ka se keng jwa ganediwa jwa go ikitsise ga gagwe jaaka Morwa Motho le go bua ga gagwe ka phepafalo kaga go tla ga Gagwe a tla go busa.”

b Bona ditokololo tsa Tora ya Tebelo October 1, 1982 le October 1, 1984.

[Lebokoso mo go tsebe 4]

“Setlhogo se Segolo sa Thuto ya ga Jesu”

“Setlhogo sa bogosi jwa Modimo ke sone kono-kono mo go rereng ga ga Jesu.”—New Catholic Encyclopedia.

“[Bogosi jwa Modimo] bo tsewa ka kakaretso fa e le setlhogo sa konokono sa thuto ya ga Jesu.”—Encyclopædia Britannica.

Mme o sale o utlwa leng labofelo go buiwa ka “setlhogo sa kono-kono sa thuto ya ga Jesu” kwa kerekeng?

[Lebokoso mo go tsebe 5]

Tlhakatlhakano Kaga Bogosi jwa Modimo

Batho ba bangwe ba nnile ba akanya gore “kereke e e mo lefatsheng” ke yone Bogosi jwa Modimo, fa ba bangwe ba ne ba dumela gore lefatshe la ga jaanong “le tla tokafadiwa ke tlhotlheletso ya Bokeresete go fitlhela le nna Bogosi.” Lefa go le jalo ba bangwe ba bua gore Bogosi jwa Modimo ke “go busa ga Modimo mo pelong le mo botshelong jwa mot ho.”

A sotlhe sena ke sone se se kaiwang ka Bogosi jwa Modimo—tsamaiso ya bodumedi, phetogo ya ka iketlo ya sepolotiki. kana seemo sengwe sa semoya mo dipelong tsa batho?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela