Go Tlhalefisiwa ka go “Bediwa”
DIANE 21:11 e bua jaana: “Ea re moshotli a bediwa, eo o sa tlhalehañ a tlhalehisiwe: me ha motlhale a rutwa, a amogèle kico.”
Gantsi “eo o sa tlhalehañ” o na le bothata jwa go lemoga gore ke ka ntlhayang fa tsela e e rileng ya boitshwaro e le phoso. Lefa go ntse jalo, morago ga nako, o ka nna a lemoga gore “moshotli”—motho yo o nyatsang melao-metheo ya Lefoko la Modimo—o a tshwarwa mo boikepong jwa gagwe mme a iponele ‘pitlagano le tlalelo.’ (Diane 1:27) Tlase ga Molao wa ga Moshe, ‘kotlhao’ (King James Version) e e tshwanetseng, kana tota ‘tefa’ e ka nna ya tswa e ne e duedisiwa mosiamolodi.—Bapisa Ekesodo 21:22; Duteronome 22:19.
Ka matswela afe mo go yo o sa tlhalefang? Fa kwa bofelong a lemoga tuelo ya boikepo o ka ‘tlhalefa’ mme a ikaelela go se latele tsela e e tshwanang. (Bapisa Diane 19:25.) Ka tsela e e fapaaneng, “motlhale” o setse a itse go tswa maitemogelong, ka go elatlhoko, le ka kitso ya melao-metheo ya Bibela gore tsela e e rileng ya boitshwaro ga e a siama kana e a senya. Ga a tlhoke gore ka metlha a itemogele maswabi a a tlisiwang ke tiro e e rileng e le gore a tlhomamisege gore ga e a siama. Ka gone o nna le ‘maitemogelo’ a masha ka go fiwa taolo fela, go na le ka maitemogelo a a botlhoko.