LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 6/1 ts. 21
  • Boammaaruri Jwa Bogosi bo a Anama mo Sri Lanka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boammaaruri Jwa Bogosi bo a Anama mo Sri Lanka
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuto ya Botshelo Jotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Lekala la Sri Lanka le a Neelwa
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
  • Leno ke Lefelo le re Obamelang Jehofa mo go Lone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Dithulaganyo Tsa Mafelo a Kobamelo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 6/1 ts. 21

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Boammaaruri Jwa Bogosi bo a Anama mo Sri Lanka

SRI LANKA, mo go rayang “Lefatshe je Lentle,” ke leina la bogologolo leo setlhaketlhake seno se se rategang, seo ba le bantsi ba se itseng ka leina la nako ya fa se santse se busiwa ke mmuso wa bokolone, ebong “Ceylon,” se neng sa boa sa bidiwa ka lone. Ka lebaka la lefelo leo se leng mo go lone mo Indian Ocean, gape se bidiwa Keledi ya India; mme dikeledi tsa batho ba sone tsotlhe ga e a nna tsa boipelo ka jaana mo metlheng ya bosheng go nnile le dintwa gareng ga ditso tsa sone, tseo di nnileng dikgang tse dikgolo go kgabaganya lefatshe.

Lefa go le jalo, mono le gone boammaaruri jwa Bogosi bo a anama. Mabuda, Mahindu, Mamoselema, Ma-Parsi, le bao go tweng ke Bakeresete ba rutiwa gore ke Bogosi jwa ga Jehofa fela ka Keresete Jesu jo bo ka fodisetsang ruri dintho tsa bosetso le bopolotiki tseo di kgaoganyang batho. Maitemogelo a a latelang a bontsha go anama ga Bogosi mo ‘Lefatsheng je Lentle’ jeno.

◻ Salimoon o godile a dumela gore Qur’an ke Lefoko la Modimo. Mme le ka motlha o ne a sa dumele ka botlalo gore Modimo wa kutlwelobotlhoko e kgolo o ne a ka bogisa batho mo diheleng tse di tukang. Letsatsi lengwe Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo laleletsa go tla pokanong. Ka go bo a ne a lemoga boammaaruri fela ka bofefo, ga a ise a ko a gadime kwa morago, mme jaanong o direla ka boitumelo jaaka mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete.

◻ Harry, Mobuda wa nako e telele yo a neng a bontsha tumelo ya gagwe ya bodumedi ka go tsamaya mo godimo ga magala a a tukang, o ne a palelwa ke go latela melao-metheo ya thuto ya Sebuda ya dikarolo tse di robang bobedi ebong: (1) kutlwisiso e e tshwanetseng; (2) kakanyo e e tshwanetseng; (3) puo e e tshwanetseng; (4) tiro e e tshwanetseng; (5) botshelo jo bo tshwanetseng; (6) boiteko jo bo tshwanetseng; (7) kelotlhoko e e tshwanetseng; le (8) go tlhoma mogopolo mo go tshwanetseng. Tseno di ne di tshwanetse go dirwa mo botshelong jotlhe jwa motho. Lemororo a ne a itsaya jaaka Mobuda yo o molemo, go goga motsoko ga gagwe, go nwa, le maitshwaro a mangwe a a sa tshwanelang a ne a direla balelapa la gagwe mathata. Kwa bokhutlong, o ne a dira phetso ya go ithuta Bibela. Lefa go le jalo, go ne go sena ope yo o neng a mo laleletsa go ithuta nae. O ne a utlwalela gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ka rata go dira jalo, jalo o ne a ya pokanong kwa Holong ya Bogosi, mme ga rulaganyediwa gore go ithutiwe nae. Mongwe wa Basupi yoo pele a neng a le Momoselema o ne a mo thusa go ithuta seo Bibela e se rutang. Jaanong, morago ga nako e telele, o na le nonofo e e tswang kwa go Jehofa ya go latela ka katlego tsela ya melao-metheo e e tshwanetseng. O itumelela go direla jaaka motlhanka wa bodihedi ebile o dira dipaakanyo tsa go tsena mo bodiheding jwa bobulatsela.

Jalo boammaaruri jwa Bogosi bo a anama mo Sri Lanka, mme jaanong go na le Basupi ba le 1 086 mo lefatsheng jeno je lentle. Kgolo eno e raya gore go tlhokega lekala je legolwane, mme le setse le batlelwa lefelo. Gape bakaulengwe ba aga Diholo tse disha tsa Bogosi. Mo Puttalam phuthego e e bopilweng ka malapa a le some e ne ya dira phetso ya go aga Holo ya Bogosi le go e aga e le kgolo mo e ka lekanang dikopano tsa potologo. Holo eo e ne ya fediwa ka nako eo e neng e lebagane le kopano ya potologo, eo e neng ya tliwa ke batho ba le 107. Jaanong phuthego eo e batlile e menagana sebedi, ka e na le batho ba ba fetang 75 ba ba nnang teng mo dipokanong tseo di tshwarwang ka dipuo tsa Tamil le Sinhalese ka bobedi. Mme go santse go na le manno a mantsi a kgolo e nngwe.

Polelelopele e e diragaditsweng ya Bibela e supela ntlheng ya gore gautshwane fela jaana keledi nngwe le nngwe ya kutlobotlhoko e tla phimolwa mo matlhong a botlhe jaaka Modimo o solofeditse. Le eleng dikakanyo tsa dintwa gareng ga ditso ga di kitla di gakologelwa. (Tshenolō 21:4; Isaia 65:17) Mme mo setlhaketlhakeng seno se se rategang sa “keledi,” go tla lelwa dikeledi tsa boipelo jaaka fa matswela a loungo lwa kagiso lwa Bogosi jwa Modimo a ntse a ipelelwa ka bosakhutleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela