Karolo 3—Babelona yo o Maatla—Mmuso o Mogolo wa Lefatshe wa Boraro
Babelona wa Bogologolo o ne a fitlha tlotlomalong ya gagwe e kgolo mo pusong ya ga Nebukadenesare, o ne a fetisetsa bodumedi jwa gagwe mo lefatsheng, mme o ne a fenngwa mo bosigong bo le bongwefela. Go itse se se oketsegileng kaga motse ono go tla nonotsha tlhatswego pelo ya gago mo tsepamong ya Bibela le mo tiragatsong e e sa tlhaeleng ya dipolelelo pele tsa yone tse di gakgamatsang.
BABELONA yo o maatla o ne a ntse ka tlotlomalo go bapa le Noka ya Euferatese mo borwa jwa Mesopotamia. O ne a le “kgalalèlō ea magosi,” boremelelo jwa bodumedi, papadi, le bosole. (Isaia 13:19) O ne a humile thata, a na le dikago tse di boitshegang, le ditshingwana tse di neng di itsege thata mo lefatsheng. E ne e le maatla a lefatshe a motlha oo!
Lefa go le jalo, moperofeti wa ga Jehofa Jeremia o ne a tlhotlhelediwa go kwala a re: “Babelona o tla nna mekoakoa hèla, a nna bonnō yoa bophokoyè, le kgakgamacō, le koco, a sena monni.”—Yeremia 51:37.
A motse ono o mogolo o ne o tla senngwa gotlhelele? Emang yo o neng a ka akanya ka selo se se ntseng jalo? Lefa go le jalo, Babelona yo pele a neng a tlotlometse jaanong ga se sepe fela fa e se thotobolo e e kgakgabetseng ya mekoakoa ya marope, mo e ka nnang dikilometara di le 80 kafa borwa jwa Baghdad, mo borwa-botlhaba jwa Iraq. Ke eng se se neng sa mo diga?
Babelona, mongwe wa metse e megologolo thata mo lefatsheng, o ne a tlhongwa ke setlogolwana sa ga Noa ebong Nimerode, yo o neng a le motsomi yo o nonofileng kgatlhanong le Jehofa. (Genesise 10:8-10) Lefa go ntse jalo, lobaka lo re lo kgatlhegelang thata ke loo lo neng lwa tla bogologolo morago ga motlha wa ga Nimerode. Lo ne lwa nna gone morago ga fa Egepeto le Asiria di sena go nna mebuso e megolo ya lefatshe e e nonofileng.
Babelona mo Motlheng wa ga Nebukadenesare
Mo e ka nnang dingwaga di le 2 600 tse di fetileng, bogologolo ka ngwaga wa 632 B.C.E., Bababelona le ditsala tsa bone ba ne ba fenya Asiria.a Go tswa foo Babelona o ne a tseela Asiria sebaka, ka go nna mmuso o mogolo wa lefatshe wa boraro go ya ka ditiragalo tsa Bibela.
Nebukadenesare, yo o neng a tsaya setilo sa bogosi sa Mmuso-mogolo ono wa Babelona o mosha, o ne a se mofenyi fela—o ne a bile gape e le moagi wa metse. Dithako tse dikgolo tsa Babelona le dikago tsa gagwe tse di jesang kgakge, go ka twe, ke ene a di agileng. Go ilwe ga fitlhelwa mekoakoa ya ditena eo e neng e kwadilwe leina “Nebukadenesare”—ene Nebukadenesare yo o umakiwang gantsi mo dibukeng tsa Bibela tsa Jeremia le Daniele, Nebukadenesare yo Bibela e mo tsopolang a ikgantsha a re: “A ga se ōna Babelona o mogolo, o ke o agileñ?”—Daniele 4:30.
Babelona o ne a dikologilwe ke dithako di le pedi tse ditelele, fa gare di thetswe mekoakoa e e neng e thiba phatlha e e fa gare ga tsone. Fa di le mmogo, di ne di dira thibedi e e neng e feta dimetara di le 24 ka bokima. Ka kwantle ga dithako tseno, mosele o o boteng wa boatlhamo jwa dimetara tse 20 go ya go 80, kafa teng ga one o ritetswe ka ditena tse di bopetsweng, o ne o dirisiwa ke mekoro ya mefuta yotlhe.
Tsela e kgolo e e neng e tswa kwa bokone e ne e ralala Kgoro ya Ishtar ya boleele jwa dimetara di le 12 go tsena mo mherung o mogolo wa motse, o o neng o bidiwa, Tsela e Kgolo ya Popelelo. Ntlo ya segosi ya ga Nebukadenesare e ne e le kafa mojeng, kafa teng ga Kgoro ya Ishtar. Ntlwana ya yone e kgolo ya setilo sa bogosi e ne e le selekanyo sa boatlhamo le boleele jwa dimetara di le 17 le tse 52. Kgoro le dithako tse go neng go fetwa ka tsone go ya kwa go yone di ne di kgabisitswe ka ditena tsa mebalabala e e phatsimang tse di dimatla tsa galase tse di neng di tshwantshitswe ditau, dipoo, le dikgogela. Nngwe ya ditau e beilwe mo Louvre museum mo Paris go bonwa ke batho botlhe.
Bodumedi jwa Babelona
Leina la Sehebera la motse ono, ebong Babela, le raya “tlhakatlhakano,” fa maina a Sesamaria le Seakade a raya “Kgoro ya Modimo.” Mareo oo mabedi a golaganya Babelona le bodumedi jwa one. Bakanoki bangwe ba dumela gore Modimo wa Babelona Marduk (Merodake mo Bibeleng) go ka tswa go ne go tewa Nimerode yo o fetotsweng Modimo. Bodumedi jwa Babelona gape bo ne bo dumela mo ditharo-nngweng tsa medimo. Mongwe wa eo o ne a dirilwe ka Sin (modimo ngwedi), Shamash (modimo letsatsi), le Ishtar (modimogadi wa lorato le lotsalo).
Tepo-dinaledi e ne e tumile thata koo. Bababelona ba ne ba bitsa dipolanete tse di neng di itsege ka nako eo maina ka medimo ya bone le medimogadi e metlhano e e neng e le ya konokono. Buka nngwe ya bosheng ya ditiragalo e tlhalosa jaana: “Re bitsa dipolanete tseno ka maina a tsone a Seroma, mme Baroma ba ile ba dirisa mareo a Sebabelona mme baa fetolela fela mo pitsong ya bone ya Seroma. Ka jalo polanete Ishtar, modimogadi wa lorato, e ne ya nna Venus, mme ya modimo Marduk ya fetolelwa go nna Jupiter.”b Leina “Mokaladea” le le neng le dirisiwa ke Bababelona, le ne la itsiwe gape ka gore “molepa-dinaledi.”
Bibela e bolela gore Babelona e ne e le “lehatshe ya dichwanchō tse di setilweñ” le la ‘medimo ya disetwa’ e e leswe. (Yeremia 50:2, 38) Lefa go le jalo megopolo ya one ya bodumedi e ne ya nna motswedi o mogolo wa ditumelo tse dingwe mo lefatsheng ka bophara. Moperofesa Morris Jastrow o tlhalosa jaana mo go The Religion of Babylonia and Assyria: “Mo lefatsheng la bogologolo, pele ga go nna gone ga Bokeresete, Egepeto, Peresia, le Greece di ne tsa gapiwa ke bodumedi jwa Babelona.” Moragonyana, bontsi jwa dithuto tsa one tsa maaka di ne tsa amogelwa le go rutiwa le eleng mo dikerekeng tsa La-Bodumedi. Ka gone, Bibela e bitsa mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka “Babelona o mogolo.”—Tshenolō 17:3-5.
Go Gapiwa ga Jerusalema ke Babelona
Moperofeti Isaia o ne a tshela mo nakong ya fa Asiria, ebong mmuso o mogolo wa bobedi wa lefatshe, o ne o busa mo metlheng ya bogologolo. Lefa go le jalo o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go bolelela pele gore Jerusalema o ne a tla senngwa, eseng ke Baasiria ba ba neng ba nonofile ka nako eo, mme ke Bababelona. (Isaia 39:6, 7) A polelelo pele eno e ne ya nna boammaaruri? A re ke re bone.
E ne ya nna lekgolo la dingwaga morago ga motlha wa ga Isaia fa Babelona le ditsala tsa gagwe ba fenya Asiria, mme Babelona a nna mmuso o mogolo wa lefatshe o mosha. Go tswa foo, ka 617 B.C.E., kgosi ya Babelona Nebukadenesare o ne a gapa kgosi Jehoiakine wa Jerusalema mme a mo romela jaaka legolegwa kwa Babelona le “batho ba batona ba lehatshe.” Nebukadenesare o ne a tlhoma Matania jaaka kgosi mo Jerusalema mme “a mo raea leina le sele, a re, Sedekia.”—2 Dikgosi 24:11-17.
Direkoto tsa Babelona ka sebele, tse di fitlhetsweng ke baithuta-marope, le tsone di tiisetsa tiragalo eno. Ditiragalo tsa Bababelona, ebong dimatla tsa letsopa tsa bogologolo tseo go neng go kwadilwe ditiragalo tse dikgolo mo go tsone, tsa re kgosi ya Babelona “o ne a dikanyetsa motse wa Juda [Jerusalema], mme . . . a tsaya motse a ba a gapa kgosi. Mme koo o ne a itlhomela kgosi e a e ratang, a amogela lekgetho la yone le legolo a ba a (ba) romela kwa Babelona.”
Gape, Bibela e bua ka kabelo ya dijo eo e neng e fiwa Jehoiakine fa a ne a ntse a le mo botshwarong mo Babelona. (2 Dikgosi 25:27-30) Baithuta-marope ba ile ba fitlhela mekwalo ya semmuso mo Babelona e e buang ka kabelo ya dijo e e neng e fiwa “Yehoiakine kgosi” le “bomorwa kgosi ya Juda.”
Lemororo batho ba Jerusalema ba ne ba le mo kgolaganong le Jehofa Modimo, ba ne ba nna ba tswelela go gana go latela ditsela tsa Modimo ka boganana le go reetsa baperofeti ba gagwe. Jehofa o ne a re “ba ithatahaditse dithamō, gore ba se utlwe mahoko a [gagwe].” Ka Jeremia o ne a tlhagisa gore “ba Yuda botlhe ke tla ba tsenya mo seatleñ sa kgosi ea Babelona, me o tla ba isa Babelona e le dichwarwa, me o tla ba bolaea ka chaka.”—Yeremia 19:15; 20:4.
Ka jalo fa Sedekia a ne a tsuologela Nebukadenesare, Bababelona ba ne ba boa gape mme ba feta ba dikanyetsa Jerusalema. Ba ne ba thubaganya dithako tsa one ka Tammuz 9, 607 B.C.E. Ba ne ba tshuba tempele, ba diga dipota tsa motse, mme ba gapa Sedekia le batho ka bontsi jaaka ditshwarwa go ya Babelona. Mafoko a ga Jehofa ruri a ne a itshupa a le boammaaruri: “Me lehatshe ye yeotlhe le tla nna chwahalō, le kgakgamaco; me merahe e, e tla dihèla kgosi ea Babelona ka dinyaga di le mashomè a shupa.”—Yeremia 25:11.
Toro ya ga Nebukadenesare ya Setshwantsho
Moragonyana, kgosi ya Babelona Nebukadenesare, yo o neng a le tlhogo ya mmuso o mogolo wa lefatshe wa nako ya gagwe, o ne a amogela tshedimosetso nngwe e e sa tlwaelesegang. Modimo o ne a mo lorisa namane e tona ya setshwantsho. Toro eo e ne e senola ditiragalo tsa lefatshe go tloga ka motlha wa ga Nebukadenesare go ya fela kwa mebusong e mengwe ya lefatshe e e neng e tla latela ya Bameda le Baperesia le Greece, go ya fela kwa Roma, le eleng go fetela mo nakong ya rona ya jaanong go ya kwa go tlosediweng ruri ga mebuso yotlhe ya batho ke Bogosi jwa Modimo. Moperofeti wa Modimo Daniele o ne a bolelela Nebukadenesare a re: “Modimo o mogolo o itsisitse kgosi se se tla namañ se dihala; me tōrō e tlhōmame, le phuthololō ea eōna ke ea manete.”—Daniele 2:28-45.
Nebukadenesare le ene o ne a tshwanela gore a ithute ka sebele sa gagwe, ka tsela e e maatla thata, gore Modimo o ka nna le seabe mo dikgannyeng tsa lefatshe—gore “Mogodimodimo [wa busa] mo bogosiñ yoa batho, me o tla bo nee moñwe hèla eo o mo ratañ.”—Daniele 4:25.
Tshwahalo ya Babelona e ne ya Bolelelwa Pele
Lefa go ntse jalo, bosetlhogo jo bo feteletseng jwa Babelona mo bathong ba ga Jehofa bo ne bo ka se fete fela bo sa otlhaelwa. Ka Jeremia, Modimo o ne o rile: “Me Babelona le banni botlhe ba Kaladea ke tla lehetsa mo go bōnè boshula yotlhe yoa bōnè yo ba bo dihileñ mo Siona mo ponoñ ea lona.” Mme ka Isaia o ne a ile a bolelela pele a re: “Ke tla ba cosetsa Bameda.”—Yeremia 51:24; Isaia 13:17.
Mo e ka nnang makgolo a dingwaga a le mabedi pelenyana, Jehofa o ne a ba a fa leina la moeteledi pele yo o neng a tla fenya Babelona le go golola batho ba Gagwe—Kuruse, yo gape a itsegeng jaaka Kuruse yo Mogolo. Polelelo pele kaga Kuruse e ne ya bolelela pele gore go ne go tla bulwa “meyakō ha pele ga gagwè, me dikgōrō ga di ketla di cwalwa.” (Isaia 44:26–45:1) A selo se se ntseng jalo ruri se ne sa diragala? Ditiragalo di a araba.
Go wa ga Babelona!
Ka jaana dingwaga tse 70 tse di neng di boleletswe pele tsa botshwarwa jwa Juda di ne di tloga di fela, Bameda le Baperesia ba ne ba tsena mo tseleng. Kgosi ya Babelona Nabonidase o ne a setse a tshabile kwa Kupero mo tlhabanong. Raditiragalo wa Mogerika Herodotus o bolela gore Bababelona ba ne ba siame sentle go ka itshokela seduledi se seleele. Mme ebile go bonala fa ba ne ba tshepile thata dithako tse dikgolo tsa Babelona.
Jaaka pego ya Bibela e anela, mo bosigong jwa October 5/6 ka ngwaga wa 539 B.C.E., Beleshasare o ne a dirile namane e tona ya mokete mo teng ga Babelona, a a nwa le go ja le diketekete tsa baeng ba gagwe ba maemo a a kwa godimo. (Daniele 5:1-4) Herodotus o tiisetsa gore mo bosigong joo go ne go na le mokete o mogolo mo Babelona. O bolela gore batho ba motse oo “ba ne ba bina ka nako eo, ba le mo boipelong jo bogolo.” Lefa go ntse jalo, ka kwantle, Kuruse o ne a fapositse metsi a Euferatese, noka eo e neng e ralala bogare jwa motse. Fa metsi a ntse a ya kwa tlase, mephato ya gagwe ya masole e ne ya gobua noka eo, ba ralala dithako tse di godileng, mme ba tsena mo go seo Herodotus a ileng a se bitsa “dikgoronyana tseo di neng di tsena mo nokeng,” dikgoro tseo di neng di butswe ke Bababelona.
Dingwaga di le dintsintsi pelenyana, moperofeti Jeremia o ne a ile a kwala ka phepafalo kaga go wa ga Babelona: “Digañka tsa Babelona di ithibile go tlhabana, . . . Moisa dikwalō o tla siana a ea go kgatlhantsha moisa dikwalō eo moñwe, le moroñwi eo moñwe o tla kgatlhantsha eo moñwe, ba ea go shupetsa kgosi ea Babelona ha motse oa eōna o gapilwe mo ntlheñ cotlhe: Le go re, matsibōgō a gapilwe, le go re, lotlhaka ba lo hisitse ka molelō.”—Yeremia 51:30-32.
Ditiragalo tsa ga Nabonidase, e jaanong e leng mo British Museum, e tiisetsa tlhaloso eno. E bolela gore “mephato ya ga Kuruse e ne ya tsena mo Babelona kwantle ga tlhabano epe.”
Polelelo Pele ya ga Jehofa e ile ya Diragadiwa
Babelona o ne a wa mo bosigong bo le bongwe. Mmuso o mogolo wa lefatshe wa boraro mo ditiragalong tsa Bibela o ne o fedile ka tshoganetso. Kuruse o ne a kgona go ipelafatsa mo mokwalong wa dimapo, o o itsegeng jaaka Cyrus Cylinder: “Ke nna Kuruse, kgosi ya lefatshe lotlhe, kgosi e kgolo, kgosi e e tshwanetseng, kgosi ya Babelona, kgosi ya Sumera” Ka bonakonyana morago ga moo, Kuruse o ne a ntsha taolo ya gagwe e e itsegeng thata, mme batshwarwa ba Bajuda ba ba ka tshwarang 50 000 ba ne ba boela Jerusalema go ya go mo aga sesha le tempele ya ga Jehofa, mme ba goroga koo morago ga dingwaga tse 70 tse di neng di boleletswe pele tsa botshwaro.—Esere 1:1-11.
Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, moaposetoloi wa ga Jesu Petere o ne a ruta matshutitshuti a Bajuda a a neng a tletse fano, mme ke kwa Babelona kwa Petere a neng a kwala le lengwe la dikwalo tsa gagwe tse di tlhotlheleditsweng tsa Bibela. (1 Petere 5:13) Lefa go ntse jalo, morago ga lobaka, polelelopele eno e ne ya diragadiwa: “Me Babelona, kgalalèlō ea magosi, bontlè yoa pelahalō ea Bakaladea, o tla nna yaka ha Modimo o lo oa ribegetsa Sodoma le Gomora. Ga o ketla o tlhōla o nnwa ke batho gopè.”—Isaia 13:19, 20.
Gompieno, Babelona yo o maatla ga se sepe fela fa e se mokoakoa o o lorole wa maje, marope a a mo lefatsheng le le swafetseng—bosupi jo bo phepafetseng jwa gore Lefoko la ga Jehofa la boperofeti ga le nke le tlhaela mme ebile le tsepame.—Yeremia 51:36, 37.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa e le ka malatsi, re amogela tlhatlhamano ya metlha e e fitlhelwang mo Bibeleng, eo fa gongwe e faro-loganang le malatsi a bogologolo ao a theilweng mo metsweding ya selefatshe e e sa ikanyegeng thata. Go bona tlhaloso e kgolwane kaga tlhatlhamano ya metlha ya Bibela bona buka ya Aid to Bible Understanding ditsebe 322-48.
b The Dawn of Civilization and Life in the Ancient East (kgatiso ya 1940), ka R. M. Engberg le F. C. Cole, ditsebe 230-2.
[Mmapa mo go tsebe 31]
(For fully formatted text, see publication)
BOGOLO JWA MMUSO WA BABELONA
LETWATLE LE LEGOLO
Noka ya Euferatese
Babelona
MEDIA
Jerusalema
[Motswedi wa Setshwantsho]
Based on a map copyrighted by Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. and Survey of Israel
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
Ishtar Gate ya Babelona e e agilweng sesha (kafa mojeng)
[Motswedi wa Setshwantsho]
Museum of Western Asiatic Antiquity, East Berlin, GDR
Marope a Babelona gompieno (fa tlase)