“Kagishō e Nnè le Lona”
“Yesu a hitlha a èma ha gare ga bōnè, a ba raea, a re, Kagishō e nnè le lona.”—YOHANE 20:19.
1. Ke ka ntlhayang fa maiteko a motho go tlisa kagiso mo lefatsheng a tla palelwa?
“LEHATSHE yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Seno se ne se ntse jalo mo motlheng wa ga Johane, mme ebile se itshupa thata le eleng gompieno, jaaka fa re bona koketsego e e boitshegang ya thubakanyo, borukutlhi, dintwa, le tshenyego. Mafoko a ga Johane a a tlhotlheleditsweng a bile gape a latola gore a go tla tlhola go nna le kagiso mo lefatsheng ka ntlha ya maiteko a batho, go sa kgathalesege maiteko a ga mopapa, a baeteledi pele ba merafe, le a UN. Ka ntlhayang? “Ga go na kagishō epè e e leñ ea baikepi.”—Isaia 57:21.
2. Ke eng se se kaiwang ke lefoko “kagishō,” segolo bogolo mo Sehebereng le mo Segerikeng?
2 Lefa go ntse jalo, lefoko “kagishō” le ka raya sengwe se se fetang fela go sa nneng teng ga ntwa. Kagiso gape e ka nna “boemo jwa tlhaloganyo kana jwa semoya jo bo tshwaegang ka go sa nne le megopolo e e kgobang marapo kana e e gatelelang kana maikutlo: go ritibala ga mogopolo le pelo.” Lefa go le jalo, lefoko la Sehebera la “kagishō” (sha·lohmʹ) le lefoko la Segerika (ei·reʹne) a na le se segolwane se a se kayang. A kaya gape se se molemo, jaaka mafoko a go laela a a reng, “Tsamaea ka kagishō.” (1 Samuele 1:17; 29:7; Luke 7:50; 8:48) Seno se re thusa go lemoga gore ke eng fa Jesu a ne a amegile ka tsela e e lorato kaga barutwa ba gagwe mo lobakeng lo lo botlhoko lwa loso lwa gagwe.
3. Jesu o ne a bontsha jang kamego e e boteng mo barutweng ba gagwe morago ga a sena go tsosiwa, mme ka phelelo efe?
3 Jesu o ne a swa ka Labotlhano, Nisane 14, ka ngwaga wa 33 C.E. Ka Sontaga, ka Nisane 16, o ne a tsosiwa. Mme fela jaaka a ne a ntse ka metlha yotlhe, o ne a amegile ka molemo wa barutwa ba gagwe, jalo a ya go ba batla. O ne a ba fitlhela kae? Ba ne ba itotleletse mo ntlong “ka ntlha ea go boiha Bayuda.” Ka mo go utlwalang, ba ne ba tlhobaetse, ba boifa. Mme Jesu o ne a re: “Kagishō e nnè le lona.” (Yohane 20:19-21, 26) Moragonyana, ka go tiisiwa ke moya o o boitshepo, ba ne ba tswelela sentle. Ka bopelokgale ba ne ba itigela mo kabelong ya bone ya go rera, ba thusa ba le bantsi go bona kagiso ya Modimo.
Kagiso ya Modimo Gompieno
4. Batho ba ga Jehofa ba ka nna le kagiso mo mogopolong le mo pelong jang mo metlheng eno e e tlhokofatsang?
4 Re tshela mo motlheng wa bofelo, mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang.’ (2 Timotheo 3:1) Bapalami ba dipitse ba ba boleletsweng pele go Tshenolō ba ntse ba di palame go ralala lefatshe—fela jaaka o ka bona ka dintwa, ditlala, le loso ka ntlha ya bolwetsi. (Tshenolō 6:3-8) Batho ba ga Jehofa le bone ba amiwa ke maemo ao ba tshelang mo go one. Jalo o ka nna jang le kagiso ya bomodimo mo mogopolong le mo pelong? Ka go ikatamalanya le Motswedi wa kgomotso le wa kagiso. Fela jaaka setlhogo se se fetileng se bontshitse, seno se tlhoka gore o rapele ka metlha yotlhe le go kokotlela. Ka tsela eo “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolo ea lona mo go Keresete Yesu.”—Bafilipi 4:6, 7.
5. Ke ka ntlhayang fa Paulo a ne a tlhomamisa gore “kagishō ea Modimo” e ne e ka sireletsa dipelo tsa rona?
5 Moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwala mafoko ao, ene ka boene o ne a ile a itshokela dikotsi le mathata. O ne a ile a tshwarwa le go itewa ke Bajuda le Baroma. O ne a kgobotlediwa ka maje mme a tlogelwa koo gore a swe. Mosepele ka metlha eo o ne o le kotsi; Paulo o ne a thubegelwa ke sekepe gararo, mme gantsi o ne a le mo kotsing ya dirukutlhi. O ne a fetsa masigo a le mantsi a sa bone boroko mme nako le nako a tlhaselwa ke serame, ke tlala, le ke lenyora. Mo dilong tseo tsotlhe, ka metlha yotlhe o ne a ntse a na le “tlhobaèlō kaga diphuthègō cotlhe.” (2 Bakorintha 11:24-28) Jalo Paulo o ne a itse go tswa boitemogelong jwa gagwe ka sebele kafa go leng botlhokwa ka gone go nna le “kagishō ea Modimo” eo e ka sireletsang dipelo tsa rona.
6. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go tlhoma le go tshegetsa kamano e e bothitho le e e kitlanyeng le Mmopi wa rona?
6 “Kagishō ea Modimo” e ka raya motho yo o sisibetseng le yo o ritibetseng, yo o nang le kamano e e molemo le Modimo. Seno se botlhokwa fela thata mo Bakereseteng, segolo bogolo fa ba lebaganye le pogiso kana ba le mo pitlaganong. Ka ntlhayang? Mme kana, rotlhe re batho ba ba sa itekanelang; ka jalo, fa re tlhorontshiwa ke mathata, ke khutsafalo, ke kganetso, kana ke mefuta e e farologanyeng ya dilo tse di swabisang, ka motlhofo fela re ka nna boi. Seno se ka felela ka gore re tlholege go tshegetsa bothokgami jwa rona. Selo se se ntseng jalo se ka lere kgobo mo leineng la Modimo, se ka dira gore re latlhegelwe ke kamogelo ya ga Jehofa, mme se ka felela ka gore re latlhegelwe ke botshelo jo bo sa khutleng. Jalo abo go le botlhokwa jang ne gore re leke ka natla go bona “kagishō ea Modimo” eo e tla re thusang go lebagana le dikgwetlho tse di ntseng jalo ka katlego. Kagiso eo ruri ke e nngwe ya ‘dineo tse di molemo le dimpho tse di itekanetseng’ tseo re di fiwang ke Rraarona wa selegodimo.—Yakobe 1:17.
7, 8. (a) “Kagishō ea Modimo” e theilwe mo go eng, mme ke jang e “hetañ tlhaloganyō eotlhe”? (b) Kagiso e e ntseng jalo e ne ya tshwantshediwa jang mo mokaulengweng mongwe wa Mo-Afrika?
7 O ka nna wa bo o lemogile gore batho bangwe ba ka bonala ba relela fela mo botshelong ebile ba ritibetse. Gantsi seno se dirwa ke nonofo fela ya tlholego, maemo a lelapa leo, khumo, thutego, kana mabaka a mangwe a a ntseng jalo. “Kagishō ea Modimo” yone e farologane thata-thata. Ga e ya ikaega ka maemo a go nna sego, lefa e le gore go ka ne go dirwa ke nonofo ya motho kana tsela ya go akanya. E tswa mo Modimong mme ebile ‘e feta tlhaloganyo yotlhe.’ Thanolo ya ga J. B. Phillips e kwadile Bafilipi 4:7 ka go re “kagiso ya Modimo . . . e gaisa megopolo ya batho.” Batho ba lefatshe gantsi ba gakgamadiwa ke tsela eo Bakeresete ba fenyang mathata a a masisi ka yone, kgobalo ya mmele, kana le eleng loso.
8 Sekai sa motlha wa segompieno sa seno e ne e le sa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a tshwere pokano ya Bokeresete mo lefatsheng lengwe mo Afrika koo Basupi, segolo ka tlhotlheletso ya Bakatoliki ba lefelo leo, ba neng ba bonwa molato wa gore ke dirukutlhi. Ka tshoganyetso, mapodise a sesole a a neng a tshotse dithipa a ne a tla. Ba ne ba romela basadi le bana kwa gae mme ba simolola go betsa banna. Mosupi yoo o gakologelwa jaana: “Ke tlhoka le one mafoko a go tlhalosa sebopego seo re neng ra tshwarwa ka sone. Moeteledi pele wa bone o ne a bua phatlalatsa gore re tla itewa go fitlhelela ree swa. Ke ne ka itewa mo go botlhoko ka molamu wa logong mo eleng gore moragonyana ke ne ka kgwa madi ka malatsi a le 90. Mme se ke neng ke amegile ka sone e ne e le matshelo a ditsala tsa me. Ke ne ka rapela gore Jehofa a sireletse matshelo a bone, ebong dinku tsa gagwe,” mme botlhe ba ne ba falola. Abo e ne e le sekao se se molemo jang ne sa go ritibala mo botlhokong jo bo boitshegang le sa go akanyetsa ba bangwe ka lorato! Ee, Rraarona yo o lorato wa selegodimo o araba ditopo tsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, a ba fa kagiso ya gagwe. Mongwe wa masole a a neng a gakgamaditswe ke seo o ne a umaka gore Modimo wa Basupi “o tshwanetse a bo a le wa boammaaruri.”
9. Ke phelelo efe e go bala Bibela le go tlhatlhanya kaga yone go ka nnang le yone?
9 Mo metlheng eno e e bokete, Bakeresete ba le bantsi ba na le mathata ao a dirang gore ba ikutlwe ba tlaletswe ebile ba kgobegile marapo. Tsela e e molemo ya go boloka kagiso ya mogopolo ke go bala Bibela le go tlhatlhanya ka yone. E ka fa motho nonofo le boikemisetso jwa gore a nne a gatele pele le go nna a nitame. “Lehoko ya Modimo le tshedile, le tlhaga.”—Bahebera 4:12.
10. Go kgona go gakologelwa dikwalo go ka nna lesego jang?
10 Lefa go le jalo, go tweng fa e le gore re ka welwa ke bomadimabe bongwe ntswa re sena Bibela? Ka sekai, Mokeresete o ka nna a tshwarwa ka tshoganyetso mme a latlhelwa mo kgolegelong a sena Bibela. Fa go ntse jalo, e tla bo e le bolesego thata go ka kgona go gakologelwa ditemana tse di tshwanang le Bafilipi 4:6, 7; Diane 3:5, 6; 1 Petere 5:6, 7; le Pesalema 23. A o ka seke o anaanele thata go kgona go gakologelwa le go akanyetsa ditemana tseo? Mo seemong se se sa itumediseng sa kgolegelo, go tla bo go ntse jaaka ekete Jehofa ka boene o bua le wena. Lefoko la Modimo le ka fodisa megopolo e e tlhokofetseng, la tiisa dipelo tse di reketlang, mme la emisetsa kgoberego ya maikutlo ka kagiso. (Bona Pesalema 119:165.) Ee, go botlhokwa fela thata go gatisetsa dikwalo mo megopolong ya rona fa re santse re na le sebaka sa go dira jalo.
11. Mokaulengwe mongwe mo Netherlands o ne a bontsha jang kafa dijo tsa semoya di tlhokafalang ka gone?
11 Arthur Winkler ke mongwe wa bao ba neng ba anaanela thata Bibela, segolo bogolo mo nakong ya fa Ba-Nazi ba ne ba gapile Netherlands, fa Basupi ba ne ba tshwanetse go dira tiro ya bone ya Bokeresete ka sephiri. Ba-Gestapo ba ne ba ntse ba tsoma mokaulengwe Winkler. Fa kgabagare ba mo tshwara, ba ne ba leka go dira gore a itatole mme ba palelwa. Go tswa foo ba ne ba mo keteka go fitlhelela a gonoga. Morago ga a sena go betswa gore a bo a kgolege meno, a fapaane ditlhaa, le mmele wa gagwe o sale o le matsaditsadi, o ne a latlhelwa mo kgolegelong e e lefifi. Mme modisa wa gagwe o ne a le pelotlhomogi le botsalano. Mokaulengwe Winkler o ne a batla kaelo ya ga Jehofa ka thapelo. Mme gape o ne a bona kafa go tlhokafalang thata ka gone go re a je dijo tsa semoya mme a kopa gore modisa a mo thuse. Moragonyana, lebati la kgolegelo le ne la bulega, mme Bibela ya latlhelwa mo teng. “Abo e ile ya nna boipelo jang ne,” Mokaulengwe Winkler o ne a gakologelwa, “go ipelela mafoko a a itumedisang a boammaaruri ka metlha yotlhe . . . ke ne ka ikutlwa ke ntse ke nonofela pele semoyeng.”a
Kagiso ya Bomodimo e Tla go Sireletsa
12. Ke ka ntlhayang fa go tlhokafala segolo gore re dise dipelo tsa rona le ditlhaloganyo?
12 Jehofa o solofetsa gore kagiso ya gagwe “e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona.” (Bafilipi 4:7) Seno se botlhokwatlhokwa! Pelo ke yone senno sa tlhotlheletso le maikutlo. Mo metlheng eno ya bofelo, dipelo tsa rona di ka koafadiwa motlhofo fela ke poifo kana tlhobaelo, kana di re raele go dira bosula. Tsela ya botshelo e e tlwaelesegileng e ntse e senyega ka bofefo. Re tshwanetse go nna re itisitse ka metlha yotlhe. Gammogo le go tlhoka dipelo tse di nonofileng, re tshwanetse gape ra nonotsha ‘megopolo’ ya rona le gore e kaelwe ke Modimo ka Lefoko la gagwe le ka phuthego ya gagwe.
13. Ke melemo efe e e ka nnang gone ka go disa megopolo ya rona?
13 Go ya ka W. E. Vine, lefoko la Segerika noʹe·ma (le le kwadilweng ka go re “megopolō”) ke le le kayang “boikaelelo” kana “leano.” (An Expository Dictionary of New Testament Words) Ka gone, kagiso ya Modimo e ka nonotsha boikaelelo jwa rona jwa Bokeresete mme e re sireletse kgatlhanong le tshekamelo epe ya go koafatsa kana go fetola megopolo ya rona kwantle ga lebaka lepe le le utlwalang. Jalo he kgobego marapo kana mathata di ka se re nyemise moko motlhofo. Ka sekai, fa re ne re ikaeletse go direla Jehofa ka tsela nngwe e e kgethegileng, jaaka go nna modihedi wa mmulatsela wa nako e e tletseng kana go fudugela koo badihedi ba tlhokafalang thata gone, “kagishō ea Modimo” e tla re thusa thata mo go ganeleleng mo mokgeleng oo. (Bapisa Luke 1:3; Ditihō 15:36; 19:21; Baroma 15:22-24, 28; 1 Bathesalonia 2:1, 18.) Go tswelela o ntse o tiisitse mogopolo wa gago, dirisa nako e e lekanyeng mo go ithuteng Lefoko la Modimo le mo go kopaneleng le Bakeresete. Ka jalo o tla bo o otla tlhaloganyo ya gago le pelo ka megopolo e e phepa le e e agelelang. A o kgona go dirisa nako e e lekanyeng go inaakanya le “dipolèlō” tse di tlhotlheleditsweng tsa Modimo? A o tshwanetse go di tlhokomela ka tsela e kgolwane?
14. Ke kgakololo efe e e tlhotlheleditsweng e re tshwanetseng go e tlhokomela thata, mme ka ntlhayang?
14 O ka bona gore pelo le mogopolo tsoopedi, kana tlhaloganyo, di a kopanyelediwa mo go bapaleng le mo go solegelweng molemo ke “kagishō ea Modimo.” Seno se supelwa ke kgakololo ya bomodimo e e reng: “Morwaaka, tlhōkōmèla mahoko a me; sekègèla dipolèlō tsa me tsèbè. A di se tloge mo matlhoñ a gago; u di bolokèlè mo sekwaleloñ sa pelo ea gago. Gonne di botshelō mo go ba ba di bōnañ, di bile di le phodishō hèla mo nameñ eotlhe ea bōnè. Dibèla pelo ea gago ka tlhōahalō eotlhe: gonne macō a botshelō a cwa mo go eōna.”—Diane 4:20-23.
15. Ke seabe sefe se Jesu a nang le sone mo go reng re nne le “kagishō ea Modimo”?
15 “Kagishō ea Modimo” e e nnang gone ka ntlha ya bokopano jo bo molemo, le jo bo kitlaneng le Jehofa e sireletsa dinonofo tsa dipelo tsa rona le tsa mogopolo “mo go Keresete Yesu.” (Bafilipi 4:7) Ke seabe sefe se Jesu a nang le sone fano? Paulo o a tlhalosa: “Ka re, Tshegōhaco e nnè le lona, le kagishō e e cwañ mo Modimoñ Rara, le Morèna oa rona Yesu Keresete, Eo o intsheditseñ dibe tsa rona, gore a re gololè mo metlheñ eno e e boshula, kaha go rateñ ga Modimo le Rara oa rona.” (Bagalatia 1:3, 4) Ee, Jesu ka lorato o ne a ntsha botshelo jwa gagwe gore re tle re rekololwe. (Mathaio 20:28) Jalo ke “mo go Keresete Yesu” re ka amogelesegang go Jehofa jaaka batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng mme re nne mo boemong jwa go ipelela kagiso ya Modimo eo e ka re sireletsang.
Dikotsi tse di Tshosetsang Kagiso ya Modimo
16. Ke kgakololo efe e Paulo a neng a e neela eo e ka re thusang go boloka “kagishō ea Modimo”?
16 Fa re sena go amogela le go ipelela kagiso ya Modimo, re tshwanetse go itlhokomela thata go e boloka. Go na le mabaka a le mantsi a a ka amogang Bakeresete kagiso. Mangwe a a a tlwaelesegileng thata mme ebile a le kotsi thata ke dithato tsa bosha. Mo lokwalong lwa bobedi lwa ga Paulo go Timotheo, yo ka nako eo go bonalang a ne a le masimologong a dingwaga tsa bo-30, o ne a akareletsa kgakololo eno: “U tshabè dithatō tsa bokau, me u latèlè tshiamō, le tumèlō, le loratō, le kagishō, u na le ba ba bitsañ Morèna ka pelo e e itshekileñ.”—2 Timotheo 2:22.
17. Ke eng seo gantsi se ileng sa diragala mabapi le paakanyetso ya ga Jehofa ya tlhakanelo-dikobo?
17 Dithato tseo di ka akareletsa kgotelo ya kafa dikobong, e e dirisiwang kafa tshwanelong mo lenyalong. Lefa go le jalo, go kgabaganya ditiragalo tsotlhe, kgotelo eno e ile ya dirisiwa kafa go sa tshwanelang ka go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo kana go tlhakanela dikobo ka kwantle ga lenyalo, mme e le dilo tseo di sa amogelweng ke Mmopi wa rona yo o botlhale. (Bahebera 13:4; Genesise 34:1-3) Kotsi ya go ineela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa kafa dikobong e tshosetsa Bakeresete gompieno, botlhe ba babotlana le ba ba godileng. Mo metlheng eno ya bofelo ya lefatshe le le atlafetseng, tlhakanelo dikobo mo bathong ba le bantsi e raya fela dikgotelo tsa nama, gantsi go dirisiwa ditlwaelo tse di dirisiwang ke basodoma, ba banna le ba basadi.—Baroma 1:24-27.
18. Ke ka ntlhayang fa dipelo tsa bangwe di sa ntse di ise di nitame, mme seno se ka gogela mo go eng?
18 Lebaka la go bo re tshela mo maemong a go nna jalo le tiisetsa kafa go leng botlhokwatlhokwa ka teng gore re nne le dipelo tse di nonofileng, tse di nitameng le go ineela go Jehofa. Bangwe ba bao ba ileng ba amogela molaetsa wa Bogosi, ba dumela boammaaruri jwa motheo jwa Bibela, ebile ba kopanela ka metlha le batho ba ga Jehofa ga ba nne le kanaanelo e e nonofileng ya ga Jehofa, ya Lefoko la gagwe, le ya phuthego ya gagwe ya lefatshe lotlhe. Dipelo tsa bone ga di a nitama. Ba ka nna ba faposiwa fela ke “dithatō tsa bokau.” Bangwe ba bone ba ka nna ba fenya dithaelo tsa go dira boaka kana kgokafalo, mme, fela jaaka Paulo a ile a tlhagisa ba nna “barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:4) Ba senya nako e ntsintsi ba lebeletse TV, ba bala dibukana, kana ba reeditse mmino o o botlhaswa go na le gore ba nne le thuto ya botho, ba ye dipokanong tsa Bokeresete, kana ba tlhakanele mo tirelong ya Bogosi. Seno ga motlhofo fela se gogela mo koafalong ya semoya, mme kgabagare, se digela mo boleong.
19. Ke eng se re tshwanetseng go se dira go tila go katogela kgakala?
19 Batho bao, fela jaaka mokoro o o senang seitsetsepelo, ba lelemela mo metsing ao a ba kgokgoeletsang kwa tshenyegong. Ba tshwanetse go dirang? Paulo o gakolola jaana: “Ke gōna, re chwanetseñ go tlhōkōmèla segolo thata dilō tse di utlwilweñ, e se re kgotsa ra di katogèlèla koñ.” (Bahebera 2:1) Jalo ba ba leng mo kotsing ba tshwanetse go “tlhōkōmèla segolo thata” go ithuta Lefoko la Modimo, go ipaakanyetsa dipokano tsa Bokeresete, le go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Bogosi. Legale, go ka nna motlhofo fela go akanya ka gore, ‘Seo ke kgakololo e e molemo, mme ga ke mo boemong joo, jalo ga go dire mo go nna.’ Abo go ka nna botlhale jang ne gore mongwe le mongwe wa rona a akanyetse ka masisi kafa re ka tswelelang go phepafatsa dipelo tsa rona ka gone, ebong megopolo e e kwa teng-teng, le dikeletso tsa rona mme re “latèlè tshiamō, le tumèlō, le loratō, le kagishō, [re] na le ba ba bitsañ Morèna ka pelo e e itshekileñ.” (2 Timotheo 2:22) Mo godimo ga tsotlhe, re tshwanetse go kopa Modimo gore a re kaele le go re fa thuso e e tiisang ya moya wa gagwe.
20. Ke eng se mongwe le mongwe yo o dirang bosula bongwe jo bo masisi a tshwanetseng go se dira?
20 Fa go ka nna le bangwe ba ba welang mo phosong nngwe e e masisi mme ba e bipa, ka phepafalo ba tla latlhegelwa ke kamogelo ya ga Jehofa le ke “kagishō ea Modimo” e ba neng ba na nayo pele. Mme le bone ba tla latlhegelwa ke kagiso ya megopolo ya bone. (Bapisa 2 Samuele 24:10; Mathaio 6:22, 23.) O ka bona he, go re ke ka ntlhayang fa go tlama Mokeresete mongwe le mongwe yo o wetseng mo boleong jo bo masisi gore a bo ipolele go Jehofa le go bagolwane ba ba lorato, bao ba tla mo fodisang mo semoyeng. (Isaia 1:18, 19; 32:1, 2; Yakobe 5:14, 15) Fa motho mongwe yo o ileng a thetheekela semoyeng mo tseleng e e relelang ya boleo a batla thuso mo bakaulengweng ba ba godileng, ga a na go tswelela a na le segakolodi se se tshwenyegileng kana a tlhoka kagiso ya bomodimo.
21. Ke lebaka lefe la go leboga Jehofa thata-thata leo re tshwanetseng go nna le lone gompieno, mme ke eng seo re tshwanetseng go ikemisetsa go se dira?
21 Abo e le tshiamelo e e molemo jang ne go nna mongwe wa Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa gompieno! Go re dikologa, lefatshe leno la ga Satane le ntse le phatlakana le go nna maragaraga. Le tla akofa le feta. Batho ba le bantsi ba “idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” Mme rona re ka tsholetsa ditlhogo tsa rona ka go bo re itse gore ‘thekololo ya rona e a atamela.’ (Luke 21:25-28) Go bontsha kafa re lebogang Jehofa ka gone ka ntlha ya “kagishō . . . e e hetañ tlhaloganyō eotlhe,” a re direng bojotlhe go direla “Modimo oa kagishō” ka boikanyego.—Baroma 15:33; 1 Bakorintha 15:58.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona 1986 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 154-7.
Dintlha tsa Poeletso
◻ “Kagishō ea Modimo” e re thusa jang gompieno, mme e ‘feta tlhaloganyo yotlhe’ jang?
◻ Ke mabaka afe a a re kgonisang go boloka kagiso ya mogopolo?
◻ Ke kotsi efe e e fitlhegileng e e tshosetsang Bakeresete ba le bantsi gompieno, mme e ka gogela go eng?
◻ Fa Mokeresete a dira boleo jo bo masisi, ke eng se a tshwanetseng go se dira?
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]
O ne a Bona Gore Tota Ruri Go Ntse Jalo
Mo Ntweng ya Lefatshe II Ba-Nazi ba ne ba romela monna wa ga Elsa Abt kwa kampeng ya pogisetso ya Sachsenhausen ka ntlha ya go rera ga gagwe ga Bokeresete. Mme he ya re ka May 1942, ba-Gestapo ba ne ba tla mo gaeng la gagwe, ba gapa mosetsanyana wa gagwe mme ba romela Elsa go ya go dira le go bogisiwa mo dikampeng tse di farologanyeng. O neela pego eno ya sebele:
“Dingwaga tse ke di feditseng ke le mo dikampeng tsa pogisetso tsa Jeremane di ne tsa nthuta thuto e e tlhomologileng. Ya go re moya wa ga Jehofa o ka go kgothatsa thata-thata jang fa o le mo tekong e kgolo! Pele ga ke tshwarwa, ke ne ke ile ka bala lekwalo la ga kgaitsadi mongwe yo o neng a bolela gore fa o le mo ditekong tse di botlhoko moya wa ga Jehofa o dira gore o ritibale. Ke ne ka gopola gore gongwe o ne a feteletsa dilo go sekae. Mme e ne ya re fa ke tsena mo ditekong tseno ka sebele sa me, ke ne ka lemoga gore se a neng a se bua e ne e le boammaaruri. Ruri go ne ga diragala jalo. Ga go motlhofo go gopola ka gone, fa o ile wa seka wa go itemogela. Mme ruri go ile ga ntiragalela. Jehofa o a thusa.”
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Paulo o ne a itse ka maitemogelo a gagwe gore kagiso ya Modimo e ka sireletsa dipelo tsa rona
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
A o mo kotsing ya go katogela kgakala semoyeng?