Baengele—A Ba Ama Botshelo jwa Gago?
A TOTA baengele ba teng? Kana ke dikakanyo fela? Fa e le gore ba teng, a ba ka ama botshelo jwa gago?
Go na le motswedi o le mongwe fela o o ikanyegang wa dikarabo tsa dipotso tseo. Seo ke Pego e e tlhotlheleditsweng eo Modimo o e neileng batho—Lefoko la gagwe, Bibela e e Boitshepo. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala kaga yone ka go re: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō . . . go kaela ka tshiamō.”—2 Timotheo 3:16.
Ka gone, re ka nna le tumelo ya gore Bibela e tla re neela dikarabo tse di tlhamaletseng tebang le go nna gone ga baengele le gore a ba a re ama. Ruri Mmopi wa lobopo o ka re bolelela fa baengele ba ne ba le gareng ga popo ya gagwe.
A Baengele ke ba Mmatota?
Bibela e tlhalosa jaana ka phepafalo: “O [Modimo] diha baengele ba ōna [meya].” (Bahebera 1:7) Ka gone Mmopi o na le dibopiwa tsa semoya mo mafelong a selegodimo. Tseno ga di bonale mo go rona, ebile di maatla.—Pesalema 104:4; 2 Petere 2:11.
A Modimo o ne a ikaeletse gore baengele ba seka ba nna le botho, e le ditshedi tse di senang bokao? Fa go ne go ntse jalo, ke eng fa Bibela e supa gore baengele ba na le maikutlo? Ka sekai, e re bolelela gore fa metheo ya lefatshe e ne e tlhongwa, baengele “[ba] ōpèla mmōgō, le bomorwa Modimo [baengele] botlhe ba thèla loshalaba loa boitumèlō.”—Yobe 38:4-7.
Go bonala gore, jaaka dibopiwa tsa selefatshe tse di botlhale tsa Modimo, dibopiwa tsa semoya tse di botlhale, baengele, ba na le botho jwa bone. Lemororo Bibela e umaka maina a le mabedi fela a baengele (Mikaele le Gabariele), lebaka la go bo baengele ba na le maina le oketsa botho jwa bone. (Luke 1:11, 19, 26; Yude 9) Bibela e kgala thata kobamelo ya baengele, mme seo se akareletsa go ba rapela. Mo boemong jwa go rapela baengele, moaposetoloi Paulo o re gakolola jaana: “Mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo.”—Bafilipi 4:6; Tshenolō 19:10; 22:8, 9.
A mme baengele ba ne ba dirilwe gore ba seka ba nna le thata ya go ikgethela fa gare ga molemo le bosula jaaka diroboto tse di senang kakanyo? Nnyaa, baengele ba gololesegile go ikgethela ditekanyetso, fela jaaka batho ba ntse. Ka sekai, fa baengele bangwe ba ne ba tlola molao wa Modimo mo malatsing a ga Noa, Modimo o ne wa ba koba, mme ba ne ba kobiwa mo boagong jwa selegodimo jwa Modimo. Mokgwa wa bone wa go tlhoka kutlo kwantle ga pelaelo e ne ya nna sesupo sa botho jwa seengele.—Genesise 6:1, 2; 2 Petere 2:4; Mathaio 25:41.
Ka gone, Bibela e re neela tshedimosetso e e thusang kaga tshimologo, go nna gone, le tlhago ya baengele. Go fetisa se Lefoko la Modimo le se bolelang kaga bone go ka dira gore motho a tlhatlhanye ka mo go sa tlhokafaleng mo dipotsong tse Bibela e sa di arabeng. Go ka nna ga ba ga neela tlhokomelo e e sa tshwanelang mo kobamelong ya baengele. (Bakolosa 2:18) Bibela e re gakolola go ‘dumalana le dilo tse di molemo’ eseng go ‘fetisa se se setseng se boletswe jaaka mafoko a a molemo.’—Bafilipi 1:10; Bagalatia 1:8.
Baengele mo Boikaelelong jwa Modimo
Lemororo ba le bantsi ba ka nna ba dumela tebang le tshimologo le dipopego tsa baengele, ga se ba le bantsi ba ba lemogang gore lebaka la go nna gone ga baengele le ama matshelo a rona jang gompieno.
Mo Bibeleng, mafoko a mabedi a a diriseditsweng “moengele” ke mal·’akhʹ (Sehebera) le agʹge·los (Segerika). Ano ka bobedi a raya “moroñwa.” A re bolelela sengwe ka nngwe ya ditiro tsa baengele. Baengele ba direla jaaka barongwa, kana baisa-melaetsa, fa gare ga Modimo le motho.
Ka sekai, moengele o ne a romiwa go isa molaetsa kwa go Aberahame malebana le morwawe lsake le tshegofatso e e neng e tla tla ka ene, tshegofatso eo re ka e amogelang. (Genesise 22:11-17) Moengele o ne a romiwa go buisana le Moshe. (Ditihō 7:37, 38) Gape Modimo o ne wa romela moengele ka ditaelo kwa go moperofeti Elija. (2 Dikgosi 1:3) Gape moengele o ne a bonala kwa go Josefa, ebong rraagwe Jesu yo o mo tsaletsweng, ka ditaolo tse di kgethegileng tebang le losea leo.—Mathaio 2:13.
Gape baengele ba ile ba romiwa go sireletsa batho ba Modimo: “Moengele oa ga Yehofa o thibèlèla mo ntlheñ cotlhe tsa ba ba mmoihañ, me oa ba golola.” (Pesalema 34:7) Ka motlhala, moengele o ne a golola moaposetoloi Petere mo kgolegelong. (Ditihō 12:6-11) Baengele ba babedi ba ne ba thusa Lote le bomorwadie go falola tshenyego ya Sodoma le Gomora ka go ba buledisa go tswa mo lefelong leo. Lefa go ntse jalo, mosadi wa ga Lote o ne a seka a dirisana ka botlalo le baengele, ka gone o ne a senngwa le ba metse eo.—Genesise 19:1-26.
Bibela e umaka dikai di le dintsi tse baengele ba neng ba thusa mo go tsone, e tlatseletsa se Bahebera 1:7 le 14 e se tlhalosang: “Me kaga baengele o buile, oa re, O diha baengele ba ōna [meya], le badihedi ba ōna kgabō ea molelō: . . Bōnè botlhe a ga se meōea e e dihèlañ, e e roñwañ mo tihoñ ka ntlha ea ba ba tla ruañ polokō?”
Moengele mongwe o ne a tlisetsa Jesu kgomotso e kgolo. Bosigo jwa pele ga aa swa Jesu o ne a itse se se neng se le fa pele ga gagwe—gore o ne a tla itatolwa, a itewa, le go bolaiwa setlhogo. O ne a tlhoka nonofo go itshokela teko eno ya bothokgami. Mo nakong eo e e maswe, moengele o ne a bonala kwa go ene ‘go mo nonotsha.’ Abo kgomotso ya moengele e ile ya nna lesego jang ne mo go Jesu! Ka ntlha ya moo, lemororo a ne a itemogela botlhoko mo eleng gore “mohuhucō oa gagwè oa nna yaka marothodi a magolo a madi, a rōthèla ha hatshe,” o ne a kgona go itshoka ka boikanyegi go ya losong.—Luke 22:43, 44.
Gape Modimo o ne wa dirisa baengele go fedisa baba ba batho ba gagwe. Fa Mmuso o mogolo wa Lefatshe wa Asiria o ne o tshosetsa baobamedi ba bogologolo ba Modimo, se se latelang se ne sa diragala: “Me ga dihala ea re bosigo youō, moengele oa ga Yehofa a cwa, me a tsèna bothibeleloñ yoa Baasiria, a gaila batho ba le bothousanda ba ba lekgolo, le ba mashomè a a hèrañ mebedi le ba botlhano: me ea re batho ba phakèla ka moshō, bōnañ, ba bo ba le ditoto botlhe hèla.” (2 Dikgosi 19:35) O ka bona maatla a a boitshegang a baengele—go ne ga tsaya moengele a le mongwe fela fela go bolaya baganetsi ba le 185 000 ba Modimo le batho ba gagwe!
Herode yo o neng a tlhapatsa Modimo le ene o ne a tshoganyediwa ke maatla a moengele. Fa Herode a ne a simolola go itshwantshanya le Modimo, “ka bonako moengele oa Morena a mo itaea, ka a sa nee Modimo tlotlō: me a yèwa ke diboko, a shwa.”—Ditihō 12:21-23.
Re bolelelwa gore bogautshwaneng, fa Modimo o fedisa tsamaiso eno yotlhe e e boikepo, baengele gape ba tla dirisiwa jaaka babolai. “Morwa Motho o tla roma baengele ba gagwè, me ba tla tlhōpha mo bogosiñ yoa gagwè dilō cotlhe tse di kgopisañ, le ba ba ikèpañ; Me ba tla ba latlhèla mo bokepishoñ yoa molelō.”—Mathaio 13:41, 42.
Ka gone, baengele ba farologane thata le ka moo batho ba akanyang ka gone. Mokwadi mongwe wa bodumedi wa Jeremane ebong Dr. Manfred Barthel o ne a tlhalosa gore: “Fa re batla go akanya ka baengele ba Morena jaaka bakwadi ba Kgolagano e Kgologolo ba ne ba ba bona, santlha re tshwanetse go lebala ditšheruba tse di nang le ditshega-baeng . . . tse di kgabisitseng dikarata tsa rona tsa madume.”—What the Bible Really Says.
Baengele ba go Ama Jang?
Lefa go ntse jalo, potso e santse e saletse: Baengele ba dira eng gompieno? A ba a re ama gompieno jaana? Ee, ruri baa re ama!
Gakologelwa gore mo boperofeting jwa gagwe malebana le ‘bokhutlo jwa metlha’ Jesu o ne a bolelela pele jaana: “E tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, [a tsaya thata ya bogosi], a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthelwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi.”—Mathaio 24:3; 25:31, 32.
Go kgaoganngwa mo ga batho go tla fitlhelelwa jang? Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Ee, Modimo o dirisa batho ba gagwe ba ba mo lefatsheng go dira tiro eo ya go rera ya lefatshe lotlhe.
Bogosi jwa Modimo ke puso e e tla tlisang tharabololo e e nosi ya mathata a batho. Gompieno, molaetsa kaga jone o bolelwa go ralala lefatshe lotlhe ke Basupi ba ga Jehofa ba feta dimilione tse tharo, ba ba tshegediwang ke baengele. “Go tla nna hèla yalo mo bokhutloñ yoa lehatshe; baengele ba tla cwa, ba tlhaola ba ba boshula mo go ba ba siameñ.”—Mathaio 13:49.
Tiro eno ya go rera e e kaelwang ke baengele gompieno e amogelwa ka karabelo e e farologaneng ke batho. Bangwe ba re ba tshwaregile thata go ka reetsa kana ba gana fela go dira jalo. Ba bangwe baa etsaetsega kana ba nna fela fa gare. Lefa go le jalo, ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang, ba ba tshwenyegileng ka isagwe ya bone, ba ile ba arabela ka go iketleeletsa. Jang?
Mo mafatsheng a le 208, Basupi ba ga Jehofa ba kgweetsa dithuto tsa Bibela tsa magae le dimilione tsa batho ba ba ‘lemogang ditlhokafalo tsa bone tsa semoya’ le ba ba “bolaecweñ tshiamō ke tlala.” (Mathaio 5:3, 6) Maitemogelo a le mantsi a bontsha gore gantsi baengele ba kaela batlhanka ba Modimo go kopana le batho ba ba ntseng jalo ba ba dipelo di ikanyegang ka molaetsa wa poloko. Tshenolō 14:6 ka tshwantshetso e tlhalosa “moengele eo moñwe a hoha gare ga legodimo” a na le “Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ go a bolèlèla ba ba agileñ mo lehatshiñ.” Seo ruri se diragala gone jaanong jaana! Seno se tla ama isagwe ya gago jang?
Baengele mo Isagweng ya Gago
Ka phepafalo Bibela e supa metlha ya rona jaaka ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya jaanong. (2 Timotheo 3:1-5) Gane Bibela e re sedimosetsa gore jaanong baengele “ba eme mo dintlheñ eoo nnè tsa lehatshe, ba chwere diphehō tsa lehatshe coo nnè.” (Tshenolō 7:1) Setshwantsho seno se raya eng?
Go nna ga bone mo “dintlheñ” tsa lefatshe, baengele ba mo seemong sa go golola “diphehō” tse di senyang go tswa mo dintlheng tsotlhe. Ga go na lefelo lepe la lefatshe le le tla tlogelwang, mo go tla rayang ‘kgobalo,’ kana tshenyego, go tsamaiso eno e e boikepo le botlhe ba ba e emang nokeng. Ka gone baengele ba Modimo ba tlhalosiwa ba iketleeleditse go tsaya kgato fa sesupo se neelwa!—Tshenolō 7:3; 19:11-21.
Lefa go le jalo, ‘kgobatso’ e e senyang e tla nna fela mo go bao ba ba sa arabeleng molaetsa o o tshegeditsweng ke baengele o jaanong o rerwang lefatshe lotlhe. Ga e kitla e gobatsa bao ba batlang Modimo le bao ba reetsang molaetsa wa Bogosi. Ba tla sirelediwa, jaaka Lefoko la Modimo le re: “Batlañ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe . . . batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”—Sefania 2:3.
Poelo ya “bakgōbaladi” bao e tla nna eng? Pesalema 37:11 ya re: “Bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.” Ka lobaka lo lo kae? “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.” (Pesalema 37:29) Mo go raya gore botshelo jo bo sa khutleng bo tla kgonagala mo lefatsheng le le tla fetolwang go nna paradaise, jaaka Jesu a ne a bontsha.—Luke 23:43.
Ka gone, he, potso e o tshwanetseng go e botsa ke gore: ‘Isagwe ya me e tla nna eng?’ Karabo e itshetlegile ka moo o arabelang kaelo ya baengele ka gone. A o tla reetsa le go arabela fa o neelwa molaetsa o ba o tshegetsang? Fa o dira jalo, o tla nna gareng ga bao ba ka lebelelang ka tumelo mo isagweng, o nna le tsholofelo e e tlhomamisegang ya Modimo: “Lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:17.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Jaanong jaana baengele ‘ba tshegeditse diphefo tse nne.’ Ka ntlhayang?