Go Araba Pitso ya Ditlhaketlhake tsa Micronesia
MAINA a a tshwanang le Truk, Yap, Ponape, Guam, le Saipan e ka tswa e se sa ntlha o a utlwa. Mme go tweng kaga Belau, Rota, Kosrae, Nauru, kana Kiribati? Tseno le tse dingwe tsotlhe ke karolo ya ditlhaketlhake tse di fetang 2 000 le tse di potlana tse di gasameng mo lefelong la bogolo jo bo fetang dikilometara tsa dimilione tse 7.8 boleele le bophara tsa Western Pacific tseo tsotlhe di bidiwang Micronesia, kana ditlhaketlhake tse dinnye.
Mo kgaolong e kgolo eno, e e ka tswang e lekana le Australia kana naga ya United States, Basupi ba ga Jehofa ba tshwaregile ka go bolela mafoko a a molemo a Bogosi. (Mareko 13:10) Gompieno, tiro eno e dirwa ke baboledi ba bogosi ba ka nna 740 mo diphuthegong di le 13. Tota, go na le tlhokafalo ya barobi ba ba oketsegileng go roba mo ditlhaketlhakeng tseno tse di kgakala tsa lewatle.—Bapisa Yeremia 31:10.
Mo dingwageng tse di ka nnang 20 tse di fetileng, batho ba ba tswang kwa Hawaii, Philippines, Canada, United States, le Australia ba arabetse pitso eo ba bo ba tsenelela tirelo ya borongwa mo ditlhaketlhakeng tsa Micronesia. Fa wa ntlha wa bone a ne a goroga ka 1965, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 76 fela mo kgaolong eno yotlhe e kgolo. Lefa go ntse jalo, ka 1987 batho ba ba 4 510 ba ne ba le teng kwa segopotsong sa loso lwa ga Jesu Keresete. Ka phepafalo, tiro ya lorato ya Bokeresete mo dingwageng tseno tsotlhe e segofaditswe fela thata.
Gompieno, go na le barongwa ba le 49 ba ba direlang mo magaeng a barongwa a le 14 a a anameng mo ditlhaketlhakeng tseno, a otlhe a direlang tlase ga kaelo ya lekala la Guam la Mokgatlho wa Watch Tower. Go rata Jehofa ga bone le go rata baagelani ba bone ba Micronesia go ba tlhotlheleditse go arabela pitso ya borongwa. Ba nnile le maitemogelo afe fa ba ne ba direla mo ditlhaketlhakeng tseno tse di kgakala? Mo kgannyeng ya puo e ntšha le dingwao, ba ne ba tshwanelwa ke go fenya dikgwetlho dife? Mme ke eng se se ba thusitseng go nna kwa ba rometsweng teng? A re utlwe bangwe ba bone kaga tiro ya bone mo ditlhaketlhakeng tseno.
Kgwetlho ya Dipuo tse Disha
Go na le dipuo tse dikgolo di ka nna borobabobedi kana boroba-bongwe mo Micronesia. Mme ka gonne tseno di sa tsewe e le dipuo tse di kwalwang, go ketefalela barongwa ba basha go bona dibuka tse ba ka di dirisang mo go di ithuteng. Lefa go le jalo, ba iteka mo go direng jalo. Ba ne ba bolelelwa gore, mokgwa o mongwe o o nang le matswela e ne e le go leka go dirisa se ba se ithutileng ka bonako fela mo tirong ya go rera. Ee, ba santse ba gakologelwa maemo a mantsi a a bolaisang ditshego—a a tlhabisang ditlhong-a a neng a nna teng fa ba leka go dira jalo.
Roger, yo eleng motho wa Hawaii, o gakologelwa tiragalo nngwe e e ntseng jalo fa a ne a goroga mo Belau dingwaga tse 13 tse di fetileng. “Fa mong wa ntlo a ne a re, ‘Ke Mokato. liki,’ lefoko le le lengwe fela la Se-Palau le ke neng ke ka kgona go fetola ka lone e ne e le ‘Ka ntlhayang?’” Go tswa foo mong wa ntlo a ba a neela tlhaloso e telele. “Ga ke a ka ka tlhaloganya lefa e le sepe se a neng a se bua. Fa a fetsa, ke ne ka bua lefoko le le lengwe fela le ke neng ke le itse, ebong, ‘Ke a leboga,’ ka bo ke tsamaya!”
Salvador, yo o neng a tlile mo Truk le mosadi wa gagwe, ebong Helen, dingwaga tse di lesome tse di fetileng, o gakologelwa a leka go botsa mosadi wa mo-Truk gore a o ne a batla go itumela (pwapwa). Go na le moo, o ne a botsa gore a o ne a batla go ima (pwopwo). Mme Jenette, yo o neng a tswa kwa Oanada le monna wa gagwe Dayid, ebong o gakologelwa nako ya fa a ne a leka gore “Ke a leboga” (kilisou) mme a feletsa ka go re “Ntsi” (kiliso). Lefa go ntse jalo, jaanong ba itse mafoko ao sentle.
Fa James a ne a fudusediwa kwa setlhaketlhakeng sa Kosrae morago ga a sena go direla dingwaga tse nne mo Ponape, o ne a tshwanelwa ke go simolola gape sesha. O gakologelwa segolo fa a ne a leka go nna botsalano le mong wa ntlo mongwe. Mme go na le go mmotsa a re “O tsogile jang?” o ne a mo raya a re, “O sematla”! Jaanong, morago ga dingwaga di le lesome, o bolela jaana: “La ntlha, go ne go le thata go bua mafoko mangwe a Se-Kosrae ka gonne a utlwala jaaka mafoko a tlhapatso mo Seesemaneng.”
Lefa go ntse jalo, maitemogelo a a ntseng jalo ga a nke a kgoba barongwa bano marapo mo go tswelediseng dithuto tsa bone tsa dipuo. “Ga go na sepe se se kalo se motho a ka se dirang go thusa batho kwantle ga go ithuta puo ya bone,” go ne ga bolela jalo morongwa mongwe. “Seno e nna tlhotlheletso ya boammaaruri ya go ithuta ka tlhagafalo.”
Dingwao le Ditumelo-botlhodi
Mo batla-bosheng, bontsi jwa dingwao tsa lefelo leo di ne di lebega di tshegisa. Ka motlhala, David o ne a kopana le monna yo o neng a reile barwa ba gagwe ba bararo maina a re Sardine, Tuna, le Spam (maina a ditlhapi). Morago, o ne a itsisiwe banna bangwe ba bararo ba maina a bone e neng e le Desire, Sin, Repent (Keletso, Sebe, le Ikotlhaeng). Zenette o ne a bona go sa tlwaelega gore batho ba bo ba bitsa borraabone-mogolo le bommaabone-mogolo Papa le Mama mme batsadi ba bone ba ba bitsa ka maina a ntlha. Fa Sheri a ne a goroga mo Hawaii, o ne a bona go tshegisa gore batho ba supe mafelo ba dirisa dinko tsa bone. Mme go ne ga tsaya nako go tlwaela ngwao eno: Fa mosadi a tsena kwa phuthegong nngwe ya phatlalatsa, o “gogobela” ka mangole kwa “setilong” sa gagwe fa fatshe a bontsha tlotlo mo banneng.
Gape, go na le ditumelo di le dintsi tsa tumelo-botlhodi Ka sekai, mo Marshall Islands, fa mongwe aa swa balelapa la gagwe ba baya dijo, disekerete, le dithunya mo phupung ya moswi. Kana fa ntsi e fofa-fofa mo ntlong ka modumonyana, go tsewa gore seno se kaya kotsi le gore mongwe mo lelapeng leo o tloga a tlhokafala.
Gape bangwe ba ditlhaketlhake tseo ba tseneletse thata mo tirisa-badimong don e ne e le mongwe wa bone. Ka go bo a ne a kile a bo a le mogolwane mo kerekeng ya Porotesetanta, o ne a kgona go leleka badimona ka dithapelo le ka go dirisa melemo e a neng a e tlhakanya ka loukwane lwa coconut.
“Letsatsi lengwe sefatlhego se se maswe sa ledimona se se bophara jo bo kanang ka setswalo se ne sa bonala fa kgorong ya kamore ya me,” Jon o anela jalo. La ntlha don o ne a akanya gore o a lora mme kwa morago a lemoga gore o ne a thantse sentle.
“Ledimona leo le ne la mpolelela gore e ne e le lone motswedi wa maatla a me a maselamose. Seno se ne sa ntshosa sa ba sa ntira gore ke ipotse gore ke ka ntlhayang fa badimona ba dira ka nna, ke le motiakone mo kerekeng, le gore ke ka ntlhayang fa moruti ka boene a ne a batla gore ke mo thuse ka ditirelo tsa sedimona.” Jon o ne a tloga a kopana le barongwa ba Basupi mme a simolola go ithuta Bibela.
“Go ne ga intumedisa fela thata go ithuta boammaaruri kaga badimo le kafa ke ka lemogang bodumedi jwa boammaaruri ka teng,” don o ne a gakologelwa jalo. O ne a tswa mo kerekeng ya gagwe a ba a emisa ditiro tsa gagwe tsa sedimona. Gompieno o tlhagisa botlhe go tila ditlwaelo tsotlhe tsa sedimona.—Duteronome 18:9-13; Tshenolō 21:8.
Go Fitlha kwa Ditlhaketlhakeng tse di Potlana
Go isa mafoko a a molemo mo bathong mo ditlhaketlhakeng tse di potlana tse di kgakala ke kgwetlho tota. Gantsi tsela e le nngwefela fela ya go ba fitlhelela ke ka go beelela manno mo sekepeng sa coconut. Jaaka sekepe se ntse se ema mo setlhaketlhakeng sengwe le sengwe dioura di sekae kana malatsi go pega dilwana, barongwa le baboledi ba bangwe ba Bogosi ba tshwarega mo go neeleng bosupi mo baaging ba ditlhaketlhake. Dikgaso tsa beke le beke ke tsela e nngwe ya go ba leretse mafoko a a molemo.
Baagi ba ditlhaketlhake tse di kgakala gantsi ba ya kwa marekisetsong a setlhaketlhake se segolo go ya go reka dijo, go ya bongakeng, le go ya dikolong. Fa ba le koo, ba ka nna ba kopana le Basupi ba ga Jehofa mme ba ka itseela dibuka tsa Bibela. Batho ba ba kgatlhegang ba boelwa ka go kwalelwa kana fa babolediba etela setlhaketlhake sa bone. Go ne ga kopanwa le banyalani bangwe ka tsela eno mo Majuro mo Marshall Islands mme ba boela kwa setlhaketlhakeng sa bone sa Ailuk, dikilometara tse 400 go tswa foo. Ba ne ba simolola go dira botswelelo-pele mo go tlhaloganyeng Bibela ga bone. Go ise go ye kae ba ne ba tlogela kereke ya bone, ba kwadisa lenyalo la bone kafa molaong, ba ba ba kolobediwa. Jaanong boo-babedi ba rera ka tlhagafalo mo setlhaketlhakeng sa bone se se kwa thoko, gangwe le gape ba direla jaaka babulatsela ba ba thusang.
Barongwa ba ba mo Ponape, Truk, le Belau ba dirisa mekoro ya bone go neela bosupi mo ditlhaketlhakeng. Ereka go sena fa e ka emisiwang teng mo mafelong a mantsi, gantsi fa ba e fologelang teng ba tlala diretse go fitlha fa mangoleng a bone. Bontsi jwa baagi ba botsalano ba bile ba amogela baeti ka go ba alela diphate tse di logilweng ba ba ba ba siela metsi a a tsididi a coconut. Go tswa foo go bidiwa balelapa botlhe ba bo ba reetsa ka tidimalo. Ka go bo ba bantsi ba sena madi, ga se mo go sa tlwaelegang go bona baboledi ba boa morago ga malatsi a mabedi kana a mararo mekoro ya bone e tletse maungo a ba a anantseng ka dibuka tsa Bibela.
Go Intsha Setlhabelo le Dituelo
Mo barongweng, botshelo mo ditlhaketlhakeng ga bo tshwane le jaaka bo ne bo ntse kwa magaeng a bone. Ba tshwanetse go tlwaelana le go kgaoga ga motlakase ga nako le nako le tlhaelo ya metsi, ba ikaega ka go dirisa metsi a pula. Mo ditlhaketlhakeng tse dingwe, ga go na motlakase, metsi, kana mafelo a boithomelo, ga gona ditsela tse di baakantsweng, ga go na dikara. Mme, barongwa ba ithutile go inaakanya le seemo. “Fa ke bona bakaulengwe ba lefelo leno ba nna mo matlong a a agilweng ka dilo tse di kileng tsa dirisiwa le bodilo, re ba tlhomogela pelo, mme seno se re boloka re leka-lekane mo ditlhokafalong tsa rona le tse re di batlang,” go lemotsha jalo Julian, yo o diretseng ka boikanyegi mo dingwageng tse 17 mo Guam le mo Marshall Islands.
Rodney le Sheri ba ne ba tla mo Truk ba tswa kwa Hawaii. O dumela ka go re: “Go bua boammaaruri, ke ne ka fitlhela botshelo jo ke sa bo tlwaelang.” Jaanong, morago ga dingwaga tse di lesome, o kwala jaana: “Re na le tiro e e kgotsofatsang e re tshwanetseng go e dira mono. Re kgotšwa fale le fale; fa gongwe re ikutlwa re kgobegile marapo re bile re bolawa ke bodutu. Mme re batla go tsweledisa boikaelelo jwa rona mo botshelong jwa tiro ya boro- ngwa mono.” Mme Sheri o oketsa jaana ka boitumelo: “Batho ba ba intshang setlhabelo ke batho ba ba itumetseng.”
Tota, go intsha setlhabelo ga bone go duelwa mo go golo. Clemente le mosadi wa gagwe, Eunice, ba ba tlileng mo Marshall Islands dingwaga di le lesome tse di fetileng, jaanong ba na le dithuto di le 34 tsa magae tsa Bibela tse ba di tshwarang beke le beke. “Baithuti ba le 14 ba bano ba bontshitse boineelo jwa bone go Jehofa ka go kolobediwa,” o bega jalo, “mme ba bangwe ba gatela pele go ya kolobetsong. Tiro eno e e bolokang botshelo ke ya botlhokwa tshepo mo matshelong a rona.” James, yo o nang le dingwaga di feta lesome a ntse a le morongwa, o bolela jaana: “Go bona boitshoko jwa bakaulengwe ba rona ba Kosrae ngwaga morago ga e nngwe ke lesego la mmatota.” Kwa Belau, Roger o akgela jaana: “Re segofaditswe ka Holo e ntšha ya Bogosi le setlhopha sa baboledi ba ba ikanyegang.” Mme fa Placido a gakologelwa kwa morago mo dingwageng tse dintsi, a re: “Re iponetse kaelo ya ga Jehofa le moya o o boitshepo mo matshelong a rona. Seno se re thusitse go mo atamela fela thata.”
Maitemogelo a a ntseng jaana a kgothaleditse barongwa go nna mo dikabelong tsa bone. Bontsi jwa bone ba kgona go leba kwa morago ba ba ba gakologelwa go tlhomiwa ga phuthego ya ntlha mo lefelong la bone. Jaaka moaposetoloi Paulo, ba na le boitumelo jo bo sa tshwaneng le bope jwa go sa ‘ageng mo motheong a motho yo mongwe.’ (Baroma 15:20) Boikutlo jwa bone bo tlhalosiwa sentle ke kakgelo eno: “Go santse go na le tiro e ntsi go e dira. Ke dumela gore Jehofa o santse a tla bula dipaka tse dintsi tsa go lere ba ba oketsegileng ba seka-dinku mo ditlhaketlhakeng tseno, mme re ena le tshwanelo ya go arola mo go seo.”
“Tshegōhacō ea ga Yehofa ea humisa, me ga a ke a oketsa ka bohutsana,” go bolela jalo Bibela mo go Diane 10:22. Bao ba arabetseng pitsong ya borongwa kwa ditlhaketlhakeng tsa Micronesia ba itemogetse lesego leno ka boammaaruri gammogo le boipelo le kgotsofalo ka go bo ba direla Jehofa.