LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 11/15 ts. 21-23
  • Ba-Anabaptist le “Sekaō sa Mahoko a a Tshedileñ”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba-Anabaptist le “Sekaō sa Mahoko a a Tshedileñ”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Sekaō” se Tlhomilwe
  • Dithuto tsa Motheo
  • Pono ya Bone ka Lefatshe
  • Pogiso​—le Morago
  • “Sekaō” Gompieno
  • Ba-Anabaptist E ne E le Bomang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Diphetogo—A Ne A Fetogela Sebopegong se Sesha
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Tlwaelang go Dira Dilo Tse lo di Ithutileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Dira Thuto E E Itekanetseng Tsela ya Gago ya Botshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 11/15 ts. 21-23

Ba-Anabaptist le “Sekaō sa Mahoko a a Tshedileñ”

Moaposetoloi Paulo O ne a tlhagisa gore morago ga loso lwa gagwe, Bakeresete ba batenegi, ba ba tshwanang le “diphiri tse di setlhogo,” ba ne ba tla tsena mo letsomaneng la Modimo mme ba senke go “itshadisa barutwa moragō.” Ba ne ba tla dira seno jang? Ka go lere dingwao le dithuto tsa maaka go haposa boammaaruri jwa Dikwalo.​—Ditihō 20:29, 30; 1 Timotheo 4:1.

Ka lebaka leno, Paulo o ne a kgothatsa lekawana Timotheo jaana: “Tshegetsa sekaō sa mahoko a a tshedileñ, se u se utlwileñ mo go nna, mo tumeloñ le mo loratoñ lo lo mo go Keresete Yesu. Se se molemō seuō, se u se neecweñ, u se dibèlè ka mōea o o boitshèpō o o agileñ mo go rona.” “Sekaō [seno] sa mahoko a a tshedileñ” e ne e le eng?​—2 Timotheo 1:13, 14.

“Sekaō” se Tlhomilwe

Dibuka tsotlhe tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di ne tsa wediwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o leaelegileng. Lemororo di ne di kwadilwe ke bakwadi ba ba farologaneng, moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a a dirang, o ne wa tlhomamisa gore di dumelane eseng fela ka botsone mme gape le Dikwalo tsa ntlha tsa Sehebera. Ka tsela eno, “sekaō” sa thuto e e utlwalang ya Dikwalo se ne sa tlhomiwa mme ebile se tshwanetswe go dirisiwa ke Bakeresete, le eleng jaaka Jesu Ketesete a ne a le “sekaō” se ba neng ba tshwanetse go se latela.​—1 Petere 2:21; Yohane 16:12, 13.

Mo nakong ya dlngwaga tse al makgolo tsa eññ la semoya tsa morago ga loso lwa baaposetoloi, “sekaō sa mahoko a a tshedileñ” se ne sa diragalelwa ke eng? Bontsi jwa batho ba ba pelo-e-phepa ba ne ba leka go se busetsa emororo pusetso e e feletseng e ne e tshwalelwa ke go leta go fitlhelela mo “motlheñ oa bokhutlō.” (Daniele 12:4) Fa gongwe e ne e le motho a le mongwe fela, mme ka dinako tse dingwe e le setlhopha se se botlana sa batho ba ba neng ba batlisisa “sekaō” seo.

Go lebega Ba-Waldenses ba ne ba le ba palo e potlana eo.a Ba ne ba nna kwa Fora, Italy, le mo dikarolong tse dingwe tsa Yuropa mo nakong ya lekgolo la dingwaga la bo-12 go ya go la bo-14. Morago Ba-Anabaptist ba ne ba tswa mo mokgatlhong ono. E ne e le bomang, mme ba ne ba dumela eng?

Dithuto tsa Motheo

Ba-Anabaptist ba ne ba itsege thata lantlha mo e ka nnang mo ngwageng wa 1525, mo Zurich, Switzerland. Ditumelo tsa bone di ne tsa gasama go tswa motseng oo ka bonako go ya dikarolong tse dintsi tsa Yuropa. Diphetogo tsa ntlha tsa lekgolo la bo-16 la dingwaga di ne di fetotse dilo dingwe, mme go ya ka pono ya Ba-AnaBaptist, di ne di sa dira mo go kalo.

Ka go bo ba ne ba eletsa go boela dithutong tsa Bokeresete tsa lekgolo la ntlha la dingwaga, ba ne ba gana bontsi jwa dithuto tsa Roma Katoliki go gaisa Martin Luther le bafetodi ba bangwe. Ka sekai, Ba-AnaBaptist ba ne ba dumela gore ke bagodi fela ba ba neng ba ka ineela mo go Keresete. Ka baka la tlwaelo ya bone ya go kolobetsa bagodi, le eleng motho yo o neng a kolobeditswe a sa le losea, ba ne ba bidiwa ka leina la “Ba-Ana-Baptist,” le le rayang “ba ba kolobetsang labobedi.”​—Mathaio 28:19; Ditihō 2:41; 8:12; 10:44-48.

“Mo go Ba-AnaBaptist Kereke ya mmatota e ne e le bokopano jwa batho ba ba dumelang,” ga kwala jalo Dr. R. J. Smithson mo bukeng ya gagwe ya The Anabaptists​—Their Contribution to Our Protestant Heritage. Ka baka leo, ba ne ba itsaya jaaka mokgatlho wa bodumedi gareng ga batho ba ba agileng nabo botlhe mme kwa tshimologong ba ne ba sa dire bodihedi jo ba bo thapiseditsweng, kana jo ba bo duelelwang. Jaaka barutwa ba ga Jesu, e ne e le bareri ba ba tsamayang ba ba neng ba etela metse le magae, ba bua le batho mo marekisetsong, mo madirelong, le mo magaeng.​—Mathaio 9:35; 10:5-7, 11-13; Luke 10:1-3.

Mo-AnaBaptist mongwe le mongwe o ne a tsewa jaaka yo o ikarabelelang go Modimo ka boene, a ipelela go dira ka kgololesego le go bontsha tumelo ya gagwe ka ditiro tsa gagwe, lefa go le jalo, a lemoga gore poloko e ne e sa bonwe ka baka la ditiro di le tsosi. Fa mongwe a ne a leofa mo tumelong, o ne a ntshiwa mo phuthegong. Go busediwa go ne go latela fela fa go bonwe bosupi jwa boikwatlhao jo bo tshwanetseng​—1 Bakorintha 5:11-13; bapisa 2 Bakorintha 12:21.

Pono ya Bone ka Lefatshe

Ba-AnaBaptist ba ne ba lemoga gore ba ne ba sa kake ba fetola lefatshe. Lemororo Kereke eo e ne e itsalantse le Naga eo fa e sale ka nako ya mmusi-mogolo wa Roma ebong Oonstantine mo lekgolong la bone la dingwaga C.E., mo go bone seo se ne se sa reye gore Naga eo e ne e le ya Bokeresete. Go ya ka se Jesu a se boletseng, ba ne ba itse gore Mokeresete o ne a sa tshwanela go nna ‘karolo ya lefatshe,’ lefa seno se ne se felela ka pogiso.​—Yohane 17:15, 16; 18:36.

Fa go neng go sena thulano epe gareng ga segakolodi sa Mokeresete le dikgatlhego tsa puso, Ba-AnaBaptist ba ne ba itsise gore Naga e ne e tshwanetse go tlotlwa le go utlwiwa ka tshwanelo. Mme Mo-AnaBaptist o ne a sa kake a tsenelela mo dipolotiking, a nna modirela-puso, a nna agente, kana a ikana. Ka go gana mefuta yotlhe ya bothubaki le kgatelelo, gape o ne a sa kake a tsenelela mo ntweng kana tirelo ya bosole.​—Mareko 12:17; Ditihō 5:29; Baroma 13:1-7; 2 Bakorintha 10:3, 4.

Ba-AnaBaptist ba ne ba boloka boitsholo jwa ditekanyetso tse di kwa godimo mo botshelong jo bo iketlileng jo bo motlhofo, ba sa nne le dilwana tse di bonalang tse dintsi lefa e le go di eletsa. Ka baka la go ratana ga bone, gantsi ba ne ba thibelela mmogo, lemororo ba ne ba sa rate tsela ya botshelo ya go nna mmogo. Lefa go ntse ja.lo, mo motheong wa gore sengwe le sengwe ke sa Modimo, ka metlha ba ne ba iketleeleditse go dirisa dilo tsa bone tse di bonalang go solegela bahumanegi molemo.​—Ditihō 2:42-45.

Ka go ithuta Bibela ka botlalo, bogolo jang Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, Ba-AnaBaptist bangwe ba ne ba gana go amogela thuto ya Tharo-nngwe ya batho ba le bararo mo Modimong o le mongwefela, jaaka fa go supa dingwe tsa Dikwalo tsa bone. Gantsi tsela ya bone ya kobamelo e ne e le motlhofo fela, selalelo sa Morena e le sone kono-kono. Ka go bo ba ne ba gana dipono tsa dikereke tsa Roman Catholic, Lutere, le Calvin, ba ne ba bona fa tiro eno ya kgakologelo e le Segopotso sa loso lwa ga Jesu. “Mo go bone,” go kwala jalo R. J. Smithson, “e ne e le tiro e e tlotlegang segolo e Mokeresete a neng a ka tsenelela mo go yone, e tsosolosa kgolagano ya modumedi ya go dirisa botshelo jwa gagwe jotlhe mo tirelong ya ga Keresete.”

Pogiso​—le Morago

Ba-AnaBaptist ba ne ba sa tlhaloganngwe, fela jaaka Bakeresete ba pele. Jaaka bone, ba ne ba tsewa e le ba ba kgoberang batho, ‘e le ba ba fetolang lefatshe lotlhe.’ (Ditihō 17:6) Mo Zurich, kwa Switzerland, balaodi, ba tshwaragane le mofetodi Huldrych Zwingli, e ne ya nna bone ba ba neng ba ganetsana le Ba-AnaBaptist mo go ganeng go kolobetsa masea ga bone. Ka 1527 ba ne ba betisa Felix Manz yo o neng e le mongwe wa baeteledipele ba Ba-AnaBaptist metsi ka bosetlhogo, ba ba ba bogisa Ba-AnaBaptist ba Switzerland ka bosetlhogo mo go neng ga sala ba sekae fela.

Mo Germany Ba-AnaBaptist ba ne ba bogisiwa mo go setlhogo ke Bakatoliki le Baporosetanta ka bobedi. Taolo ya puso, e e neng ya ntshiwa ka 1528, e ne ya gatelela gore mongwe le mongwe yo o nnang Mo-AnaBaptist a bolawe​—mme a dirwe jalo kwantle ga go sekisiwa ga mofuta ope fela. Go bogisiwa ga Ba-AnaBaptist mo Austria go ne ga dira gore bontsi jwa bone ba ba neng ba le koo ba tshabele kwa Moravia, Bohemia, le Poland, mme morago ba tshabela kwa Hungary le Russia.

Ka go bo bontsi jwa baeteledipele ba bone ba ntlha ba ne ba sule, go ne go lemotshega sentle gore batho ba ba feteletsang dilo ba ne ba tla ipaya kwa pele. Ba ne ba lere go sa leka-lekanye dilo mo go neng ga gogela kwa tlhakatlhakanong e kgolo mme ga felela ka go latlhega ga ditekanyetso tse di neng di dirisiwa mo metlheng ya pele. Seno se ne sa lemotshega ka mo go hutsafatsang mo ngwageng wa 1534, fa batho ba ba feteletsang dilo bano ba ne ba tsaya puso ya motse wa Münster, kwa Westphalia. Ngwaga e e latelang motse oo o ne wa gapiwa ka tshololo ya madi e kgolo le tlhokofatso. Tiragalo eno e ne e sa dumalane le thuto ya boammaaruri ya Ba-AnaBaptist mo e neng ya ba ya ba senya leina. Bangwe ba maloko a bone ba ne ba ikaelela go latlha leina la Ba-AnaBaptist mme ba dirisa la “Ba-Baptist.” Mme e ka ne e le leina lefe fela le ba le kgethileng, ba ne ba nna ba bogisiwa bogolo jang ke Basekisi ba Katoliki.

Kwa bokhutlong, ditlhopha tsa Ba-Ana-Baptist ba ne ba gasama ba batla kgololesego e kgolwane le kagiso. Gompieno, re ba fitlhela mo Amerika Bokone le Borwa, gammogo le mo Yuropa. Dikereke di le dintsi di tlhotlheleditswe ke dithuto tsa bone tsa ntlha, go akareletsa le Ba-Quaker, Ba-Baptist ba motlha wa segompieno, le ba Plymouth Brethren. Ba-Quaker ba dumalana le Ba-AnaBaptist mo go ileng dintwa le mogopolo wa go gogwa ke ‘lesedi le le moteng.’

Masalela a Ba-AnaBaptist gantsi a bonwa thata mo ditlhopheng tse pedi gompieno. Sa ntlha ke sa Hutterian Brethren, ba ba reeletsweng ka moeteledipele wa bone wa lekgolo la bo-16 la dingwaga, ebong Jacob Hutter. Ba ne ba itlhomela metsana ya bothibelelo mo Ennyelane, kwa Canada Bophirima, Paraguay, le South Dakota mo United States. Setlhopha se sengwe ke sa Ba-Mennonite. Ba tsere leina la bone mo go Menno Simons, yo o neng a dira thata mo go phimoleng rekoto e e maswe e e neng e le mo Netherlands morago ga tiragalo ya kwa Münster. Simons o ne a tlhokafala ka 1561. Gompieno, Ba-Mennonite ba fitlhelwa mo anopa le mo Amerika Bokone, gammogo le Ba-Mennonite ba ga Amman.

“Sekaō” Gompieno

Lemororo Ba-AnaBaptist ba ka bo ba ile ba latela “sekaō sa mahoko a a tshedileñ,” ba ne ba seka ba atlega mo go se ñtlheleleng. Mo godimo ga moo, mo bukeng ya gagwe ya A History of Christianity, K. S. Latourette o lemotsha jaana: “Ba ba neng ba le barongwa ba ba tlhagafetseng pele pogiso e ne ya ba dira gore ba nnele kwa thoko ba le bosi mme ba nna mmogo ka losika go na le ka tumelo.” Mme selo se se tshwanang se boammaaruri le gompieno ka ditlhopha tse di potlana tseo tsa mokgatlho wa Ba-AnaBaptist. Keletso ya bone ya go sa nneng karolo ya lefatshe le ditsela tsa lone e ba dirile gore ba apare ka mo go kgethegileng, ba tlhotlhelediwa ke botshelo jwa bone jwa go nnela kwa thoko gantsi.

Jalo he a “sekaō sa mahoko a a tshedileñ” se ka bonwa gompieno? Ee, mme go tlhoka nako le go rata boammaaruri go se bona. Ke ka ntlhayang fa o sa tlhatlhobise gore a se o se dumelang se dumalana sentle le “sekaō” se se senotsweng sa bomodimo? Ga go thata go lemoga se eleng ngwao ya batho le se eleng boammaaruri jwa Dikwalo. Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la ga lona ba tla itumelela go go thusa, ka gonne bone ka bobone ba anaanela kafa ba thusitsweng ka teng go tlhaloganya “sekaō sa mahoko a a tshedileñ.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona The Watchtower ya August 1, 1981, ditsebe 12-15.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Basupi ba ga Jehofa ba thusa sa bantsi go tlhaloganya “sekaō sa mahoko a a tshedileñ”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela