LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 10/15 ts. 27-30
  • Go Bulela Koketsego mo Gibraltar

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bulela Koketsego mo Gibraltar
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Boammaaruri jwa Bibela bo Fitlha kwa Gibraltar
  • Go Kgaoganngwa le ba Bangwe​—Bothata jo Bogolo
  • Go Bulwa ga Molelwane go Gogela Koketsegong ya Bolegodimo
  • Ditebelelo tsa Isagwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 10/15 ts. 27-30

Go Bulela Koketsego mo Gibraltar

LEBALA la metshameko le bonala sentle ka botlalo fa o le mo Gibraltar​—le sekgala sa dikilometara di le 1,5 fela go tloga foo. Lefa go le jalo, mo dingwageng tse di fetang 13, batho ba Gibraltar ba ne ba tshwanelwa ke go tsaya loeto lwa dioura tse di lesome go fitlha koo. Santlha go ne go kopanyeletsa loeto lwa lewatle go ya kwa Afrika Bokone, go tswa foo go boelwe kwa Spain, mme labofelo go tsamaiwe ka bese. Ke ka ntlhayang fa go ne go tsewa loeto lo loleele jaana go ya kwa lefelong le le gaufi mo go kalo?

Ka 1969 puso ya ga Franco ya Spain e ne ya tswala molelwane o o fa makgabaganyong a masesane a a kopanyang Spain le Gibraltar. E ne e le ka ntlha ya go sa utlwaneng ga Spain le Britani ka baka la bolaodi jwa lefelo leo la Lehika, jaaka Gibraltar gantsi e bidiwa. Lefa go ntse jalo, kgoreletsego eo e ne e se e ntšha mo bathong ba Gibraltar. Ka baka la lefelo leo e leng mo go yone le eleng la botlhokwa jo bo tlhomologileng, Gibraltar e ne e le lefelo la phemelo leo gantsi le sa ikopanyeng le dinaga tse di bapileng nayo.

Mo tshimologong ya lekgolo la boroba-bobedi la dingwaga, batlhasedi ba Mauretania ba ba eteletsweng-pele ke Ṭārik ba ne ba gapa karolonyana eo ya lefatshe mme ba e bitsa “Jabal Ṭāriq” (thaba ya ga Ṭārik), e fa e sale go tloga nako eo e fetoletsweng mo go “Gibraltar.” Batho ba Mauretania ba ne ba nonotsha naga eo ya Lehika fela thata, eo eleng bogodimo jwa dimetara tse 430 go feta bogodimo jwa lewatle. Go kgabaganya makgolo-kgolo a dingwaga, e nnile lefelo la bothibelelo jwa nako le nako jwa masole a Mauretania le a Spain. Kwa bofelong batho ba Spain ba ne ba gapa Gibraltar ka 1462, ba e busa go tla go fitlha ka 1704, fa batho ba Britani ba ne ba e gapa ba bo ba aga lefelo la masole a a lwelang mo lewatleng koo.

Mo godimo ga bothibelelo jwa sesole, batho ba ba tswang dinageng tse dintsi ba thibeletse mo toropong e e kwa bonwa jwa naga eo ya Lehika, mo go neng ga oketsa batho ba mefuta e e tlhaka-tlhakaneng bao bontsi jwa bone e leng ditlogolwana tsa bathibeledi ba Mauretania, ba Spain, ba Maesemane, ba Bahebera, le ba Genoa. Bontsi jwa batho jaanong ba bua Sepanishi le Seesemane.

Boammaaruri jwa Bibela bo Fitlha kwa Gibraltar

Mo metlheng ya segompieno, peo ya boammaaruri jwa Bibela e ne ya jalwa la ntlha mo Gibraltar mo selemong sa 1958. Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba ya kopanong kwa London, kwa Ennyelane, ba ne ba sola sebaka sa o ema ga bone kwa boemela-dikepeng jwa Gibraltar molemo ka go rera mafoko a a molemo a Bogosi. Bangwe ba baagedi ba ne ba dira dipeeletso tsa Tora ya Tebelo.

Banyalani bangwe ba barongwa ba ne ba goroga mo Gibraltar ngwaga e e latelang go tla go nosetsa “peo” eno. Mme balaodi ba naga eo ba ne ba fekeediwa ke kgatelelo ya baeteledipele ba bodumedi mme ba koba banyalani bao morago ga dingwaga tse pedi. Lefa go le jalo, setlhopha se sebotlana sa Basupi ba ba ka nnang 25 se ne se bopilwe, mme tiro ya bone ya boikanyegi e ba neng ba e dirile mo dingwageng tseo tsotlhe e ne ya duelwa ka go oketsega mo go iketlileng, mo go neng ga felela ka baboledi ba Bogosi ba le 182 ka March 1987. Tota, kgolo eno e supa go itshoka ga phuthego eo fa ba ne ba lebane le mathata a magolo mo Gibraltar.

Go Kgaoganngwa le ba Bangwe​—Bothata jo Bogolo

Kwantle ga mathata a itsholelo le a loago a a neng a tloga a tsosiwa ke go tswalwa ga molelwane, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kgoreletsega thata mo go kopaneleng ga bone le badumedi-ka-bone ba ba mo diphuthegong tse di bapileng le bone mo Spain. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tse 13 tsa go tswalwa ga molelwane, ba ne ba seka ba latlhegelwa ke dijo tse di humileng tsa semoya tse di neelwang kwa dikopanong tsa potologo le tsa kgaolo ka bobedi. Ka metlha thulaganyo e ne e boelediwa morago kwa Holong ya Bogosi ya bone mo Gibraltar.

Go patelediwa go kgaoganngwa le ba bangwe go ne ga direla basha bothata jo bogolo mo phuthegong Ka ba ne ba kganeletswe mo lefelong la bogolo jwa boleele le bophara jwa disekwere dikhilometara tse 6,8 la Gibraltar, ba ne ba tshwanelwa ke go dira ka botlhale mo go lebaneng le dikgang tsa bomorafe, dilo tse di bonalang, le lenyalo.

Lenyalo? Ee, ka gonne go kganelelwa ga bone mo phuthegong ya bone e potlana fela go ne go lekanyetsa sebaka sa bone sa go bona molekane yo o tshwanetseng wa lenyalo. Maloko a basadi a phuthego eo ba ne ba imelwa ke ditaletso tsa basha ba selefatshe ba ba neng ba batla go ratana le bone. Basupi ba basha mo Gibraltar ba ne ba tshwanelwa ke go isa pelong kgakololo e e botlhale ya Bibela ya go ‘nyala fela mo Moreneng.’​—1 Bakorintha 7:39; bapisa le Genesise 24:1-4.

Mo kgannyeng e nngwe Mosupi mongwe yo mosha, a tlhokomologa kgakololo ya Mosimolodi wa lenyalo, o ne a simolola go ratana le mosetsana wa lefelo leo yo a neng a se leloko la phuthego. Mme thuso ya bopelotelele ya bagolwane mo phuthegong eo e ne ya dira gore a akanye ka masisi ka bodiphatsa jo bo kopanyelediwang. Kwa bofelong, o ne a atamela mosetsana yo a neng a ratana nae mme a mmolelela gore lemororo a ne a mo rata thata, kitso ya gagwe ya Bibela e mo pateletsa go emisa botsalano jwa bone. ‘Ke batla go nyala mosetsana yo ke ka tshelang nae ka bosakhutleng, eseng fela dingwaga di sekae,’ o ne a tlhalosa jalo.

Lemororo a ne a gakgametse a bile a kgopisegile, o ne a kgatlhiwa ke gore tota ke eng se se neng se ka mo [lekawana] kgatlha go feta botsalano jwa bone. Kwa bokhutlong o ne a simolola go ithuta Bibela. Seo se neng sa simologa e le go batla go itse se ne sa golela mo go nneng kgatlhego ya mmatota, mme o ne a dira botswelelo-pele ka bofefo mo boammaaruring a bo a kolobediwa. Morago ga bosupi jono jo bo phepafetseng jwa keletso ya gagwe ya go direla Jehofa, mokaulengwe o ne a tsosolosa thatano. Nako e e rileng morago ga foo ba ne ba nyalana ka boitumelo, ba amogela masego a go latela kgakololo e e botlhale ya ga Jehofa mo lenyalong.

Go Bulwa ga Molelwane go Gogela Koketsegong ya Bolegodimo

Ka December 14, 1982 go ne ga bulwa kgoro ya batho ba ba tsamayang ka dinao kwa molelwaneng. Go tswa foo ka February 6, 1985, go ne ga boelwa ga kgabaganngwa kwantle ga bothata. Batho ba lefelo leo ba ne ba nna ka phuthologo. Ba phuthego ya lefelo leo ba ne ba oketsa tiro ya bone ya go rera, ba sola molemo phetogo eno, mme ba dirisa dipaka tseo go kopana mmogo mo dikopanong tse dikgolo. Batho ba ba amogelesegang jaanong ba ne ba na le dipaka tse dikgolo tsa go tla go itse lorato le kutlwano e e leng teng gareng ga matsholo a diphuthego tsa ga Jehofa.

Ka sekai, monna yo mosadi wa gagwe a neng a ntse a le Mosupi mo dingwageng tse di masome mabedi o ne a fetsa ka gore a amogele taletso ya go pata mosadi wa gagwe le bana fa ba ne ba ya kopanong ya potologo kwa Spain. O ne a itumelela thulaganyo le bokopano fela thata mo a neng a fetsa ka gore a nne letsatsi la bobedi. Fa kopano e ne e fela, o ne a lalelediwa thuto ya Bibela ya legae. “Ke ka bo ke e ganelang?” o ne a araba jalo, a oketsa ka go re, “A re ka se simolole beke eno?” Mosadi wa gagwe, morago ga a sena go rapelela selo se mo dingwageng tse dintsi, o ne a itumetse fela thata.

Go dirisa ka botlalo dipaka tse di oketsegileng tsa go rera, palo ya Basupi ba ba direlang jaaka babulatsela ba ba thusang (bao ba dirang dioura tse 60 ka kgwedi mo bodiheding jwa phatlalatsa) e ne ya oketsega. Tiro eno ya botlhaga e ne ya lere koketsego ya 35 lekgolong mo phuthegong eo fa e sale ka 1982.

Bosupi jo bo sa rulaganyediwang le jone bo dirile karolo e kgolo mo go goleng ga phuthego. Basupi ba babedi ba ba neng ba tlhatlhoba boemela-dikepe fa ba le mo tirong ya bone ya boitshediso ba ne ba bona Bibela ya New World Translation e ba neng ba e bone ka letshobana la seketswana. Ka bonako fela, ba ne ba batla mong wa yone. Go ne ga lemotshega fa e le motlhokomedi wa mafologelo a dikepe, yo a neng a ithutile le Basupi ba ga Jehofa mo Britani pele ga a tla mo Gibraltar bosheng. Ka bonako fela o ne a tsosolosa thuto ya gagwe mme a dira botswelelo-pele ka bofefo gammogo le tsala ya gagwe ya mosadi. Go ise go ye kae ba baakanya boemo jwa bone jwa lenyalo kafa molaong mme ba kolobediwa. Banyalani bano ba Britani jaanong ba senya bontsi jwa nako ya bone ya mo bodiheding ba rerela batho ba ba buang Seesemane mme ba thusitse thata mo go tlhomeng setlhopha se se ithutang koo.

Thuto nngwe ya Bibela e ba neng ba e simolola e ne e le ya ga Tim le Tracy, banyalani ba basha ba ba neng ba nna kwa dikampeng tsa masole. Lemororo Tim a ne a letsa terompeta mo setlhopheng sa baopedi sa sesole, o ne a simolola go ikemisetsa go dira ka natla mo dikgatlhegong tsa Bogosi jwa ga Jehofa tsa kagiso. Ba losika lwa banyalani bao ba ne ba ba gatelela, ba ba kgothaletsa go emisa go kopanela le Basupi. Lefa go ntse jalo, ba ne ba tsweledisa thuto ya bone ya Bibela mme ba nitama mo tumelong ya bone.

Tim o ne a kopa gore a lokololwe, lefa e ne e rile pele a ba a ikwadisitse go bereka sebaka sa dingwaga tse thataro. Fa go ne go lebega tsheka-tsheko ya kgang ya gagwe e diega kwantle ga lebaka lepe, Tim o ne a ipuelela le ngaka ya masole, a tlhalosa gore go sa tlhomamisegeng ga isagwe ya bone go ne go ama mosadi wa gagwe ka mo go sa siamang. Ngaka eo e ne ya dumalana mme a dirisa tlhotlheletso ya gagwe go akofisa tsheka-tsheko eo. Go ise go ye kae Tim o ne a fudusediwa kwa Ennyelane le setlhopha sa gagwe, koo labofelo a neng a lokololwa. Jaanong boo-babedi ba direla jaaka Basupi ba ba ineetseng.

Ditebelelo tsa Isagwe

Ka jaanong molelwane o ne o butswe, Basupi ba Gibraltar le bone ba kgonne go thusa diphuthego tse ba bapileng natso tse di buang Sepanishi. Ba rera mo Costa del Sol (Sun Coast) e e itsegeng thata, kwa go nang le batho ba bantsi ba ba buang Seesemane.

Lemororo “kgang ya Gibraltar” e santse e sa rarabololwa ka sepolotiki, Basupi ba ga Jehofa mo Gibraltar le Spain ba utlwana ka botlalo semoyeng, jaaka go le boammaaruri mo lefatsheng ka bophara. Ba ikantse “Lehika” yo nonofo ya gagwe e leng ya bosakhutleng, ba bua mafoko a a tshwanang le a mopesalema a a reng: “A lo ko lo tleeñ, re ōpeleleñ Yehofa: a re tsheleleñ lehika ya polokō ea rona leshoa ya boitumèlō.”​—Pesalema 95:1.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela