Go Rera mo Lefatsheng la Dipuo tse 700
AO ITSE naga nngwe ya bogolo jwa lefatshe jo bo botlana go na le jwa Spain mme lefa go le jalo batho ba yone ba ba kafa tlase ga dimilione tse nne ka palo ba bua mo e ka nnang sephatlo sa bone sa dipuo tsa lefatshe lotlhe? A o ka bolela naga nngwe e e leng karolo ya setlhaketlhake sa bobedi se segolo mo lefatsheng lotlhe? Setlhaketlhake seo ke New Guinea, naga eo ke Papua New Guinea, mme palo ya dipuo tse di buiwang ke batho ba yone ke 700! Naga eno ya dipuo tse dintsi-ntsi e simologile jang?
Naga ya Merafe e e Farologaneng
Papua New Guinea ke naga ya setlhaketlhake e e leng fela kafa bokone jwa Australia mme e se kgakala kafa borwa jwa bogare jwa lefatshe. E na le ditlhaketlhake tsa boboatsatsi di le 600 tse di anameng mo sekgaleng sa dikilometara di le 1 600. Lefa go ntse jalo, go feta diphatlo tse nne mo go tse tlhano tsa bogolo jotlhe jwa lefatshe la Papua New Guinea bo mo setlhaketlhakeng se segolo sa New Guinea, seo morafe wa sone o se kopanetseng le Indonesia, kafa bophirima.
Go bolelwa fa baagi ba ntlha ba Papua New Guinea ba ne ba fuduga go tswa kwa Asia ba feta ka Indonesia. Morago bano ba ne ba kopana le ba-Melanesia le ba-Polynesia. Mebala ya batho bao e simologa mo go ba ba rokwa go ya go ba ba bontsho jwa magala mme popego ya bone e simologa mo go ba ba khutshwane ba bile ba le ba kima go ya go ba ba leele ba ba sesane. Ka baka la go sa leka-lekaneng ga bontsi jwa naga eo, ka sekgwa sa yone se se kitlaneng le dithaba tse di kwa godimo, bontsi jwa ditso tsa yone ba tshela ba lomologane gotlhelele le ba bangwe ba bo ba ipopele dipuo tsa bone. Bontsi jwa dipuo tseno tsa Papua di na le mokgwa wa puo o o raraaneng fela thata. Ee, Papua New Guinea ke lefatshe la dipuo tse 700, eseng diteme!
Ka 1975 Papua New Guinea e ne ya nna morafe o o ipusang wa mafatshe a a kileng a busiwa ke Britani. E na le palamente ya puso ya batho-ka-batho e e eteletsweng-pele ke kgosi ya Britani mme e na le tona-kgolo ya lefelo leo. Lemororo Seesemane e le puo ya semolao gompieno, dipalo tse dikgolo tsa ba ditlhopha tsa dipuo tse 700 ba bua nngwe ya dipuo tse pedi tse di tlwaelegileng, ebong Hiri Motu kana New Guinea Pidgin.
Go Okediwa ka Puo e Nngwe
Lefa go le jalo, go dumelesega kana nnyaa, dingwaga di sekae tse di fetileng go ne go santse go tlhaela “puo” e nngwe mo lefatsheng [leno] la dipuo tse 700. Eo e ne e le efe? E ne e le “puō e e itshekileñ”—ebong boammaaruri jwa Bibela kaga Modimo le Bogosi jwa gagwe. (Sefania 3:9) Loleme leno le lesha le ne la seka la itsiwe mo Papua New Guinea go fitlhela magareng a bo-1930.
Go ne ga simologa ka 1935 fa Lightbearer, sekepe sa mosepele se se botlana se se neng se tsamaisiwa ke setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa, se ne se tswa kwa Australia mme se felela kwa Port Moresby mo lefatsheng le le kafa borwa-botlhaba jwa Papua New Guinea. Leno e ne e le lekgetlo la ntlha batho ba naga eo ba utlwa go buiwa ga “puō e e itshekileñ”—tota ba utlwa molaetsa wa Bogosi jwa Modimo jaaka o ne o gasiwa ka seletswa moteng ga Lightbearer.
Lefa go ntse jalo, “puō [eno] e e itshekileñ” e ne ya seka ya itsiwe thata le go dirisiwa go fitlha ka 1951. Go simologa ka ngwaga oo go ya pele, Basupi ba ba tswang kwa Australia, Canada, United States, Jeremane, Ennyelane, le New Zealand ba ne ba ithaopela go ya kwa Lefelong la Papua le New Guinea, jaaka e ne e bidiwa ka nako eo. Morago ga ba sena go rerela batho ba Yuropa ba ba nnang koo, ba ne ba tloga ba lemoga ditsela le mekgwa ya go buisana le Bapapua ba naga eo kaga Bogosi jwa Modimo. Seno se ne se kopanyeletsa go tsamaya ka ntlo le ntlo, mo go neng go tlhoka boiteko jo bo oketsegileng ka gonne matlo mangwe a ne a agilwe mo dikoteng mo godimo ga metsi kana lefatshe.
Legale, e le gore ba tle ba rute batho bano ba dipuo tse dintsi “puō e e itshekileñ,” Basupi ba ba tswang kgakala ba ne ba tshwanelwa ke go ithuta bobotlana nngwe ya dipuo tse pedi, tse di tlwaelegileng, kana sefanakaloo. Seno se ne sa seka sa rarabolola mathata a bone otlhe ka gonne go ne go se epe ya dipuo tse pedi tseno e baagedi ba neng ba simologile ba e bua mme e ne e le dipuo tse dintsi tse di tlhakatlhakaneng fela tseo di neng di thusa batho ba ba buang dipuo tse di farologaneng go kgona go buisana. Mme le eleng tsone tse pedi tseno di ne di sa buiwe ke mongwe le mongwe mo ditlhaketlhakeng tseo. Jalo go rera gantsi go ne go kopanyeletsa namane e tona ya tiro ya go bua le motho ka nngwe ya dipuo tseno tsa sefanakaloo mme morago go dirwa gore a ranole molaetsa oo go solegela ba bangwe ba ba teng molemo.
Gape Basupi bano ba ne ba dira gore ba dirise mekgwa ya ntlha ya go ruta, e e tshwanang le go tshwantsha ditshwantsho tse di tlhaloganyesegang mo lomating lwa bokwalelo kana sengwe fela se se teng. Fa nako e ntse e ya, dibuka tsa Bibela le dimakasine di ne tsa nna teng ka dipuo tsa sefanakaloo tsa Hiri Motu le New Guinea Pidgin. Bukana ya Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! e e gatisitsweng ka dipuo tseno tse pedi e nnile e e nang le mosola tota mo go ruteng batho ba setlhaketlhake seno “puō e e itshekileñ.”
Wa Losika lwa Segosi o Utlwa “Puō e e Itshekileñ”
Jesu Keresete o ne a re barutwa ba gagwe ba ne ba ‘tla ema ha pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya gagwe, go nna tshupo mo go bone.’ (Mareko 13:9) Ka August 9, 1984, barongwa bangwe ba Basupi ba ga Jehofa mo Manus Island ba ne ba neelwa sebaka sa go rerela mongwe wa losika lwa segosi, le gone e le mo maemong a a itumedisang thata. Mo letsatsing leo Prince Charles, mojaboswa wa setilo sa bogosi sa Great Britain, o ne a etetse setlhaketlhake seo.
Ba lotso lwa Titan ba ne ba pata Prince Charles, ka mekoro ya bone e e kgabisitsweng, go tswa mo sekepeng sa gagwe go ya kwa lotshitshing lwa lewatle, go pota tsela e e fetang fa pele ga legae la barongwa ka kwa go sekae. Fa a sena go dumedisiwa ke babini ba ba lekgolo le go rwesiwa serwalo sa go mo dira “kgosi,” o ne a ya kwa moletlong wa dijo tsa motshegare oo Tonakgolo ya Manus lsland e neng e laleditse barongwa kwa go one. Fa Prince a ne a ba botsa gore ba dirang mo setlhaketlhakeng seo, ba ne ba mo tlhalosetsa tiro ya bone ka bokhutshwane Ba ne ba itumelela go nna le tshono ya go mo itsise gore Jehofa Modimo o na le Basupi le mo Manus Island e e kgakala-kgakala.
Kafa go ntseng ka teng, mosimegi yo o neng a itsise Prince Oharles barongwa bao ene ka boene o ne a badile buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Sebaka sengwe, o ne a etela legae la barongwa go buisana le bone ka nako e khutshwane fa ba ntse ba nwa kofi le go ja cake.
Puo e Ntšha mo Lepolotiking
Ra-kgwebo mongwe wa New Guinea o ne a tseneletse mo dipolotiking le mo Kerekeng ya Lutere. Lefa go ntse jalo, kereke ya lefelo leo eo a neng a e tsena e ne e kgaogane mo e leng gore baruti ba babedi ba ba neng ba ganetsana ba ne ba dirile makoko a mabedi a a neng a lwantshana mo sebakeng se se ka nnang ngwaga ka bora, metswi, digai, le dithebe tsa ntwa. Batho ba roba-bongwe ba ne ba bolaiwa mo ntweng eo mme ba le bantsi ba gobala. Monna yo o ne a fetsa ka gore a tlogele Kereke ya Lutere mme a seka a itse koo a ka lebang teng go bona Bakeresete ba ba utlwanang ka boammaaruri. ‘Eseng Basupi ba ga Jehofa, gonne bone ke baperofeti ba maaka,’ o ne a akanya jalo.
O ne a santse a na le mogopolo oo fa setlhopha sa lefelo leo sa Basupi ba ga Jehofa se ne se kopa go hira bese ya ga e go ba isa kopanong nngwe ya kgaolo. Ka mabaka a kgwebo, o ne a dumela mme a kgweetsa bese eo ka boene. O ne a nna teng mo thulaganyo reetsa ka kagiso le ka tidimalo, le ka mogopolo otlhe ga bareetsi-bagolo le bana–ba ba neng ba latela sebui ka go bula Dibibela tsa bone. O ne a kgatlhwa le eleng go feta moo ka nako ya dijo tsa motshegare, fa a ne a bona Basupi ba ba itumetseng ba tlhomagana ka bopelotelele go emela dijo, basweu le dibui ba letetse sebaka sa bone fela opela dipina tsa Bogosi ka boitumelo. ‘A phapaano e kgolo le Malutere a a lwang!’ o ne a akanya jalo.
Monna yono o ne a dumela go ithuta Bibela le Mosupi wa lefelo leo, mme ka sephiri, e le gore a seka a kgopisa Malutere-ka-ene. Lefa go ntse jalo, ka bofefo o ne a nna le nonofo ya semoya ya go tlogela kereke eo le ditiro tsa sepolotiki. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba ‘fetogela puong e e itshekileng’ mme ba simolola go “[bitsa] leina ya ga Yehofa, go tla ba dihèla ka tumalanō e le ñwe hela” le basupi ba gagwe ba ba utlwanang.—Sefania 3:9.
Go Santse go Tshwanetswe go Butwa Thata
Abo barongwa le Basupi ba bangwe ba ba ithaopileng go tswa dinageng tse dingwe go tla go ruta “puō e e itshekileñ” mo Papua New Guinea ba dirile tiro e kgolo jang ne! Go simolola fela ka baboledi ba babedi ka 1951, palo ya bareri le barutisi ba Basupi e godile go feta 1 800, bontsi jwa bao jaanong ba tswang mo bathong ba lefelo leo.
Basupi bano ba lefelo leo ke motswedi wa kgothatso mo go bao ba tswang mo mafatsheng a mangwe go tla go direla fano. Mokaulengwe mongwe wa Moesemane yo o nnang mo setlhaketlhakeng sa Bougainville o kwala jaana: “Sengwe sa dilo tse di kgothatsang thata seo se re tlhotlheletsang go tswelela re direla Jehofa mono ke go bona kafa bakaulengwe ba rona ba Papua New Guinea ba tswelelang ba direla Jehofa ka boikanyegi ka teng, gantsi tlase ga maemo a a boima tota. Bontsi jwa bone ga ba na magae a bone mme ba tshwanelwa ke go nna le balosika. Gantsi ba tlamega go tsamaya dikgala tse di leele mo letsatsing le le mogote kana mo dipuleng tse dintsi go tla dipokanong kana go tswela tirelong ya tshimo. Mongwe wa bokgaitsadi ba rona ba lefelo leno o nna mo sekgweng. E le gore a tle a boloke nako fa a tla go kopana le rona go tswela tirelong ya mmila, monna wa gagwe o mo kgabaganyisa noka ka bofefo ka mokoro o mogolo o o tsamayang kafa tlase ga metsi gammogo le morwadie yo mmotlana le ngwana.”
Go sa na le tiro e ntsi ya go ruta e e lefelo leno. Kgatlhego e teng. Seno se bontshiwa ke ntlha ya go bo batho ba ba 10 236 ba ne ba nna teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 1987. Mme go tlhokega thuso e kgolo go tlhokomela kgatlhegelo eno yotlhe ya “puō e e itshekileñ.” Jaaka Mosupi mongwe wa lefatshe le sele, yo o tsileng mono go tla go direla kwa tlhokafalo e leng kgolo teng, a ne a tlhalosa: “Go hutsafatsa pelo ya me fa ke akanya ka batho ba bantsi ba ba kgatlhegang mo magaeng ano a a kwantle a a mo sekgweng sa Papua New Guinea. Ruri ga re na badiri ba ba lekaneng mo tshimong mono. Tota go na le tlhokego e kgolo mo karolong eno ya lefatshe. Re itse gore Jehofa o lemoga seno le gore o tla dira dipaakanyetso tsa go tlhokomela batho bano ba ba nyoretsweng boammaaruri.”
Go tweng ka wena? A o ka rata go tsaya karolo mo go ruteng “puō e e itshekileñ” mo lefatsheng [leno] la dipuo tse 700?
[Mmapa mo go tsebe 21]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
AUSTRALIA
PAPUA NEW GUINEA
Manus
Port Moresby
Bougainville