Pokano ya Ngwaga le Ngwaga—October 3, 1987
POKANO YA NGWAGA LE NGWAGA ya maloko a Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e tla tshwarwa ka October 3, 1987, kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa, 2932 Kennedy Boulevard, Jersey City, New Jersey. Pokano ya ntlha eo eleng ya maloko fela e tla tshwara ka 9:30 am., e latelwa ke pokano ya botlhe ya ngwaga le ngwaga ka 10:00 a.m.
Maloko a Setlhopha seno sa Semolao a tshwanetse a itsise Mokwaledi wa Ofisi jaanong ka phetogo epe mo diatereseng tsa bone tsa poso tsa mo ngwageng e e fetileng e le gore makwalo a a tlwaelegileng a kitsiso le diforomo tsa go letla mongwe go go direla ditihopho a ke a fitihe kwa go bone ka bonako fela morago ga August 15.
Diforomo tsa go letla mongwe go go direla ditlhopho, tseo di tla romelelwang maloko mmogo le kitsiso ya pokano eno ya ngwaga le ngwaga, di tshwanetse tsa busiwa e le gore di ke di fitlhe kwa Ofising ya Mokwaledi wa Mokgatlho eseng morago ga September 1. Leloko lengwe le lengwe le tshwanetse la tlatsa foromo ya lone ya go letla mongwe go le direla ditlhopho le go e busa ka bonako, a bontsha gore a o tlile go nna gone kwa pokanong eno ka namana kana nnyaa. Tshedimosetso eo e neelwang mo foromong ya go letla mongwe go go direla ditlhopho e tshwanetse ya bo e feletse ka nako eno ereka go tla ikaegiwa ka yone fa go tlhomamisiwa gore ke bomang bao ba tla bong ba le gone ka namana.
Go solofelwa gore thulaganyo yotlhe, go kopanyeletsa le pokano ya ntlha ya kgwebo le dipego, di tla konelwa ka 1.00 p.m. kana ka bonakonyana fela morago ga moo. Ga go kitla go nna le thulaganyo epe ya thapama. Ka ntlha ya sebaka se sennyane, go tla amoge lwa fela ba ba nang le ditekete. Ga go kitla go dirwa dithulaganyo dipe tsa go golaganya pokano eno ya ngwaga le ngwaga le mafelo a mangwe ka mogala.