LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 6/15 ts. 10-15
  • Nako ya go Lekwa le go Feferwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nako ya go Lekwa le go Feferwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thomo ya ga Malaki
  • Tiragatso ya Lekgolo Lantlha la Dingwaga
  • Tiragatso ya Motlha wa Segompieno
  • Buka ya Bibela ya bo 39—Malaki
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Malaki
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Morena wa Boammaaruri O A Tla go Tla go Atlhola
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tshegofatso ya ga Jehofa E A Humisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 6/15 ts. 10-15

Nako ya go Lekwa le go Feferwa

“Me [Morena wa boammaaruri] eo lo mmatlañ, o tla tla mo tempeleñ ea gagwè ka choganeco: [le] moroñwa oa kgōlaganō . . . Me o tla dula yaka moitshekisi le montlahatsi​—MALAKI 3:1, 3.

1, 2. (a) Go ne go na le maemo a a ntseng jang mo gare ga batho ba Modimo mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E.? (b) Ke eng fa boperofeti jwa ga Malaki bo tshwanetse go nna botlhokwa mo go rona?

“MODIMO oa tshiamishō o kae?” Bao ba neng ba tsosa potso e e gwetlhang eo bogologolo ka lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. ba ne gape ba ganetsa jaana: “Ke lehèla go dihèla Modimo.” Go bola ga bodumedi le boitsholo mo gare ga batho ba Modimo, Bajuda, go ne go tsositse dipelaelo kaga tshiamiso ya bomodimo. Mme matlho a Modimo wa boammaaruri, o o sa robaleng, a ne a ba lebile. Mme wa roma moperofeti wa Mohebera Malaki go ba itsise gore tiro ya go phepafatsa, nako ya go lekwa le go feferwa, e ne e le kwa pele. Ba ne ba tla itse kwa “Modimo oa tshiamishō” o neng o le gone fa o ne o tla ka tshoganetso o tla go atlhola!​—Malaki 2:17; 3:1, 14, 15.

2 Boperofeti jwa ga Malaki bo tshwanetse go nna se se fetang kgatlhego fela ya hisitori mo go rona. Ka ntlhayang? Ka ntlha ya gore ” go bonala bo na le tiragatso mo motlheng wa rona. (Baroma 15:4) Ee, batho ba ga Jehofa gompieno ba ntse ba raletse motlha wa go lekwa le go feferwa! Ke eng fa go tualo? Go tlhatlhoba boperofeti jwa ga Malaki ka mo go oketsegileng go tla re thusa go araba.

3. Ke eng se se neng se kopanyelediwa mo tirong ya go itshekisa ya bogologolo?

3 Mme, santlha, ke eng fa Jehofa a ne a dira gore batho ba gagwe ba lekwe le go feferwa? Jaaka ‘yo o lekang dipelo,’ o ikaeletse go itshekisa batho ba gagwe ba ba rulagantsweng. (Diane 17:3; Pesalema 66:10) Mo metlheng ya Bibela tiro ya go itshekisa e ne e kopanyeletsa go gotetsa tshipi go fitlhelela e nyera go bo go okolwa leswe, kana manyelo. Re bala jaana: “Moitshekisi o lebelela tiragalo, ka tlhokomelo e kgolo thata, a eme ka dinao kana a ntse fa fatshe, go fitlhelela . . . tshipi fe e nyerileng1 e nna le tebego ya seipone se se galalelang thata-thata, se se bontshang sengwe le sengwe se se mo tikologong ya sone; le e leng moitshekisi, jaaka a lebile mo bontsi jwa tshipi, a ka kgona go ipona jaaka mo seiponeng, mme ka gone a ka kgona go dira katlholo e e siameng mabapi le go itsheka ga tshipi eo. Fa a kgotsofetse, molelo o a ntshiwa, mme tshipi e ntshiwe mo sebesong; mme fa e sa itsheka, go tsenngwa loto e e oketsegileng mme tiragalo e boelediwe gape.” (Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature, e e kwadilweng ke J. McClintock le J. Strong) Gauta eo e e itshekisitsweng kana selefera e ne e le tlhwatlhwa kgolo.​—Bapisa Tshenolō 3:18.

4. Ke eng fa Jehofa a letlelela go lekwa le go feferwa mo bathong ba gagwe?

4 Jehofa o letlelela go lekwa le go feferwa e le gore a itshekise, kana a ntlafatse, batho ba gagwe, a ba thusa go bontsha setshwano sa gagwe sentlentle. (Baefesia 5:1) Mo tirong ya go itshekisa, o okola leswe ka go ntsha dithuto le ditiro tse di seng phepa. (Isaia 1:25) Gape o feferela kwantle batho ba ba ganang go ikobela tiro ya go itshekisa mo bathong ba gagwe le bao ba “kgopisañ, le ba ba ikèpañ.” Seno se neela “bana ba bogosi” tsela, Baiseraele ba semoya, go phatsima ka kgalalelo gore setlhopha sa selefatshe se tle se phuthiwe le go ba ngaparela ka thulaganyo go tla ba falola.​—Mathaio 13:38, 41, 43; Bafilipi 2:15.

Thomo ya ga Malaki

5, 6. (a) Ke bomang tota-tota ba ba neng ba ikarabelela mo go senyegeng ga semoya ga Baiseraele mo motlheng wa ga Malaki? Ka ntlhayang? (b) Ke diphelelo dife tse di bosula tse seno se ileng sa nna le tsone mo Baiseraeleng ka kakaretso?

5 Malaki o ne a bolelela-pele morago ga 443 B.C.E., mo e batlileng e nna lekgolo la dingwaga morago ga ditshwarwa tsa Bajuda di boa kwa Babelona. Dingwaga tse di fetang ’70 di ne di fetile fa e sale go neelwa tempele e e neng e agilwe gape ke Serubabele. Boemo jwa semoya jwa Baiseraele bo ne bo senyegile thata. Ke mang yo tota a neng a ikarabelela? E ne e le baperesiti! Ke eng fa go tualo? Ba ne ba “nyaditse” leina la ga Jehofa ka go amogela ditlhabelo tse di lwalang le tse di golafetseng (Malaki 1:6-8) Ba ne ba “kgopisitse batho ba le bantsi mo molaoñ” ka ntlha ya go palelwa ke go ruta batho le go mpampetsa mo dikatlholong tsa bone.​—Malaki 2:6-9; Yakobe 3:1.

6 Ka ntlha ya gone moo, Baiseraele ka kakaretso ba ne ba simolola go nna le pelaelo kaga mosola wa go direla Modimo, le e leng go gana go duela ditsa-bosome tse di neng di batlwa ke molao. (Malaki 3:6-10, 14, 15; Lefitiko 27:30) Ba ne ba ole mo go ineeleng mo Molaong wa Modimo mo e leng gore bangwe ba ne ba “dihile ka bonoñwane” ka basadi ba bone, go bonala gore ba ne ba ba tlhala e le gore ba tle ba nyale basadi ba baheitane. Ee, ditiro tseo tse di tshwanang le boloi, boaka, go aka, le boferefere jaanong di ne di aname mo gare ga batho ba Modimo!​—Malaki 2:10-16; 3:5.

7, 8. Thomo ya ga moperofeti Malaki e ne e le eng?

7 Thomo ya ga Malaki e ne e phepafetse. Kwantle ga tikatiko o ne a senola baperesiti ba ba senang tlhokomelo, mme a lemotsha batho boemo jwa bōne jwa semoya. Lefa go le jalo, o ne a bontsha gore Modimo wa lorato lwa kutlwelo-botlhoko o ne a iketleeleditse go itshwarela “Boèlañ mo go nna me ke tla boèla kwa go lona,” Jehofa o ne a ba kopa. (Malaki 3:7) Malaki o ne a bolelela-pele gore ‘Morena wa boammaaruri’ o ne a tla tla mo tempeleng ya gagwe go atlhola. Eleruri baperisiti ba ne ba tlhoka go phepafadiwa e le gore ba tle ba ‘nne batho ba ba isang ditshupelo ka tshiamo kwa go Jehofa.’ (Malaki 3:1-3) Mo godimo ga moo, batho ba ne ba itsisiwe gore ‘Morena wa boammaaruri’ o ne a tla nna “moshupi eo o boheho” kgatlhanong le bao ba ganelelang mo ditirong tse di makgapha.​—Malaki 3:5.

8 Malaki o ne a ikanyega mo thomong ya gagwe; o ne a utlwatsa tlhagiso. Se a neng a se bua se ne se solegela baperesiti le batho molemo mo motlheng wa gagwe. Lefa go ntse jalo, makgolo a dingwaga a ne a feta pele ga boperofeti jwa gagwe bo bona dikarolo dingwe di diragala mo tiragatsong ya ntlha.

Tiragatso ya Lekgolo Lantlha la Dingwaga

9. Mo tiragatsong ya boperofeti jwa ga Malaki, ke mang yo neng e le “moroñwa”? Ke eng fa o araba jalo?

9 Fa a bua a le mo setilong sa gagwe sa bogosi se se kwa godimo kwa legodimong, Moatlhodi yo Mogolo a re: “Bōnañ, ke roma moroñwa oa me, me o tla baakanya tsela ha pele ga me.” (Malaki 3:1a) “Moroñwa” yoo e ne e le mang? Mokwadi wa Bibela Mareko o tshwaraganya dipolelelo-pele tsa ga Malaki 3:1 le Isaia 40:8 mme a di dirisa ka bobedi mo go Johane Mokolobetsi. (Mareko 1:1-4) Jesu Keresete, le ene, moragonyana o ne a supa Johane jaaka “moroñwa” yono. (Mathaio 11:10-14) Ka gone e ne e le ka dikgakologo tsa 29 C.E., fa Johane Mokolobetsi a simolola tiro ya gagwe jaaka “moroñwa,” moeta-pele. O ne a tshwanetse go baakanyetsa katlholo ya ga Jehofa tsela ka go dira gore Baiseraele ba ipaakanyetse go tla ga Moemedi yo Mogolo wa Modimo, Jesu Keresete.

10. Johane Mokolobetsi o ne a direla jang “go baakanyetsa Morèna sechaba seo se etleeledicweñ”? (Luke 1:17)

10 Go romelwa ga ga Johane pele ga nako e ne e le pontsho ya bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo mo Bajudeng. Ka kamano ya kgolagano le Jehofa, ba ne ba tshwanetse go ikotlhaela dibe tsa bone kgatlhanong le Molao. Johane o ne a siamisa dikgang tsa bodumedi le go senola boitimokanyi jwa bodumedi. (Mathaio 3:1-3, 7-12) O ne a tlhotlheletsa Bajuda ba ba dipelo di ikanyegang go lebelela Keresete gore ba tle ba Mo latele.​—Johane 1:35-37.

11. Re ka lemoga jang ‘Morena wa boammaaruri’ yooo neng a tla tla mo tempeleng ka tshoganetso?

11 Boperofeti jwa ga Malaki bo tswelela jaana: “Me (Morena wa boammaaruri), eo lo mmatlañ, o tla tla mo tempeleñ ea gagwè ka choganeoo: me moroñwa oa kgōlaganō, eo lo itumèlañ mo go èna, bōnañ, oè tla, go bua Yehofa oa mashomōshomō.” (Malaki 3:1b) ‘Morena wa boammaaruri’ e ne e le mang yo o neng a tla tla kwa tempeleng ya gagwe “ka choganeco,” kana a sa lebelelwa? Lefoko la Sehebera le le dirisitsweng ke ha·’A·dhohnʹ. Go dirisiwa ga lefoko ha (“the”) pele ga setlhogo ‘A·dhohnʹ (“Lord; Master”) le lekanyetsa tiriso ya setlhogo seno fela mo go Jehofa Modimo. Ke boammaaruri, Jehofa o ne a tla tla mo “tempeleng ya gagwè.”​—Habakuke 2:20; Pesalema 11:4.

12. “Moroñwa oa kgōlaganō” ke mang, mme ke “moroñwa” wa “kgōlaganō” efe?

12 Morago ga go umaka morongwa a le mongwefela, Malaki o ile a supa gore ‘Morena wa boammaaruri’ o ne a tla tla mo “tempeleñ ea gagwè” a na le morongwa, mongwe yo o farologaneng, “moroñwa oa kgōlaganō.” Yono e ne e tla nna mang? Legale, ka ntlha ya tsela e dilo di ntseng ka teng, go a utlwala go swetsa ka gore “moroñwa oa kgōlaganō” ke Jesu Keresete, yo Johane Mokolobetsi a mo itsisitseng barutwa ba gagwe jaaka “Kwana oa Modimo.” (Yohane 1:29-34) Mesia e ne e le “moroñwa” wa “kgōlaganō” efe? Bosupi jwa ga Luke 1:69-75 le Ditihō 3:12, 19-26 bo akantsha gore ke kgolagano ya ga Aberahame, mo motheong o Bajuda ba neng e le bone ba ntlha go neelwa sebaka sa go nna bajaboswa ba Bogosi.

13. Jehofa o ne a tla tla mo tempeleng ka mogopolo ofe jaaka ‘Morena wa boammaaruri’?

13 ‘Morena wa boammaaruri’ Jehofa ga a ka a tla ka sebele mo tempeleng e e bonalang mo Jerusalema (1 Dikgosi 8:27) O ne a tla ka go emelwa, ke gore, ka “moroñwa [wa gagwe] oa kgōlaganō,” Jesu Keresete, yo o neng a tla mo leineng la ga Jehofa ebile a tshegeditswe ke moya o o boitshepo wa Modimo.a

14. (a) Ke eng fa go phepafatsa tempele ga ga Jesu ka 30 C.E. go lebega e ne e le sekai fela sa se se neng se tla tla? (b) Tempele e ne ya phepafadiwa leng go diragatsa Malaki 3:1 mme jang?

14 Mo dikgakologong tsa 30 C.E., Jesu o ne a tla mo tempeleng ya ga Jehofa mo Jerusalema mme a koba bao ba neng ba e dira “ntlo ea thèkèlō.” (Yohane 2:13-16) Mme seno e ne e le sekai fela sa tiragatso e e neng e tla ya boperofeti jwa ga Malaki. Morago ga tiragalo eno, Johane, jaaka “moroñwa,” o ne a tswelela a kolobetsa le go romela barutwa ba gagwe kwa go Jesu. (Yohane 3:23-30) Lefa go ntse jalo, ka Nisane 9, 33 C.E., Jesu one a tsena ka megolokwane mo Jerusalema, a itshupa e le Kgosi. (Mathaio 21:1-9; Sekaria 9:9) Johane o ne a feditse tiro ya gagwe, a kgaotswe tlhogo ke Herode mo e ka nnang lebaka la dingwaga pelenyana. Ka gone fa Jesu a ne a tla mo tempeleng ka Nisane 10, o ne a nna “moroñwa oa kgōlaganō” kafa molaong, moemedi wa molao wa ‘Morena wa boammaaruri’ Jehofa, mo tiragatsong ya ga Malaki 3:1. Jesu o ne a phepafatsa tempele, a koba bao ba neng ba e dira lefelo la thekiso, a pitikolola ditafole tsa babapadi ba madi. O ne a ntse a re: “A ga goa kwalwa [mo go Isaia 56:7], ga twe, Ntlo ea [ga Jehofa] e tla bidiwa Ntlo ea thapèlèlō ea merahe eotlhe? me lona lo e ntshitse moñōbō oa dinokwane.”​—Mareko 11:15-18.

15. Jaaka setlhopha, baeteledipele ba bodumedi jwa Sejuda ba ne ba arabela jang mo tirong ya go itshekisa, mme baperesiti ba bangwe ba ne ba dira eng?

15 Ka gone baeteledi-pele ba bodumedi ba lseraele ba ne ba itsisiwe gore nako ya bone e ne e gorogile. Jaaka setlhopha, ba ne ba gana go amogela “moroñwa oa kgōlaganō” wa ga Jehofa. Ga ba a ka ba ‘itshokela letsatsi la go tla ga gagwe,’ ereka ba ile ba gana go ikobela tiro ya go itshekisa ya Moitshekisi yo Mogolo. (Malaki 3:2, 3) Ba ne ba tshwanetse go feferelwa kwantle kwa tshenyegong jaaka ba ba senang mosola. Lefa go le jalo, go bonala gore go ne go na le “bomorwa Lefi” ba ba nang le dipelo tse dintle, ereka moragonyana ga loso lwa ga Jesu “leshomō ye legolo ya baperisiti [ba Balefi] ya inèla mo tumeloñ.”​—Ditihō 6:7.

16. “Motlha o mogolo le o o boitshègañ oa ga Yehofa” o ne wa tshoganetsa morafe oo wa Sejuda leng mme jang?

16 Ka Nisane 11, letsatsi morago ga go phepafatsa tempele, Jesu o ne a senola ka maatla baitimokanyi ba bodumedi le go bolelela-pele tshenyego ya tempele le tsamaiso ya dilo ya Sejuda. (Mathaio, dikgaolo tsa 23, 24) Ke boammaaruri, “Modimo oa tshiamishō” o ne a tla jaaka “moshupi eo o boheho” mo morafeng oo wa Sejuda dingwaga tse 37 moragonyana ka 70 C.E., fa “motlha o mogolo le oo boitshègañ oa ga Yehofa” o ne o ba tshoganyetsa. (Malaki 2:17; 3:5; 4:5, 6) Ka nako eo, Iseraele ka kakaretso, jaaka phuthego ya setlhare sa tshwantshetso se se paletsweng ke go ungwa maungo a a molemo, o ne a ‘rengwa le go latlhelwa mo molelong’ ka go senngwa ke Baroma. (Luke 3:3-14) Se se ne sa diragala ka ‘gonne ba ne ba sa itse motlha wa go lekolwa ga bone.’​—Luke 19:44.

Tiragatso ya Motlha wa Segompieno

17. Ke eng se se supang gore boperofeti jwa ga Malaki bo ne bo tla nna le tiragatso e e oketsegileng mo motlheng wa segompieno?

17 Mme go tweng ka tiragatso ya bobedi, kana ya segompieno ya boperofeti jwa ga Malaki? Mo lekgolong lantlha la dingwaga, tiragatso ya ntlha e ne ya latela go tlodiwa ga ga Jesu ka moya o o boitshepo go nna Kgosi e e Tlhophilweng ya Bogosi jwa Modimo. Go a tlhaloganyesega gore, go tshwanetse go nna tiragatso e nngwe gape ya boperofeti morago ga Jesu Keresete a tlhomiwa mo bogosing kwa magodimong ka 1914 C.E. Boperofeti ka bojone bo ile jwa supa gore bo ne bo tla diragadiwa “motlha o mogolo le o o boitshègañ oa ga Yehofa o e se o tle.” (Malaki 4:5) Fa “motlha . . . oa ga Yehofa” o ne o tlile mo tsamaisong ya Sejuda ka 70 C.E., Dikwalo di solofetsa “motlha . . . oa ga Yehofa” o o tlang mo nakong eno ya “go nna gone” ga ga Keresete.​—Mathaio 24:3; 2 Bathesalonia 2:1, 2; 2 Petere 3:10-13.

18. Batho ba Modimo ba ne ba tlhokomedisiwa jang gore ba ne ba le mo motlheng wa katlholo ka 1922?

18 Fa e sale ka 1922, batho ba ga Jehofa ba ne ba tlhokomedisitswe gore ba ne ba le mo motlheng wa katlholo wa tiragatso ya boperofeti jwa ga Malaki. Tora ya Tebelo ya September 1 e ne ya re: “Me boperofeti jwa ga Malaki bo pota ka kwa ga tiragatso e e sa felelang mo go nneng gone ga ntlha ga Morena wa rona, le kwa pele kwa nakong e Mesia a tshwanetseng go tla ka kgalalelo le thata, lefa a tla bo a tshwanetse go atlhola fa gare ga batho ba gagwe . . . Jaanong, nako ya katlholo e tlile gape; batho ba ba ipolelang e le ba gagwe ba lekwa jaaka ekete ka molelo gape, mme bomorwa Leñ ba ba dipelo di ikanyegang ba phuthelwa tirelo.”

19. Ke ka tsela efe e “moroñwa” a neng a romelwa pele ga nako mo tiragatsong ya motlha wa segompieno?

19 Jaaka go bontshitswe mo go Malaki 3:1, morongwa yo o kgethegileng o ne a romelwa pele ga nako. Seno se ne sa itshupa, e se motho a le mongwe fela, mme e le setlhopha se se direlang jaaka Johane Mokolobetsi. Fa e sale ka 1881, setlhopha seno se ile sa dirisa se jaanong e leng Watch Tower Bible and Tract Society mo tirong e e gakgamatsang ya thuto ya Bibela. Seno se ile sa felela ka go busetsa boammaaruri jwa motheo mo dipelong tsa barati ba Bibela. Dingwe tsa ditshedimosetso tseno ke tse: Motho ga a na moya o o sa sweng, mme ene ke moya; ga go na dihele tse di tukang molelo; Jesu Keresete ga a kitla a boa a le mo nameng; Jehofa ke Modimo o o esi, e seng Tharo-nngwe. Ruri, e ne e le tiro e e neng e ‘baakanya tsela fa pele ga ga Jehofa’ go tla go dira tiro ya gagwe ya go atlhola.

20. (a) Go supega gore Jehofa o ne a tla mo tempeleng leng? (b) Seno se tsosa dipotso dife?

20 Ka tshoganetso, Jehofa, jaaka ‘Morena wa boammaaruri,’ o ne a tla mo tempeleng ya gagwe ya semoya. Leng? Go ne ga dirwa sekai mo tiragatsong ya lekgolo lantlha la dingwaga Bogologolo koo Jesu o ne a tla mme a phepafatsa tempele mo dingwageng tse tharo le sephatlo morago ga a tlodiwa kwa Joredane jaaka Kgosi. Go dumalana le sekai seo, ereka Jesu a tlhomilwe Kgosi ka dikgakologo tsa 1914, go lebega go utlwala gore dingwaga tse tharo le sephatlo moragonyana o ne a tla lebelelwa go pata ‘Morena wa boammaaruri’ Jehofa go ya kwa tempeleng ya semoya. Go ya ka boperofeti, ke eng se se neng se tla diragala go tswa foo go ya pele? Go lekwa le go feferwa. Mme seno ee tsosa dipotso dingwe tse di botlhokwa: Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa go phepafadiwa mo? A go tswelela le mo motlheng wa gompieno? Mme seno sotlhe se go ama jang wena ka eebele? A ke re boneng.

[Dintlha tsa kwa tlase]

a Mo mabakeng a le mmalwa, barongwa ba baengele ba ne ba bua jaaka ekete ke Jehofa Modimo, ereka ba ne ba direla jaaka baemedi ba ga Jehofa.​—Genesise 31:11-13; Baatlhodi 2:1-3; bapisa Genesise 16:11, 13.

A O Ka Gakologelwa?

◻ Ke eng fa Jehofa a letlelela batho ba gagwe go lekwa le go feferwa?

◻ Johane Mokolobetsl o ne a direla jang jaaka “moroñwa,” moeta-pele?

◻ Mo lekgolong lantlha la dingwaga, Jesu o ne a tla jang mo tempeleng jaaka “moroñwa oa kgōlaganō”?

◻ Re itse jang gore boperofeti jwa ga Malaki bo ne bo tla nna le tiragatso ya segompieno?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Jaaka morongwa Johane Mokolobetsi o ne a baakanyetsa batho go tla ga “moroñwa oa kgōlaganō”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela