Go Supa ‘Go Tlhoafalela Ditiro tse di Molemo’ mo Kenya
“SE KE sone se ke sa bolong go se batla mo botshelong jotlhe jwa me!” go ne ga tsibosa jalo monna yo o simologileng e le Mohindu morago ga a sena go nna teng kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa ya bosheng kwa Kenya, mo Afrika. “Se ke sengwe se se kgethegileng.”
O ne a tlhotlheleditswe ke eng gore a rialo? O ne a re, “Batho ba mebala-bala, ba matshelo a pele a a farologaneng, le ba ba tswang mo dinageng tse di farologaneng—ba tlhaka-tlhakana mmogo fela go bile go bonala sentle gore ba a ratana.” Mme seno se ne se kgonega jang mo lefatsheng le le tletseng ka go sa utlwane le go sa tseisane molelo ga ditso mo go kanakana? Go ne go tlile jang gore go nne le popagano le kutlwano ya semoya e e ntseng jaana mo Kenya?
Babulatsela ba Pele ba Baakanya Tsela
Bogologolo ka 1931, Frank le Gray Smith ba ne ba tsaya loeto lwa sekepe go tswa Afrika Borwa go ya Mombasa ba tshotse merwalo e le 40 ya dibuka. Go tswa koo ba ne ba tsaya loeto lo lo lapisang ebile le le diphatsa go ya Nairobi, koo ba neng ba tsamaisa dibuka tsotlhe tse ba neng ba di tshotse mo e ka nnang mo kgweding. Ka bobedi ba ne ba tsenwa ke bolwetse jwa malaria, mme Frank o ne a swa—a ikanyegile go ya bokhutlong. Moragonyana mo go yone ngwaga eo, Robert Nisbet le David Norman ba ne ba tsaya loeto le le tshwanang, ba tsamaisa merwalo ya dikgatiso e le 200 mo Afrika Botlhaba. Ka gone go ne ga jalwa dipeo tsa ntlha tsa boammaaruri mo Kenya.
Go tswa foo ka 1935, Gray Smith le mosadi wa gagwe, gammogo le Robert Nisbet le morwa-rraagwe George, ba ne ba emelela go ya go latedisa bakgatlhegi. Ka nako eo Robert o ne a tsenwa ke bolwetse jwa letshoroma. Ba bangwe ba ne ba tsenwa ke bolwetse jwa malaria le jwa motlhapo o montsho. Kganetso le ditaolelo tsa go kobiwa ke puso ya sekolone di ne tsa oketsa mathata ao. Go sa kgathalesege gotlhe mo lefa go ntse jalo, babulatsela bano ba ntlha ba ba tlhoafatseng ba ne ba tsamaisa dibuka tse dintsi thata, ba thaya motheo wa kgolo. Ka motlhala, morago ga dingwaga tse di ka nnang 30, Mosupi mongwe yo o neng a dira mo lefelong le le kgakala la selegae mo Kenya o ne a gakgamadiwa ke go fitlhela monna yo o neng a na le sekaelo sa buka ya Reconciliation. Morwarraagwe o ne a e rekile ka 1935. Monna yo o ne a tswelela mme jaanong ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Kgolo e a Tswelela
Go ne go sena Mosupi ope go fitlha ka 1949 fa wa ntlha, Mary Whittington, a ne a tla go nna mo Nairobi, motse-mogolo wa Kenya. O ne a kolobeleditswe kwa England ngwaga fela pele ga foo. O ne a sa itse sepe ka go nna nosi, dithibelo, le kganetso e a neng a tla tloga a thulana nayo. Lefa go le jalo, o ne a ipelela go bona ‘yo monnye a nna makgolo a a lesome.’ (Isaia 60:22) Gompieno, a le dingwaga tse 73, onslantse a direla jaaka mmulatsela wa ka metlha.
Bill le Muriel Nisbet, baalogi ba ntlha ba Sekole sa Bibela sa Watchtower sa Gilead go romelwa kwa Kenya, ba ne ba goroga ka 1956. Ka nako eo, kgethololo ya batho ka lotso e ne e le ntsi, mme balaodi ba sekolone ba ne ba na le melao e e neng e thibela tiro ya go rera ebile e lekanyetsa gore batla-dipokanong ba seka ba feta borobabongwe. Jalo tiro ya bora-Nisbet e ne ya kganelelwa fela mo lefelong la batho-basweu le go nna le dipuisano tse di sa rulaganyediwang le batho ba Ma-Afrika. Lefa go ntse jalo, go ne ga nna le kgolo.
Ka 1962 tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya letlelelwa kafa molaong. Ka bokhutshwane morago ga moo, ka 1963, puso ya sekolone e ne ya fela, ka gone e bulela kgolo e e oketsegileng ya tiro ya rona ya Bokeresete. Jaanong dibuka di ne di ka gatisiwa ka loleme lwa Seswahili, mme bagolwane ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba neelwa marapo a go nyadisa ke puso. Fa e sale ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa ba kgonne go thusa banyalani ba ka nna 2 000 go kwadisa manyalo a bone kafa molaong.
Ka 1972 kago e ntle e ntšha ya ofisi ya lekala, e e neng e le mo Nairobi e leng lefelo le le siameng thata, e ne ya kgakolwa. (Fa e sale go tloga foo e ntse e atolosiwa.) Kenya jaanong e ne e tlhomeletse botoka go tlhokomela tiro ya Bogosi mo dinageng tse di lesome tsa Afrika Botlhaba tse di neng di le kafa tlase ga yone le go tlatsa tlhokafalo ya mo letlhokong la dibuka tsa dipuo tse di farologaneng tsa dinaga tseo.
Dikao tse di Molemo tsa Tlhoafalo
Baboledi ba mafoko a a molemo mo Kenya ba supa go ‘tlhoafalela ditiro tse di molemo’ ka tsela e e tshwanang le e e neng e lemotshega mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (Tito 2:14) Ga ba letlelele mathata go ba thibela go thusa ba bangwe go bona kitso e e tlhomameng ya Bibela.
Mo tiragalong nngwe, Mosupi mongwe o ne a kopiwa ke oñsi ya lekala go etela monna mongwe wa sefofu yo o kgatlhegang, yo o neng a nna bokgakala jwa dikhilometara di le 26. Ka metlha Mosupi yo o ne a tsamaya ka baesekele go ya go tshwara thuto le ene. Lemororo monna yoo a ne a tle a nne le dikakanyo tsa boitlhobogo le go hutsafala gantsi, jaanong ke Mosupi ka boene, ka tlhoafalo o bolelela ba bangwe ka tsholofetso ya Modimo ya Paradaise e e tsosolositsweng ka nako eo le eleng matlho a difofu a tla budulolwang.—Isaia 35:5.
Mo mafelong a mangwe, go dirwa maiteko a magolo go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete. Mosadi mongwe wa dingwaga tse 70 ka metlha o tsamaya sekgala sa dikhilometara tse di ka nnang 10 go ya dipokanong tsa beke le beke. Mo tseleng, o ralala ka tshokolo nngwe ya dinoka tse dikgolo tsa Kenya, lemororo dikwena di emetse go kometsa mongwe gaufi le ene. Fa gongwe metse a tla ka bontsi mo eleng gore a batla a mo tsaya. Lefa go le jalo, o bona fa moletlo wa semoya o tshwanelwa ke boiteko joo. A sekao se se tlhomologileng sa tlhoafalo!
Sekao se sengwe se se molemo sa tlhoafalo le kanaanelo se ne sa neeelwa ke Mosupi mongwe yo o neng a tsamaya dioura tse 9 go ya go nna teng kwa kopanong ya potologo. Ka eng fa a ne a dira jalo, lemororo a ne a na le madi a a lekaneng go duelela sepalamo? O ne ka lorato, a neetse seithuti sa gagwe sa Bibela madi a gagwe e le gore, le ene, a tle a kgone go ipelela thulaganyo ya kopano! Ee, go rata le ‘go tlhoafalela ditiro tse di molemo,’ mo go thailweng mo kitsong e e tlhomameng ya Bibela, go bonala sentle mo Kenya.
Moya wa Bobulatsela
Tlhoafalo eno e ile ya bontshiwa mo bodiheding jwa nako e e tletseng jwa bobulatsela ka tsela e e tlhomologileng Ba bantsi ba ipeletse tirelo eno go sa kgathalesege maemo a a sa iketlang. Mmulatsela mongwe yo mosha wa ka metlha o direla mo toropong ya boemela-dikepe e e mogote le ya moya o o bokgola ya Mombasa. Mo dingwageng di sekae tse di fetileng maoto a gagwe ka bobedi a ne a tshwanetse ke go kgaolwa ka ntlha ya kotsi ya koloi Fa a le mo kokelong, o ne a akanya go ipolaya a bile a kopile mooki go mo tlhaba ka lomao la molemo o o bolayang, mo a neng a ganne go go dira. Fa a sena go tswa mo kokelong, o ne a kopana le Basupi mme a simolola go ithuta Bibela le bone. Seno se ne sa gogela kwa go kolobediweng ga gagwe le botshelo jo bosha mo tirelong ya nako e e tletseng. O tlhoafetse le go leboga fela thata.
Palo e kgolo ya bomme ba ba nang le maikarabelo a malapa le bone ke babulatsela ba ka metlha. Gareng ga bone go na le yo o nang le bana ba le bararo. O bolawa ke bolwetse jwa kgatelelo e kgolo ya madi ebile ga a kgone go bua sentle. O tshwanelwa ke go bereka letsatsi lotlhe, gape monna wa gagwe ga se Mosupi. Lefa go le jalo, ke mmulatsela yo o itumetseng Legale, ga se bomme fela ba ba arolang mo tirelong ya bobulatsela jwa ka metlha, bosheng jaana, rre yo o nang le bana ba roba-bobedi ba a tshwanetseng go ba tlhokomela a bile a bereka tiro ya nako e e fetogang le ene o ne a tsenelela tshiamelo eno ya tirelo. Bontsi jwa batho ba ba sa kgoneng go nna babulatsela ba ka metlha ba tletse ka moya wa bobulatsela. Ba batla dipaka tsa go arola mo bodiheding jwa nako e e tletseng jaaka babulatsela ba ba thusang, ba senya dioura di le 60 mo tirong ya go rera kgwedi le kgwedi.
Ka April 1984, gammogo le ka 1985, ba ba fetang sephatlo sa boraro sa baboledi botlhe mo Kenya ba ne ba tsenelela mo tirelong ya nako e e tletseng ya mofuta mongwe. Mo phuthegong nngwe baboledi ba le 73 ba ne ba ikwadisa jaaka babulatsela ba ba thusang mo kgweding eo, ba dira mmogo le babulatsela ba ka metlha ba batlhano. Maloko a mangwe a a 28 a phuthego eo a ne a nna le palo-gare ya dioura tse 64.6, lemororo bontsi jwa bone ba ne ba sa kolobediwa. Ka baka leo, go ne ga tsamaisiwa dithuto tsa Bibela di le 233!
Bogodi le jone ga bo supege bo ka nna sekgoreletsi. Mmemogolo wa dingwaga tse 99 o ne a tsenelela bodihedi jwa bobulatsela jo bo thusang. Go sa kgathalesege go tlhaela ga gagwe ka ntlha ya bokoa, o phatsimisa lesedi la gagwe ka bopelokgale mo bannyeng le bagolo. (Mathaio 5:16) Ka maiteko a gagwe, o thusitse bangwe ba palo e e rileng go nna baboledi ba Bogosi, mme ba gakologelwa boineelo le moya wa bobulatsela wa ga nkuku yo ba mo ratang yo. Ee, ‘go tlhoafalela ditiro tse di molemo’ mo go ntseng jalo go dirile gore ba bantsi ba tlhagolele moya wa bobulatsela
Pako—Go Tswa Melomong ya “Banyana”
Ba bannye, le bone, lemororo ba ise ba kolobediwe, ka boitumelo le ka matlhaga-tlhaga ba pata batsadi ba bone mo go iseng mahoko a a molemo a a tswang Modimong wa boammaaruri kwa bathong ba bangwe. (Mathaio 21:16) Mo tlhabanong e e kgethegileng, mosetsanyana wa dingwaga tse nne le sephatlo o ne a dira le batsadi ba gagwe kwa lefelong le le kwa thoko. O ne a senya dioura tse 160 mo bodiheding jwa tshimo mo kgweding eo, a tsamaisa dibuka tse 27, dibukana tse 66, le dimakasine tse 47 mo bathong ba ba neng ba kgatlhegela Bibela!
Go ‘tlhoafalela ditiro tse di molemo’ mo go bontshiwa gape le mo dikoleng. Mo lefelong la selegae ka kwantle ga Nairobi, mosimane wa sekole se se botlana, yo mmaagwe a neng a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, o ne a kgona go thusa morutabana wa gagwe go tsena mo tseleng ya botshelo jo bosakhutleng Mo ntlwaneng ya borutelo, fa morutabana a ne a tlhagisa kgang ya botshelo morago ga loso, mosimanyana yoo ka maitseo o ne a umaka gore mmaagwe o ne a mo rutile sengwe se se farologaneng, se se thailweng mo Bibeleng. Seno se ne sa dira gore morutabana a batle go itse. O ne a ikopanya le mmaagwe mosimane, yo o neng a mo fitisetsa kwa Mosuping yo o nang le maitemogelo go mo feta. Jaanong morutabana ka boene o anamisetsa ba bangwe boammaaruri jwa Bibela, ka baka la bopelokgale jwa mmotlana yono. A sekao se se molemo sa tlhoafalo e e leng teng mo baneng ba Bakeresete gompieno!
Go Solofetswe Kgolo e e Oketsegileng
Batho ba ba fetang sephatlo mo Kenya ba santse ba tshwanetse go utlwa mafoko a a molemo a Bogosi. Ka baka la bokgakala, mafelo mangwe a a kwa thoko a ka akarediwa gangwe fela ka ngwaga. Fa o goroga mo mafelong a a ntseng jalo, go tlwaelegile gore Basupi ba dumedisiwe ka mafoko a a reng: “O ntse o le kae? Re ntse re go tlhoafaletse.” Morago, fa o sena go neela bosupi koo malatsi a sekaenyana kana dibeke mme nako e gorogile ya gore o tsamaye, o ka utlwa o amiwa ke go utlwa mafoko a a tshwanang le: “A jaanong o re tlogela gape? Re tlile go sala re tswelela jang?” Ka boitumelo, go dirilwe dithulaganyo tsa go boela batho bano ba ba bolaiweng ke tlala semoyeng.
Gompieno, go na le badihedi ba ba 3 686 mo Kenya. Kwa moletlong wa Segopotso sa loso lwa Morena wa 1986, go ne go na le ba ba 13 067. E ne e le palo e e batlang e le ya Basupi e menagane gane! Bao e kileng ya bo e le matagwa, dirukhutli, baetapele ba disenyi, baikgagapeledi, badirisa badimo, le ba bangwe ba dirile diphetogo tse di kgolo mo matshelong a bone mme jaanong ba tsamaya mo ditseleng tsa boammaaruri. Seno se re bolelelang kaga isagwe?
Ka mo go phepafetseng, go ka solofelwa kgolo e e oketsegileng Ee, batho ba kwa Kenya ba arabela sentle mo ‘mafokong a a molemo a bogosi.’ (Mathaio 24:14) Bontsi bo inaakantse le mephato ya Basupi ba ga Jehofa—batho “ba ba tlhoahaletsen ditihō tse di molemō.” Ka baka la ditiro tseno, ba tlhomologile jaaka batho ba mofuta wa bone fela, ba gololesegile mo go sa utlwaneng ga ditso le dilo tse dingwe tse di thibelang kutlwano ya boammaaruri. Ka boammaaruri,“seno ke sengwe se se kgethegileng.”
[Setswantsho mo go tsebe 22]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
KENYA
Nairobi
Mombasa
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Diketekete tsa baemedi ba ba buang Seswahlli ba ne ba nna ten kwa kopano g ša “Babolo a Bothokgami a December 1985
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Diterama tsa Bibela tse di neng di tshamekwa ka Seswahili le Seesemane di ne tsa agelela bareetsi
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Kolobetso ya phatlalatsa e ne ya neela bosupi jwa tshegofatso ya ga Jehofa