Go Nna le Kagiso le Modimo Ka Boineelo le Kolobetso
“Yehofa a mo raea, a re, . . . me Io se ka loa atamela motho opè eo lochwaō lo mo go èna.”—ESEKIELE 9:4, 6
1, 2. (a) Ke eng fa batho ka kakaretso ba se mo kagisong le Modimo? (b) Ke eng fa go le botlho- kwa thata mo go botlhe go nna le kagiso e e ntseng jalo?
GO NNA le kagiso le Modimo? Mme ka ntlha yang? Batho ba sekae ba lemoga fa ba le kgatlhanong le Modimo. Lefa go ntse jalo, a go a kgonagala go nna mmaba wa boammaaruri wa Modimo mme o sa itse kaga gone? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosetsa Bakeresete mo lekgolong lantlha la dingwaga jaana: “Le rona rotlhe re kileñ ra tshela nabō mo dithatoñ tsa nama ea rona, ra diha dikeleco tsa nama le tsa megopolō, me mo tlholegoñ ea rona re le bana ba re chwanetseñ bogale, hèla yaka ba bañwe.”—Baefesia 2:3.
2 Gompieno ka mo go tshwanang, lemororo ka nna wa tswa o kgatlhegela go itumedisa Modimo, sebe se se ruilweng mo go Adame se ama tebelelo ya gago mme se ka nna sa go dira gore o latelele ‘dithato tsa nama.’ Le eleng fa e le gore o motho yo o ithutang Bibela le Basupi ba ga Jehofa kana mosha yo o iseng a kolobediwe yo batsadi ba gagwe eleng Basupi, boikutlo jwa boikgagapeledi jwa go dira boithatelo bo ka nna jwa laola bogolo jwa botshelo jwa gago le go tswelela go go aroganya le Modimo. Motho yo o tswelelang ka tsela e e ntseng jalo o ‘ipolokela bogale.’ (Baroma 2:5; Bakolosa 1:21; 3:5-8) Modimo o tla a bontsha bogale jwa gagwe ka mo go feletseng mo “letsatsiñ ya bogale, le ya tshenolō ea tshekishō e e siameñ ea Modimo” le le atamelang ka bofefo. (Baroma 1:28–2:6) O ka nna le kagiso le Modimo jang mme wa falola ‘letsatsi leno la bogale’?
Motheo wa Kagiso
3. Modimo o ile a tlamela jang ka motheo wa tetlanyo?
3 Jehofa o ne a ithaopela go thusa. “O ratile rona, me oa roma Morwa ōna go tla a nna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona.” (1 Yohane 4:10) Setlhabelo sa ga Jesu sa loso se a letlanya, ke gore, se tlatseletsa mo tshiamisong ya ga Jehofa. Seno se neelana ka motheo o o amogelesegang wa boitshwarelo jwa dibe mme, kwa bofelong, ka go tlosiwa mo go feletseng ga bobaba fa gare ga Modimo le motho. Ee, go a kgonagala go “letlañwa le Modimo ka losho loa Morwa ōna,” jaaka moaposetoloi Paulo a ne a kwala.—Baroma 5:8-10.
4. Ke ponatshegelo efe e e tshwanelang e e neng ya neelwa Esekiele, mme ke eng fa e le botlhokwa mo go rona?
4 Mme gore re solegelwe molemo ka borona mo setlhabelong sa ga Keresete, re tshwanetse go tsaya dikgato dingwe. Tseno di bontshitswe mo ponatshegelong e e tshelang e e neng e neetswe moperofeti Esekiele, ponatshegelo e e diragadiwang mo motlheng wa rona wa ‘letsatsi la bogale’ la Modimo le le gauñ-uñ. Maatla a Modimo a katlholo a tshwantshediwa mo ponatshegelong ke banna ba le barataro ba ba tlhomeletsweng. Pele ga bano ba bontsha bogale jwa Modimo, monna wa bosupa, yo o tshotseng kurwana ya mokwadi ya inke, o bolelelwa jaana: “Ralala motse ha gare, . . . me u beè lochwaō mo diphatleñ tsa banna ba ba hègèlwañ, le ba ba shonèlèlañ dilō cotlhe tse di makgapha tse di dihwañ mo gare ga ōna. Me a raea [banna ba barataro ba ba tlhomeletsweng] mo kutloñ ea me, a re, Ralalañ motse lo mo setse moragō, me lo kgemèthè: . . . me lo se ka loa atamela motho opè eo lochwaō lo mo go èna.”—Esekiele 9:1-6.
5. Ke eng se se gogelang kwa boikwatlhaong?
5 Bano ba ba sireleditsweng ka go ‘tshwaiwa’ ba ne ba lwatswa ke ka gonne batho ba ba neng ba iphaka go obamela Modimo wa boammaaruri ba ne ba ‘tladitse lefatshe ka bothubaki’ mme ba ne ba tshwaregile mo boitsholong jo bo maswe jwa kafa dikobong, kobamelo ya medimo ya disetwa, le mefuta e mengwe yotlhe ya boitshwaro jo bo sa siamang. (Esekiele 8:5-18; Yeremia 7:9) Gompieno, ka mo go tshwanang, bao ba tla a ‘tshwaiwang’ ba tshwanetse go ithuta pele, ka go ithuta Bibela, go tlotla ditekanyetso tsa Modimo le go hutsahadiwa mo pelong, ee go ‘hegelwa le go shonelela,’ dithuto le ditiro tse di mo tlontlololang Gongwe ka ntlha ya go tlhokomologa bangwe ba ne ba tshwarega mo go direng tshiamololo kana ba dumalana le bao ka go ba ema nokeng. Lefa go le jalo, jaanong ba simolola go leba ditiro tse di ntseng jalo jaaka Modimo o di leba—di ferosa sebete! (Baroma 1:24-32; Isaia 2:4; Tshenolō 18:4; Yohane 15:19) Kanaanelo e e oketsegileng eno e gogela motho kwa go nngwe ya dikgato tsa ntlha tsa go nna le kagiso le Modimo: go ikwatlhaya. Moaposetoloi Petere o ne a kgothatsa jaana: “Me ke gōna, ikwatlhaeeñ, lo shokologè, gore dibe tsa lona di phimolwè, gore go tlo go tlè metlha ea thudishō yalo, e e cwañ ha pele ga Morèna.” (Ditihō 3:19) Abo boitshwarelo jo bo ntseng jalo bo lapolosa jang ne!
Go Amogela “Loohwaō”
6. Ke ka ntlha ya mabaka afe a batho bangwe ba neng ba tshwaiwa mo metlheng ya bogologolo?
6 Go sirelediwa mo bogaleng jwa Modimo, bao ba ‘hegelwang le go shonelela’ ba ne ba tshwanetse go tshwaiwa mo diphatleng tsa bone. (Esekiele 9:4) Gantsi mo dinakong tsa bogologolo makgoba a ne a tshwaiwa mo diphatleng e le gore ba tle ba kgone go farologanngwa ka phepafalo. Matshwao a a farologanyang mo diphatleng le golo gongwe a ne a ka bontsha gape gore motho o ne a obamela modimo o o rileng.a (Bapisa Isaia 44:5.) Ka gone, mo motlheng wa rona, ke eng se eleng letshwao le le farologanyang, le le bolokang botshelo le ka phepafalo le supang ba ba nang le lone e le baobamedi ba boammaaruri le batlhanka ba ga Jehofa?
7. Lotshwao la tshwantshetso ke eng?
7 Letshwao la tshwantshetso ke bosupi, jaaka ekete le beilwe mo phatleng ya gago e e sa fitlhegang, (1) gore o morutwa yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng wa ga Jesu Keresete, le gore (2) o apere botho jo bosha jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. (Baefesia 4:20-24) Ereka bao ba ‘tshwailweng’ ba tshwanetse go dira boineelo pele, re tlhoka go itse gore seo se kopanyeletsa eng. Jesu o a tlhalosa: “Ha motho moñwe leha e le mañ a rata go ntshala moragō, a a iitatolè, a a tseè mokgōrō oa gagwè, me a itse go ntshala moragō.”—Mareko 8:34.
8, 9. (a) Go rayang go ‘go iitatola’? (b) Se se tlhokwang ke boineelo se ka tshwantshiwa jang?
8 Lefoko la Segerika le le ranotsweng ‘go iitatola’ le raya “go ikgana gotlhelele” kana “go itatlha.” Ka gone, ‘go iitatola’ go raya go feta go ithontsha menate mengwe kana go kopanela ka nako tse di rileng. Go na le moo, go raya go ikemisetsa go gana fa go tla mo go reng o lese botshelo jwa gago bo laolwe ke dikeletso le boikgodiso tsa gago. Re thusiwa go bona pono ya mafoko a ga Jesu ka go tlhokomela ka moo mogopolo ono o ranolelwang mo dipuong tse di farologaneng: “Go emisa go dira se pelo ya motho e se batlang” (Tzeltal, Mexico), “o sa tlhole o nna wa gago gape” (K’anjobal, Guatemala), le go “ikhularela” (Javanese, Indonesia). Ee, se se raya boineelo jo bo feletseng, eseng go itlama fela mo go ka dirwang mo dilong di le mmalwa.
9 Mokeresete mongwe yo o neng a bidiwa Susan, yo pele o neng a le seganana fela, o tlhalosa se boineelo bo neng bo se raya mo go ene: “Ke ne ke ineela ka botlalo mo mothong yo mongwe. Jaanong Jehofa o laola tsela ya me, o mpolelela se ke tshwanetseng go se dira, le go nthulaganyetsa dilo tsa me tse di tlang pele.” A o ikemiseditse go dira boineelo jo bo tshwanang jo bo feletseng mo go Jehofa Modimo? Gakologelwa, letshwao la tshwantshetso le go tlhaola jaaka yo o leng ‘wa’ Modimo, jaaka motlhanka yo o itumetseng mo Moreneng wa gagwe.—Bapisa Ekesodo 21:5, 6; Baroma 14:8.
10. Ke dikgang dife tse motho a tshwanetseng go di tlhokomela pele ga a dira boineelo?
10 “Ke ohe oa lona eo e ka reñ ha a rata go aga kagō e e godileñ me a se ka a dula pele, a bala madi a eōna, gore a tlè a itse ha a na le a a lekaneñ go e fetsa?” Jesu o ne a botsa. (Luke 14:28) Ka gone a o ikemiseditse go: Kopanela mo dipokanong tsa Bokeresete ka metlha? (Bahebera 10:25) Boloka ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo tse Modimo o di beetseng batlhanka ba gagwe? (1 Bathesalonia 4:3, 4, 7) Nna le karolo ka botlalo mo tirong ya go rera ya Bogosi ka moo o ka kgonang ka gone? Baya go rata ga Modimo kwa pele fa o kgetha tiro ya botshelo kana o rulaganya mekgele mo botshelong? (Mathaio 6:33; Moreri 12:1) Go tlhokomela ditlamo tsa lelapa la gago? (Baefesia 5:22–6:4; 1 Timotheo 5:8) Fela fa o setse o dirile boineelo jwa botho ka thapelo, kgato e e latelang e dira gore ba bangwe ba itse seno kafa mokgweng.
Kolobetso—Ke ya bo Mang?
11. Kolobetso e tshwantshetsa eng, mme ke eng se se ñtlhelelwang ka yone?
11 Jesu o ne a laela gore balatedi ba gagwe ba kolobediwe (Mathaio 28:19, 20) Ba ne ba tshwanetse go nwediwa gotlhelele mo metsing mme ba inolwe mo go one. Jaaka phitlho le tsogo, seno se tshwantshetsa go swa ga motho mabapi le tsela ya boikgopolo ya botshelo le go tsosiwa mabapi le go dira go rata ga Modimo. Ka kolobetso o itshupa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo bokopanong jwa phuthego ya lefatshe lotlhe ya Modimo.b Kolobetso e tlhomamisa tumalano e e masisi e e dirwang le Modimo. (Bapisa Ekesodo 19:3-8.) Botshelo jwa gago bo tshwanetse go nna tumalanong le melao ya gagwe. (Pesalema 15; 1 Bakorintha 6:9-11) Kolobetso, eo e go tlhophang jaaka modihedi wa Modimo, gape e supa “potsishō ea segakolodi se se siameñ” ka ntlha ya go bo o itse gore o na le kagiso le Modimo.—1 Petere 3:21.
12. Bana ba sirelediwa ke “lochwaō” lwa motsadi wa bone leng?
12 A basha le bone ba tshwanetse go akanye tsa kolobetso? Legale, gakologelwa gore Modimo o ne a bolelela banna ba barataro ba ba tlhomeletsweng mo ponatshegelong jaana: “Bolaelañ rure monnamogolo, lekau le morweetsana, le banyana ba bannye le basadi: me lo se ka loa atamela motho opè eo lochwaō lo mo go èna.” (Esekiele 9:6) Legale, bana ba ba leng bannye thata go dira boineelo ba ne ba tla a sirelediwa ke “lochwaō” lwa motsadi fa motsadi yoo a leka ka bojotlhe go godisetsa bana mo go rateng Jehofa lefa ba arabela ka kutlo. (1 Bakorintha 7:14) Lefa go le jalo, fa ngwana a godile mo tlhaloganyong mo a ka dirang diphetso tsa botho ebile a fitlhile mo seemong se a “itseñ go diha molemō,” o seka wa akanya gore o tla tswelela-pele ka bosakhutleng kafa tlase ga molemo wa “lochwaō” lwa motsadi wa gagwe.—Yakobe 4:17.
13. Ke mabaka afe ao a laolang go ka kolobediwa ga mosha?
13 Pele ga a dira boineelo, mosha o tshwanetse a bo a na le kitso e e lekaneng go tlhaloganya se se kopanyelediwang gape o tshwanetse go bo a batla kamano ya botho le Modimo. O tshwanetse go tlhaloganya le go amogela melao-metheo ya Bibela, ka go itse gore o tla a ikarabelela mo phosong epe e e ka diragalang Gape o tshwanetse go nna le boitemogelo jo bo lekaneng mo go tlhakaneleng bodumedi jwa gagwe le ba bangwe mme a itse gore eno ke karolo e e botlhokwa thata mo kobamelong ya boammaaruri; o tshwanetse ka boammaaruri a batla go direla Modimo. Ka tlholego, ga a nke a lebelelwa go bontsha nonofo ya mogodi, mme botswelelo-pele jwa gagwe jwa semoya bo tshwanetse jwa bo bo tlhomame ka mo go tshwanetseng.
14. Ke eng fa mosha mongwe a ne a leba kolobetso ya gagwe jaaka tshireletso?
14 Ga go beye ope mo kotsing go dira boineelo a le mosha, fa motho a ‘badile ditshenyegelo.’ Malebana le mo e ka nnang Bakeresete botlhe ba basha, kanaanelo e a oketsega morago ga kolobetso. “Go kolobediwa ke santse ke le monnye e ne ya nna tshireletso mo go nna,” go ne ga tlhalosa Dayid. “Fa ke ntse ke gola, ke ne ka lemoga ka moo basha ba ba sa kolobediwang mo phuthegong ba neng ba ikutlwa ba gololesegile kgatlhanong le bolaodi jwa bagolwane mme matswela ya nna gore ba tsenelele mo boitshwarong jo bo sa siamang. Mme ka metlha ke ne ke gakologelwa gore ke ne ke neetse botshelo jwa me go Modimo. Botshelo jwa me bo ne bo setse bo tserwe, ka gone ke ne ke ka seka ka etsa basha bao.”
15. (a) Re itse jang gore go a kgonagala mo basheng go boloka pono e e masisi ya kobamelo ya boammaaruri? (b) Batsadi ba ka thusa thata jang?
15 Lefa go ntse jalo, go tweng, fa morwaake kana morwadiake a kolobediwa a le monnye mme go tswa foo a bo a tsidifala?’ batsadi bangwe ba a ipotsa. Ruri, mosha ga a tshwanela go kolobediwa e le fela go itumedisa motsadi kana ka ntlha ya gore ditsala di dira jalo. Lefa go le jalo, Josefa, Samuele, Kgosi Josia le Jesu fa ba ne ba le basha botlhe ba ne ba na le pono e e masisi ka kobamelo ya Modimo mme ba ne ba nnela ruri mo go yone. (Genesise 37:2; 39:1-3; 1 Samuele 1:24-28; 2:18-21; 2 Ditihalō 34:3; Luke 2:42-49) Mo metlheng ya segompieno, Mokeresete mongwe yo o bidiwang Jean o ne a kolobediwa fa a ne a le dingwaga di le lesome fela. Fa a ne a bodiwa dingwaga moragonyana gore a tota o ne a tlhaloganya kgato eo, Jean o ne a araba jaana: “Ke ne ke itse gore ke ne ke rata Jehofa, ke ne ke anaanela se Jesu a se re diretseng, gape ke ne ke batla go direla Jehofa.” O ne a direla ka boikanyegi mo dingwageng tse di ka nnang 40 fa e sale a kolobediwa. Mosha mongwe le mongwe ke motho; ga go na ope yo’o ka tlhomang tekanyetso ya dingwaga. Batsadi ba tshwanetse go dira boiteko jwa go fitlhelela dipelo tsa bana ba bone, go ba thusa go nna le boineelo jwa bomodimo.c Ga ba a tshwanela go baya kwa pele fela tshiamelo ya go ineela le kolobetso mme gape ba ba nonotshe go nna baobamedi ba ba nonofileng.
Go Fenya Dikgoreletsi
16. Ke eng fa go tlhokafala mo gontsi go na le kitso ya tlhogo fela?
16 Lefa thuto ya Bibela e tlhokega, “lochwaō” lo kopanyeletsa se se fetang kitso ya tlhogo. Ka motlhala, mo ponatshegelong e e neng ya neelwa Esekiele, bagolwane ba ba neng ba atlholelwa go isetsa medimo ya maaka mosi wa maswalo ba tshwanetse ba bo ba ne ba na le kitso e ntsi ya Lefoko la ga Jehofa le le kwadilweng Mme boitshwaro jwa bone mo sephiring bo ne bo bontsha gore e ne e se baobamedi ba boammaaruri (Esekiele 8:7-12; 9:6) Ka gone, go ‘tshwaelwa’ poloko go tlhoke ga go apara “motho eo mosha, eo kaha Modi- moñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshe- poñ yoa boamarure.”—Baefesia 4:22-24.
17. (a) Ke sekgoreletsi sefe se se iletsang bangwe go kolobediwa? (b) Kgakololo e e mo go Yakobe 4:8 e ka dirisiwa jang?
17 Sekgoreletsi se se maatla ke tlhotlheletso ya nama e eleng mo sebeng ya gago. (Baroma 8:7, 8) Ebile bangwe ba ikgogona go kolobediwa ka ntlha ya go sa kgoneng go laola bokoa bongwe jo bo masisi jwa nama kana ka ntlha ya go batla go tsenelela mo menateng e e sa siamang ya selefatshe (Yakobe 4:1, 4) Ba ba ntseng jalo ba latlhegelwa ke kamano e e botlhokwa thata. Lefoko la Modimo le gakolola jaana: “Atamelañ Modimo, me o tla lo atamèla. Itloseñ leshwè mo diatleñ, baleohi ke lona; lo intlahatsè dipelo, lona bale maikutlō mabedi.” (Yakobe 4:8) Kgato ya maikutlo a le mangwe fela e a tlhokafala. Jaaka sekai, monna mongwe yo o neng a simolola go ithuta Bibela o ne a gobolola bojalwa le diokobatsi ka dingwaga di le 16 mme o ne a lwala thata-thata ka ntlha ya seno. Ka go ititaya sehuba o ne a fenya ditlwaelo tse di maswe tseno. “Mme fela fa ke ne ke tswelela-pele go ya boineelong, mosadi mongwe o ne a simolola go nkopa gore ke ratane le ene. E ne e le teko ruri, o ne a akgela jalo.” Lemororo mosadi a ne a akanya gore ke ne ke sa tlala sentle mo tlhaloganyong, ke ne ka mmolelela jaana: ‘Ke ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, mme ga nkake.’” Ke eng se se neng sa mo tlhotlheletsa go bua jalo? “Ke ne ke bone se Jehofa a ne a se dirile mo botshelong jwa me ka go nthusa go tlogela bojalwa O ne a nthusa mo ditseleng tse dingwe gape. Seno se ne sa nkatametsa gautshwane le ene. Ke ne ke ka seka ka mo swabisa.” Monna yono o ne a atamelana thata le Modimo.
18. Selo sa kono-kono ke eng mo go fenyeng dikgoreletsi?
18 Ga go a ikaega ka gore o itse go le kana kang mme ka gore o rata go le kana kang seo o se itseng. Pesalema 119:165 ya re: “Ba ba ratañ [e seng go itse fela] molaō oa gago ba na le kagishō e kgolo; me ga ba na go kgopiwa gopè.” Selo sa kono-kono ke go rata molao wa Modimo, go anaanela ka mo go boteng bokao jwa one mo botshelong jwa gago.—Isaia 48:17, 18.
19, 20. (a) Ke dikgoreletsi dife tse di tshwanetseng go fenngwa mme ke tlhomamisetso efe e re nang le yone? (b) Fa re fenya dikgoreletsi tsotlhe ka katlego go tla a felela ka eng?
19 Legale, dikgoreletsi tse dingwe kana dikgopi di ka nna tsa tlhagoga. “Se se neng se le segolo mo go nna,” ga bolela mokaulengweyo o umakilweng fa godimo, “e ne e le go boifa batho. Ke ne ke na le ‘ditsala’ tsa selefatshe dingwe tse ke neng ke a tle ke nwe le tsone. E ne e le sengwe se se bokete thata mo go nna go ba bolelela gore ke kgaotsa bokopano jwa me ka ntlha ya gore ke ne ke ya go neela botshelo jwa me mo Modimong.” (Diane 29:25) Bangwe ba ne ba lebagana le go nyadiwa ke maloko a lelapa. Mosupi mongwe yo o kolobeditsweng bosheng, yo o neng a fenya kganetso ya ga mogatse, o ne a elatlhoko jaana: “Go na le sekgoreletsi se le sengwe fela se segolo, go ne go na le dikgoreletsi tse dinnye tse dintsi tse ke neng ke tshwanetse go kopana le tsone ka nako e le nngwe fela.” Go fenya sekgoreletsi fela fa se tlhaga ka boikanyegi go tla a nonotsha pelo ya gago. Tlhomamisega gore ga go na sekgoreletsi se se ka sekeng se fenngwe ke bao ba ratang molao wa Modimo!—Luke 16:10.
20 Jaaka o ntse o fenya sekgopi sengwe le sengwe, o tla a nna le “kagishō e kgolo.” (Pesalema 119:165) Ee, “u tla tsamaea mo tseleñ ea gago ka thagamō, . . . Me borōkō yoa gago bo tla nna monate. U se ka ua boiha poihō e e choganetsañ, leha e le go shwahadiwa ga baikepi motlhañ go tlañ: Gonne Yehofa o tla nna boikañō yoa gago.”—Diane 3:23-26.
[Ntlha e kwa tlase]
a Mo dingwageng tse di ka nnang 150 morago ga ponatshegelo ya ga Esekiele, raditiragalo wa Mogerika Herodotus, ka go lemoga gore matshwao a mo baineeding ba modimo o o bidiwang Heroules le ne le ba neela tshireletso, o ne a kwala jaana: “Fa motlhanka wa mongwe fela a tshabela [mo tempeleng ya ga Hercules], mme a tshwailwe matshwao a a boitshepo, ka gone a ineela mo modimong oo, ga go kafa molaong go mo ama.
b Bosheng jaana dipotso tse di neng tsa bodiwa ba ba yang kolobetsong di ne tsa tlhofofadiwa gore baya kolobetsong ba kgone go araba ka kutlwisiso e e tletseng ya se se kopanyelediwang mo go nneng le bokopano jo bo atamalaneng le Modimo le phuthego ya gagwe ya selefatshe.
c Bona “Ruta Ngwana wa Gago go Tlhagolela Poifo Modimo” mo tokololong ya rona ya August 15, 1985.
Dintlha tse di Boeletsang
◻ Modimo o re thusa jang go nna le kagiso le ene?
◻ Lotshwao lo lo bolokang botshelo la tshwantshetso ke eng?
◻ Boineeio le kolobetso di kaya eng?
◻ Ke mefuta efe ya dikgoreletsi e go tshwanetsweng go lebaganwa le yone, mme eno e ka fenngwa jang?
[Lebokoso mo go tsebe 13]
Go Nwediwa kana go Kgatšhiwa?
Polelo ya kolobetso ya ga Jesu e umaka go “tlhatloga mo metsen. (Mareko 1:10) Gore Jesu o ne a nwediwa go dumalana le bokao jwa lefoko la Segerika le le ranotsweng la kolobetso (baʹpti·sma). Leno le tswa mo lefokong ba·ptiʹzo, le le rayang “go ina, go nwetsa” Nako nngwe le dirisiwa go tlhalosa sekepe se se nwelang. Mokwadi wa lekgolo la bobedi la dingwaga Lucian o dirisa lefoko le le tshwanang go tlhalosa motho yo o nwetsang yo mongwe jaana: “A mo thabuetsa kwa tlase mo go boteng [ba·ptiʹzon·ta] mo eleng gore ga a kitla a tswa gape.” The New International Dictionary of New Testament Theology e digela jaana: “Go sa kgathalesege ditumelo tse dingwe tse di farologaneng go lebega gore baptizō, bokao jo bo mo Sejudeng le mo Bokereseteng, gantsi bo ne bo raya go ‘nwetsa’, le eleng fa le ne le nna lefoko le le thata la kolobetso. mogopolo wa go nwediwa o a sala.”