LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 4/15 ts. 3-4
  • Botlhale jwa Modimo—A O Kgona go Bo Bona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botlhale jwa Modimo—A O Kgona go Bo Bona?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botlhale jwa ga Jehofa Bo a Bonatshiwa
  • Botlhale jwa Tlholego jwa Diphologolo
  • Botlhale jwa ga Jehofa jwa Selegodimo
  • ‘Ruri Botlhale Jwa Modimo bo Boteng’
    Atamalana le Jehofa
  • Bakang Kgosi ya bosaenkae!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • “Go Itumela Motho yo o Boneng Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • A o Dirisa “Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo” mo Botshelong Jwa Gago
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 4/15 ts. 3-4

Botlhale jwa Modimo​—A O Kgona go Bo Bona?

A KE O BOPE mo mogopolong wa gago kgotla ya kgosi ya maloba. Koo kgosi, e e kgabileng ka diaparo tsa segosi, e ntse mo setilong sa bogosi se se galalelang jaaka e okametse. Ga e itsege fela ka ntlha ya dikhumo tsa gagwe mme gape o itsege ka botlhale jwa gagwe. Banna ba gagwe ba lekgotla ba rulagantswe ka bothakga jo bo feletseng. Pono ya bontle ke e e gapang maikutlo. Bona he: Ke Kgosi Solomone!​—1 Dikgosi 10:1-9, 18-20.

Jaanong, reetsa monna yo o itsegeng jaaka Morutisi yo Mogolo ebong Jesu Keresete: “Lo itlhobaèlèlèlañ diaparō? Akanyañ dithunya tsa mashōma a naga, kaha di golañ ka gōna: ga di dihe, ga di otlhe: Leha go nntse yalo kea lo raea, le e leñ èna Solomone, mo kgalaleloñ eotlhe ea gagwè, o na a sa kgabe yaka señwe sa cōna tseuō.”​—Mathaio 6:28, 29.

Jesu o ne a bua kaga eng? Legale, tota o ne a neela kgakololo kgatlhanong le go rata dilo tse di bonalang. A mme mantswe a gagwe kaga Solomone a ka nna boammaaruri ka tlhamalalo? Gakologelwa, Jesu o ne a dirisa ditshwantsho tse di neng di le boammaaruri mo botshelong. Ka gone batshwantshi le badiri ba ga Solomone, lemororo ba ne ba nonofile, ba ne ba ka seke ba etse mekgabiso, metshwako ya mebala, teka-tekano ya bontle ya “dithunya tsa mashōma a naga” tse di tshwanelang tikologo ya tsone sentle.

Botlhale jwa ga Jehofa Bo a Bonatshiwa

Le eleng go leba fela dithunya go ka nna ga go dira gore o dumalane le mafoko a ga Jesu. Tota ga re itse gore ke mofuta ofe wa leshoma o Jesu a neng a ka tswa a o akantse, mme dithunya di fitlhelwa ka bontsi mo mafelong a le mantsi a lefatshe Lebelela sethunya sengwe ka kelotlhoko, sengwe fela: sethunya sa leshoma, sethunya sa rouse, sa mebala-meraro. Ke matswakabele a a kgatlhisang a mmala le mekgabiso e e thata go tlhaloganngwa tse o di bonang, motswako wa dikarolo tsa sethunya tse di moteng, matlhare, le dikarolo tse dingwe tsa sethunya sotlhe fela. A o kgona go bona bosupi jo bo didimetseng mme bo le maatla gore Motshwantshi yo Mogolo wa botlhale jo bo kwa teng le kgopolo o bopile tiro eno ya diatla? Matlho a rona ga se o ne fela a kgatlhwang ke bontle jwa tsone mme dinko tsa rona le tsone di dupa lonko lo lo monate lwa tsone mo phefong e re e hemang.

Moaposetoloi Paulo o ile a tlhokomela gore ‘dinonofo tse di sa bona- leng tsa ga Jehofa Modimo di lemogiwa sentle go tswa kwa tlholegong ya lefatshe go ya pele, ka gore di bonwa ka dilo tse di dirilweng.’ (Baroma 1:20) Lefa go ntse jalo, Modimo o bopile se sengwe mo godimo ga dithunya fela go apesa le- fatshe; o dirile ditlhare le ditlhatshana tse di senang palo, tsotlhe tse eleng gore di bopa borena jo bo talana, jwa mmatota. Fa o ne o ka jela nala kwa Humboldt National Forest mo California, kwa U.S.A., o ne o ka fitlhela setlhare se segolo sa legong le le hibidu eo go dumelwang e le setlhare se se leele go di feta tsotlhe mo lefatsheng Fa o ne o ka ema fa kutung ya sone o bo o leba bogodimo jwa sone mo e ka nnang dikgato tse di 360 (110 m), a o ne o ka seke o galaletse mo pelong Ene yo o neng a itse go dira setlhare sa go nna jalo?

Botlhale jwa Tlholego jwa Diphologolo

Mo lefatsheng le mo lewatleng go na le diphologolo, tse dikgolo le tse di potlana, tse re kgatlhiwang ke botlhale jwa Modimo ka tsone. Go bonala gore nngwe le nngwe e direla maikaelelo a e leng a Mmopi. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a gakolola jaana: “Ea kwa ohoshwaneñ, wèna mmoduhadi; u akanyè mekgwa ea eōna, me u tlhalehè.” (Diane 6:6) Bao ba ileng ba tlhokomela tshoswane ba ile ba gakgamadiwa thata ke bokgoni jwa yone jwa go rulaganya. Ditshoswane ga di itomolole ; di nna ka ditlhopha. Dingwe ke balemi mme di phutha peo. Mo mafelong a maboatsatsi o ka di bona ditshoswane dingwe di e sela-sela manathwana a matlhare gore di a ise kwa sentlhageng sa tsone. Ke eng fa di itse go dira jalo? Agure, ebong mongwe wa bakwadi ba buka ya Diane, o araba ka gore tshoswane e ‘botlhale jwa tlholego.’ Ke mang yo o e dirileng gore e nne jalo? Ke Jehofa, Modiri wa legodimo le lefatshe.​—Diane 30:24, 25.

Ee, popo ya diphologolo e na le botlhale jwa tlholego. Go bonala sentle-ntle mo khudugong ya dinonyane. O ka nna wa tswa o kile wa utlwalela kaga khuduga ya dipeolwane tsa Capistrano. Ka nako nngwe e e rileng mo ngwageng mongwe le mongwe, di tsamaya dikete tsa dimmaele go tswa kwa mafelong a di nnang kwa go one mo marigeng mo Amerika Borwa go ya kwa lefelong la San Juan Capistrano mo California, kwa U.S.A. Ka botlhale jwa tlholego le kwantle ga go dira diphoso dipe di tla mo lefelong le le lengwe fela ka nako nngwe le nngwe fela e leng ka March.

Mabapi le lewatle le le atlhameng, mopesalema o tlhalosa jaana: “Yehofa, ana ditihō tsa gago di methalethale yañ! u di dihile ka botlhale cotlhe hèla: lehatshe le tletse dikhumō tsa gago. Hale go lewatlè, le legolo, le atlhame, ye dilō tse di gagabañ tse di senañ palo di mo go yeōna.” (Dipesalema 104:24, 25) Go tswa mo ditlhaping tse di nnyennyane go ya kwa maruarueng a magolo, botlhale jwa bomodimo bo bonwa mo sebopegong le mo tirong ya tsone.

Popo ya go feleletsa ya Modimo mo lefatsheng e ne e le motho ka boene. Jaanong fano go ne go na le sebopiwa seo se neng se sa dire fela ka ntlha ya botlhale jo se tsetsweng ka jone, kana jwa tlholego. O ne a na le bokgoni jwa go nna jaaka Modimo ka ditsela di le dintsi. Abo go le boammaaruri jang ne kaga gagwe gore o dirilwe “ka mo go boitshègañ” le ka mo go gakgamatsang! Lefa re ka tswa re se baitseanape ba bongaka, re ka bala diphitlhelelo tsa bone le go dira ditshwetso tse di tshwanang le tsa mokwadi yono yo o tlhotlheleditsweng Ditiro tsa Mmopi tse di bonalang mo mmeleng wa motho di a gakgamatsa.​—Pesalema 139:14.

Botlhale jwa ga Jehofa jwa Selegodimo

Pesalema 19:1 e tlhalosa gore magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo. Abo go le boammaaruri tota jang ne! Mopesalema Dafide o ne a sena dilebela-kgakala kana didirisiwa tsa maranyane a motlakase, mme o ne a na le kanaanelo ya tshisimogo ya seo a neng a kgona go se bona. Gompieno, mang le mang o itse mo gontsi go feta Dafide ka tsamaiso ya letsatsi la rona le thulaganyo e kgolo ya dinaledi tsa rona, Mola wa Godimo. Gape o itse gore go na le dithulaganyo tse dingwe tsa dinaledi tse dikgolo tse di senang palo mo lefaufaung le le sa fitlheng gope. O ikutlwa jang jaaka o akanya ka botlhale jwa Morulaganyi yo mogolo le yo o senang bolekanngo? A o ka bua jaana ka lentswe la tshisimogo: ‘Jehofa, o [dira] dilō tse dikgolo tse di senañ botlhotlhomishō; E, dilō tse di gakgamatsañ tse di senañ palō”’? O tshwanetse.​—Yobe 9:10.

Mo ditshimologong tsa bogologolo-tala tse di sa bolelwang, Jehofa o ne a tswelela-pele ka ditiro tsa gagwe tsa popo, lantlha a bopa Morwawe yo o tsetsweng a le esi, go tloga foo a bopa popo ya gagwe ya semoya yotlhe. Se se ne sa latelwa ke lobopo lo lo bonalang. Sengwe le sengwe se ne se sisibetse ebile se le kafa thulaganyong. Ebu, bomorwa Modimo ba baengele tota ba ne ba goa ka kanaanelo ka poko fa go ne go bopiwa lefatshe! (Yobe 38:4-7) Monna le mosadi ba ne ba bopiwa mme ba bewa mo tshimong e e itekanetseng, mme go tloga foo sengwe se se swabisang se ne sa diragala Go ne ga tswa lentswe mo phefong, le bua ka noga, le ne la akela Mmopi yo Mogolo. Le ne le bona Jehofa molato gore o ne a dirisa bolaodi jwa gagwe eseng kafa tshwanelong; le ne le bitsa Modimo moaki. Ka ntlha ya gone moo, mong wa lentswe o ne a nna le maina a a bosula a a mo tlhalosang, jaaka Diabolo, Noga, le Satane. Jaanong ke eng se Yo o Tletseng Botlhale a neng a tla a se dira? O ne a ka dira eng? Karolo e ntšha ya botlhale e ne e tla a tlhokafala eo e neng e tla a gaisa mokgabiso o o neng o setse o gaisa wa kgalalelo ya ga Solomone.​—Genesise 3:1-5.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Go tswa mo ditlhaping tse di nnyennyane go ya kwa maruaruen a magolo, botlhale jwa bomodimo o bonwa mo sebopegong le mo tirong ye tsone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela