Monna yo o Nyetseng Lefufa Ebile e le Ngaka ya Setswana O Amogela Boammaaruri
MONNA mongwe wa Moafrika yo o bidiwang Isaac, ene le banna ba bangwe ba le mmalwa, ba ne ba tlogela Kereke ya motse wa bone ya Aposetolo ka gonne e ne e sa dire seo e neng e se rera. Moragonyana ga moo botlhe, go balelwa le basadi ba bone, ba ne ba fetoga Basupi ba ga Jehofa—go sa balelwe le Isaac. Ba ne ba dira tshwetso ya gore ba mo etele le go mmolelela gore ba ne ba bone boammaaruri. lsaac, ka nako eo, o ne a fetogile ngaka e e atlegileng ya Setswana mme o ne a na le basadi ba le mmalwa. Morago ga gore a ithute bukana ya Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! eo e leng malebana le tsela ya gagwe ya go tshela, Isaac o ne a tlogela tiro ya gagwe ya bongaka jwa Setswana, eo e neng e na le morokotso tota, mme gape le basadi ba gagwe kwantle ga wa ntlha. O ne a kwadisa lenyalo la gagwe le mosadi wa gagwe wa ntlha, yo a neng a na le dingwaga di le 63 ka nako eo (ene o ne a na le di le 68). A re o ikutlwa a “itumetse thata ebile a gololesegile, ga a tlhole a boifa meya.”