Pego ya Baboledi ba Bogosi
Boikanyegi bo Tlisetsa Jehofa Pako
JEHOFA o batla gore batlhanka ba gagwe ba ikanyege, ba nne tshiamo, le boikanngo. Ka sekai, Moshe o ne a itsisiwe gore a tlhophe bao e neng e le “banna ba ba nonohileñ, ba ba boihañ Modimo, banna ba boamarure, ba ba ilañ papadi e e sa siamañ” gore e nne balebedi. (Ekesodo 18:21) Jaaka banna bao ba ba neng ba tlhophilwe, Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara go itsege gore ba a ikanyega, jaaka boitemogelo jo bo latelang bo bontsha.
◻ Mosupi mongwe yo o berekang kwa ofising ya lekala la Watch Tower Society kwa Ghana o ne a duelwa R8 250 go feta tekano ka phoso ke motsaamatlotlo wa banka. Phoso eo e ne ya seka ya lemogiwa ke motsaamatlotlo yoo kana ke mokaulengwe yoo ka nako eo. Lefa go ntse jalo, fa mokaulengwe yoo a ne a fitlha kwa gae, o ne a bona gore o ne a duetswe go feta tekano mme a boela kwa bankeng ka bonako ka madi ao. Motsaamatlotlo yoo, fa a bona mokaulengwe yoo, o ne a goa jaana: “O boile! Ruri o boile! David, motho wa gago o tlisitse madi!” Madi ao a ne a busediwa go motsaamatlotlo. David, eleng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o berekang mo go yone banka eo, o ne a ile a tlhomamisetsa motsaamatlotlo yoo le ba bangwe bao ba ba neng ba itse ka phoso eo gore madi ao a tla busiwa ka bonako fela fa mokaulengwe yoo a lemoga phoso eo.
“Fa tiragalo eno e ne e ntse e tswela pele,” pego e bega jaana, “matlho otlhe” a ne a le mo bakaulengweng ba babedi bano. Yo a neng a busitse madi o ne a tlhalosa jaana: “Tota, ke ne ke se kake ka tsaya madi ano ke na le segakolodi se se siameng fa pele ga Modimo wa me, ebong Jehofa.” Tiragalo eno e ne ya tlatseletsa tlotlo eo batlhankedi ba banka eo ba neng ba setse ba na le yone go Watch Tower Society.
Boikanyegi bo tsala tlotlo, segolo-bogolo mo lefatsheng leo le sa ikanyegeng jaana. Mokaulengwe yono o ne a itse gore o ne a ikarabela mo go mongwe yo o fetang motho, ebong Jehofa Modimo. Boikanyegi jo bo ntseng jalo bo tlisetsa Jehofa pako, ereka e le “Modimo o o boikañō, o o senañ tshiamololō.”—Duteronome 32:4.
◻ Go nna boikanyegi le go nna le segakolodi se se siameng mo Modimong gape go lemogiwa mo boitemogelong jwa lekawana lengwe kwa Thailand. O ne a beeleditse Tora ya Tebelo le Awake! mme o ne a simolola go dirisa kgakololo ya Bibela eo a neng a e bona mo makwalo-dikgannyeng ao. E ne e le mmala-matlotlo wa khampani eo a neng a e berekela, mme segakolodi sa gagwe se ne sa simolola go mo tshwenya, ereka go ne go tlwaelegile gore dikgwebo di le dintsi di nne le ditlhopha di le pedi tsa dibuka gore di tile go duela makgetho ka bolalome. Fa a ne a buisana le molaodi wa gagwe malebana le kgang eno, molaodi wa gagwe o ne a itshegela fela. Morago ga moo go ne ga tla setlhogo se sengwe mo go nngwe ya dimakasine tseno se otlelela ka moo go ikanyega go tlhokafalang ka gone. Mmala-matlotlo yoo o ne a rapela Jehofa, a na le segakolodi se se utlwileng botlhoko, gore a mo thuse go siamisa kgang eno ya makgetho le molaodi wa gagwe. Go ne go kopanyelediwa madi a se kana ka sepe. Mo mosong o o latelang o ne a kopa molaodi wa gagwe gore a mo letlelele go duelela makgetho ao a neng a kolotiwa, mme o ne a gakgamadiwa ke gore, molaodi wa gagwe o ne a dumela kwantle ga kgang epe e nngwe.
Ga jaanong monna yono o itumetse ereka a tshela botshelo jwa boikanyegi fa pele ga Modimo le motho. Tsela e e ntseng jalo ya botlhale e itumedisa Jehofa, le ene, gonne jaaka Diane 27:11 e bolela jaana: “Morwaaka u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.”
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
“Ke ne ke se kake ka tsaya madi ano ke na le segakolodi se se siameng”