LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 1/1 ts. 14-15
  • “Ba tla Tlhabana Nau; me ga ba Ketla ba gu Henya”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ba tla Tlhabana Nau; me ga ba Ketla ba gu Henya”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Jehofa o Segofatsa Baboloka-bothokgami mo Cyprus
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Jehofa ka Metlha O a Re Tlhokomela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 1/1 ts. 14-15

“Ba tla Tlhabana Nau; me ga ba Ketla ba gu Henya”

MORENA Mogodimodimo Jehofa o ne a bolelela Jeremia yo mmotlana gore O ne a tlaa mo dira “motse o o thekeledicweñ, le tshipe lore, le dithakō tsa kgōtlhō” kgatlhanong le ope yo o neng a ka batla go mmolaya. Mo metlheng ya gompieno, rona jaaka Basupi ba ga Jehofa re na le tlhomamisetso e e tshwanang go tswa mo Modimong wa rona. Ee, ka tlhotlheletso ya ga Satane, ‘ba tla tlhabana le rona,’ mme gaba kitla ba re fenya. “Gonne ke na nau, go bua Yehofa, go gu golola.”​—Yeremia 1:18, 19.

Fa ba tsamaya mo metseng e e mo bothokong jwa Solomon Islands, matshelo a baeti a tsena mo kotsing, segolo-bogolo fa ba tlisa bodumedi jo bosha. Seo ene ya nna boitemogelo jwa babulatsela ba ba kgethegileng ba babedi ba Basupi ba ga Jehofa. Baagi ba motse ba ba lebegang ba le bogale ba ne ba ba supa ka bora le metswi ya bone. Ba ne ba bolelelwa gore ba hule! Fa seemo se ne se ya masweng, monna mogolo mongwe ka tshoganetso o ne a tsena gare, mme are: “Batho bano ke baeti ba me. Lo se ka lwa ba utlwisa botlhoko.” Tshwabong ya batho ba motse, o ne a ba isa kwa ntlong ya gagwe. Monna yono o ne a utlwile ka Basupi ba ga Jehofa; jaanong a itseela buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, mme thuto ya Bibela ene ya simololwa. Ka bofefo o ne a simolola go ya dipokanong. Gompieno bakaulengwe ba kgona go neela bosupi mo kgaolong eo ba gololesegile, ba leboga kgololo e e tswang kwa go Jehofa.

Go le gantsi kgololo e ile ya nna gone ka go tlhaolwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka go rera ka ntlo le ntlo, batho ba kgona go itse gore Basupi ke bafe le gore boemo jwa bone ke bofe mo dikgannyeng tsa malatsi otlhe. Mo motsaneng mongwe mo Peru, dirukhutlhi di ne tsa bona baagi ba motse molato wa gore ba ba rekisitse. Ba ne ba phutha banna ba motse le go ba baya ka mola gore ba tle ba ba thuntshe. (Mo seemong se se tshwanang metse e ne ya senngwa gotlhelele.) Mme mo nakong eno mongwe wa dirukhutlhi o ne a lemoga mokaulengwe mongwe mme a raya babolai a re: “Monna yono ga se mongwe wa bone. Ke mo itse jaaka Mosupi wa ga Jehofa, mme ga ba itshunye mo dipolotiking.” Mokaulengwe o ne a gololwa. Ruri, Jehofa o sireletsa ba e leng ba gagwe!

Tshimo ya setlhake-tlhake sa Cyprus e bega gore Kereke ya Greek Orthodox e ntse e tlhagafetse thata mo go lekeng go senya tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Kereke eo e anamisa dipampitshana tse di bonang Basupi ba ga Jehofa molato mo dilong tse dintsi le go kgothaletsa batho ba yone go sa nne le dipuisano dipe le Basupi. Baithuta-bomodimo bangwe ba ile ba bo ba ithulaganya gore ba etele batho ba bantseng ba nale dithuto le Basupi ba ga Jehofa, ba leka go ba nyemisa moko. Se se tshwanang se ile sa diragala mo Pafosa, kwa Paulo le Barenabase nako nngwe ba neng ba fenya kganetso ee tshwanang. (Ditihō 13:6-12) Moperesiti mongwe wa boithuta-bomodimo o ne a leka go kgotsofatsa batho ba bararo ba ba farologaneng go emisa go tlhatlhoba Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Go tloga foo, mme ka go farologana, ba rulaganyetsa mokaulengwe mongwe go tla go buisana le moithuta-bomodimo yono. Ka jalo, botlhe ka boraro jaanong ba kopanela ka tlhagafalo le Basupi. Moruti o ne a akgela a re, ‘Ga nkitla ke buisanya le Basupi ba ga Jehofa ka motlha ope.’

Baruti bangwe ba ne ba ya bokgakaleng jwa go betsa Basupi fa bano ba ntse ba le mo tirong ya ntlo le ntlo mo mongweng wa metse. Se se gakgamatsang thata ke gore, mo malatsing a sekae moragonyana, sefefo se ne sa tla mo motseng oo, sa senya marulelo a matlo a le mantsi. Baagi bangwe ba motse ba ne ba akgela jaana ba re: ‘Seno ke kotlhao e e tswang mo Modimong mabapi le se baruti ba se dirileng mo Basuping ba ga Jehofa.’ Mo motseng ono, batho ba ba dipelo di ikanyegang ba santse ba amogela bakaulengwe ba rona mo magaeng a bone. Ka nako nngwe, fa mokaulengwe a ne a neela motho yo o kgatlhegang dimakasine tsa bosheng, mongwe wa baruti ba ba neng ba betsa bakaulengwe o ne a feta gautshwane mme a bolelela mokaulengwe go tlogela ‘letsomane la gagwe.’ Motho yoo kgatlhegang yoo o ne a raya moruti a re, ‘Ke godile mo ke kgonang go itse se ke se dirang.’ Ka jalo baruti ga ba fenye Basupi ba ga Jehofa; maiteko a bone a ba utlwisa botlhoko, mme batho ba le bantsi ba ema mo letlhakoreng la ga Jehofa.

Mo lefatsheng lengwe le le tlhasetsweng ke ntwa mo Central Africa, molebedi wa potologo o ne a emisiwa go tlhatlhobiwa ga ka metlha ke masole. Ba ne ba nna kgatlhanong le sengwe mo lekwalong leo a neng a le tshotse mme ba ne ba mo isa kwa ntlo-kgolong ya mapodisi, koo o neng a kgwathisiwa le go bogisiwa ke masole a le mararo. Lemororo a ne a seka a bonwa molato le tsheko ya seka ya tshwarwa, o ne a latlhelwa mo kgolegelong lobaka lwa ngwaga. Ka dikgwedi tse thataro o ne a le mo ntlwaneng e e tletseng magolegwa a mangwe a le 40. Ka ntlha ya go pitlagana ga matlo, ba ne ba tshwanelwa ke go robala ka go refosana, dioura di le thataro ka nako. Bontsi jwa nako e e setseng, ba ne ba tshwanetse go ema fela ka dinao. Fa mokaulengwe wa rona a ntse a le koo, magolegwa a le 137 ba ne ba a swa, mme o ne a fiwa tiro ya go tsenya direpa tsa bone mo dikgetseng go ya go fitlhwa.

Molebedi yono wa potologo o ne a boloka bomoya jwa gagwe bo nonofile ka go senya bontsi jwa nako a rerela magolegwa-ka-ene. Dipego tsa gagwe di bontsha dioura tse di fetileng 30 ka kgwedi tse di dirilweng mo go rereng; o ne a tsamaisa dithuto tsa Bibela di le nne fa a le mo kgolegelong. Mongwe wa dithuto o ne a ba a simolola go rerela ba bangwe. Mo ditekong tsotlhe tsa gagwe, Jehofa o ne a tlhokomela mokaulengwe yono, yo o neelang ba bangwe kgakololo eno: “Fa o le mo kgolegelong, baya tsotlhe mo mabogong a ga Jehofa. Lebelela mo go ene. O mo tshepe. O seka wa tshwenyega thata. O nne boikanyego.”

Mo karolong nngwe mo Zimbabwe, bana ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kobiwa mo sekolong ka go sa tseye karolo mo ditirong tsa dipolotiki. Ka go sa kgotsofadiwe ke seno, digopa tsa lefelo leo di ne tsa ba tsa tshuba matlo a batsadi le go senya dijalo tsa bone. Malapa a Basupi a ne a patelesega go tshaba go boloka matshelo a bone, ba tlogela dikgomo le dithoto tse dingwe. Lefa go ntse jalo, kgang e ne ya isiwa kwa bagolwaneng ba puso ba ba kwa godimo bao ka tshiamo ba neng ba rulaganyetsa malapa go boela kwa magaeng a bone. Dikgomo tsa bone di ne tsa busiwa, mme goromente o tsere dikgato tsa go busetsa bakaulengwe ditshenyegelo tsa bone. Basupi ba ga Jehofa ba a go anaanela fa “babusi ba bagolo” ka tsela e e tshwanang ba itshupa e le ‘badihedi ba Modimo ba tshiamo.’ (Baroma 13:1-4) Ka seno sotlhe, bosupi jo bo molemo bo ne jwa neelwa, mme batho ba lefelo jaanong ba bontsha kgatlhego e kgolo mo molaetseng wa Bogosi. Jaaka mongwe wa bakaulengwe a bolela, ‘Re itse gore Jehofa a ka dira seemo se se ntseng jalo jaaka bosupi go leina la gagwe.’

Ngwaga o o fetileng wa tirelo o bontsha tshegofatso ya ga Jehofa mo tirong mo Malawi. Ene e le fela mo mafelong ao baagi ba motse ba neng ba na le letlhoo a Basupi ba neng ba kopana le matshwenyego. Pego e e latelang e supela seno: “Mo dikarolong tse dintsi seemo ke se se retibetseng. Mme mo phuthegong nngwe malapa a le mabedi a Basupi a ne a sotlwa mo go botlhoko ke ditlhopha tsa basha. Tlhogo ya lengwe la malapa ano o ne a betswa setlhogo mo a neng a nna a idibetse ka dioura tse nne. Morago ga moo, o ne a isiwa kwa ofising ya mapodisi, kwa lepodise le le neng le le mo tirong le neng la tswelela go mmetsa le ba bangwe ba a neng a tlisitswe le bone. Lefa go ntse jalo, moragonyana lepodise le lengwe le ne la tsena mo tirong. Leno le ne le le bonolo. O ne a golola bakaulengwe le go ba busetsa kwa magaeng, mme ba ne ba lebogela Jehofa kgololo eno e e neng e sa lebelelwa. Go ne ga lemogiwa morago gore motswedi wa tiragalo eno e ne e le letlhoo la botho go tswa mo go ba ba atamalaneng ka losika. Palo ya Segopotso sa rona sa mo ngwageng ono e ne e kgothatsa.Re ne ra nna le ba le 23 476. Seno se bontsha gore go santse go na le batho ba seka-dinku ba ba tshwanetseng go thusiwa go nna barutwa ba ga Jesu Keresete mono Malawi.”

Lefatshe lengwe le le mo Yuropa Botlhaba le ne la romela molaetsa ono wa kanaanelo: “Re lebogela tshwaragano ee maatla e re e itemogelang mo Setlhopheng se se Laolang ka mesele yotlhe ya phuthego ya ga Jehofa ya selefatshe. Ka seno re letlelelwa go bona ka moo Rra-a-rona wa selegodimo a phuthang ka gone, ka Morwawe le baengele botlhe, dinku tsa gagwe gompieno, le ka moo re ka nnang le seabe se sennye mo go gone. Abo seno e le tshiamelo jang ne! Rra-a-rona o segofaditse maiteko a rona ka koketsego. Nako e ntsi e e senngwang mo tshimong babulatsela ba ba thusang ba ba rerang ka tlhagafalo mafoko a a molemo, le palo e e kwa godimo ya dibuka tse di adimiwang kana tse di tsamaisiwang mo tshimong, ke matswela a tshegofatso eno.”

Lonaka lwa Jubile ya motlha wa gompieno lo leletse kwa godimo le go utlwala sentle. Pego ya dipalo e e latelang e bontsha ka moo Basupi ba ga Jehofa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe ba arabelang pitso eo ka gone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela