Marquesas le Tuamotus Di Lalediwa “Go Tshelela Ruri Mo Paradaiseng”
MORAGO ga loeto lwa dimmaele tse di ka nang 900 (1 450 km) ka sefofane go ya kwa bokone-botlhaba go tswa kwa Tahiti, nna le mosadi wa me re ne ra goroga kwa Nuku Hiva, Setlhaketlhake se segolo go gaisa sa Marquesas. Mo mmepeng, ditlhaketlhake tseno di lebega ekete ke dibatanyana fela mo bophadiphading jwa Pacific Borwa. Mme re ne ra gapiwa ke magwata a tsone a mantle.
Bontsi jwa ditlhaketlhake tseno tsa setlhopha sa Marquesas di na le ditlhora tse di kwa godimo di le dintsi tseo di fitlhang kwa marung ebile di na le magaga a a mokgokolosa ao a akgegang jaaka mekoja e e kgobokantsweng. Mekgatsha e e boteng, e e nang le mmu o o nonneng, eo e apesitsweng ke ditlhare tsa kokonate le dimela tse dingwe tse e tletseng ka tsone, di bulegela mo lewatleng jaaka ekete ke dikgogometso tse dinnyane tse dintle. Lefa go ntse jalo, makhubu le mela e e maatla go dikologa ditlhaketlhake tseno, le go sa nne gone ga dirifi tsa marapo, go dira gore go nne thata go emisa mokoro. Ditlhaketlhake tse di gasagasameng tsa Tuamotus ga di bonale sentle mo khutloponong, seo se re thusitseng go tlhaloganya lebaka la go bo baeta-ka-sekepe ba pele ba ne ba di bitsa Ditlhaketlhake Tse Di Kwa Tlase kana Archipelago e e Diphatsa.
Re ne ra lebisa taletso eo e tshwanang le e e mo setlhogong sa thuso e ntle ya go ithuta Bibela ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise go baagi bano ba setlhaketlhake. Kwa Nuku Hiva, re ne ra hira Araroa, sekepe sa dithoto, loeto lwa malatsi a le 21, dimmaele di le 2 500 (4 000-km) go kgabaganya ditlhaketlhake tsa Marquesas le Tuamotus. Fa sekepe seo se ne se ema kwa mafelong a a farologaneng go folosa dithoto le go rwala tse dingwe, re ne re tsamaisa molaetsa.
Mokgwa o o Motlhofo wa go Tshela wa Baagi ba Ditlhaketlhake Tseno
Lefa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore batho bao re neng re rakana le bone ba ne ba ntse jang. Bontsi jwa batho ba Marquesas ba nna mo metsaneng e mennyane eo e dikologileng dikgogometso kana go iphapatha le noka. Bogolo jwa metse eo bo farologana go tloga ka malapa a le mabedi kana a le marataro gongwe go ya go baagi ba le makgolo a le mantsi. Malapa a le mantsi a magolo, a na le bana ba le 8 go ya go 10, a mangwe a na le ba le 18 kana ba le 20. Matshelo a bone a motlhofo mme a makgwakgwa. Ba ja seo lewatle le tlamelang ka sone, ka dinako dingwe se emisediwa ka dikolobe le dikokwana tseo di ruilweng mo gae. Gape ba ya nagagareng go ya go tsoma dipudi tsa naga tse di nnang mo dithabeng kana go phutha dipitse tsa naga, tseo ba di katisang le go di dirisa jaaka diphologolo tse di golegwang. Ditlhare tse dintsi tsa kokonate di ba tlamela ka copra (segwapa sa kokonate seo oli e ntshiwang mo go sone go dira molora le dikuno tse dingwe). Copra ke sejalo sa konokono seo se rekisiwang ka madi ke baagi ba ditlhaketlhake tseno, mme go na le madi mangwe a lotseno go tswa mo dilong tse di betlilweng ka logong, tapa (letsela le le kgabisitsweng leo le dirilweng ka lekwati la setlhare), le piere (dipanana tse di omisitsweng).
Baagi ba Marquesas ba kile ba ne ba ja batho ebile ba ntshetsa medimo ya bone e e dirilweng ka letlapa ditlhabelo ka batho. Gompieno, batho ba le bantsi ba gone ke Makatoliki. Ba kgabisa magae a bone ka ditshwantsho le ditlhomo tsa ga Maria le tsa ga Jesu. Se se kgatlhisang, tsela ya go tsena mo ntlong ya mobishopo wa Katoliki mo Nuku Hiva e ageletswe ka ditlhomo tse di betlilweng ka letlapa. Mo Tuamotus, botshelo jwa bodumedi bo na le Ma-Mormons, Makatoliki, le ba Reformed Church of Latter-day Saints ba le bantsi, bao mo lefelong leo ba bidiwang Sanitos.
Baagi bano ba bua Se-Marquesas, mme ebile ba tlhaloganya Sefora le Setahiti. Tsela ya bone ya botshelo e tshwana le ya Mapolinishia otlhe—ba tshelela gompieno fela go ya ka mokgwa o o bonya wa ditlhaketlhake. Ka ntlha ya go eta ga dikepe goo eseng ga ka metlha le goo e seng ga kgapetsa, batho bano ba ithutile mokgwa wa go leka ka bopelotelele. Motlakase o ne wa tlhaga ka January 1979, mme jaanong ereka telebishene e tlhagile, baagi bano ba ditlhaketlhake ba tlwaelane go le go golwane le seo se diragalang mo lefatsheng ka bophara.
Kwa Nuku Hiva
Nuku Hiva, e e nang le baagi ba le 1 800, ke lefelo la konokono leo Ditlhaketlhake tsa Marquesas di laolwang go tswa mo go lone. Ntlo ya puso, boemakepe jo bogolo, le legae la mobishopo di mo Kgogomelong ya Taiohae, mo re simolotseng gone.
Go ne go sena ditloloko mo dikgorong. Re ne re atisa go bitsa fela re re hou hou. Fa mongwe a ne a araba, re ne re atisa go re, Kaoha! (“Dumela!”) ka monyenyo o o botsalano mme morago ga moo re bo re tlhalosa lebaka la go bo re etile. Bontsi jwa baagi bano ba ditlhaketlhake ba ne ba amogela buka ka tlhoafalo ba bo ba re: “Re lo leboga go menagane go bo lo tlile. Re ne re sena lefa e le sepe sa go tshwana le seno go re thusa gore re tlhaloganye Lefoko la Modimo.” Ba na le Bibela ya Katoliki ka Setahiti le Makwalo a Diefangedi a le mararo ka Se-Marquesas.
Bangwe bao ba neng ba amogela mpho ya rona ba ne ba re kopa ka bopelo-e-phepa gore re etele ba bangwe. Ka sekai, lekawana lengwe le ne la kopa mosadi wa me gore a le sale morago, a re “Kwa moragorago kwa! Kwa moragorago kwa!” Fa a ne a seka a go supa, mosadi wa me a ka bo a seka a bona ntlo ya mmetli mongwe wa maje yoo, jaaka go ile ga diragala, o neng a anaanela buka eno e e layang thata.
Kwa Hakaui, go ne go na le malapa a le mabedi fela, ao a neng a nna kafa le ka kwa ga molomo wa molapo o mosesane oo. Fa re ne re goroga, lelapa la ntlha le ne le lebega le tshwaregile thata. Jalo, ka go thusiwa ke batsamaisa-shepa ba ba pelonomi, re ne ra kgabaganyetsa kwa lelapeng le lengwe ka mokorwana. Fa re ne re ema, re ne ra bona basadi ba babedi ba dutse mo gare ga dikolobe dingwe tseo di neng di tlhapea go dikologa ntlo eo—ponalo ya maemo a a kwa tlase ruri. Lefa go ntse jalo, fa re ne re ba bontsha buka, ba ne ba ntsha bobotlana joo ba neng ba na le jone ka boitumelo gore ba bone e nngwe. Re ne ra patelesega go akanya ka motlholagadi mongwe yo o neng a humanegile yo o umakiwang mo go Luke 21:2-4 yo o neng a ntsha sotlhe seo a neng a na le sone kwa tempeleng.
Koo re neng ra ema gone la bobedi e ne e le kwa Taipivai, mo lebopong le le kwa borwa-botlhaba la Nuku Hiva, leo le tumisitsweng ke buka ya ga Herman Melville eleng ya Typee. E ne e le mokgatsha o montle ebile o le boteng, o o losutu ka ditlhare tsa kokonate. Ka oura ya borataro mo mosong, re ne ra tlhatloga le molapo ka mokorwana wa rona, metsi a eketeng seipone a bontsha ditlhare tsa kokonate le matlhasedi a ntlha a letsatsi. Re ne ra kgona go bona matlo a le mantsi mo gare ga ditlhare.
“Re tlile go nna fano lobaka lo lo kae?” Ke ne ka bolelelwa gore lori eo e neng e rwele dikgetsi tsa copra e ne e robegile. Jalo, fa re ne re ka itlhaganela, re ne re tla nna le nako ya go konela tshimo eo yotlhe go ya go fitlha kwa karolong e e kgakala-kgakala ya mokgatsa oo re palame pitse. Koo diphororo tse dintle di neng di tshelegela mo patadikgaganeng gone. Mo e ka nnang malapa a le some le bobedi gone a ne a reeditse “tlhaselo” ya rona.
Go Ya kwa Ditlhaketlhakeng tse Dingwe
Mo e ka nnang dimmaele di le 25 (40 km) kwa botlhaba jwa Nuku Hiva ke Ua Huka. Setlhaketlhake seno se sennyane go se kae, ga se na mmu o o nonneng go le kalo, ebile se dithabathaba. Gape re ne ra leba kwa lobopong ka oura ya borataro. Re ne ra tlhatloga ka tsela ya dikgaga go tswa mo moshwaweng o o matlapatlapa, mme morago ga oura re ntse re tlhatloga, re ne ra fitlha kwa Hane, motse o mogolo. Jaaka gale, kereke ya lefelo leo e ne e le yone fela mo lefelong leo. Tlhotlheletso ya yone e ne e sa tswa go gola bosheng jaana ka ntlha ya mokgatlho wa boselamose o o neng o ikuela mo bathong. Mme lekawana lengwe leo le neng le nna koo le ne la bontsha fa le ne le amegile kafa ditiragalo tsa lefatshe di neng di fetogile maswe ka gone mme la amogela “taletso” ya rona ka tlhoafalo, molaetsa wa go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.
Koo re neng ra ema gone go tloga koo e ne e le kwa setlhaketlhakeng sa Ua Pu. Re ne ra kgatlhiwa kabonako ke ditlhora tsa matlapa a mantsho a a dikgato di le 4 000 (1 200 m), ao a thunyeletsang kwa marung jaaka ditorio. Tota e ne e le dikarolo se di kafa gare tsa manya a makgwamolelo a a kgogotsweng. Go ne go na le metsana e le metlhano e e tshwanetsweng go etelwa mo setlhaketlhakeng seno. “Taletso” ya rona e ne ya rakana le menyenyo le matlho a a tletseng boitumelo. Re ne re utlwa kakgelo eno kgapetsa, “Mea kanahau!” (“E ntle tota!”) Buka eno e ne ya kgatlha bontsi jwa baagi ba metsana eno mo eleng gore ba ne ba re leboga ka go re pateletsa gore re tlatse dikgetsana tsa rona ka dikgapetla le ka maungo—diratsuru, dimenku, dinamune, le grapefruits. Kwa Haakuti, motse o o bategilweng kwa godimo mo dintshing tsa logaga, re ne ra fitlhela mosadi mongwe le morwadie bao ba neng ba tlhoafetse thata ka seo ba neng ba se utlwile mo eleng gore ba ne ba fologela kwa tlasetlase koo mekorwana e emang gone go bolelela mongwe le mongwe koo gore a reetse molaetsa wa rona le gore a itseele buka eno e ntle.
Fa re ne re fitlha kwa motseng o mogolo, eleng wa Hakahau, re ne re amegile ka gore re ne re tla fitlhelela jang baagi ba one ba ba fetang sekete se le sengwe mo nakong e khutshwane jalo eo re neng re eme ka yone. Re ne ra gololwa ke lekawana lengwe, leo le neng le ipeletse molaetsa, le ne la ithaopela go dirisa koloi ya lone: “Ke ka lo isa gongwe le gongwe koo lo batlang go ya gone.” Dingwaga di se kae pele ga moo moruti wa lefelo leo o ne a phutha le go fisa dibuka tseo di neng di tlogetswe ke Basupi ba ga Jehofa. Seno se ne se tshositse batho. Mme molaetsa wa rona o ne wa itshupa o gapa pelo mo eleng gore malapa a le some le bobedi a ne a tlosa go boifa motho ga bone mme a amogela buka eo re neng re e tlisitse.
Hiva Oa, eleng setlhaketlhake se se latelang mo loetong lwa rona, se na le mmu o o nonneng thata gare ga Marquesas. Se ne sa tumisiwa ke dilo tse di takilweng tse dintle, tse di kgatlhisang tsa ga Paul Gauguin. O ne a nna dingwaga tsa gagwe tsa bofelo kwa Atuona, koo re neng re eme gone. Potso eo gantsi e neng e bodiwa moeti e ne e le: “A o tswa go bona setshwantsho se se betlilweng ka letlapa?” Setshwantsho se se betlilweng ka letlapa sa dikgato di le 8 (2,4 m) se se kwa karolong e e kwa kgakala ya kgogomelo eo ke sone se segolo go gaisa kwa French Polynesia. Re ne ra araba jaana ka bonolo: “Se na le matlho mme ga se bone, se na le molomo mme ga se bue. Ereka re le fano ka nako e khutshwane fela, re batla go bua le batho ba ba tshelang le go ba bontsha sengwe se se kgatlhisang.” Lekgarebe lengwe le ne le kgatlhilwe ke mpho mo eleng gore le ne la rotloetsa tsala ya lone gore e tseye buka eo. O ne a bo a adima tsala ya gagwe madi a yone. Lekgarebe le lengwe le ne la bolela jaana: “Ke simolola go tlhaloganya gore go bala Bibela go botlhokwa go gaisa go ya kerekeng go ya go rapela maitsiboa mangwe le mangwe.”
Ka lotlatlana re ne re le kwa boemakepeng jwa Hanaiapa re buisana le batho bangwe ka lobone lwa lampi. Motlotlo oo o ne wa lebisiwa mo setlhogong sa dihele. “A re re gongwe o ne o na le ngwana mongwe yo o bosula thata. A o ne o ka gotsa molelo le go mo latlhela mo go one?” re ne ra botsa jalo. “Nnyaa!” ba ne ba araba jalo. “He, a Modimo o ne a ka dira gore bana ba gagwe ba boge mo molelong ka bosakhutleng?” Basadi ba le bane le monna a le mongwe ba ne ba kgatlhegela segolo-bogolo “taletso” ya Modimo e e lorato ya go tshela mo lefatsheng koo “moikepi a bo a sa tlhole a le gōna” ka gonne o ne a tla bo a senyeditswe ruri, eseng go tlhokofalediwa ruri.—Pesalema 37:10.
Go tswa kwa Hiva Oa, e ne e le go tsamayatsamaya go sekae fela go ya kwa setlhaketlhakeng se sennyane sa Tahuata. Motsamaisa-shepa mongwe o ne a re bolelela ekete o dira metlae gore mo dingwageng tse di sa feteng di le lekgolo tse di fetileng basweu bangwe ba ne ba jewa ke baagi ba lefelo leo fano. Lefa go ntse jalo, rona re ne ra nna le metlotlo e e kgatlhisang le bone fela. Monna mongwe yo o ikarabelelang mo mokgatlhong mongwe wa boselamose mo motseng oo o ne a sa batle go tsaya buka mme a re pateletsa gore re amogele galase ya metsi a a tswang mo go ene. “Ka metsi ano a ke lo a nayang,” o ne a bolela jalo, a sa dirise mafoko a ga Jesu go Yohane 4:14 sentle, “ga lo kitla lo bo lo tlhola lo nyorwa gape, mme a tla fetoga motswedi wa metsi mo go lona.” Re ne ra mo leboga, ka go araba re re: “Metsi ano ke metsi fela, mme re a amogela ka go a lebogela. Mme a o gana metsi a a bolokang botshelo, dijo tsa semoya tseo re go laletsang gore o di je?” O ne a tsaya dibuka di le mmalwa ka go tlhotlhelediwa ke mafoko ano. Moragonyana ga moo, kwa boemakepeng, batho bangwe ba ne ba simolola go kgala jaana: “A tota go na le eleng motho a le mongwe yo o amogetseng mpho ya lona?” Lefa go ntse jalo moeteledipele wa babereki koo o ne a kopa gore a bone buka eo mme, gone fela fa pele ga mongwe le mongwe foo, o ne a swetsa gore a e tseye. Abo botlhe ba ne ba gakgametse jang ne fa ba lemoga gore ba bangwe, le bone, ba ne ba amogetse mpho ya rona!
Koo re neng ra ema gone la bofelo kwa Marquesas e ne e le kwa setlhaketlhakeng se se kwa borwa jo bo kgakala, sa Fatu Hiva. E ne e le sengwe sa tsa ntlha tseo di neng tsa bonwa, ka 1595, ke Alvaro de Mendaña de Neyra wa Spain, yo o neng a reelela ditlhaketlhake tseo maina ka mosadi wa molaodisiwa wa Peru-ebong Las Marquesa de Mendoza. Fatu Hiva ke setlhaketlhake se sentle tota. Mo motseng o mogolo, Omoa, re ne ra kopana le lelapa lengwe leo le neng la bontsha kgatlhego e kgolo. Fa re sena go tswela pele le go ya kwa motseng oo, mmè yoo o ne a tswa go phutha ditsala tsa gagwe, mo eleng gore fa re boa botlhe ba ne ba re letetse ba nyenyanyenya. Ba ne ba batlela dibuka gore ba ithute sengwe ka Lefoko la Modimo mo dipokanong tsa bone tsa maitsiboa tsa go ithuta Bibela. Ka nako eo re neng re boela kwa boemakepeng ka yone, nngwe ya dikgetsana tsa rona e ne e le lophaka, mme e nngwe e ne e tletse ka dinamune le diratsuru.
Go Ya kwa Tuamotus
Morago ga letsatsi le masigo a le mabedi a go tsamaya ka sekepe go ya kwa borwa-bophirima, re ne ra fitlha kwa setlhaketlhakeng sa Pukapuka mo Tuamotus. Go ne ga dirwa dithulaganyo tse di kgethegileng tsa gore Araroa e eme kwa ditlhaketlhakeng di le pedi ka letsatsi lengwe le lengwe. Seno se ne sa re neela tshono ya go fitlhelela ditlhaketlhake tse dingwe tseo kwantle ga moo di neng di ka se fitlhelelwe.
Mo gare ga baagi ba Pomotus ba le sekete se le sengwe mo ditlhaketlhakeng tseno, malapa a le 30 a ne a amogela “taletso” ya rona ka boitumelo. Mo legaeng lengwe la maemo a a kwa tlase le le mo gare ga ditlhare tsa kokonate, mosadi mongwe o ne a rekisa metsi a kokonate ka bonako gore a bone dikaelo di le mmalwa pele ga re tsamaya. Go thata mo go rona gore re lebale lelapa leno leo le lone le re pateleditseng go re fa bonita e e omisitsweng eo e neng e lepeleditswe kafa tlase ga marulelo a disenke a ntlo ya bone.
Dikgakologelo tse di Rategang
Go ne go na le difatlhego tse dingwe gape tse dintsi tse di itumetseng tseo re se kitlang re di lebala, mme re ikanya mo go Jehofa gore o tla ba tlhokomela. Abo re itumela jang ne go bo re ile ra tsaya loeto lono go ya kwa Marquesas le kwa Tuamotus, go bogela ditlamorago tse di maatla tsa “taletso” eno ka lekgetlo la ntlha koo: “O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise”!—E abilwe.
[Mmapa mo go tsebe 25]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Marquesas Islands
Nuku Hiva
Taiohae
Ua Huka
Ua Pu
Hiva Oa
Atuona
Tahuata
Fatu Hiva
Omoa