Ke Eng Seo Tota Se Leng Botlhokwa?
“Bontsi jwa bone ba tshela matshelo a a senang maikaelelo, ga ba kgone go nna mo tirong, ga ba na botsala jo bo nnang lobaka lo loleele mme ba tsamaya mafelo a le mantsi ba le bosi kwa ntle ga boikaelelo—mme ga gona ope yo o amegang. Lebaka: Ba humile thata.”—The New York Times, May 15, 1984.
O ITSE sentle gore madi a a tlhokafala gore o bone dilo, diaparo, bonno, sepalangwa, thuso ya tsa kalafi, le ditlhokafalo tse dingwe tsa botshelo. Tota, gongwe o ka ne o lemoga gore mo bathong ba gompieno go ka nna thata go tshela kwantle ga madi, ka go bo, jaaka Bibela e bolela, “Madi a henya dilō cotlhe.”—Moreri 10:19.
Lefa go ntse jalo, setlhogo sa koranta seo se tsopotsweng fa godimo se ne se bua ka mathata a bahumi a maikutlo. Ka phepafalo, go ne go tla nna kotsi go tlhoma botshelo jwa gago mo go boneng madi le dithoto. Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi baa go dira. Ka dinako dingwe, tlhotlheletso e e bogagaru ea bolaya. Re utlwa ka banna ba ba lekang ka natla mo dingwageng tsa bone tsa bo-30 le bo-40 baa swa ka ntlha ya tlhaselo ya pelo. Ba bangwe ba bano ba ne ba baya botsogo jwa bone mo kotsing, le eleng matshelo a bone, go diragatsa dikeletso tsa bone tse di kopanyeletsang madi. Ga go tlhokafale gore re nne badumedi thata gore re dumele gore go ka bo go nnile botoka fa ba ka bo ba etse tlhoko mafoko a ga Jesu Keresete a a reng: “Gonne motho o tla bo a ka thusèga eñ, leha a ka henya lehatshe yeotlhe, me a latlha botshelō yoa gagwè? kgotsa se motho o ka se ntshañ a se baea mo boemoñ yoa botshelō yoa gagwè ke eñ?”—Mathaio 16:26.
Ke Eng Se Eleng Sa Botlhokwa Eletota?
Kwantle ga pelaelo oa itse gore dilo tseo re ka raelesegang go di batla ga di fele. Setshameka-direkoto sa video, legae la botho, dilo tse di turang tsa metshameko—mo mafatsheng a mangwe tseno ke dilo tse di lelekisiwang. Kwa lefelong lengwe mokgele ono o ka nna wa nna o o lekanyeditsweng thata. Mosadi mongwe yo mosha mo lefatsheng lengwe o ne a itira seaka gore a bone madi a diaparo tse dintle.
Lefa re ka lemoga gore go na le dikotsi tse di ka amanang le mokgwa o o tlhamaletseng wa botshelo wa go rata dilo tse di bonalang, re ka itshireletsa jang? A re tshwanetse go fularela batho, re ikarole kana re itlhaola, jaaka bangwe ba dirile? Gape, fa re sekaseka seo se leng botlhokwa eletota, re tshwanetse ra botsa jaana, Ke eng seo se tla ntlisetsang boitumelo le kgotsofalo tsa mmatota morago ga lobaka lo loleele?
Jaaka thuso, a re akanyeng ka sekai sa monna mongwe yo o neng a tlotliwa ebile a elediwa jaaka sekao mo go ba bangwe. E ne e le mmueledi wa baruti ebile e le leloko la setlhopha sa bodumedi jwa Sejuda jwa lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba itsege e le “barati ba khumo.” (Luke 16:14) Leina la gagwe e ne le Paulo, mme o ne a na le thuto le tlhotlheletso e e tlhokafalang go kgobokanya khumo le go bapala maemo a magolo thata mo setšhabeng.
Lefa go ntse jalo, ka boitemogelo jo bo tshosang, o ne a lemoga gore sengwe se se farologaneng thata e ne e le sa botlhokwa jo bogolo thata mo botshelong. Go sa kgathalesege gore jaanong o na le kakanyo e e tshwanang kana nnya, go botlhokwa mo go wena go akanyetsa tshwetso eo Paulo a neng a e dira.
O ne a lemoga gore selo se se botlhokwa jo bogolo mo botshelong e ne e le boemo jo bo amogelegang go Modimo jaaka morutwa wa ga Jesu. Seno se ne se le botlhokwa thata mo eleng gore Paulo, jaaka moaposetoloi wa ga Jesu, o ne a kgona go itshokela mathata le dipogiso. O ne a tshwana le monna wa pele yo o neng a itsege, Moshe, yo o neng “a kaea ha go kgōbèlwa Keresete e le khumō e e molemō go gaisa mahumō a Egepeto.”—Bahebera 11:26; 2 Bakorintha 11:23-27.
O tshwanetse go itse gape gore Paulo ga a ka a ikwatlhaela gore go nna moaposetoloi wa ga Keresete go ne ga felela ka go latlhegelwa ke go tuma mo Bajudeng. Morago ga go ipelela dingwaga tse di ka nnang 25 jaaka Mokeresete yo o ineetseng, o ne a kwala jaana: “Dilō tse di neñ di le thushō mo go nna, ke cōna tse ke di kaileñ ha di ntatlhegetse, ka ntlha ea molemō o mogolo oa go itse Keresete Yesu Morèna oa me: eo ke latlhegecweñ ke dilō cotlhe ka ntlha ea gagwè, me ke di kaea malele hèla, gore ke tlè ke bōnè Keresete. Le gore ke hitlhèlwè ke le mo go èna.” (Bafilipi 3:7-9) O tla tshwanela ke go dumela gore Paulo o ne a tlhatswegile pelo gore o ne a bapetse sengwe se se leng botlhokwa eleruri.
Tlhopho ya ga Paulo e ne e sa reye gore o ne a sa tlhole a na le dilo tse di bonalang. Ka sekai, akanya ka mafoko ano a gagwe: “Mo diloñ cotlhe ke ithutile bokwateñ yoa go kgora le go bolawa ke tlala, go atlanegèlwa le go tlhōka.”—Bafilipi 4:12.
Go sa kgathalesege gore boemo jwa gago ke bofe malebana le Bokeresete, kwantle ga pelaelo o ka bona ka moo matswela a neng a le molemo ka gone go Paulo. Tlhopho ya gagwe ya se se botlhokwa e ne ya mo tlisetsa kgotsofalo e e sa bonweng ke banna le basadi ba ba humileng thata mo lefatsheng. Jean Paul Getty, monna yo o humileng go gaisa yo o nang le kgwebo e e ntshang oli, o ne a bolela jaana: “Madi tota ga a na kamano epe le boitumelo. Gongwe le go se itumele.”
Lefa go ntse jalo, motho o ka nna a bolela gore ke Mokeresete mme lefa go ntse jalo a palelwa ke go lemoga seo se leng botlhokwa thata-thata. E nnile boammaaruri mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gonne Paulo o ne a re ka tsala nngwe: “Demase o ntatlhile, ka a ratile lehatshe yeno.” (2 Timotheo 4:10) Ka nako ya fa a ka bo a thusitse moaposetoloi yo o tshwerweng, Demase o ne a ineela, a tlhopha seo a neng a se neelwa ke tsamaiso ya jaanong.
Fa Paulo a ne a lebisa mo kotsing e e diphatsa eo pono ya go rata dikhumo e neng e ka tsenya Mokeresete mo go yone, o ne a re: “Me ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ, tse di nwetsañ batho mo tshenyegoñ le mo tatlhegoñ. Gonne go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe: ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla ba timèlwa ke tumèlō, me ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.
O ka nna wa botsa, he, gore madi le dilo tse di bonalang di tshwanetse go nna le seabe sefe mo botshelong jwa me? A re tlhatlhobeng kgang eno go ya pele go bona ka moo go ka nnang le seo se leng botlhokwa eleruri ka gone.