Masaitsiweng a Bapalami ba Dipitse ba Tshenolō
OBOGETSE ka kgatlhego jaaka pitse e fologela ka mokgokolosa o o nang le mafika, ka mogatla o tsokotsega le moetse o eme le dinko di abogile. Mopalami yo o agegileng mmeleng o lebega ekete o kgomareditswe mo saleng jaaka ekete ke bontlhanngwe jwa pitse eno e e tsamayang, le go phapasela.
Boo o etetse seteishene sa metlhape sa Australia kana kwa bogaregareng jwa lefatshe, mabala a go tabogisetsa dipitse a Amerika, go bogela mopalami wa pitse yo o itseng go palama pitse tota eleruri go jesa kgakge. Se se kgatlhisang ka mo go tshwanang ke go bogela mokoloko wa dipitse le bapalami ba ba katisitsweng sentle.
Bapalami bao ba dipitse le go tlhatloga ga bone go re tlogela re kgatlhegile. Lefa go ntse jalo, dipitse le bapalami tseo di bonweng ke mokwadi wa buka ya Tshenolō dia kgatlhisa fa o di lebile! Ga di itsiwe ebile dia boitshega. Bapalami bano ba dipitse ba itsiwe ka bophara jaaka Bapalami ba Dipitse ba Tshenolō.
Akanya seo jaanong, bapalami ba ba ditswerere ba bane, ba tla kwa go wena ka modumo o mogolo, yo mongwe ebile o kgadikanya tšhaka ya gagwe! Tlhokomela mebala ya dipitse tsa bone. Nngwe le nngwe e farologane le e nngwe. Pitse e nngwe e tshweu, e nngwe e khibidu, e nngwe e ntsho, mme e nngwe e tshetlha. Tota ke pono e e gakgamatsang e e sa itsiweng.
Latela polelo e e tsamaelang ka bonako ya seo mokwadi wa Bibela, moaposetoloi Johane a se boneng. O bega jaana: “Me ka leba, me bōnañ ga bo go le pitse e le chweu, me eo o e, pagameñ a bo a chotse bora: me a nèwa serwalō: me a cwa a henya, a ba a cwèlèla pele go henya. . . . Me ga cwa pitse e ñwe, e le pitse e khonou: me eo o e pagameñ a nèwa gore a tlosè kagishō mo lehatshiñ, le gore batho ba bolaanè: me a nèwa chaka e tona. . . . Me ka leba, me bōnañ, ga bo go le pitse e le ncho; me eo o e pagameñ a bo a chotse selekanyō sa pègō ka seatla. Me ka utlwa ekete lencwe . . . le re, Seèlwanyana [tefo ya letsatsi] sa mabèlè ke tushiliñ, le dièlwanyana di le tharo [tefo ya letsatsi] tsa barele ke tushileñ; . . . Me ka leba, me bōnañ, ga bo go le pitse e le tshètlha; me eo o e pagameñ, leina ya gagwè, ga twe, Losho; me Bobipō a bo a na naè a mo setse moragō. Me ba nèwa taolō ea go re, lehatshe ha le kgaoganwa senè ba bolaeè kgaolō ea senè, ka chaka, le ka popamō, le ka losho, le ka dibatana tsa lehatshe.”—Tshenolō 6:2-8.
Ereka pono eno e ile ya kwalwa pele, tlhaloso ya yona e ile ya gakgamatsa babadi ba le bantsi. Ke eng seo se emelwang ke dipitse tseno tse di sa itsiweng le bapalami ba tsone? Go palama ga bone go simolotse leng? A go palama ga bone go na le mosola mongwe mo botshelong jwa gompieno? Ditlhaloso tse dintsi tse di farologaneng di neelwa gore ke eng seo se emelwang ke dipitse le bapalami ba tsone, le gore go palangwa ga tsone tota go tla diragala leng.
Phapaano e kgolo thata e fitlhelwa mo tlhalosong ya pitse e tshweu le mopalami wa yona. Ka sekai, New Catholic Encyclopedia e tlhalosa gore pitse e tshweu e emela ‘phenyo ya efangele kana ya mmuso o mogolo.’
Mo bukeng ya Daniele le ya Tshenolō, Uriah Smith o neela tlhaloso eno: “Pitse e tshweu . . . ke sekano se se itekanetseng sa diphenyo tsa efangele mo lekgolong la ntlha la dingwaga. . . . Bosweu jwa pitse bo kaya boitsheko jwa tumelo mo motlheng oo.”
The Expositor’s Bible e re: “Tlase ga mopalami wa ntlha lebaka bogolo go botho jwa ga Keresete le itsisitswe go rona, mo boemong jwa pele jwa phenyo e e tswelang-pele, le ka tsholofetso ya phenyo ya yone ya nako e e tlang. . . . Re lemoga gore lebaka leno le mo lefatsheng, gore bogosi jono bo mo gare ga rona, le gore bao ba bo ganetsang ba tla ribegetswa ka phenyo.” Lefa go ntse jalo, Woodrow Kroll, wa Motheo wa Sekeresete wa Sejuda, o akanya gore mopalami yo o palameng pitse e tshweu ke Moganetsa Keresete.
Bangwe ba ile ba akantsha gore go na le dipitse di le tlhano le bapalami ba le batlhano, eseng tse nne fela. Jalo re tla itse jang gore ke efe ya ditlhaloso tse dintsi jaana eo e siameng? Re tla tlhomamisa jang gore go na le tlhaloganyo e e nepagetseng? Bapalami bano ba dipitse ba ba sa itsiweng ba Tshenolō ke bomang, mme go palama ga bone go simolotse leng?