LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 10/1 ts. 31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Samesone o Fenya ka Maatla A a A Newang ke Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Ikaege ka Jehofa Jaaka Samesone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • O ne A Nna Pelokgale Fa a Ne a Le Bokoa
    Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 10/1 ts. 31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ Bibela ya re Samesone o ne a gagoganya tau “yaka ha a ka bo a gagola potsane.” A seo se raya gore go ne go tlwaelegile ka batho morago koo go gagola dipotsanyane ditoki?

Nnyaa, kakgelo eno ga se sepe fela fa e se tshwantshetso. Go ne go raya gore ka diatla tsa gagwe fela Samesone o ne a fenya tau motlhofo fela jaaka ekete e ne e le potsane e e se nang boitiro.

Samesone, a direla jaaka moatlhodi mo Iseraele, o ne a etela kwa Timena go “senka seipatō sa go kgopisa Bafilisitia.” Fa a ne a le mo tseleng, o ne a rakana ebile o ka tswa a ile a tlhaselwa ke tau e e kgorotlhang, tawana, e e nonofileng. Rekoto eno ya ditso e bolela gore maatla a a dirang a Modimo a ne a tla mo go Samesone “a [e] gagola [tawana] yaka ha a ka bo a gagola potsane, me o ne a sa chola sepè.”​—Baatlhodi 14:4-6.

Banna ba bangwe ba le babedi ba pego ya Bibela ba ne ba bolaya ditau ba sa tshola sepe le bone, mme ke Samesone fela yo go bolelwang gore o ne a dira jalo ka diatla tsa gagwe fela. (1 Samuele 17:36; 2 Samuele 23:20) Mo godimo ga moo, o ne a “[e] gagola.” Fa e le gore seo se raya gore o ne a gagola ditlhaa tse dikgolo tsa tau, go bonala e le gore Baiseraele bangwe ba ne ba na le nonofo e kgolo fela thata go dira se se tshwanang ka potsane. Mme ga go na bosupi jwa gore ba ne ba dira selo sa go nna jalo, lefa e le lone lebaka la gore ke ka baka lang fa ba ne ba ka leka go go dira. Mo letlhakoreng le lengwe, fa e le gore Samesone o ne a gagola tau ‘ditoki-toki’ ka mokgwa mongwe, go bonala e le fela gore kakgelo eo ka ga podi e ne e se sepe fela fa e se papisa. Ntlha ke gore moya wa Modimo o ne wa neela Samesone nonofo ya mmele e kgolo fela thata-thata. Ka thuso e e nonofileng go le kana, tau e e gaketseng e ne e ka se dire Samesone yo o sa tsholang sepe sepe fela jaaka potsane e e se nang boitiro mo monneng yo o tiileng.

Setopo sa tau e ne ya re morago sa dirisiwa jaaka nyoba, go gogela mo kgannyeng e nngwe ya gore Modimo o neele Samesone nonofo, yo mo pakeng eno a neng a ratha baba ba le 30.​—Baatlhodi 14:8-19.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela