LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 10/1 ts. 31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Disele Tsa Gago Tse di Khibidu Tsa Madi Tse di Gakgamatsang
    Tsogang!—2006
  • Jehofa o Tlhokomela Batho ba Gagwe
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Seedi sa Botlhokwa go Gaisa Tsotlhe mo Lefatsheng
    Tsogang!—1990
  • Rrabana e Bile e le Mogolwane—Go Diragatsa Maikarabelo Oomabedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 10/1 ts. 31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ Fa ngwana wa mogolwane wa phuthego a na le molato wa phoso e e masisi, a seo ka bosone se tlosa rragwe mo go nneng mogolwane?

‘Seo ka bosone ga se tlose’ mokaulengwe mo go direleng jaaka mogolwane fa morwawe kana morwadie yo monnye a na le bothata bongwe jo bo masisi. Mabaka otlhe a a akarelediwang a tlhoka go sekasekwa mo go atlholeng gore a o a tshwanelega.

Tito 1:6 e bolela gore mogolwane o tshwanetse go nna yo o “senañ molato,” “a na le bana ba ba dumèlañ, ba ba sa bolelweñ ka molato oa tlhapèlō, kgotsa e le ba ba ganañ taolō.” (Bapisa le 1 Timotheo 3:4.) Basupi ba ga Jehofa ba tshegetsa tekanyetso eo.

Ka gone, Tora ya Tebelo ya February 15, 1984, e dirile ntlha ya gore mogolwane o tlhoka go nna le boiteko jo bo lekalekaneng go tlamela ditlhokafalo tsa boikutlo le tsa semoya tsa lelapa la gagwe, mosadi wa gagwe le bana bape ba ba nang le bone. Go tlhokomologa ga monna mo ntlheng eno go ka nna le matswela a a senyang mo go bone. Fa ditlhokafalo tsa ngwana tsa semoya le tsa kotlhao di sa tlhokomelwe, a ka palelwa ke go gatela-pele semoyeng mme a ka kopanyelediwa mo phosong e e masisi. Seno se ka tlosa rre yo o tlhokomologang mo go direleng mo phuthegong, ka go bo, jaaka 1 Timotheo 3:5 e re: “Ha motho a sa itse go laola ntlo ea gagwè tōta, o tla babalèla yañ phuthègō ea Modimo?”

Motlotlo o moleejana wa seno o ka bonwa mo ditsebeng 31, 32 tsa Tora ya Tebelo ya Seesemane ya February 1, 1978. E bontsha lebaka la go bo mabaka otlhe a a akarelediwang a tshwanetse go sekasekwa. Ka sekai, mogolwane mongwe o ne a ithuta Bibela le bana ba gagwe ba batlhano ka metlha, a kopanela le bone mo boitapolosong, a ba isa kwa dipokanong tsa Bokeresete mme ka ditsela tse dingwe tse di tlwaelegileng a leka ka natla go diragatsa maikarabelo a gagwe jaaka rre wa Mokeresete wa lelapa. Bana ba gagwe ba bane ba ne ba dira sentle, mme morwa a le mongwe e ne e le bothata ka metlha, fa nako e ntse e ya o ne a ineela mo sebeng. Go ne go ka se tlhokege gore seno se tlose rragwe mo go nneng mogolwane fa a santse a tlotliwa ke phuthego.

Phuthego e ka itse gore mokaulengwe o dirile gotlhe goo go neng go ka lebelelwa go rre wa Mokeresete mo go tlhokomeleng lelapa la gagwe, go sa kgathalesege gore o ne a na le ngwana a le mongwe kana ba bantsi. Jalo fa ngwana a senyega, ba ka nna ba seka ba akanya gore ke molato wa ga rragwe. Ba ka lemoga gore go fapoga ga ga Judase Isekariota le moengele yo o neng a nna Satane ga goa tshwanela go nna phoso ya ga Jesu kana ya ga Jehofa. Go botlhokwa gore mokaulengwe yo o direlang jaaka mogolwane a tswelepele go tlotliwa ke phuthego thata gore botlhe ba tle ba amogele kgakololo ya gagwe e e theilweng mo Bibeleng mme, fa ba sena go tlhokomela ka moo boitshwaro jwa gagwe ka kakaretso bo leng ka gone, ba ka etsa tumelo ya gagwe.​—Bahebera 13:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela