Dipotso Tse Di Tswang Go Babadi
◼ Fa Moshe ruri a ne a le boikokobetso le boingotlo, o ne a ka kwala jang go Dipalō 12:3 gore ‘Moshe a bo a le boikokobetso thata go feta batho botlhe’?
Lefa go ka bo go ne go se motlhofo go dira jalo, Moshe o ne a ka kwala tlhaloso eo e e nepileng ka tlhotlheletso e e tswang go Modimo.
Letshwao la go tlhotlhelediwa ga Bibela ke Modimo ke boikanyegi jwa bakwadi ba yone. Moshele banna ba bangwe bao Modimo a ba dirisitseng go kwala dikarolo tsa Dikwalo ba kwadile dilo tseo di neng di ikanyega ka mo go sa tlwaelegang
Ka sekai, Moshe o ne kwala dikgetse tsa go palelwa le maleo tsa batho ba gaabo, go akareletsa le tsa mogolowe le kgaitsadie. (Ekesodo 16:2, 3; 17:2, 3; Lefitiko 10:1, 2) Le eseng gore Moshe o ne a lthekegela; o ne a bolela diphoso tsa gagwe ka boikanyegi, tota le tseo di feletseng ka gore a kgalemelwe ke Modimo. (Dipalo 20:9-12; Duteronome 1:37) Jalo go ne go tlhomame ka Moshe go bega ka boikaelelo ntlha eo ka phepafalo Jehofa a neng a batla gore e akarelediwe—ya gore Moshe ka boene o ne a le boikokobetso ka mo go sa tlwaelegang Kgang eo seno se tserweng mo go yone e neela sekao. Go na le gore Moshe a galefe fa Miriame le Arone ba ne ba gwetlha bolaodi jwa gagwe, o ne a letlelela Jehofa gore a baakanye boemo.
Moshe o ne a tshwantshetsa Mesia. (Duteronome 18:15-19) Jalo fa Jehofa Modimo a ne a lebisa tlhokomelo mo boikokobetsong jwa ga Moshe, O ne a neela tlhomamiso ya gore nonofo e e eletsegang eno e ne e tla bonwa go Mesia. A boikokobetso jwa ga Jesu ga bo fe kgatlhe, bo re atametsa go ene le go re neela lebaka la go ikaega ka ene fa re bala Diefangele?—2 Bakorintha 10:1; Bahebera 4:15, 16.