LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 9/15 ts. 29-30
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Swetswe ke Ngwana a Ise a Tsholwe
    Tsogang!—2002
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Jobe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Buka ya Bibela ya bo 18—Yobe
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Monna yo o Tlhomang Sekao yo o Neng a Amogela Kgalemelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 9/15 ts. 29-30

Dipotso tse di Tswang go Babadi

■ Tsala ya me e senyegetswe ke mpa. Jaaka mosadi ke mo utlwela botlhoko, mme a go tla bo go tshwanetse go mo kgothaletsa gore a solofele mo tsogong?

Eleruri o ka dira molemo o mogolo ka go mo gomotsa le go mo neela thuso e e lorato ya Bokeresete. Mme Bibela ga e neele motheo wa go solofela tsogo ya pelwana. Tlhokomela gore ke ka ntlhayang:

Fa mosadi a ithwala, go na le sele e le nngwe fela, lee le le ungwisiwang. Ka tlholego, mo lobakeng lwa dikgwedi di le robong sele eo e ikatisa le go mela mo popelong ya gagwe, pelwana ea gola, mme kwa bofelong ngwana oa tsholwa. Go senyegelwa ke mpa go emisa tiragalo eno ya tlholego ka ponyo ya leitlho,e khutlisa botshelo jo bo simologileng ebile e le jo bo tshwanetseng go gola go nna motho yo o ikemetseng ka boene. Fa go senngwa mpa, go thulanwa le go nna boitshepo ga botshelo mmogo le molao wa Modimo kgatlhanong le go bolaya.​—Ekesodo 20:13; 21:22, 23; Dipalō 35:16-18; 1 Petere 4:15.

Monei-Botshelo wa rona o etse botshelo jo bo golang mo popelong tlhoko, jaaka re ka bona go tswa go seo Bibela e se bolelang kaga mosadi wa ga Jese fa a ne a ithwele pelwana e e neng ya gola mme ya tsholwa le go bediwa Dafide. (Pesalema 139:13-16; bapisa Yobe 31:15.) Lefa go ntse jalo, go tweng kaga kgonego ya tsogo mo makgetlong a go senyegelwa ke mpa kana a masea a a tsholwang a sule?

Bibela e dumela gore pelwana e kaa swa. Seno se felela ka go ntsha mpa go go itiragalelang fela ka tlholego, kana go senyegelwa ke mpa, kana ka go tsholwa ga losea lo lo tlang lo sule.​—Genesise 31:38; Ekesodo 23:26; 2 Dikgosi 2:19-21; Yobe 21:10; Pesalema 58:8; 144:14.

Jobe o ne a umaka ditsela tse di farologaneng tseo go senyegelwa ke mpa go ka diragalang ka tsone, tseo epe ya tsone o neng a ikutlwa gore e tla bo e ne e ile ya nna boloka mo go ene go na le pogiso e e neng e mo diragalela. O ne a bolela gore ekete o ka bo a ile a nna “tshenyègèlō e e shubegileñ,” mongwe yo o “yaka banyana ba ba sa kañ ba buduloga gopè.” (Yobe 3:16) Seno se ne se ka lebisa go mosadi yo o senyegelwang ke mpa le eleng pele ga a lemoga gore o ne a ithwele lefa pelwana e ise e kgone go gola. The Body Machine e bolela jaana: “Mae a mantsi [mae a a ungwisitsweng] ga a gole ka tshwanelo, tola ke palo e kgolwane ya one go feta ao a golang ka tshwanelo. Mo e ka nnang diperesente di le lesome a palelwa ke go mela mme halofo ya ao a dirang jalo a senyege ka boone fela, gantsi mmè a sa itse sepe ka gone.”

Gape Jobe o ne a bolela gore fa ‘dikgoro tsa sebopelo sa ga mmaagwe di ne di tswalegile, o ka bo a ile a subegela matshwenyego.’ Jalo o tla bo a ile a falola pogiso fa a ne a ‘swa a sa ntse a tswa mo popelong,’ kana “mo sebopeloñ.” (Yobe 3:10, 11) Diphoso tse di masisi mo pelwaneng ka dinako dingwe di baka seno. Kana se ka dirwa ke bogole bongwe mo dirweng tsa tsalo tsa mosadi; ditlhaelo tsa dikotla, dihoromone kana okosijene; kana bolwetsi jwa sesadi.

Mo matshwenyegong a gagwe Jobe o ne a ikutlwa gore dikgonagalo tse di ntseng jalo di tla bo di ile tsa nna botoka mo go ene. Lefa go ntse jalo mmaagwe o ka bo a ile a hutsafala, le eleng jaaka basadi gompieno fa bosaitekanelang jo bo ruilweng bo felela ka go senyegelwa ke mpa kana go tshola lesea le le tlang le sule. Ka go umaka dikgonego tseo, Jobe o ne a seka a bolela gore ka tsela nngwe o tla bo a ile a nna mo boemong jwa go tsosiwa. Mosola, jaaka a ne a bona, e ne e le wa gore o ne a tla bo a fitlhetswe matshwenyego kana a ka bo a sa tshenngwa.

Jobe o ne a oketsa ka kgonego e nngwe e e reng: “Ke ne ke sa gonogeleñ ke cwa mo mpeñ hèla?” (Yobe 3:11) Fa, jaaka ka dinako dingwe go direga, Jobe o ne a tsholwa mme ka bonako fela morago ga moo a bo a swa, gongwe le eleng pele ga a anyisiwa, ditebelelo tsa gagwe tsa isagwe e ne e ka nna dife? Ga a ka a tlotla ka seo mo ditemaneng tse di dikologileng eo. Mme moragonyana ga moo o ne a bolela gore fa, morago ga fa a sena go tshela jaaka motho, a ne a ile a swa le go ya Sheol, gongwe Modimo o ne a tla ‘mo laolela motlha o o tlhomameng mme wa mo gakologelwa.’ Monei-Botshelo wa rona ‘o ne a tla bitsa mme Jobe ka sebele o ne a tla araba.’ Ee, Jehofa Modimo o ne a ka busetsa Jobe gape mo botshelong, a mo tsosa.​—Yobe 14:13-15.

Seno se dumalana le kitso ya rona ka tsogo malebana le dikao tsa Bibela. Ka phepafalo bao ba neng ba tsosiwa ba ne ba busediwa mo botshelong ba tshwana le jaaka ba ne ba ntse fa ba swa. Ke gore, bana bao ba suleng ba ne ba tsosiwa e le bana, bagolo e le bagolo. (2 Dikgosi 4:17-20, 31-37; Luke 7:12-15; 8:40-42, 49-55; Yohane 11:38-44) A go ne go tla bo go utlwala go akanya gore fa “tshenyègèlèlō e e shubegileñ” e ne e diragetse mo kgannyeng ya ga Jobe, mo Tsamaisong e Ntsha pelwana eo e e sa bonaleng e ne e tla busediwa gape mo popelong ya ga mmaagwe go tsweledisa pele go ima goo gongwe mmaagwe a ka neng a ne a ise a go lemoge? Seo ga se dumalane le seo Bibela e se bolelang kaga tsogo, eo gantsi e akareletsang batho bao ba neng ba tsholwa ba tshela jaaka batho ba ba farologaneng fa pele ga Modimo.​—Yohane 5:28, 29; Ditihō 24:15.

Mme go tweng fa pelwana eo e ne e godile, e le losea lwa dikgwedi tse tharo kana go feta mo popelong kana le eleng losea lo lo feletseng? Go na le maemo a le mantsi a a ka kgonegang. Lefa go ntse jalo, ga go tlhokege gore go phopholediwe, gonne go na le ditlamorago tse di senang palo tsa go sa itekanelang tse di diragalang gompieno. Mo Paradaiseng e e tsosolositsweng Rraarona yo o lorato wa selegodimo o tla fetola boemo jwa motho jwa boleo a tlise masego a magolo. Batho ba le bantsi ba tla tsosiwa. Phetso ya gore tsogo e tla dirwa jang, le go ya bokgakaleng bofe, go ikaegile ka Jehofa le Jesu. Re ka tlhomamisega gore phetso eo e tla bontsha botlhale jo bo itekanetseng le tshiamiso tsa ga Jehofa.

Elihu o ne a tlhomamisetsa Jobe jaana: “A go nnè kgakala le Modimo, ha o ka diha boshula, le Mothataeotlhe, ha o ka diha boikèpō. Gonne o tla lehèla motho kaha tihoñ ea gagwè, . . . E, rure, Modimo ga o ketla o diha ka mokgwa o o bushula.” (Yobe 34:10-12) Rotlhe, go akareletsa le banyalani bao ba ileng ba nna le boitemogelo jo bo hutsafatsang jwa go senyegelwa ke mpa kana go tshola ngwana yo o tlang a sule, re ka gomotsega go itse gore “Yehofa o molemō le thōkgamō.”​—Pesalema 25:8.

■ Ke ka ntlhayang fa Tora ya Tebelo e ile ya lebisa go ditiragalo tse di begilweng go Makabisi wa Ntlha, ereka buka eo e le bontlhanngwe jwa Apokerife?

Buka ya rona ya tshupiso eleng Aid to Bible Understanding e na le setlhogo se se telele se se reng “Apocrypha.“ Se neela bosupi jwa gore ke ka ntlhayang fa Apokerife, lemororo e amogelwa ke Kereke ya Roma Katoliki, e sa tshwanelwa go lebiwa jaaka tse eseng bontlhanngwe ja dikwalo tse di boitshepo. Mekwalo eo ya Apokerife le ka motlha e ne e sa tseiwe ke Bajuda jaaka bontlhanngwe jwa dikwalo tse di boitshepo tsa Sehebera, mme Jerome, moranodi yo o itsegeng thata wa Katoliki wa Bibela ya Latin Vulgate, o ne a dumalana gore ga se bontlhanngwe jwa dikwalo tse di boitshepo. Dibuka tseo tsa Apokerife, he, ga se mekwalo e e tlhotlheleditsweng jaaka dikwalo tsa Bibela.​—2 Timotheo 3:16.

Lefa go ntse jalo, dibuka tsa Apokerife tsa Makabisi wa Ntlha le wa Bobedi, di na le boikitsiso jo bontsi jo bo nang le dintlha ka botlalo. Buka ya Aid e bolela jaana ka Makabisi wa Ntlha: “Pego ya Histori ya go kgaratlhela kemonosi ga Bajuda mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E., go tswa fa puso ya ga Antiochus Epiphanes e ne e simolola (175 B.C.E.) go fitlha losong lwa ga Simon Maccabaeus (mo e ka nnang ka 134 B.C.E.). . . . Segolo-bogolo e sekaseka ditiro tsa bonatla tsa ga moperesiti Mattathias le bomorwae, ebong Judas, Jonathan le Simon, mo dintweng tsa bone le Baasiria. Seno ke sa botlhokwa-tlhokwa sa mekwalo ya apokerife ka ntlha ya boikitsiso jwa histori jo e bo neelang jwa lobaka lono. Lefa go ntse jalo, jaaka The Jewish Encyclopedia e tlhalosa, mo go yone ‘histori e kwadilwe go ya ka pono ya batho.’”

Buka eo ya Aid e oketsa jaana kaga buka ya Bobedi ya Makabisi: “Lemororo e tla morago ga Makabisi wa Ntlha, pego eno e malebana le karolo ya lobaka lo lo tshwanang (mo e ka nnang ka 180 B.C.E. go fitlha go 160 B.C.E.) mme e ne ya kwalwa ke mokwadi yo o farologaneng le wa Makabisi wa Ntlha. Mokwadi o neela buka eno jaaka tshobokanyo ya mekwalo ya nako e e fetileng ya ga Jason mongwe wa Cyrene. E tlhalosa dipogiso tsa Bajuda tlase ga Antiochus Epiphanes, go gapiwa ga tempele, le go kgakolwa gape ga yone go go neng ga latela.”

Ka lebaka leo, go lebisiwa go dibuka tsa Makabisi kana go tsopola mo go tsone di ka dirwa ka ntlha ya go kgatlhegela histori go sa bolelwe gore tseno, kana mekwalo e mengwe ya Apokerife, e tlhotlheleditswe kana ke bontlhanngwe jwa dikwalo tse di boitshepo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela