LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 2/1 ts. 4-6
  • O Ka Nna le Tsholofelo e e Kana-kang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ka Nna le Tsholofelo e e Kana-kang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Batla Botshelo jo bo Babalesegileng
    Tsogang!—1998
  • Ke Kgololo Efe e e Ka Kgonagalang Jaanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • A Batho Ba Ka Tlisa Kagiso ya Go ya Go Ile le Polokesego?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Sebetso sa go Tlhoka Tiro
    Tsogang!—1996
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 2/1 ts. 4-6

A O Ikutlwa O Bolokesegile?

O Ka Nna le Tsholofelo e e Kana-kang?

A O NE wa leka tlhatlhobo ya rona mo tsebeng 3? O arabile ka ee ga kae? Fa o arabile ka “Ee” go e le nngwe kana tse di fetang tsa dipotso tseo, he ga o nosi mo go ikutlweng o sa bolokesega. Bontsi-ntsi jwa baagi ba lefatshe ba tshela mo tsietsing ya jaanong mme ba na le isagwe e e sa tlhomamisegeng e le ruri.

Poeletso e khutshwane e e latelang gongwe e ka go thusa go tlhaloganya nonofo ya lefatshe ka bophara ya mathata ano.

LETLHOKO LA TIRO: Bogolo jwa Yuropa bo tlhasetswe ke letlhoko la tiro le legolo, leo le tlisang go sa bolokesege mo didikadikeng tsa malapa. Ga go na pharologano epe kwa United States, kwa batho ba ba fetang didikadike tse di robang bongwe ba tlhokang tiro. Mabapi le go tswelela-pele ga letlhoko la tiro, Ivor Richard, mogolwane wa Yuropa mo go tsa loago, o ne a tlhagisa: “Se se tsamaela go baya dikgagamalo tse dikgolo mo sebopegong sa loago sa merafe ya rona. . . . [Go] ka bopela yone medi ya merafe ya rona ya puso ya batho ka batho le e e gololesegileng.” A o ka ikutlwa o bolokesegile fa o tlhoka tiro?

TLHATLOGO-DITLHOTLHWA: A madi a gago a reka go le go nnye go na le jaaka a ne a dira mo dingwageng tse lesome tse di fetileng? Mathata a lookwane mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng a supile fa mo e ka nnang lefatshe lengwe le lengwe le tla amiwa ke tlhatlogo-ditlhotlhwa. Ka sekai, kwa Great Britain dithoto tse di neng di rekwa ka £1 ka 1961 jaanong di lopa £6. Dinaga ka bontsi di amilwe ke tlhatlogo-ditlhotlhwa mo go maswe go feta foo. Gongwe ya gaeno ke nngwe ya tsone. Fa nonofo ya go reka ga madi a gago e ntse e wela kwa tlase, a o ka ikutlwa o na le tsholofelo ka isagwe?

BOKEBEKWA: Ke mang yo o tsamayang a sena poifo ya go ka tlhaselwa ke bokebekwa? Ke sebetso sa merafe-yotlhe. Ditlhogo tsa bosheng tsa dikgang kwa Japane di senola bothata jwa lefatshe leo: “Go gola Ga Bokebekwa Jwa Thaka E Tshesane Go Tshwentse Goromente,” “Go Tsenelela Ga Morole O Mosesane Mo Bokebekweng Go Thubile Rekoto.” Baatlhodi ba ba latlhelelang le dikatlholo tse di tsamaelang ntlha e le nngwe jaaka setswalo di buseditse dikebekwa mo mebileng ga bonolo mo mafatsheng a mantsi. Morulaganya-dikgang mongwe wa Spain o ne a botsa potso a tlaletswe a re, “A jaana melao ya kotlhao ga e sa tlhola e le gone?”

MATLO A A SA ITEKANELANG: Didikadike tsa malapa go dikologa lefatshe di sa ntse di nna mo magaeng a a sailang dipeba a bile a tletse-tletse mafele ebile go sena metsi. Ga se gore fela re tladika ditakana tsa mo mebileng tsa kwa Bombay, kwa India, kana banni ba diphupu kwa Cairo, kwa Egepeto. Gotweng ka metibela-fatshe le mekhukhu mo ditoropong tse dikgolo tsa mafatshe a Bophirima a a “tlhabologileng?” Pego nngwe go tswa kwa lephateng la matlo la Cabrini-Green kwa Chicago, USA, ya re: “Fa ba sena go tsena mo matlwaneng a bone, banni ba ne ba kopantshiwa ke losika loo-peba le losika loo-lehele le le tletsetletseng mo dikagong tsa Cabrini-Green.” Go bontsi jwa batho ba ba humanegileng ga go na kgoro ya botso. Isagwe e ntshofetse.

TLALA: Ba motswedi wa dikgang ba tlhalosa gore sebedi mo borarong sa babolawa ke tlala ba lefatshe ba mo mafatsheng a roba bongwe a a dirang 27 lekgolong ya baagi ba lefatshe. Financial Times ya Lontone, mo tlase ga setlhogo “Bahumanegi ba humanegela pele,” e ne ya akgela jaana: “Gongwe se se maswe go di feta tsotlhe, kgono ya Afrika go jesa baagi ba yone ba ba ntsifalang e sale e tlhaela bogolo mo go tsa dijo, mme phatlha e ntse e golela pele nako le nako.” Le eleng mo mafatsheng a a tlhabologileng go sa lekalekaneng ga dituelo le lehuma di tsala tlala kwa go lebegang go na le letlotlo. A sejo sa gago sa letsatsi le letsatsi ke tlhobaelo ya gago ya letsatsi le letsatsi gape?

TSHUKATSHUKANO YA LEGAE: Go begwa gore go feta 40 lekgolong ya manyalo kwa USA a a kgaogana. Mo nageng yone eo bana ba ba ka nnang didikadike di le lesome le bobedi ba ba ka fa tlase ga dingwaga tsa lesome le boroba bobedi ba na le batsadi ba ba tlhalaneng. Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe didikadike tsa bagolo ba ba nnang mmogo le ka motlha ga ba is e ba ke ba nyalane. Koo bosupi jwa tshenyego ya lelapa bo bonwa ka dipalo tse dintsi tsa bagadikana le bana ba dikgora. A bagolo le bana ba ka ikutlwa ba bolokesegile fa sebofo sa lelapa se kgaogana ditoki-toki?

KAMEGO KA BANA: Bothubaki mo dikolong ke tlhobaelo e e anamang. Toropo ya New York ka 1981 e ne ya romela e le lwa ntlha badisa ba dikolo ba le 420 mo dikolong tsa yone tse dipotlana ka maiteko a go tlhabantsha ditlhaselo tse dintsi kgatlhanong le barutabana le baithuti. Dikolo kwa Britain le Japane le tsone di tlhasetswe ke makhubu a bothubaki. Fa boitshwaro bo wetse kwa tlase mo go kana, a o ka ikutlwa o bolokegile ka thuto ya ngwana wa gago?

KHUTSAFALO: Toronto Star ya Canada e ne ya tlhalosa jaana: “Didikadike tsa Ma-Amerika a Bokone ka tidimalo di itshokela botlhoko jo bo lopang manyalo, ditiro—le matshelo. . . . Khutsafalo ke bolwetse jo bogolo jo bo tla phatlakanyang botshelo jwa loago.” Koranta yone eo e ne ya nopola Emmanuel Persad ngaka ya balwala-tlhaloganyo e re: “Babatlisisi ba bantsi ba dumela gore khutsafalo e ne ya re mo dingwageng tsa bosheng ya anama thata ka ntlha ya go wela kwa tlase ga itsholelo, go kgaogana ga lelapa, le go arogana ga loago.” A go anama ga khutsafalo ga go supe tlalelo ya tsholofelo?

DIOKOBATSI: Go tshwakgolwa ke diokobatsi ke seikokotlelo sa didikadike. Meamuso e megolo e senngwa letsatsi le letsatsi mo motsokong le kgobololong ya tagi le diokobatsi. A seo se supa fa gona le polokesego?

NTWA E NNGWE GAPE E KGOLO—KGONAGALO, GO KA NNA GONE KANA GA E NA MATILELO? Baeteledi pele bangwe ba lefatshe ba tla mo mogopolong wa gore ntwa ya “nuclear” e ka lowa ya ba ya fenngwa, mo boemong jwa diphoraetso tsa pele tse di neng di thailwe mo kakanyetsong ya go nyelelediwa ruri ga ntwa eo. A o tlhomamisa gore ga go ne go nna le ntwa e nngwe gape e kgolo?

Ditiragalo tseno tse di sa itumediseng di supa eng? A ele ruri o ka ikutlwa o na le tsholofelo ka isagwe ya gago le ya lelapa la gago? A go na le sengwe se re ka se ikgethelang kwa ntle ga go ikanya baeteledi pele ba bopolotiki le ba bosole le bagomotsi ba baruti? A go na le tsela nngwe e e tlhomamisegang ya polokesego? Ditlhogo tse di latelang di tla neelana ka karabo ya Bibela.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

A o na le tsholofelo ka isagwe ya bana ba gago? Sejo sa bone sa letsatsi le letsatsi? Thuto ya bone? Go tshela ga bone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela