LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 2/15 ts. 30-31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Jesu o Fodisa Mosimane yo o Nang le Ledimona
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Fodisiwa ga Mosimane yo o Nang le Badimo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Go Fodisiwa ga Mosimane yo o Nang le Badimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 2/15 ts. 30-31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

■ Jesu o ne a raya jang fa a ne a bua ka moya wa bodimona a re: “O o nntseñ yana, ga o kake oa cwa ka sepè, ha e se ka thapèlō”?

Monna mongwe yo ngwana wa gagwe a neng a tshwerwe ke “mōea o o semumu” o kile a kopa Jesu gore a leleke moya o o bosula o, ka go bo barutwa ba gagwe ba ne ba sa kgone. Jesu, ka tshegetso e e maatla Modimo, o ile a leleka ledimona leo. Morago ga moo ke fa barutwa ba mmotsa ba re: “Re ne re sa nonoha ka ntlha eañ go o kgoromeletsa ntlè? Me a ba raea a re, O o nntseñ yana, ga o kake oa cwa ka sepè, ha e se ka thapèlō.” (Mareko 9:14-29) Fa Mathaio a anela kgang eno, o kwala karabo ya ga Jesu e re: “Ka ntlha ea bobōtlana yoa tumèlō ea lona.”—Mathaio 17:14-20.

Ke ka ntlhayang fa a ile a gatelela tumelo le thapelo? Boitemogelo bo bontsha gore madimona ga se gore otlhe a kgatlhegela dilo ka go tshwana kana a na le dikgono tse di tshwanang. Ka sekai, a mangwe a kgatlhegela thata go pokisa matlo, fa meya e mengwe e e bosula e natefelwa ke go garaswanya batho kana e ba tsentsha. Ebile re ka konela go ya ka karabo ya ga Jesu gore badimona bangwe ba nonofile thata-thata.—Baefesia 6:12.

Erile Jesu a santse a le mo lefatsheng, Modimo wa kgonisa bangwe ba batlhanka ba gagwe go kgoromeletsa ntle meya e e bosula e e neng e tsentsha batho ba ba seng sego. Baaposetoloi ba le lesome le bobedi le barutwa ba le masome a supa ba ne ba kgonisitswe go dira jalo. (Mathaio 10:8; Luke 10:17) Mme baaposetoloi bao ba akarediwang mo kgannyeng e e umakiwang go Mathaio 17:14-20 le Mareko 9:14-29 ga baa ka ba kgona go leleka ledimona leno. Ka ntlhayang? Go ne go tlhaela eng? Go bonala gore e ne e le go ipaakanya mo go neng go tlhokafalela go tlhabana le mofuta wa ledimona le le akarediwang mo kgannyeng eno. Go ne go tlhokega tumelo e e nonofileng, gammogo le thapelo ya pele ga nako go kopiwa thuso ya Modimo e e nonotshang. Lemororo dipego tseno di sa umake gore Jesu o ile a rapelela kgang eno ka tlhomamo, a ka ne a dirile jalo. Jalo a atlega mo go kgoromeletseng ledimona le le nonofileng leo ntle.

■ Fa mosadi yo o ikanyegang wa Mokeresete a ne a tlhadilwe ke monna wa gagwe, lefa ope wa bone a se molato wa kgokahalo, a go tla bo go tshwanela go ya ka Dikwalo go ka tlhakanela le ene dikobo fa a etetse lelapa?

Lefoko la Modimo ka papamalo le bontsha gore go tlhakanela dikobo go tshwanetse magareng a monna le mosadi, eseng magareng a batho ba ba sa nyalanang. Ka jalo, banyalani ba ba tlhalaneng ga ba a tshwanela go tlhakanela dikobo, ka gobo seo e tla bo e le boaka, mme go sa ba golole go nyala gape.

Ka mo go utlwalang, Bakeresete, ba amegile bogolo jang ka dipono le dikaelo tsa Modimo. Lefoko la gagwe ka mo go tlhamaletseng le gakolola ka gore: “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” (Bahebera 13:4) A re akanyetseng gore seo se na le bowelo bofe jo bo tlhagisitsweng mo potsong.

Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe go tlwaelegile ka monna le mosadi go tlhakanela dikobo kwa ntle ga lenyalo. Ba bangwe ba iphaka gore seno se tshwanetse kafa boitsholong mme se a amogelesega mo Modimong fa fela ba babedi ba “ratana” kana ba dirile tumalano. Lefa go ntse jalo, seo ga se pono ya Mokeresete. Go lemoga gore “Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka,” Bakeresete ba batla go tila kgokahalo le boaka.

Fa monna le mosadi ba nyalana ba go tlhomamisa pele ga botlhe gore ba tshwaragane jaaka monna le mosadi. Mo ponong ya molao, ya batho le Modimo, ba na le tshwanelo ya go ka abalana mo ditshiamelong tsa lenyalo, go akaretsa le go tlhakanela dikobo. Dikwalo tota, di kgothaletsa balekane go sa ikgogonelane ka ditshwanelo tsa go tlhakanela dikobo: “Monna o tshwanetse go kgotsofatsa mosadi wa gagwe ka fa dikobong. Ka mo go tshwanang, mosadi le ene o tshwanetse go kgotsofatsa ditlhokafalo tsa monna wa gagwe kafa dikobong.”—1 Bakorintha 7:3, “Simple English Bible.”

Lefa go le jalo, go ka tweng fa banyalani ba bone kgaogano fela, e kafa molaong e kgonagalang mo mafatsheng mangwe? Ereka e sa ntse e le monna le mosadi kafa molaong le Dikwalong, ga ba a tshwanela go tlhakanela dikobo le ope o sele, ka go bo go dira jalo e tla bo e le kgokahalo e e tla ‘leswefatsang bolao jwa bone.’ Mme banyalani ba ba kgaoganeng ba na le tlhopho ya go ka ikakanya gape mme ba simolola go tshela gape jaaka banyalani, morago ga go phimola kgaogano ya bone.—1 Bakorintha 7:10, 11.

Akanyetsa gape boemo jwa fa molekane yo mongwe wa lenyalo, ka sekai monna, a gogela dilo kgakalanyana go feta kgaogano mme a tlhala. Mosadi yo o ikanyegang wa Mokeresete yo e neng ya re morago a lemoga gore (pele kana morago ga go mo tlhala) monna o ne a ikanyologa ka boitsholo jo bo maswe o ka nna a nyalwa gape, a tsaya lenyalo la gagwe la pele le fedile kafa molaong le matlhong a ga Jehofa Modimo. Mo letlhakoreng je lengwe, fa go ne ga nna le tlhalo ya kafa molaong mme go ne go sena kgokahalo, tlhalo ka boyone ga e ketla e fedisa lenyalo mo ponong ya Modimo, ka go bo Bibela e bontsha gore boitsholo jo bo maswe ka molekane yo mongwe wa lenyalo ke motheo o le osi wa tlhalo.—Mathaio 19:6, 9.

Boemo ke jone joo mabapi le potso e e tlhagileng, ka go bo go tlhalositswe ka tolamo gore boitsholo jo bo maswe ga bo a diragala. Monna o ne a tlogela mosadi wa gagwe mme a bona tlhalo e e seng ya kafa dikwalong. Ka ntlha ya yone tlhalo eo ga e sa tlhole e le monna le mosadi ka mo go tletseng, ka go bo a ne a khutlisa lenyalo kafa molaong. Mme go tweng fa e le gore o ka etela lelapa la gagwe mme a batla go kgotsofatsa ditlhokafalo tsa kafa dikobong tsa gagwe kana tsa mosadi wa gagwe? Mo go bone go tlhakanela dikobo, kafa molaong le mo ponong ya batho go tla bo go tshwana fela ka batho ba babedi ba ba sa nyalanang ba tlhakanela dikobo; go tla bo go tshwana kana fela le boaka.

Mo boemong joo ga go motseneledi wa boraro yo o kopanyelediwang, e le gone mo go tla tlhokafalang go neela lebaka la Dikwalo la go bona tlhalo ya kafa molaong; ka jalo mo ponong ya Modimo lefa e le monna kana mosadi ga ba gololesega go nyalana le batho ba bangwe. (1 Bakorintha 6:16-18) Ka gone go tlhakanela dikobo ga bone ele ruri e tla bo e le go nyatsa kgakololo ya Modimo; go ya bokgakaleng jwa go leswefatsa bolao jwa lenyalo ereka lenyalo la bone kafa molaong le ne la khutlisiwa ka tlhalo. Boitshwaro jono bo tla tlisa kgobo mo go bone le go phuthego ya Bokeresete eo mosadi e neng e le karolo ya yone. Ka jalo, gore a ipoloke mo phuthegong, o tshwanetse go tila go tlhakanela dikobo kwa ntle fela fa lenyalo le ka kwadisiwa kafa molaong gape. O tshwanetse gore a tshwarelele maemong a Dikwalo le a boitsholo jo bo siameng a gore go tlhakanela dikobo go lekanyeditswe fela ba e leng banyalani ba kafa molaong. Ka gone o tla bo a tlatseletsa tlotlong e Bibela e bontshang gore lenyalo le a e tlhoka.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela